Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Manyalo a a Itumedisang a a Tlotlang Jehofa

Manyalo a a Itumedisang a a Tlotlang Jehofa

Manyalo a a Itumedisang a a Tlotlang Jehofa

Welsh Le Elthea Ba Ne Ba Nyalana Kwa Soweto Ka 1985, Mo Afrika Borwa. Gangwe Le Gape Ba Leba Alebamo Ya Bone Ya Lenyalo Le Morwadiabone, Zinzi, Mme Ba Ikgakolola Letsatsi Leo Le Le Itumedisang. Zinzi O Rata Go Itse Batho Ba Ba Neng Ba Laleditswe Mo Lenyalong Mme Thatathata O Rata Ditshwantsho Tsa Ga Mmaagwe A Apere Bontle Thata.

LENYALO le simolotse ka puo ya lenyalo e e neng e neelwa kwa holong nngwe ya motse wa Soweto. Go tswa foo setlhopha sa basha ba Bakeresete se ne sa opela dipina tsa go baka Modimo ba dirisa mokgwa wa go opela ka mantswe a manè. Morago ga moo, balalediwa ba ne ba ja dijo go ntse go leletswa dipina tsa Bogosi kwa tlase. Go ne go se na majalwa, le mmino o ne o sa leletswe kwa godimo e bile go ne go sa binwe. Go na le moo, balalediwa ba ne ba itumelela go kopana mmogo le go akgola banyalani. Tiragalo eno yotlhe e ne ya tsaya diura di ka nna tharo. Raymond, mogolwane mongwe wa Mokeresete, o gakologelwa jaana: “E ne e le lenyalo le ka metlha ke tla le gakologelwang ka dilo tse di molemo.”

Ka nako ya lenyalo la ga Welsh le Elthea, e ne e sa ntse e le baithaopi kwa lekaleng la Afrika Borwa la Watch Tower Bible and Tract Society. Ba ne ba ka kgona fela go dira lenyalo le le sa jeng madi a mantsi. Bakeresete bangwe ba ile ba tlhopha go tlogela bodiredi jwa nako e e tletseng mme ba batla ditiro gore ba kgone go duelela ditshenyegelo tsa lenyalo la mabonomantle. Le fa go ntse jalo, Welsh le Elthea ga ba ikotlhaele go bo ba ile ba tlhopha go se dire lenyalo la maemo ka gonne go ne ga ba thusa go tswelela pele ba direla Modimo e le badiredi ba nako e e tletseng go fitlhela Zinzi a tsholwa.

Le fa go le jalo, go tweng fa e le gore banyalani ba tlhopha go letsa mmino wa lefatshe le go bina kwa lenyalong la bone? Go tweng fa e le gore ba dira tshwetso ya gore go tla nowa beine le majalwa a mangwe? Go tweng fa e le gore ba kgona go duelela ditshenyegelo tsa lenyalo le legolo e bile e le la mabonomantle? Ba ka tlhomamisa jang gore tiragalo eno e tla nna e e itumedisang e e tshwanelang baobamedi ba Modimo? Re tshwanetse go sekaseka dipotso tse di ntseng jalo ka kelotlhoko, ka gonne Baebele e laela jaana: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe se sele, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.

Go Tila Tlhapelo

Re ka se batle go dira lenyalo le le seng monate. Go na le kotsi e e masisi thata fa o ka feteletsa dilo le go tlhapelwa ka tsela e e sa laolesegeng. Kwa manyalong a le mantsi a batho ba e seng Basupi, go dirwa dilo tse di tlontlololang Modimo. Ka sekai, go tlwaelegile gore batho ba nwe bojalwa go fitlhela ba tagwa. Ka maswabi, seno se ile sa diragala le mo manyalong mangwe a Bakeresete.

Baebele e tlhagisa gore “bojalwa jo bo tagang bo a fudua.” (Diane 20:1NW) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka gore “fudua” le kaya “go tsosa modumo o mogolo.” Fa bojalwa bo ka dira gore motho a tsose modumo, akanya fela gore go ka nna jang ka batho ba bantsi ba ba kokoaneng mmogo e bile ba nwa thata! Kwantle ga pelaelo, ditiragalo tse di ntseng jalo di ka dira gore go nne motlhofo go nna le “mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno,” tse di thathamisitsweng mo Baebeleng e le “ditiro tsa nama.” Ditiro tse di ntseng jalo di dira gore batho bape ba ba sa ikwatlhaeng ba se ka ba bona botshelo jo bo sa khutleng mo pusong ya Bogosi jwa Modimo.—Bagalatia 5:19-21.

Lefoko la Segerika le le reng “tlhapelo” le ne le dirisiwa go tlhalosa mokoloko wa basha ba ba tagilweng ba ba tsositseng modumo mo mmileng, ba ba neng ba opela, ba bina le go tshameka mmino. Fa e le gore bojalwa ga bo nowe ka tekatekano kwa lenyalong, e bile modumo o le kwa godimo thata le gone go binwa ka tsela e e sa laolesegeng, go ka direga gore tiragalo eno e nne jaaka tlhapelo. Mo maemong a a ntseng jalo, batho ba ba bokoa ba ka nna ba raelesega motlhofo mme ba dira ditiro tse dingwe tsa nama tse di jaaka “kgokafalo, bosengphepa, boitshwaro jo bo repileng, [kana go ineela go dira] ditsogelo tsa kgalefo.” Ke eng se se ka dirwang go thibela ditiro tse di ntseng jalo tsa nama go senya boitumelo jwa lenyalo la Bokeresete? Go araba potso eo, a re sekasekeng se Baebele e se bolelang ka lenyalo lengwe.

Lenyalo le Jesu a Neng a Ile Kwa go Lone

Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba lalediwa kwa lenyalong kwa Kana wa Galalea. Ba ne ba amogela taletso eno, mme Jesu o ile a bo a tsenya letsogo mo go direng gore tiragalo eno e nne monate. Fa beine e sena go fela, o ne a dira e nngwe e e monate ka tsela ya kgakgamatso. Morago ga lenyalo, kwantle ga pelaelo beine e e neng e setse e ne ya salela monyadi yo o neng a itumetse le lelapa la gagabo nakonyana.—Johane 2:3-11.

Go na le dilo di le dintsi tse re ka ithutang tsone mo lenyalong le Jesu a neng a ile kwa go lone. Sa ntlha, Jesu le barutwa ba gagwe ga ba a ka ba itlela fela kwa moketeng wa lenyalo ba sa lalediwa. Baebele e supa sentle gore ba ne ba laleditswe. (Johane 2:1, 2) Ka mo go tshwanang, mo ditshwantshong tse pedi tsa mekete ya lenyalo, Jesu o ne a bua gangwe le gape ka balalediwa gore ba ne ba nna teng ka gonne ba ne ba laleditswe.—Mathaio 22:2-4, 8, 9; Luke 14:8-10.

Mo dinageng dingwe go tlwaelegile gore mongwe le mongwe mo motseng a ka itlela fela mo moketeng wa lenyalo a laleditswe kana a sa lalediwa. Le fa go ntse jalo, seno se ka baka mathata a madi. Banyalani ba ba sa humang ba ka ikgama ka dikoloto ka gonne ba batla go tlhomamisa gore go na le dijo le dino tse di lekaneng batho ba go sa itsiweng palo ya bone. Ka gone, fa banyalani ba Bakeresete ba dira tshwetso ya go dira mokete o o sa jeng madi a mantsi, go na le palo e e rileng ya batho ba ba laleditsweng, Bakeresete ba bangwe ba ba sa lalediwang ba tshwanetse go tlhaloganya le go tlotla seo. Monna mongwe yo o neng a nyala kwa Cape Town, mo Afrika Borwa, o gakologelwa gore o ne a laleditse batho ba le 200 kwa lenyalong la gagwe. Le fa go ntse jalo, go ne ga tla batho ba le 600, mme ba ne ba tlhaelwa ke dijo. Bangwe ba batho ba ba neng ba sa lalediwa e ne e le ba ba neng ba tlile ka bese, ba tlile go bona Cape Town mo mafelobekeng ao a lenyalo. Mokgweetsi wa bese eno e ne e le losika lo lo kgakala lwa monyadiwa mme o ne a akanya gore o na le tshwanelo ya go tla le setlhopha sotlhe a ise a buisane le monyadiwa kana monyadi pele!

Molatedi wa boammaaruri wa ga Jesu a ka se ka a ya moketeng wa lenyalo a sa lalediwa a bo a ja dijo le go nwa dino tsa balalediwa, ntle le fa go boletswe gore go ka tla mongwe le mongwe kwa moketeng. Ba ba tlhotlheletsegang go ya ba sa lalediwa ba tshwanetse go ipotsa gore, ‘A fa ke le mo moketeng ono wa lenyalo go ka se bontshe banyalani bano ba basha gore ga ke bontshe lorato? A ga ke bakele batho mokgweleo le go ba kgoreletsa go itumelela tiragalo eno?’ Mo boemong jwa gore motho a kgopisiwe ke gore ga a lalediwa, Mokeresete yo o tlhaloganyang a ka nna a romelela banyalani molaetsa ka lorato a bo a ba akgola le go ba eleletsa masego a ga Jehofa. A ka nna a bo a akanya go thusa banyalani ka go ba romelela mpho gore ba itumelele thata letsatsi la lenyalo la bone.—Moreri 7:9; Baefeso 4:28.

Ke Mang yo o Nang le Boikarabelo?

Mo dikarolong tsa Afrika, go tlwaelegile gore ba losika ba ba godileng ke bone ba ba dirang dithulaganyo tsa lenyalo. Banyalani ba ka nna ba itumelela seno, ka gonne seno se ba fokoletsa ditshenyegelo tsa madi. Gape ba ka nna ba akanya gore seno se ba ntsha mo boikarabelong bope fela jwa se se ka nnang sa diragala. Le fa go ntse jalo, pele banyalani ba ka amogela thuso epe fela ya ba losika ba ba ratang go thusa, ba tshwanetse go tlhomamisa gore a dilo di tla dirwa kafa ba batlang ka teng.

Le mororo Jesu e ne e le Morwa Modimo yo o neng a ‘fologa a tswa legodimong,’ ga go na mo go bolelwang gore o ne a itseela marapo mme a laola dilo di le dintsi mo lenyalong la kwa Kana. (Johane 6:41) Go na le moo, pego ya Baebele e bolela gore go ne go tlhomilwe mongwe e le ‘mokaedi wa mokete.’ (Johane 2:8) Ka ntlha ya seno, monna yono o ne a ikarabela mo tlhogong e ntšha ya lelapa, e leng monyadi.—Johane 2:9, 10.

Ba losika ba Bakeresete ba tshwanetse go tlotla tlhogo e e tlhomilweng ke Modimo ya lelapa le lesha. (Bakolosa 3:18-20) Ke ene yo o tshwanetseng go nna le boikarabelo jwa se se ka diragalang mo lenyalong la gagwe. Ka tlholego fela, monyadi o tshwanetse go tlhaloganya, mme fa go kgonega, a akaretse dilo tse monyadiwa a di batlang, tsa batsadi ba gagwe le tsa bagwagadie. Le fa go ntse jalo, fa ba losika ba gatelela go rulaganya dilo tse banyalani bano ba sa di batleng, ke gone mo banyalani ba tshwanetseng go gana thuso ya bone ka bopelontle mme ba ituelele lenyalo la bone le le sa jeng madi a mantsi. Ka tsela eno go ka se dirwe dilo tse e tla reng fa banyalani bano ba di gakologelwa ba utlwe botlhoko. Ka sekai, lenyalo lengwe la Bakeresete mo Afrika, motho mongwe wa losika yo o sa dumeleng yo e neng e le motshwaramarapo, o ne a dumedisa bagologolwane ba ba suleng ka go tsholetsa galase!

Ka dinako tse dingwe banyalani ba tsaya loeto lwa bone lwa morago ga lenyalo pele mokete wa lenyalo o fela. Mo maemong a a ntseng jalo, monyadi o tshwanetse go batla batho ba ba nang le boikarabelo gore ba nne ba beile leitlho gore melaometheo ya Baebele e a latelwa le gore mokete o fele ka nako e e tshwanetseng.

Go Rulaganya ka Kelotlhoko le ka Tekatekano

Go bonala go ne go na le dijo tse dintsi tse di monate kwa lenyalong le Jesu a neng a le kwa go lone, ka gonne Baebele e le tlhalosa gore e ne e le mokete wa lenyalo. Jaaka re setse re bone, gape go ne go na le beine e ntsi. Kwantle ga pelaelo, go ne go na le mmino o o tshwanetseng e bile go binwa ka tsela e e tlotlegang ka gonne seno e ne e le selo se se tlwaelegileng mo Bajudeng. Jesu o ne a bontsha seno mo setshwantshong sa gagwe se se tumileng sa morwa sesenyi. Rre yo o neng a humile yo o mo polelong eo o ne a itumeletse go boa ga morwawe yo o ikwatlhaileng mo a neng a re: “[A] re jeng re bo re ijeseng monate.” Jesu o ne a bolela gore mokete o ne o na le “konsarata ya mmino le go bina.”—Luke 15:23, 25.

Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore Baebele ga e bue ka mmino le go bina kwa lenyalong la Kana. Tota e bile, ga go buiwe sepe ka kgang ya go bina mo dipegong dipe tsa Baebele tsa manyalo. Go bonala batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele ba ne ba bina ka sewelo fela mme e ne e se selo sa konokono mo manyalong a bone. A re ka ithuta sengwe mo go seno?

Kwa manyalong mangwe a Bakeresete mo Afrika, go letswa diletso tse di maatla. O fitlhela mmino o le kwa godimo thata mo balalediwa ba sa kgoneng go utlwana fa ba tlotla. Ka dinako tse dingwe dijo di a tlhaela mme go bina mo go a tleng go felele go sa laolesege, gone go sa tlhaele. Mo boemong jwa gore e nne mokete wa lenyalo, ditiragalo tse di ntseng jalo di ka fetoga diphathi tsa go bina. Mo godimo ga moo, gantsi mmino o o kwa godimo o oka bontwadumela, le batho ba bangwe ba ba itlelang fela ba sa lalediwa.

E re ka pego ya Baebele ya manyalo e sa gatelele mmino le go bina, a seno ga se a tshwanela go kaela banyalani gore ba rulaganye lenyalo le le tla tlotlang Jehofa? Le fa go ntse jalo, fa go baakanyediwa manyalo a le mantsi bosheng jaana mo borwa jwa Afrika, basha ba Bakeresete ba ba tlhophilweng go tsamaya le banyadi ba senya diura di le dintsi ba ithuta ditepe tse di raraaneng. Ba ne ba fetsa dikgwedi di le dintsi ba senya nako ya bone ka tsela eno. Mme Bakeresete ba tshwanetse go ‘reka nako’ ya “dilo tse di botlhokwa segolo,” tse di jaaka tiro ya go rera efangele, go ithuta ka namana, le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete.—Baefeso 5:16; Bafilipi 1:10.

Ka go itse fela gore Jesu o ne a dirile beine e kana kang, go bontsha gore lenyalo la kwa Kana le ne le le legolo, e bile e le la mabonomantle. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore tiragalo eno e ne e sa fudue batho le gore balalediwa ba ne ba sa nwe bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang jaaka go ne go ntse mo manyalong mangwe a Bajuda. (Johane 2:10) Re ka tlhomamisega jang ka seno? Ka gonne Morena Jesu Keresete o ne a le teng. Mo bathong botlhe, Jesu o tshwanetse a bo a ile a nna kelotlhoko go utlwa taolo eno ya Modimo e e malebana le ditsala tse di bosula: “O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe.”—Diane 23:20.

Ka gone, fa e le gore banyalani ba dira tshwetso ya gore batho ba tshelelwe beine kana majalwa a mangwe kwa lenyalong la bone, ba tshwanetse ba rulaganya gore go nne le batho ba ba nang le boikarabelo ba ba tla bong ba beile leitlho. Mme fa ba dira tshwetso ya go letsa mmino, ba tshwanetse go tlhopha mmino o o tshwanetseng mme ba beye motho yo o tla tlhokomelang modumo. Balalediwa ga ba a tshwanela go letlelelwa go itirela se ba se ratang le go letsa mmino o o belaetsang kana go isa modumo kwa godimo thata. Fa e le gore go tla binwa, go ka dirwa ka tsela e e tlotlegang le e e laolesegang. Fa e le gore ba losika ba ba sa dumeleng kana Bakeresete ba ba sa golang sentle ba bina ka tsela e e leswe kana e e tsosang keletso e e maswe, monyadi a ka nna a fetola mmino oo kana a kopa go emisa go bina ka botlhale. Go seng jalo lenyalo le ka nna tlhapelo mme la kgopisa batho.—Baroma 14:21.

E re ka mefuta mengwe ya go bina ya gompieno, mmino o o kwa godimo le majalwa a a sa laolesegeng di le kotsi, banyadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba dira tshwetso ya go se dire dilo tse di ntseng jalo mo lenyalong la bone. Bangwe ba ile ba tshwaiwa diphoso ka ntlha ya seno, mme go na le moo ba tshwanetse go akgolelwa gore ba rata go tila sepe fela se se ka nnang sa dira gore leina le le boitshepo la Modimo le kgobiwe. Mo letlhakoreng le lengwe, banyadi bangwe ba rulaganya gore go nne le mmino o o tshwanetseng, go nne le nako ya go bina, le gore bojalwa bo nowe ka tekatekano. Le fa go ka tswa go dirwang, monyadi o ikarabela mo go se a se letlelelang mo lenyalong la gagwe.

Mo Afrika batho ba ba sa golang sentle ba lebela manyalo a a tlotlegang a Bakeresete kwa tlase mme ba re go ntse jaaka e kete batho ba tlile mo phitlhong. Le fa go ntse jalo, eo ga se pono e e lekalekaneng. Ditiro tsa boleo tsa nama di ka lere monate wa nakwana fela, mme di tlogela Bakeresete ba tshwenyegile mo digakoloding le go dira gore leina la Modimo le kgobiwe. (Baroma 2:24) Mo letlhakoreng le lengwe, moya o o boitshepo wa Modimo o lere boitumelo jwa mmatota. (Bagalatia 5:22) Banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ba leba kwa morago kwa letsatsing la bone la lenyalo ba le motlotlo, ba itse gore e ne e le tiragalo e e itumedisang mme e se e e nayang “lebaka la go kgopega.”—2 Bakorintha 6:3.

Welsh le Elthea ba sa ntse ba gakologelwa mafoko a mantsi a a itumedisang a ba losika lwa bone ba ba sa dumeleng ba ba neng ba le teng mo lenyalong la bone. Yo mongwe o ne a re: “Re lapisitswe ke manyalo a a modumo a a dirwang mo malatsing ano. Go ne go le monate tota go nna gone mo lenyalong leno le le tlotlegang.”

Se se botlhokwa le go feta, manyalo a Bakeresete a a itumedisang le a a tlotlegang a tlotla Mosimolodi wa lenyalo, Jehofa Modimo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

DINTLHA TSA GO TLHATLHOBA MOKETE WA LENYALO

• Fa e le gore o tla kopa mongwe wa losika yo o sa dumeleng gore a tle go bua sengwe, a o ile wa tlhomamisa gore ga a ne a tlisa dingwao tse e seng tsa Bokeresete?

• Fa e le gore go tla letswa mmino, a o tlhophile dipina tse di tshwanetseng fela?

• A mmino wa lona o tla letswa ka modumo o o tshwanetseng?

• Fa e le gore go tla binwa, a go tla dirwa ka tsela e e tlotlegang?

• A bojalwa bo tla nowa ka tekatekano?

• A batho ba ba nang le boikarabelo ba tla laola tsela e bo neelwang batho ka yone?

• A o beile nako e e tshwanetseng e mokete wa lenyalo o tlileng go fela ka yone?

• A go tla bo go na le batho ba ba nang le boikarabelo ba ba tla tlhomamisang gore dilo di dirwa ka thulaganyo go fitlhela kwa bofelong?