Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Utlwa se Moya o se Buang

Utlwa se Moya o se Buang

Utlwa se Moya o se Buang

Ditsebe tsa gago di tlaa utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: ‘Tsela ke e, tsamayang mo go yone:’ Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.”—ISAIA 30:21.

1, 2. Jehofa o ile a buisana jang le batho go ralala hisitori?

KWA setlhaketlhakeng sa Puerto Rico go na le thelesekoupo ya radio e kgolo le e e maatla go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Go fetile masome a dingwaga borasaense ba solofela gore ka sedirisiwa seno se segolo, ba tla amogela melaetsa e e tswang kwa ditsheding tse di nnang ka kwa ga atemosefere ya lefatshe. Mme ga ba ise ba ko ba amogele melaetsa e e ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, go na le melaetsa e e utlwalang sentle e e sa tsweng mo bathong, e mongwe le mongwe wa rona a ka e utlwang nako nngwe le nngwe fela—kwantle ga go dirisa sedirisiwa sepe se se raraaneng. E tswa mo Motsweding o mogolo go gaisa ditshedi tse go tweng di nna ka kwa ga atemosefere ya lefatshe. Motswedi wa melaetsa eo ke mang, mme ke bomang ba ba e amogelang? Melaetsa eo ya reng?

2 Baebele e na le dipego di le mmalwa tsa melaetsa e e neng e tswa kwa Modimong e batho ba neng ba e utlwa. Ka dinako tse dingwe melaetsa eno e ne ya romelwa ka ditshedi tsa semoya tse e neng e le barongwa ba Modimo. (Genesise 22:11, 15; Sekaria 4:4, 5; Luke 1:26-28) Mo makgetlhong a mararo lentswe la ga Jehofa le ne la utlwala ka namana. (Mathaio 3:17; 17:5; Johane 12:28, 29) Gape Modimo o ne a bua ka baporofeti ba batho, ba bontsi jwa bone ba neng ba kwala dilo tse a neng a ba tlhotlheletsa go di bua. Gompieno re na le Baebele, e e akaretsang bontsi jwa dipego tsa melaetsa eno le dithuto tsa ga Jesu le tsa barutwa ba gagwe. (Bahebera 1:1, 2) Eleruri Jehofa o ntse a romelela dibopiwa tsa gagwe tsa batho tshedimosetso.

3. Boikaelelo jwa melaetsa ya Modimo ke eng, mme go lebeletswe eng mo go rona?

3 Melaetsa eno yotlhe e e tlhotlheleditsweng e e tswang kwa Modimong ga e senole dilo tse dintsi ka lobopo. E bua thata ka dilo tse di botlhokwa thata, tse di amang botshelo jwa rona gone jaanong le mo isagweng. (Pesalema 19:7-11; 1 Timotheo 4:8) Jehofa o e dirisa go re itsise thato ya gagwe le go re kaela. Ke tsela e nngwe e mafoko ano a ga moporofeti Isaia a diragadiwang ka yone: “Ditsebe tsa gago di tlaa utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: ‘Tsela ke e, tsamayang mo go yone:’ Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.” (Isaia 30:21) Jehofa ga a re pateletse go reetsa “lefoko” la gagwe. Go tswa mo go rona gore a re batla go latela kaelo ya Modimo le go tsamaya mo tseleng ya gagwe. Ke gone ka moo Dikwalo di re gakololang go reetsa melaetsa e e tswang kwa go Jehofa. Mo bukeng ya Tshenolo, kgothatso ya gore re utlwe se “moya o se buang” e tlhaga ka makgetlho a le supa.—Tshenolo 2:7, 11, 17, 29; 3:6, 13, 22.

4. A go a utlwala gore re lebelele gore Modimo a re romelele melaetsa ka tlhamalalo go tswa legodimong mo motlheng wa rona?

4 Gompieno Jehofa ga a bue le rona ka tlhamalalo go tswa kwa legodimong. Tota le mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, melaetsa eno e e sa tlwaelegang e ne e sa romelwe gantsi, ka dinako tse dingwe go ne go feta makgolo a dingwaga e sa romelwe. Go ralala hisitori Jehofa o ile a buisana le batho ba gagwe e se ka tlhamalalo. Go ntse jalo le mo motlheng wa rona. A re sekaseke ditsela tse tharo tse gompieno Jehofa a buisanang le rona ka tsone.

“Lokwalo Lotlhe lo Tlhotlheleditswe”

5. Ke sedirisiwa sefe sa konokono se gompieno Jehofa a se dirisang go buisana le rona ka sone, mme se ka re solegela molemo jang?

5 Sedirisiwa sa konokono se Modimo a buisanang le batho ka sone ke Baebele. E tlhotlheleditswe ke Modimo, mme sengwe le sengwe se se mo go yone se ka re solegela molemo. (2 Timotheo 3:16) Baebele e tletse ka dikai tsa batho ba mmatota ba ba neng ba swetsa ka bobone gore a ba rata go reetsa Jehofa kana nnyaa. Dikai tse di ntseng jalo di re bontsha lebaka la go bo go le botlhokwa gore re reetse se moya wa Modimo o se buang. (1 Bakorintha 10:11) Gape Baebele e re tsholetse botlhale jo bo molemo, e re neela kgakololo ka nako ya fa re lebane le go dira ditshwetso mo botshelong. Go ntse jaaka e kete Modimo o kafa morago ga rona, a re sebela mafoko ano mo tsebeng: “Tsela ke e, tsamayang mo go yone.”

6. Ke eng fa Baebele e gaisa dibuka tse dingwe tsotlhe?

6 Gore re utlwe se moya o se buang ka Baebele, re tshwanetse go e bala ka metlha. Baebele ga se buka fela e e kwadilweng sentle, e e tumileng mo go tse dintsi tse di leng gone gompieno. Baebele e tlhotlheleditswe ka moya e bile e na le megopolo ya Modimo. Bahebera 4:12 ya re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e bojetlabobedi mme le tlhaba gore le bo le kgaoganye sebele le moya, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” Fa re ntse re bala Baebele, molaetsa wa yone o phunyeletsa kwa tengteng ga megopolo le maikutlo a rona fela jaaka tšhaka, o senola gore botshelo jwa rona bo dumalana le go rata ga Modimo go le kana kang.

7. Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re bale Baebele, mme re kgothalediwa go e bala gangwe le gape go le kana kang?

7 “Dikakanyo le maikaelelo a pelo” di ka fetoga fa nako e ntse e ya le fa re ntse re amiwa ke dilo tse di re diragalelang mo botshelong—tse di molemo le tse di thata. Fa re sa ithute Lefoko la Modimo ka metlha, megopolo ya rona, mekgwa le maikutlo ga e kitla e tlhola e dumalana le melaometheo ya bomodimo. Ka gone, Baebele e re gakolola jaana: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.” (2 Bakorintha 13:5) Fa re batla go nna re utlwa se moya o se buang, re tshwanetse go sekegela tsebe kgakololo ya gore re bale Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi.—Pesalema 1:2.

8. Ke mafoko afe a ga moaposetoloi Paulo a a re thusang go itshekatsheka malebana le kgang ya go bala Baebele?

8 Kgakololo e e botlhokwa mo babading ba Baebele ke gore: Iphe nako e e lekaneng go monya se o se balang! Fa re ntse re dira boiteko jwa go latela kgakololo ya gore re bale Baebele letsatsi le letsatsi, ga re kitla re rata go bala dikgaolo di sekae ka lepotlapotla re sa utlwe kgopolo ya se re se balang. Le fa gone go bala Baebele go le botlhokwa thata, selo se se re tlhotlheletsang ga ya tshwanela go nna fela gore re batla go kgomarela thulaganyo ya teng; re tshwanetse go nna le keletso e kgolo ya go ithuta ka Jehofa le maikaelelo a gagwe. Mo kgannyeng eno re ka dirisa mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo go itshekatsheka. O ile a bua jaana fa a ne a kwalela Bakeresetekaene: “Ke obela Rara mangole, e le gore a tle a lo neye . . . gore Keresete a nne mo dipelong tsa lona ka tumelo ya lona ka lorato; gore lo tle lo name medi lo bo lo tlhomiwe mo motheong, e le gore lona mmogo le baitshepi botlhe lo kgone go tshwara ka botlalo ka mogopolo se e leng bophara le boleele le bogodimo le boteng, le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso, gore lo tle lo tladiwe ka botlalo jotlhe jo Modimo o bo nayang.”—Baefeso 3:14, 16-19.

9. Re ka lwela go nna le keletso ya go ithuta kaga Jehofa le go e nonotsha jang?

9 Ke boammaaruri gore bangwe ba rona ka tlholego fela ga re rate go bala fa ba bangwe bone ba go rata thata. Le fa re sa tshwane, re ka lwela go nna le keletso e kgolo ya go ithuta ka Jehofa. Moaposetoloi Petere o ile a tlhalosa gore re tshwanetse go eletsa go nna le kitso ya Baebele, mme o ile a ela tlhoko gore keletso e e ntseng jalo e tla batla gore e godisiwe. O ile a kwala jaana: “Jaaka masea a a sa tswang go tsalwa, bopang tlhologelelo ya mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko, gore lo gole go ya polokong ka one.” (1 Petere 2:2) Fa re batla go ‘bopa tlhologelelo’ ya go ithuta Baebele, go botlhokwa gore re itaye thata. Fela jaaka fa re ka kgona go dira gore re rate dijo dingwe tse re sa di tlwaelang morago ga go nna re di ja ka makgetlho a le mmalwa, boikutlo jwa rona ka go bala le go ithuta bo ka fetoga go nna jo bo molemo ka go itaya gore re gagamalele thulaganyo ya ka metlha.

‘Dijo ka Nako e e Tshwanetseng’

10. Ke bomang ba e leng “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” mme Jehofa o ba dirisa jang gompieno?

10 Jesu mo go Mathaio 24:45-47 o ne a tlhalosa tsela e nngwe e gompieno Jehofa a e dirisang go bua le rona ka yone. Mo go yone o ne a bua ka phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya—“motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” yo o abetsweng go aba “dijo ka nako e e tshwanetseng.” Motho ka bongwe mo setlhopheng seno ke mongwe wa “ba ntlo” ya ga Jesu. Batho bano, le “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe,” ba a kgothadiwa e bile ba a kaelwa. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Bontsi jwa dijo tseno tse re di fiwang ka nako e e tshwanetseng di tla ka dikgatiso tse di jaaka Tora ya Tebelo, Tsogang! le dikgatiso tse dingwe. Dijo tse dingwe tsa semoya di abiwa ka dipuo le dipontsho kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye le kwa dipokanong tsa phuthego.

11. Re bontsha jang gore re amogela se moya o se buang ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela”?

11 Tshedimosetso e re e neelwang ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” e diretswe go nonotsha tumelo ya rona le go thapisa dikgono tsa rona tsa go akanya. (Bahebera 5:14) Kgakololo eo e ka tswa e le e e lebaneng motho ka namana e le gore a e dirise. Nako le nako re amogela le kgakololo e e amanang le boitshwaro jwa rona ka tlhamalalo. Re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo ntseng jang fa e le gore ruri re utlwa se moya o se buang ka setlhopha sa motlhanka? Moaposetoloi Paulo o a araba: “Utlwang ba ba etelelang pele gareng ga lona mme lo ikobe.” (Bahebera 13:17) Ke boammaaruri gore, botlhe ba ba nnang le seabe mo go seno ke banna ba ba sa itekanelang. Le fa go ntse jalo, Jehofa o itumelela go dirisa batlhanka ba gagwe ba batho go re kaela mo motlheng ono wa bofelo, le fa ba sa itekanela.

Go Kaelwa ke Segakolodi

12, 13. (a) Jehofa o re neile selo sefe se sengwe se se re kaelang? (b) Segakolodi se ka tlhotlheletsa batho jang ka tsela e e molemo tota le ba ba se nang kitso e e boammaaruri ya Lefoko la Modimo?

12 Jehofa o re neile selo se sengwe gape se se re kaelang—segakolodi. O bopile motho a na le boikutlo jo bo mo teng ga gagwe jo bo mo lemotshang se se siameng le se se phoso. Ke tsela e re leng ka yone. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Baroma, o ile a tlhalosa jaana: “Lefa e le leng fela fa batho ba merafe ba ba se nang molao ba dira ka tlholego dilo tsa molao, batho bano, le mororo ba se na molao, bone ke molao mo go bone. Ke bone tota ba ba bontshang fa kgang ya molao e kwadilwe mo dipelong tsa bone, fa segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone e bile, mo gare ga dikakanyo tsa bone, ba latofadiwa kgotsa le eleng go sa bonwe molato.”—Baroma 2:14, 15.

13 Batho ba le bantsi ba ba sa tlwaelanang le Jehofa ka tsela nngwe ba ka dumalanya tsela ya bone ya go akanya le ditiro tsa bone le melaometheo ya bomodimo malebana le se se siameng le se se phoso. Go ntse jaaka e kete ba utlwa lentswe le le tswang mo teng ga bone le ba sebela le ba kaela tsela e e siameng. Fa go ntse jalo ka batho ba ba se nang kitso e e boammaaruri ka Lefoko la Modimo, a bo lentswe leo le le kwa teng le tshwanetse go utlwala thata jang ne mo Bakereseteng ba boammaaruri! Ruri segakolodi sa Mokeresete se se itshekisitsweng ka kitso e e boammaaruri ya Lefoko la Modimo le e e dumalanang le moya o o boitshepo wa ga Jehofa se ka re neela kaelo e e ikanyegang.—Baroma 9:1.

14. Segakolodi se se thapisitsweng go ya ka Baebele se ka re thusa jang go latela kaelo ya moya wa ga Jehofa?

14 Segakolodi se se molemo, se se thapisitsweng ka Baebele, se ka re gakolola tsela e moya o re kaelang go tsamaya ka yone. Go ka nna le dinako tse ka tsone Dikwalo le dikgatiso tsa rona tse di thailweng mo Baebeleng di sa bueng ka tlhamalalo ka maemo a re ka iphitlhelang re le mo go one. Le fa go ntse jalo, segakolodi sa rona se ka re tlhagisa, se re lemotsha kotsi e re ka tswang re itsenya mo go yone. Mo maemong a a ntseng jalo, go itlhokomolosa kaelo ya segakolodi go ka tswa go kaya gore re itlhokomolosa se moya wa ga Jehofa o se buang. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re itlwaetsa go ikaega ka segakolodi sa rona sa Bokeresete se se thapisitsweng, re ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng tota le mo dilong tse go se nang kaelo e e tlhamaletseng e e kwadilweng malebana le tsone. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re se lebale gore fa kgang e sa ame molaomotheo wa bomodimo, tao kana molao, go tla bo go sa siama fa re ka batla go gatelela Bakeresetekarona gore ba dire dilo tse re di batlang go ya ka digakolodi tsa rona.—Baroma 14:1-4; Bagalatia 6:5.

15, 16. Ke eng se se ka dirang gore segakolodi sa rona se se ka sa dira sentle, mme re ka thibela seo jang?

15 Segakolodi se se phepa se se thapisitsweng go ya ka Baebele ke mpho e e tswang kwa Modimong. (Jakobe 1:17) Mme gone re tshwanetse go sireletsa mpho eno mo dilong tse di ka e senyang fa e le gore re batla gore e nne sesireletsi se se siameng sa maitsholo a rona. Dingwao, meetlo le mekgwa ya mo re nnang teng e e sa dumalaneng le melao ya Modimo e ka dira gore segakolodi sa rona se se ka sa dira sentle fa re e sala morago, mme se ka palelwa ke go re kaela tsela e e siameng. Re ka nna ra palelwa ke go leba dilo ka tsela e e siameng e bile re ka nna ra itsietsa ka go akanya gore go dira tiro e e maswe go siame fela.—Bapisa Johane 16:2.

16 Fa re nna re itlhokomolosa tsela e segakolodi sa rona se re tlhagisang ka yone, se tla simolola go koafala ka bonya go fitlha se sa tlhole se tsiboga gotlhelele. Mopesalema o ile a bua ka batho ba ba ntseng jalo fa a ne a re: “Pelo ya bone ga e utlwe sepe fela jaaka mafura.” (Pesalema 119:70, NW) Batho bangwe ba ba itlhokomolosang tsela e digakolodi tsa bone di ba kaelang ka yone ga ba tlhole ba kgona go akanya dilo sentle. Ga ba tlhole ba kaelwa ke melaometheo ya bomodimo mme ga ba kgone go dira ditshwetso tse di siameng. Re tshwanetse go tila seemo se se ntseng jalo ka go nna bonako go tsibogela kaelo ya digakolodi tsa rona tsa Bokeresete tota le mo dilong tse di lebegang di le dinnye.—Luke 16:10.

Go Itumela Batho ba ba Reetsang Le ba Ba Ikobang

17. Re tla segofadiwa jang fa re reetsa ‘lentswe sefularong sa rona’ e bile re reetsa segakolodi sa rona se se thapisitsweng ka Baebele?

17 Fa re ntse re itlwaetsa go reetsa ‘lentswe sefularong sa rona’—le re le neelwang ka Dikwalo le ka motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela—le fa re ntse re reetsa dikgakololo tsa digakolodi tsa rona tse di thapisitsweng ka Baebele, Jehofa o tla re segofatsa ka moya wa gagwe. Moya o o boitshepo le one o tla nonotsha kgono ya rona ya go amogela le go tlhaloganya se Jehofa a re bolelelang sone.

18, 19. Kaelo ya ga Jehofa e ka re solegela molemo jang mo bodireding le mo botshelong jwa rona ka namana?

18 Moya wa ga Jehofa le one o tla re nonotsha go kgona go itshokela maemo a a thata ka botlhale le ka bopelokgale. Moya wa Modimo o ka godisa nonofo ya rona ya go akanya le go re thusa gore ka metlha re bue re bo re dire dilo go dumalana le melaometheo ya Baebele fela jaaka o ile wa dira ka baaposetoloi. (Mathaio 10:18-20; Johane 14:26; Ditiro 4:5-8, 13, 31; 15:28) Moya wa ga Jehofa le maiteko a re a dirang ka namana di tla re thusa go atlega fa re ntse re dira ditshwetso tse di botlhokwa mo botshelong, di re thusa go nna pelokgale go diragatsa ditshwetso tseo. Ka sekai, o ka nna wa bo o akanyetsa go fetola tsela ya gago ya go tshela e le gore o nne le nako e ntsinyana ya go dira dilo tsa semoya. Kana o ka nna wa bo o lebane le go dira ditshwetso tse di botlhokwa tse di ka fetolang botshelo jwa gago, tse di jaaka go tlhopha molekane, go sekaseka tiro e o e solofeditsweng, kana go reka ntlo. Re tshwanetse go reetsa se moya wa Modimo o se buang le go dira dilo ka tsela e e dumalanang le kaelo ya one go na le go letla gore maikutlo a rona e nne one fela a a tlhotlheletsang tshwetso e re tla e dirang.

19 Ruri re anaanela dikgakololo tse di molemo tse re di neelwang ke Bakeresetekarona, go akaretsa le bagolwane. Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore ka metlha re letele batho ba bangwe e nna bone ba ba re lemotshang dilo tseno. Fa re itse tsela e e siameng e re tshwanetseng go e tsaya le diphetogo tse re tshwanetseng go di dira mo boikutlong le mo boitshwarong jwa rona e le gore re itumedise Modimo, a re direng jalo. Jesu o ile a re: “Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.”—Johane 13:17.

20. Batho ba ba reetsang ‘lentswe sefularong sa bone,’ ba tla segofadiwa jang?

20 Ga go pelaelo gore, ga go tlhokege gore Bakeresete ba utlwe lentswe la mmatota le le tswang kwa legodimong e le gore ba itse kafa ba ka itumedisang Modimo ka teng, e bile ga go tlhokege gore ba etelwe ke moengele. Ba segofaditswe ka go nna le Lefoko le le kwadilweng la Modimo le kaelo e e lorato e e tswang mo setlhopheng sa gagwe sa mo lefatsheng sa batlodiwa. Ba tla atlega mo go direng thato ya Modimo fa ka kelotlhoko ba ka reetsa ‘lentswe sefularong sa bone’ le go latela kaelo ya digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Baebele. Fa ba dira jalo, ruri ba tla bona tsholofetso eno ya ga moaposetoloi Paulo e diragadiwa: “Yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.

Poeletso e Khutshwane

• Ke eng fa Jehofa a buisana le batho ba gagwe?

• Re ka solegelwa molemo jang ke thulaganyo ya go bala Baebele ka metlha?

• Re tshwanetse go tsibogela jang kaelo ya setlhopha sa motlhanka?

• Ke eng fa re sa tshwanela go itlhokomolosa kaelo ya segakolodi sa rona se se thapisitsweng ka Baebele?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Batho ga ba tlhoke sedirisiwa sepe se se raraaneng go ka amogela melaetsa e e tswang kwa Modimong

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy Arecibo Observatory/David Parker/Science Photo Library

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa o bua le rona ka go dirisa Baebele le ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela”