Go Lwantsha Tlolomolao ka Tšhaka ya Moya
Go Lwantsha Tlolomolao ka Tšhaka ya Moya
“Lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa tlhōlwa go ya ka go rata ga modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego.”—Baefeso 4:24.
KA NAKO ya fa Mmusomogolo wa Roma o ne o atlega thata, e ne e le mmuso wa batho o mogolo go e gaisa yotlhe e lefatshe le kileng la e bona. Puso ya Roma e ne e dira sentle jaana mo e leng gore e sa ntse e le motheo wa molao mo dinageng di le dintsi. Le fa go ntse jalo, le fa Roma e ka tswa e ne e kgonne go fitlhelela dilo tse dintsi jang, masole a yone a ne a palelwa ke go fenya mmaba a le mongwe yo o sa lemotshegeng: tlolomolao. Kgabagare, tlolomolao e ne ya dira gore mmuso wa Roma o we ka bonako.
Moaposetoloi Paulo e ne e le mongwe yo o neng a bogisiwa ke balaodi ba Roma ba ba neng ba tlola molao. Go bonala fa Felise, mmusi wa Roma yo o neng a sekisa Paulo, a ne a lemoga gore ga a na molato. Mme Felise, yo e neng e le mongwe wa babusi ba ba neng ba tlola molao thata ba motlha wa gagwe, o ne a diegisa tsheko ya ga Paulo, a solofetse gore Paulo o tla mo naya madi gore a tle a mo golole.—Ditiro 24:22-26.
Go na le gore Paulo a neye Felise pipamolomo, o ne a bua le ene a tlhamaletse ka “tshiamo le boikgapo.” Felise ga a ka a fetola mekgwa ya gagwe mme Paulo o ne a nna mo kgolegelong go na le gore a leke go tila thulaganyo e e tshwanetseng ya molao ka pipamolomo. O ne a ruta molaetsa wa boammaaruri le wa boikanyego mme o ne a tshela tumalanong le one. O ne a kwalela Bakeresete ba Bajuda jaana: “Re tshepa gore re na le segakolodi se se se nang matsoketsane, ka re eletsa go itshwara ka mo go se Bahebera 13:18.
nang matsoketsane mo dilong tsotlhe.”—Go tsaya kgato e e ntseng jalo go ne go farologane thata le boitsholo jwa motlha oo. Palase yo e neng e le morwarraagwe Felise e ne e le mongwe wa banna ba ba neng ba humile thata ba bogologolo mme khumo ya gagwe—e e neng e balelwa go diranta di le dimilione di le 275—e ne e kgobokantswe mo e ka nnang yotlhe ka pipamolomo le ka go tseela ba bangwe ka dikgoka. Le fa go ntse jalo, letlotlo la gagwe ga se sepe fa le bapisiwa le diketekete tsa dimilione tsa diranta tse babusi bangwe ba ba tlolang molao ba lekgolo la bo20 la dingwaga ba di fitlhileng mo diakhaontong tsa sephiri tsa banka. Kwantle ga pelaelo, ke fela batho ba ba sa eleng dilo tlhoko ba ba tla dumelang gore mebuso ya gompieno e fentse ntwa ya tlolomolao.
E re ka tlolomolao e ntse e le teng ka nako e telele jaana, a re tshwanetse go akanya gore ke tsela e e tlwaelegileng e batho ba tshelang ka yone? Kana a go na le sengwe se se ka dirwang go thibela tlolomolao?
Tlolomolao e ka Thibelwa Jang?
Kgato ya ntlha e e ka tsewang go thibela tlolomolao ke go lemoga gore go tlola molao go a senya e bile ga go a siama, ka gore go solegela molemo fela batho ba ba sa itshwenyeng ka molao mme ka go dira jalo ba utlwisa ba bangwe botlhoko. Ga go na pelaelo gore go dirilwe kgatelopele mo kgannyeng eo. James Foley, yo e leng mothusamokwaledi wa puso wa kwa United States, o ne a re: “Rotlhe re itse gore tlhwatlhwa ya pipamolomo e kwa godimo thata. Pipamolomo e koafatsa puso e e siameng, e kgoreletsa ikonomi go tsamaya sentle le go tswelela pele, e senya kgwebo e bile e gobatsa baagi go dikologa lefatshe.” Ba le bantsi ba tla dumalana le ene. Ka December 17, 1997, dinaga tse dikgolo tse 34 di ile tsa saena “tumalano ya pipamolomo” e boikaelelo jwa yone e leng “go dira maiteko a magolo go lwantsha tlolomolao mo lefatsheng lotlhe.” Tumalano eo “e dira gore go solofetsa kana go naya modiredimogolo mongwe wa naga e sele pipamolomo gore o bone kana o tswelele o na le dikamano tsa kgwebo le dinaga tse dingwe e nne tlolomolao.”
Le fa go ntse jalo, go ntsha pipamolomo go bona dikgolagano tsa kgwebo mo dinageng tse dingwe ke maoko fela a tlolomolao. Go fedisa tlolomolao gongwe le gongwe go tlhokega kgato ya bobedi e e boima le go feta: go fetola pelo kana, go fetola dipelo tse dintsi. Batho gongwe le gongwe ba tshwanetse ba ithuta go ila pipamolomo le tlolomolao. Ke gone fela bosaikanyegeng bo tla nyelelang. Gore seno se diragale makasine wa Newsweek o ile wa bolela gore batho ba bangwe ba akanya gore mebuso e tshwanetse “go rotloetsa batho ka kakaretso gore ba nne le boikutlo jwa go batla go itshwara sentle.” Transparency International, e leng setlhopha sengwe se se lwantshang tlolomolao, le sone se gakolola maloko a sone gore a “jale ‘peo ya bothokgami’” kwa tirong ya boitshediso.
Ntwa ya go lwantsha tlolomolao ke ya boitsholo e e ka se kang ya fenngwa fela ka molao kana ka “tšhaka” ya dikotlhao tsa molao. (Baroma 13:4, 5) Dipeo tsa boitshwaro bo bontle le bothokgami di tshwanetse go jalwa mo dipelong tsa batho. Se se ka dirwa sentle ka go dirisa se moaposetoloi Paulo a se tlhalosang e le “tšhaka ya moya” e leng Lefoko la Modimo, Baebele.—Baefeso 6:17.
Baebele e Kgala Tlolomolao
Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a gana go mpampetsa tlolomolao? Ka gonne o ne a batla go dira go rata ga Modimo, “o o sa tshwareng ope ka go mo tlhaola e bile o sa amogele pipamolomo.” (Duteronome 10:17, NW) Mo godimo ga moo, ga go na pelaelo gore Paulo o ne a gakologelwa taelo eno e e tlhamaletseng e e mo Molaong wa ga Moshe: “O se ka wa tlhaola batho kgotsa wa amogela pipamolomo, gonne pipamolomo e foufatsa matlho a ba ba botlhale e bile e sokamisa mafoko a ba ba siameng.” (Duteronome 16:19, NW) Kgosi Dafide le ene o ne a tlhaloganya gore Jehofa o ila tlolomolao mme o ne a kopa Modimo gore a se ka a mo balela le baleofi, “ba seatla sa bone se segolo se tletseng [pipamolomo].”—Pesalema 26:10.
Batho ba ba obamelang Modimo ka tlhoafalo ba na le mabaka a a oketsegileng a go nna kgatlhanong le tlolomolao. Solomone o ne a kwala jaana: “Kgosi e tlhomamisa naga ka tshiamiso mme yo o ratang pipamolomo o a e rutlolola.” (Diane 29:4, New International Version) Tshiamiso—segolobogolo fa e simolola ka modiredimogolo wa maemo a a kwa godimo thata go fitlha ka motho wa maemo a a kwa tlase—e dira gore go nne le tlhomamo, tlolomolao kafa letlhakoreng le lengwe yone e koafatsa naga. Ka mo go kgatlhisang, Newsweek e ile ya tlhalosa jaana: “Mo tsamaisong e mo go yone mongwe le mongwe a batlang go solegelwa molemo ka tlolomolao e bile a itse gore a ka dira jalo jang, ruri ikonomi e ka phutlhama.”
Tota le fa diikonomi di sa phutlhame, batho ba ba ratang tshiamiso ba kgobega marapo fa tlolomolao e Pesalema 73:3, 13) Mmopi wa rona, yo o ileng a re bopa re na le keletso ya go batla tshiamiso le ene o a fosediwa. Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ile a tsaya kgato gore a tlose tlolomolao e e boitshegang. Ka sekai, o ile a bolelela baagi ba Jerusalema ka tlhamalalo gore ke eng fa a ne a tla ba tlogela gore ba tlhaselwe ke baba ba bone.
nna e ntse e tswelela pele go se na sepe se se dirwang ka yone. (Modimo o ne a bolela jaana ka moporofeti wa gagwe Mika: “Tsweetswee, utlwang seno, lona ditlhogo tsa ntlo ya ga Jakobe le lona balaodi ba ntlo ya Iseraele, ba lo tlhoileng tshiamiso le ba lo sokamisang sengwe le sengwe se se tlhamaletseng. Ba e leng ditlhogo tsa gagwe ba atlhola fela ba gabile pipamolomo, le baperesiti ba gagwe ba ruta fela ba gabile tlhwatlhwa, le baporofeti ba gagwe ba dira tiro ya boitseanape fela ka ntlha ya madi . . . Ka jalo ka ntlha ya lona Siona o tla lemiwa jaaka tshimo fela, mme Jerusalema ene o tla nna mekoa fela ya marope.” Tlolomolao e ne e sentse setšhaba sa Iseraele, fela jaaka e ile ya nyeletsa Roma makgolokgolo a dingwaga morago ga foo. Fela jaaka Modimo a ne a tlhagisitse, morago ga mo e ka nnang lekgolo la dingwaga Mika a sena go kwala mafoko ao, Jerusalema e ne ya senngwa ya bo ya latlhwa.—Mika 3:9, 11, 12, NW.
Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore motho ope kana setšhaba sepe se tlole molao. Modimo o kgothaletsa ba ba boikepo gore ba tlogele ditsela tsa bone mme ba fetole tsela e ba akanyang ka yone. (Isaia 55:7) O batla gore mongwe le mongwe wa rona a nne pelotshweu mo boemong jwa go nna bogagapa le go siama mo boemong jwa go dira bosula.
Jehofa o re gakolola jaana: “Yo o patikang mohumanegi o kgoba Mmopi wa gagwe, mme yo o tlhomogelang motlhoki pelo o a mo tlotla.”—Diane 14:31.
Go Atlega go Lwantsha Tlolomolao ka Boammaaruri Jwa Baebele
Ke eng se se ka tlhotlheletsang motho go dira phetogo e e ntseng jalo? Ke one maatla a a ileng a tlhotlheletsa Paulo gore a tlogele botshelo jwa gagwe jwa go nna Mofarasai gore a nne molatedi yo o nonofileng wa ga Jesu Keresete. O ne a kwala jaana: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla.” (Bahebera 4:12) Gompieno, boammaaruri jwa Dikwalo bo sa ntse bo rotloetsa boikanyegi, tota le mo bathong ba ba neng ba inaakantse thata le tlolomolao. Akanya ka sekai sengwe.
Fa Alexander, wa kwa Yuropa Botlhaba a sena go fetsa tirelo ya gagwe ya bosole, o ne a inaakanya le segopa sengwe se se kgothotsang, se se tseelang batho dilo ka dikgoka se bile se ntshisa batho pipamolomo. * O tlhalosa jaana: “Tiro ya me e ne e le go tsaya madi mo go borakgwebo ba ba humileng a ba neng ba a duela gore ba sirelediwe. Fa ke setse ke kgonne go dira gore rakgwebo a ntshepe, maloko a mangwe mo setlhopheng sa rona a ne a mo tshosetsa ka dikgoka. Go tswa foo nna ke ne ke ithaopa go rarabolola kgang—ke kopa madi a mantsi thata go dira jalo. ‘Bahiri’ ba me ba ne ba nteboga go bo ke ba thusitse go rarabolola mathata a bone, e le gore tota ke nna ke neng ke ba bakela mathata. Le fa go ka nna ga bonala go sa tlwaelega, e ne e le yone karolo ya tiro ya me e ke neng ke e rata.
“Gape ke ne ke itumelela madi le boitumelo jo mofuta oo wa botshelo o neng o nnaya jone. Ke ne ke kgweetsa koloi e e turang, ke nna mo foleteng e ntle e bile ke ne ke na le madi a go reka sengwe le sengwe se ke neng ke se batla. Batho ba ne ba mpoifa, e leng selo se se neng se dira gore ke ikutlwe ke na le maatla. Ka tsela nngwe ke ne ke akanya gore ga go na ope yo o ka ntirang sengwe le gore molao o ne o sa nkame. Mathata ape fela a ke neng ke nna le one le mapodise a ne a rarabololwa ka mmueledi wa setswerere yo gantsi a neng a kgona go tila thulaganyo ya tshiamiso, kana ka gore ke neye motho yo o tshwanelang pipamolomo.
“Le fa go ntse jalo, gantsi ga go na boikanyegi gare ga batho ba ba itshedisang ka tlolamolao. Mongwe mo segopeng sa rona o ne a simolola go ntlhoa mme ka iphitlhela ke sa ratege. Ka bonako fela ke ne ka latlhegelwa ke koloi ya me ya mabaibai, madi a me le kgarebe ya me e e ratang dilo tsa maemo a a kwa godimo. Ke bile ka bo ka itewa botlhoko. Phetogo eno e ne ya dira gore ke akanye thata ka boikaelelo jwa botshelo.
“Dikgwedi di sekae pele ga foo, mmè o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme ke ne ka simolola go bala dikgatiso tsa bone. Lekwalo la Diane 4:14, 15 le ne la dira gore ke akanye tota: ‘O se ka wa tsena mo tseleng ya baikepi, o se ka wa tsamaya mo mekgweng ya batho ba ba bosula. E thibogele, o se ka wa feta ka yone; o e fapoge, mme o fetele koo.’ Ditemana tse di jaaka eno di ile tsa ntlhatswa pelo gore ke bone gore batho ba ba batlang go tshela botshelo jwa bokebekwa ga ba na isagwe ya mmatota. Ke ne ka simolola go rapela Jehofa ke mo kopa gore a nkaele mo tseleng e e siameng. Ke ne ka ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme kgabagare ke ne ka ineela mo Modimong. Fa e sa le ka nako eo ke ntse ke tshela ka boikanyegi.
“Le gale, go tshela ka ditekanyetso tsa boikanyegi go ile ga raya gore ke amogele madi a a kwa tlase thata. Le fa go ntse jalo gone jaanong ke ikutlwa ke na le isagwe, botshelo jwa me bo na le bokao jwa mmatota. Ke bona gore mofuta wa botshelo jo ke neng ke bo tshela pele jwa manobonobo o ne o tshwana fela le ntlo e e agilweng ka dikarata e e neng e tloga e phutlhama nako nngwe le nngwe. Pele, segakolodi sa me se ne se sa ntshwenye. Gone jaanong, ka ntlha ya go ithuta Baebele, fela fa ke raelesega go sa ikanyege, se a ntshwenya—tota le mo dilong tse dinnye. Ke leka go tshela go ya ka Pesalema 37:3 e e reng: ‘Ikanye Jehofa, o bo o dire molemo; aga mo lefatsheng o latelele boikanngo.’”
“Yo o Ilang Pipamolomo o Tla Tshela”
Jaaka fa Alexander a ile a lemoga, boammaaruri jwa Baebele bo ka tlhotlheletsa motho go fenya tlolomolao. O ne a dira diphetogo go ya ka se moaposetoloi Paulo a se bolelang mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwalela Baefeso: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro le jo bo senngwang go ya ka dikeletso tsa jone tse di tsietsang; . . . lo tle lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona, le gore lo tle lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa tlholwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego jo bo nitameng. Jalo he, e re ka jaanong lo latlhile kako, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe, ka gonne re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe. A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire tiro ya ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo, gore a tle a nne le sengwe go se abela mongwe yo o tlhokang.” (Baefeso 4:22-25, 28) Isagwe ya batho e ikaegile ka go dira diphetogo tse di ntseng jalo.
Fa go sa dirwe sepe ka bogagapa le tlolomolao, di ka senya lefatshe fela jaaka di ile tsa dira gore Mmusomogolo wa Roma o senyege. Le fa go ntse jalo, go a itumedisa go itse gore Mmopi wa batho ga a ikaelela go tlogela dilo fela. O ikaeletse “go senyaka ba ba senyakang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Mme Jehofa o solofetsa batho ba ba eletsang go bona lefatshe le le se nang tlolomolao gore gautshwane go tla tla “magodimo a masha le lefatshe le lesha . . . mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:13.
Gone ke boammaaruri gore go ka nna ga bo go se motlhofo go tshela ka ditekanyetso tsa boikanyegi gompieno. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re tlhomamisetsa gore kgabagare “motho yo o bogagapa o tsenya lelapa la gagwe mo mathateng mme yo o ilang pipamolomo o tla tshela.” * (Diane 15:27, NIV) Fa re tlogela go tlola molao gone jaanong, re bontsha kafa re tlhoafetseng ka teng fa re rapela Modimo jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.
Fa re sa ntse re letile gore Bogosi bo tseye kgato, mongwe le mongwe wa rona a ka ‘jala peo mo tshiamong’ ka go gana go tshegetsa tlolomolao kana ka go gana go nna le seabe mo go yone. (Hosea 10:12) Fa re dira jalo, matshelo a rona le one a tla supa kafa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le leng maatla ka teng. Tšhaka ya moya e ka fenya tlolomolao.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 21 Leina la gagwe le fetotswe.
^ ser. 29 Gone mme, go na le pharologano fa gare ga go naya motho pipamolomo le go naya motho madinyana a tebogo. Pipamolomo e ntshetswa go sokamisa tshiamiso kana e ntshetswa maikaelelo a mangwe a go sa ikanyege, mme go ntsha madinyana a tebogo gone ke go bontsha kanaanelo ka tiro nngwe e e dirilweng. Kgang eno e tlhalosiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 1, 1986 mo setlhogong sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading.”
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ka thuso ya Baebele, re ka leka go nna le “botho jo bosha” mme re tile go tlola molao