Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshwara Thuto ya Bomodimo ka Thata

Tshwara Thuto ya Bomodimo ka Thata

Tshwara Thuto ya Bomodimo ka Thata

O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.”—Diane 3: 5, 6.

1. Re anamisediwa kitso ya batho jang go feta le fa e le leng pele?

GONE jaanong go na le makwalodikgang a letsatsi le letsatsi a ka nna 9 000 a a gatisiwang lefatshe ka bophara. Ngwaga le ngwaga kwa United States go gatisiwa dibuka tse disha di ka nna 200 000. Go ya kafa go fopholediwang ka teng, ka March wa 1998, go ne go setse go na le ditsebe tsa Web di ka nna dimilione tse 275 mo Internet. Go bolelwa gore palo eno e ntse e oketsega ka selekanyo sa ditsebe di ka nna dimilione di le 20 kgwedi le kgwedi. Batho ba bona tshedimosetso mo e ka nnang mo go sengwe le sengwe go feta le fa e le leng pele. Le mororo seno se ka tswa se na le melemo mengwe, motlele o o kalo wa tshedimosetso o ile wa baka mathata.

2. Ke mathata afe a a ka bakwang ke go senka motlele o o kanakana wa tshedimosetso?

2 Batho bangwe ba tshwakgotswe ke tshedimosetso, ka metlha ba lemalela go batla go nna le tshedimosetso ya bosheng mme kafa letlhakoreng le lengwe ba itlhokomolosa dilo tse di botlhokwa thata. Ba bangwe ba nna le tshedimosetso e sekae fela ka dithuto dingwe tse di raraaneng mme go tswa foo ba bo ba itsaya e le bomankge mo go tsone. Ba ka dira ditshwetso tse di masisi ba dirisa kitsonyana eo mme ga felela ka gore ba ikgobatse kana ba gobatse batho ba bangwe. Kotsi e nngwe e ka metlha e leng gone ke ya go thulana le tshedimosetso ya maaka kana e e phoso. Gantsi ga go na tsela ya gore motho a ka tlhomamisa gore motlele o o kana wa tshedimosetso o boammaaruri e bile o tekatekano go le kana kang.

3. Ke ditlhagiso dife tse di malebana le go gagamalela botlhale jwa batho tse di mo Baebeleng?

3 Batho ga ba bolo go bolawa ke go rata go itse dilo. Kotsi e e ka bakwang ke go fetsa nako e ntsi o senka tshedimosetso e e seng mosola tota le e e kotsi e ile ya lemogiwa bogologolo mo motlheng wa ga Kgosi Solomone. O ile a re: “Ga go na bokhutlo jwa go dira dibuka tse dintsi, mme go ineela thata mo go tsone go lapisa nama.” (Moreri 12:12, NW) Makgolo a dingwaga moragonyana moaposetoloi Paulo o ile a kwalela Timotheo jaana: “Disa se o se neilweng gore o se tlhokomele, o hularela dipuo tse di lolea tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo le dikganetso tsa se ka phoso se bidiwang ‘kitso.’ Gonne ka go dira tshupo ya kitso e e ntseng jalo bangwe ba fapogile mo tumelong.” (1 Timotheo 6:20, 21) Ee, Bakeresete gompieno ga ba a tshwanela go itsenya mo kotsing ya go inaakanya le megopolo e e kotsi go sa tlhokege.

4. Tsela nngwe e re ka bontshang go ikanya Jehofa le dithuto tsa gagwe ka yone ke efe?

4 Gape batho ba ga Jehofa ba tla bo ba dira sentle fa ba sekegela tsebe mafoko ano a Diane 3:5, 6: “Ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.” Go ikanya Jehofa go akaretsa go gana kgopolo epe fela e e kgatlhanong le Lefoko la Modimo, e ka ne e tswa mo tseleng ya rona ya go akanya kana ya batho ba bangwe. Fa re batla go sireletsa bomoya jwa rona, go botlhokwa gore re thapise dikgono tsa rona tsa go akanya e le gore re kgone go lemoga tshedimosetso e e kotsi mme re e tile. (Bahebera 5:14) Mma re sekasekeng mengwe ya metswedi ya tshedimosetso e e ntseng jalo.

Lefatshe le le Laolwang ke Satane

5. Motswedi mongwe wa megopolo e e sa siamang ke ofe, mme o engwa nokeng ke mang?

5 Lefatshe ke lone motswedi o mogolo wa megopolo e e sa siamang. (1 Bakorintha 3:19) Jesu Keresete o ile a rapelela barutwa ba gagwe jaana mo Modimong: “Ke a go lopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo.” (Johane 17:15) Kopo ya ga Jesu ya gore barutwa ba gagwe ba dibelwe mo go “yo o boikepo” e bontsha gore o ne a tsaya tsia tlhotlheletso e Satane a nang le yone mo lefatsheng. Kgang ya go bo re le Bakeresete ka boyone fela ga e bolele gore re ka se lebane le tlhotlheletso e e bosula ya lefatshe leno. Johane o ile a kwala jaana: “Re itse gore re thaega mo Modimong, mme lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Re tshwanetse go lebelela gore Satane le badimona ba gagwe ba tla tlatsa lefatshe ka tshedimosetso e e sa siamang segolobogolo mo karolong ya bofelo ya malatsi ano a bofelo.

6. Dilo tsa boitlosobodutu di ka dira jang gore motho a swe segakolodi?

6 Gape re ka lebelela gore nngwe ya tshedimosetso eno e e sa siamang e ka lebega e se kotsi. (2 Bakorintha 11:14) Ka sekai, akanya ka tsa boitlosobodutu, ka mananeo a teng a thelebishene, dibaesekopo, mmino le dibuka. Batho ba le bantsi ba a dumela gore gantsi mefuta mengwe ya boitlosobodutu e rotloetsa mekgwa e e maswe, e e jaaka boitsholo jo bo sa siamang, thubakanyo le go se dirise diokobatsi sentle. Kwa tshimologong babogedi ba ka gamaregisiwa ke go bona boitlosobodutu bongwe jo bo sa siamang. Mme fa motho a nna a bo lebelela gangwe le gape, o feleletsa a sule segakolodi. Le ka motlha re se ka ra itetla go tsaya boitlosobodutu jo bo rotloetsang megopolo e e sa siamang bo se molato kana bo se kotsi.—Pesalema 119:37.

7. Ke mofuta ofe wa botlhale jwa batho o o ka dirang gore re se ka ra tlhola re tshepa Baebele?

7 Akanya ka selo se sengwe se e ka nnang motswedi wa tshedimosetso e e sa siamang—megopolo e mentsintsi e e phasaladiwang ke borasaense le bakanoki bangwe ba ba ganetsang Baebele ga e ikanyege. (Bapisa Jakobe 3:15.) Tshedimosetso e e ntseng jalo e tlhaga gangwe le gape mo dimakasineng tse dikgolo le dibuka tse di tumileng, mme e ka dira gore motho a se ka a tlhola a tshepa Baebele. Batho bangwe ba itumelela go dira gore ba bangwe ba belaele Lefoko la Modimo ka go fopholetsa dilo ba sa fetse. Go ne go na le kotsi e e ntseng jalo mo motlheng wa baaposetoloi, jaaka fa re bona mo mafokong ano a ga moaposetoloi Paulo: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka thopo ya gagwe ka botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakolosa 2:8.

Baba ba Boammaaruri

8, 9. Botlhanogi bo itshupa jang gompieno?

8 Batlhanogi e ka nna motswedi o mongwe gape wa go koafatsa bomoya jwa rona. Moaposetoloi Paulo o ile a bolelela pele gore go ne go tla nna le batlhanogi mo go ba ba ipitsang Bakeresete. (Ditiro 20:29, 30; 2 Bathesalonika 2:3) Mafoko a gagwe a ne a diragala morago ga loso lwa baaposetoloi fa go ne go runya botlhanogi jo bogolo jo bo neng jwa felela ka gore go nne le Labokeresete. Gompieno ga go na batho ba bantsi ba ba fetogang batlhanogi mo bathong ba Modimo. Le fa go ntse jalo, batho ba sekae ga ba tlhole ba na le rona, mme bangwe ba bone ba ikemiseditse go senya Basupi ba ga Jehofa leina ka go anamisa maaka le tshedimosetso e e seng yone ka rona. Ba sekae ba bone ba itirile seoposengwe le batho ba ba leng kgatlhanong le kobamelo e e itshekileng. Ka go dira jalo, ba ema nokeng motlhanogi wa ntlhantlha, e bong Satane.

9 Batlhanogi bangwe ba dirisa mefuta e e farologaneng ya didirisiwa tsa tlhaeletsano tse di dirisiwang ke batho ba bantsi, go akaretsa le Internet, go anamisa maaka ka Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya seo, fa batho ba ba pelo e phepa ba dira dipatlisiso ka dithuto tsa rona, ba ka nna ba wela tshedimosetso ya maaka ya batlhanogi. Tota le Basupi bangwe ka tsela e e seng botlhale ba ile ba itetla go bona tshedimosetso eno e e sa siamang. Mo godimo ga moo, gangwe le gape batlhanogi ba dirisa mananeo a thelebishene le radio. Ka ntlha ya seno, ke eng se se molemo se motho a ka se dirang?

10. Tsela e e molemo ya go tsibogela tshedimosetso ya maaka ya batlhanogi ke efe?

10 Moaposetoloi Johane o ne a laela Bakeresete gore ba se ka ba amogela batlhanogi mo magaeng a bone. O ile a kwala jaana: “Fa mongwe a tla mo go lona mme a sa tlise thuto eno, lo se ka lwa ba lwa mo amogela mo magaeng a lona le ka motlha kgotsa lwa mo dumedisa. Gonne yo o mo dumedisang ke motlhakanedi mo ditirong tsa gagwe tsa boikepo.” (2 Johane 10, 11) Go tila go amana ka gope le baganetsi bano go tla re sireletsa mo tseleng ya bone ya go akanya e e bosula. Fa re itetla go bona dithuto tsa batlhanogi ka mefuta e e farologaneng ya didirisiwa tsa segompieno tsa tlhaeletsano go tla bo go tshwana fela le go laletsa motlhanogi mo legaeng la rona. Le ka motlha re se letle go rata go itse dilo go re raela gore re tseye tsela e e ntseng jalo e e kotsi!—Diane 22:3.

Mo Phuthegong

11, 12. (a) Ke eng se e neng e le motswedi wa megopolo e e sa siamang mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Bakeresete bangwe ba ile ba palelwa jang ke go tshwara dithuto tsa bomodimo ka thata?

11 Akanya ka selo se sengwe gape se e ka nnang motswedi wa megopolo e e sa siamang. Mokeresete yo o ineetseng a ka nna le mokgwa wa go bua dilo tse di sa akanyetseng e se ka go bo a ikaeletse go ruta dithuto tsa maaka. (Diane 12:18) E re ka re sa itekanela, rotlhe fela re tla leofa ka leleme ka dinako tse dingwe. (Diane 10:19; Jakobe 3:8) Go bonala mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo go ne go na le batho bangwe mo phuthegong ba ba neng ba palelwa ke go laola maleme a bone mme ba inaakanya le go ganetsana ka mafoko. (1 Timotheo 2:8) Go ne go na le batho ba bangwe ba ba neng ba tseela megopolo ya bone kwa godimo thata ba ba ba gwetlha taolo ya ga Paulo. (2 Bakorintha 10:10-12) Moya o o ntseng jalo o ne wa baka dikgotlhang go sa tlhokege.

12 Ka dinako tse dingwe dikgotlhang tseno di ne di felela ka “dikganetsano tsa bogale ka dilo tse e seng tsa sepe,” di dira gore go se ka ga nna le kagiso mo phuthegong. (1 Timotheo 6:5; Bagalatia 5:15) Paulo o ile a kwala jaana ka batho ba ba neng ba baka dikganetsano tseno: “Fa motho mongwe a ruta thuto ya motheo e nngwe mme a sa dumalane le mafoko a a itekanedisang, a Morena wa rona Jesu Keresete, e bile a sa dumalane le thuto e e dumalanang le boineelo jwa bomodimo, o gogomositswe ke boikgogomoso, ga a tlhaloganye sepe, mme o lwala mo mogopolong kaga dipotso le dikganetsano ka mafoko. Mo dilong tseno go tsoga go tswa pelo, kgogakgogano, dipuo tsa go kgoba, dipelaelo tsa boikepo.”—1 Timotheo 6:3, 4.

13. Bontsi jwa Bakeresete ba ne ba itshwere jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

13 Selo se se itumedisang ke gore, mo metlheng ya baaposetoloi bontsi jwa Bakeresete ba ne ba ikanyega mme ba ne ba tlhoma megopolo ya bone mo tirong ya go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ba ne ba tshwaregile mo tirong ya go tlhokomela “masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone” mme ba ipoloka ba “se na selabe se se tswang mo lefatsheng,” ba sa senye nako ya bone ka dikganetsano tse di sa thuseng sepe. (Jakobe 1:27) Ba ne ba tila “go itlwaelanya le ba ba bosula,” tota le e leng mo teng ga phuthego ya Bokeresete e le gore ba sireletse bomoya jwa bone.—1 Bakorintha 15:33; 2 Timotheo 2:20, 21.

14. Fa re se kelotlhoko, go ka direga jang gore motlotlo fela o o tlwaelegileng wa go akantshana o feleletse o bakile dikganetsano tse di sa siamang?

14 Go ntse fela jalo le gompieno, maemo a a tlhalositsweng mo serapeng sa 11 ga a direge ka bontsi mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, re tla bo re dira sentle fa re sa itlhokomolose kgang ya gore go ka nna ga tlhaga dikganetsano tse di ntseng jalo tse di sa thuseng sepe. Ke boammaaruri gore, ga go na molato ope ka go tlotla ka dipego dingwe tsa Baebele kana go ipotsa dintlha dingwe tse di malebana le lefatshe le lesha le le solofeditsweng tse di iseng di senolwe. E bile ga go phoso fa re akantshana ka dilo dingwe tse di re amang ka namana, tse di jaaka moaparo le go ipaakanya kana mofuta wa boitlosobodutu. Le fa go ntse jalo, fa re gagamalela megopolo ya rona e bile re kgopisiwa ke go bo batho ba bangwe ba sa dumalane le rona mo dilong tseno, phuthego e ka feleletsa e sa utlwane ka ntlha ya dilo tse di sa reng sepe. Ruri motlotlo fela o o sa reng sepe o ka feleletsa o bakile kotsi.

Go Disa se re Neetsweng go se Tlhokomela

15. “Dithuto tsa madimona” di ka re gobatsa semoyeng go le kana kang, mme ke kgakololo efe e Dikwalo di re neelang yone?

15 Moaposetoloi Paulo o tlhagisa jaana: “Polelo e e tlhotlheleditsweng e bolela ka tlhomamo gore mo dipakeng tsa moragonyana tsa nako bangwe ba tla wa mo tumelong, ba tlhokomela dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di timetsang le dithuto tsa madimona.” (1 Timotheo 4:1) Ee, megopolo e e sa siamang e kotsi. Ke gone ka moo Paulo a ileng a gakolola tsala e a e ratang thata e bong Timotheo jaana: “Oo Timotheo, disa se o se neilweng gore o se tlhokomele, o hularela dipuo tse di lolea tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo le dikganetso tsa se ka phoso se bidiwang ‘kitso.’ Gonne ka go dira tshupo ya kitso e e ntseng jalo bangwe ba fapogile mo tumelong.”—1 Timotheo 6:20, 21.

16, 17. Modimo o re neile eng go se tlhokomela, mme re tshwanetse go se sireletsa jang?

16 Gompieno re ka solegelwa molemo jang ke tlhagiso eno e e lorato? Timotheo o ne a neilwe sengwe go se tlhokomela—selo se se botlhokwa se a neng a tshwanetse go se dibela le go se sireletsa. E ne e le eng? Paulo o a tlhalosa: “Nna o tshegeditse sekao sa mafoko a a itekanedisang a o neng wa a utlwa mo go nna ka tumelo le lorato tse di malebang le Keresete Jesu. Boikarabelo jo bo molemomogolo jono bo dise ka moya o o boitshepo o o mo go rona.” (2 Timotheo 1:13, 14) Ee, selo se Timotheo a neng a se neetswe go se tlhokomela se ne se akaretsa “mafoko a a itekanedisang,” “thuto e e dumalanang le boineelo jwa bomodimo.” (1 Timotheo 6:3) Go dumalana le mafoko ano, gompieno Bakeresete ba ikemiseditse go sireletsa tumelo ya bone le boammaaruri jotlhe jo ba bo abetsweng.

17 Go sireletsa se re se neetsweng go se tlhokomela go akaretsa go gagamalela dilo tse di jaaka mekgwa e e molemo ya go ithuta Baebele le go nnela ruri mo thapelong, fa re ntse re dira “se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10; Baroma 12:11-17) Paulo o ile a tswelela pele a gakolola jaana: “Latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko, bori jwa maikutlo. Tlhabana tlhabano e e molemomogolo ya tumelo, tshwara botshelo jo bo sa khutleng ka thata jo o neng wa bo bilediwa wa ba wa neela polelo e e molemomogolo ya phatlalatsa fa pele ga basupi ba le bantsi.” (1 Timotheo 6:11, 12) Go dirisa ga ga Paulo dipolelwana tse di jaaka “tlhabana tlhabano e e molemomogolo” le ‘tshwara ka thata’ go bontsha sentle gore re tshwanetse go nna tlhaga le go ititaya sehuba go gana dilo tse di ka bayang bomoya jwa rona mo kotsing.

Botlhokwa Jwa go Nna le Temogo

18. Re ka bontsha tekatekano ya Bokeresete jang malebana le tshedimosetso ya selefatshe?

18 Ke boammaaruri gore, re tshwanetse go nna le temogo gore re tle re lwe ntwa eno e e molemo ya tumelo. (Diane 2:11; Bafilipi 1:9) Ka sekai, go tla bo go sa utlwale fa re sa tshepe tshedimosetso yotlhe fela ya selefatshe. (Bafilipi 4:5; Jakobe 3:17) Ga se megopolo yotlhe ya batho e e leng kgatlhanong le Lefoko la Modimo. Jesu o kile a umaka kgang ya go bo batho ba ba lwalang ba tshwanelwa ke go ya ngakeng e e ithutetseng bongaka—thutego ya selefatshe. (Luke 5:31) Le fa go ne go dirisiwa mekgwa ya tsa kalafi ya bogologolo thata mo motlheng wa ga Jesu, o ile a se ka a tlhokomologa kgang ya gore dingaka di ne di ka thusa batho ka tsela nngwe. Gompieno Bakeresete ba bontsha go nna tekatekano mo kgannyeng ya tshedimosetso ya selefatshe, mme gone, ga ba batle go itetla go bona tshedimosetso epe fela e e ka nnang kotsi mo bomoyeng jwa bone.

19, 20. (a) Bagolwane ba dira dilo ka temogo jang fa ba thusa batho ba ba buang dilo ka tsela e e seng botlhale? (b) Phuthego e dirisana jang le batho ba ba gagamalelang go rotloetsa dithuto tsa maaka?

19 Bagolwane le bone ba tshwanetse go nna le temogo fa ba tshwanelwa ke go thusa batho ba ba buang ka tsela e e seng botlhale. (2 Timotheo 2:7) Ka dinako tse dingwe, mo phuthegong go ka tsoga go ngangisana le dikganetsano malebana le dilo tse di fopholediwang. Bagolwane ba tshwanetse go sireletsa kutlwano ya phuthego ka go rarabolola mathata a a ntseng jalo ka bonako. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba tila go belaela bakaulengwe ba bone go sa tlhokege e bile ga ba itlhaganelele go ba tsaya e le batlhanogi.

20 Paulo o ile a tlhalosa boikutlo jo bo tshwanetseng jwa bontshiwa fa batho bano ba thusiwa. O ile a re: “Bakaulengwe, le eleng fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga, lona ba lo nang le ditshwanelego tsa semoya lekang go lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya wa bori.” (Bagalatia 6:1) Jude o ile a kwala jaana fa a bua ka tlhamalalo ka Bakeresete ba ba neng ba na le dipelaelo: “Tswelelang pele go bontsha kutlwelobotlhoko mo go bangwe ba ba nang le dipelaelo; ba bolokeng ka go ba swatola mo molelong.” (Jude 22, 23) Ke boammaaruri gore fa motho a sena go nna a thusiwa gangwe le gape mme a bo a tswelela pele a ruta dithuto tsa maaka, bagolwane ba tshwanetse go tsaya dikgato tse di gagametseng go sireletsa phuthego.—1 Timotheo 1:20; Tito 3:10, 11.

Go Tlatsa Megopolo ya Rona ka Dilo Tse di Molemo

21, 22. Ke eng se re tshwanetseng go tlhopha mo go sone, mme re tshwanetse go tlatsa megopolo ya rona ka eng?

21 Phuthego ya Bokeresete ga e utlwane le mafoko a a sa siamang a a ‘anamang jaaka ntho e e kekelang.’ (2 Timotheo 2:16, 17; Tito 3:9) Go ntse jalo e ka ne mafoko a a ntseng jalo a rotloetsa “botlhale” jo bo timetsang jwa selefatshe kana go bua dilo tsa boeleele mo phuthegong. Le fa gone go le molemo go nna le keletso e e siameng ya go batla go itse dilo tse disha, fa motho a sa laole keletso eno go ka mo tsenya mo kotsing ya go itetla go bona megopolo e e sa siamang. Re itse maano a Satane a a dirisang. (2 Bakorintha 2:11) Re a itse gore o dira boiteko jo bogolo go re itaya tsebe gore re ngotle lebelo mo tirelong ya rona go Modimo.

22 E re ka re le badiredi ba ba molemo, a re ngangatleleng thuto ya bomodimo. (1 Timotheo 4:6) E kete re ka dirisa nako ya rona ka tsela e e molemo ka go tlhopha tshedimosetso e re e batlang. Fa re dira jalo go ka se nne motlhofo gore re reketlisiwe ke tshedimosetso ya maaka e e tlhotlhelediwang ke Satane. Ee, a re tsweleleng pele re akanyetsa “dilo lefa e le dife tse di boammaaruri, dilo lefa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo lefa e le dife tse di siameng, dilo lefa e le dife tse di itshekileng, dilo lefa e le dife tse di rategang, dilo lefa e le dife tse di buiwang molemo, lefa e le bomolemo bofe jo bo leng gone jo bogolo thata le selo lefa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se leng gone.” Fa re tlatsa megopolo le dipelo tsa rona ka dilo tse di ntseng jalo, Modimo wa kagiso o tla nna le rona.—Bafilipi 4:8, 9.

Re Ithutile Eng?

• Botlhale jwa lefatshe bo ka nna kotsi jang mo bomoyeng jwa rona?

• Re ka dira eng go itshireletsa mo tshedimosetsong e e sa siamang ya batlhanogi?

• Ke puo ya mofuta ofe e re tshwanetseng go e tila mo phuthegong?

• Bakeresete ba bontsha tekatekano jang fa ba dirisana le motlele wa segompieno wa tshedimosetso?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bontsi jwa dimakasine le dibuka tse di tumileng di kgatlhanong le mekgwa ya rona ya Bokeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bakeresete ba ka akantshana kwantle ga go gagamalela megopolo ya bone ka namana