Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ela Tlhoko Lefoko la Modimo la Boporofeti la Motlha wa Rona

Ela Tlhoko Lefoko la Modimo la Boporofeti la Motlha wa Rona

Ela Tlhoko Lefoko la Modimo la Boporofeti la Motlha wa Rona

“Tlhaloganya, wena morwa motho, gore ponatshegelo eno ke ya motlha wa bofelo.”—DANIELE 8:17NW.

1. Jehofa o batla gore batho botlhe ba itse eng ka motlha wa rona?

EHOFA ga a ipolokele kitso ya ditiragalo tsa mo isagweng. Go na le moo, ke Mosenodi wa diphiri. Tota e bile, o batla gore rotlhe re itse gore re kwa tengteng ga “motlha wa bofelo.” A bo seo e le dikgang tse di botlhokwa thata jang ne mo bathong ba ba dimilione di le dikete ba gone jaanong ba tshelang mo lefatsheng!

2. Ke eng fa batho ba amegile ka isagwe ya setho?

2 A tota go a gakgamatsa go bo lefatshe leno le le gaufi le go fela? Motho o kgona go ya kwa ngweding, mme mo mafelong a mantsi ga a kgone go iphokisa phefo mo mebileng ya polanete eno a sa boife. O kgona go tlatsa ntlo ka dilwana tsa segompieno, mme ga a kgone go fedisa go thubega ga malapa go go ntseng go gola. Gape o kgona go dira gore go nne le mokoakoa wa tshedimosetso, mme ga a kgone go ruta batho go tshela mmogo ka kagiso. Go palelwa gono ga gagwe go tshegetsa bosupi jwa Dikwalo jo bo seng kana ka sepe jwa gore re tshela mo motlheng wa bofelo.

3. Mafoko a a reng “motlha wa bofelo” a ne a dirisiwa leng la ntlha mo lefatsheng?

3 Mafoko ao a a gapang kgatlhego—“motlha wa bofelo”—a ne a dirisiwa la ntlha ke moengele Gabariele mo e ka nnang dingwaga di le 2 600 tse di fetileng. Moporofeti wa Modimo yo a neng a tshogile o ne a utlwa Gabariele a re: “Tlhaloganya, wena morwa motho, gore ponatshegelo eno ke ya motlha wa bofelo.”—Daniele 8:17NW.

Ono ke “Motlha wa Bofelo”!

4. Baebele e umaka nako ya bofelo ka ditsela dife tse dingwe?

4 Mafoko a a reng “motlha wa bofelo” le “motlha o o tlhomilweng wa bofelo” a tlhaga makgetlho a le marataro mo bukeng ya Daniele. (Daniele 8:17, 19, NW; 11:35, 40; 12:4, 9) A amana le ‘malatsi a bofelo,’ a a boleletsweng pele ke moaposetoloi Paulo. (2 Timotheo 3:1-5) Jesu Keresete o ne a bua ka lone lobaka lono a re ke nako ya “go nna gone” ga gagwe e le Kgosi e e tlhomilweng kwa legodimong.—Mathaio 24:37-39.

5, 6. Ke bomang ba ba ileng ba “tabogela kwa le kwa” mo motlheng wa bofelo, mme ga felela ka eng?

5 Daniele 12:4 e bolela jaana: “Wena, Daniele, tswalela mafoko, o kanele lokwalo, go ya go fitlha fela kwa motlheng wa bokhutlo; batho bantsi ba tlaa taboga tabogela kwa le kwa, mme kitso e tlaa totafala.” Bontsi jwa dilo tse Daniele a neng a di kwala di ne tsa bolokwa e le sephiri le go kanelwa ka makgolokgolo a dingwaga batho ba sa di tlhaloganye. Mme go tweng ka gompieno?

6 Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang mo motlheng ono wa bokhutlo ba ile ba “tabogela kwa le kwa” mo Lefokong la Modimo, Baebele. Go ne ga felela ka eng? Ka go totafalelwa ke kitso ya boammaaruri ka gonne Jehofa a ba segofatsa. Ka sekai, Basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba segofaditswe ka temogo, e leng se se neng sa dira gore ba kgone go tlhaloganya gore Jesu Keresete o ne a nna Kgosi kwa legodimong ka ngwaga wa 1914. Go dumalana le mafoko a ga moaposetoloi a a kwadilweng mo go 2 Petere 1:19-21, batlodiwa bao le ditsala tsa bone tse di ikanyegang ba ‘ela tlhoko lefoko la boporofeti’ e bile ba tlhatswegile pelo gotlhelele gore ono ke motlha wa bofelo.

7. Dingwe tsa dipego tse di dirang gore buka ya Daniele e tlhomologe ke dife?

7 Buka ya Daniele e tlhomologile ka ditsela di le mmalwa. Mo go yone, kgosi e tshosetsa go bolaya banna ba yone ba ba botlhale ka gonne ba sa kgone go bolela toro ya yone e e akabatsang le go bolela phuthololo ya yone, mme moporofeti wa Modimo ene o kgona go rarabolola bothata joo. Makawana a mararo a a ganang go obamela setshwantsho se se goletseng kwa godimo a latlhelwa mo leubelong le le tukang malakabe mme ba tswa ba sa babolwa ka gope ke molelo. Mo nakong ya go ketekwa ga moletlo, batho ba le makgolokgolo ba bona seatla se kwala mafoko a masaitseweng mo loboteng lwa ntlo ya segosi. Balogamaano ba ba bosula ba dira gore monnamogolo mongwe a latlhelwe mo mongobong wa ditau, mme o tswa a se na lefa e le mongaponyana. Go bonwa ditshedi tse nnè mo ponatshegelong, mme di newa bokao bongwe jwa boporofeti jo bo tlang go fitlha mo motlheng ono wa bofelo.

8, 9. Buka ya Daniele e ka re solegela molemo jang, segolobogolo gone jaanong, mo motlheng wa bofelo?

8 Eleruri, buka ya Daniele e na le dikarolo di le pedi tse di sa tshwaneng gotlhelele. E nngwe ke ya go anela ditiragalo, e nngwe yone ke boporofeti. Tsoopedi di ka nonotsha tumelo ya rona. Dikarolo tsa yone tse di anelang ditiragalo di re bontsha gore Jehofa Modimo o segofatsa ba ba nnang ba thokgame. Mme dikarolo tsa boporofeti tsone di nonotsha tumelo ka go bontsha gore Jehofa o itse hisitori makgolokgolo a dingwaga—le e leng diketekete tsa dingwaga—go sa le gale.

9 Dipolelelopele tse di farologaneng tse di kwadilweng ke Daniele di bua thata ka Bogosi jwa Modimo. Fa re ntse re bona kafa dipolelelopele tseo di diragadiwang ka teng, tumelo ya rona e a nonofa, e bile re tlhatswega pelo le go feta gore re tshela mo motlheng wa bokhutlo. Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso bangwe ba tlhasela Daniele, ba bolela gore dipolelelopele tse di mo bukeng eno e e bidiwang ka leina la gagwe tota di kwadilwe morago ga ditiragalo tse go bonalang e kete di a di diragatsa. Fa e le gore dipolelo tse di ntseng jalo di boammaaruri, seo se tla tsosa dipotso tse di masisi malebana le se buka ya Daniele e se boleletseng pele ka motlha wa bofelo. Batho ba ba sa dumeleng mo dilong tsa bodumedi gape ba belaela ditiragalo tse di anelwang mo bukeng eno. Ka jalo, mma re sekasekeng dilo tseno.

Mo Tshekong!

10. Buka ya Daniele e latofadiwa ka tsela efe?

10 Akanya o le mo kgotlatshekelong, o tlile go reetsa tsheko. Mosekisi o gatelela gore molatofadiwa o na le molato wa go tsietsa. Ebu, buka ya Daniele e ipolela e le buka e e boammaaruri e e kwadilweng ke moporofeti wa Mohebera yo o neng a tshela mo lekgolong la bosupa le la borataro la dingwaga B.C.E. Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba re buka eno e kwadilwe ka tsietso. Ka jalo, mma pele re bone gore a ditiragalo tse di anelwang ke buka eno di dumalana le hisitori.

11, 12. Go ne ga diragala eng ka tatofatso ya gore Beleshasare e ne e le motho fela yo o itlhametsweng?

11 A re tseye gore re tlotla ka se re tla se bitsang gore ke kgang ya kgosi e go se nang gope fa e umakwang gone. Daniele kgaolo 5 e bontsha gore Beleshasare o ne a busa e le kgosi kwa Babelona fa motse oo o ne o gapiwa ka 539 B.C.E. Batshwayadiphoso ba ne ba ganetsa ntlha eno ka gonne leina la ga Beleshasare le ne le sa fitlhelwe gope fa e se mo Baebeleng fela. Go na le moo, borahisitori ba bogologolo ba ne ba kaya fa Nabonidase e le ene kgosi ya bofelo ya Babelona.

12 Le fa go ntse jalo, ka ngwaga wa 1854, go ne ga epololwa disilindara dingwe tse dinnye tsa letsopa mo maropeng a motse wa bogologolo wa Babelona wa Ure, kwa go se gompieno e leng Iraq. Dikwalo tseno tsa mokwalo wa cuneiform di ne di na le thapelo e mo go yone Kgosi Nabonidase a neng a bua ka “Bel-sar-ussur, morwaake yo mogolo.” Tota le e leng batshwayadiphoso ba ne ba tshwanelwa ke go dumela gore: Yono e ne e le ene Beleshasare wa buka ya Daniele. Ka jalo, kgosi eno e go neng go twe ga e umakwe gope, go ne go na le mo e umakwang gone, ke fela gore e ne e ise e itsiwe mo dibukeng tsa lefatshe. Seno ke sekai se le sengwe fela mo go tse dintsi tse di bontshang gore dilo tse di kwadilweng mo bukeng ya Daniele tota di boammaaruri. Bosupi jono bo bontsha gore ruri buka ya Daniele ke karolo ya Lefoko la Modimo le re tshwanetseng go le ela tlhoko thata gone jaanong, mo motlheng wa bofelo.

13, 14. Nebukadenesare e ne e le mang, mme o ne a ineetse thata mo modimong ofe wa maaka?

13 Karolo e nngwe e e botlhokwa thata ya buka ya Daniele ke dipolelelopele tse di amanang le go latelana ga mebuso ya lefatshe le ditiro tsa babusi bangwe ba yone. Mongwe wa babusi bano a ka bidiwa motlhabani yo o neng a aga mmusomogolo. E re ka e ne e le motlhatlhami wa setulo sa bogosi jwa Babelona, ene le masole a gagwe ba ne ba ganyaola mephato ya ga Faro Neko wa Egepeto kwa Karekemishe. Mme molaetsa mongwe o ne wa patelela kgosana eno ya Babelona e e fentseng gore e tlogele bajenerale ba yone gore ba sale ba feleletsa ntwa. Nebukadenesare yo mmotlana o ne a nna mo setulong sa bogosi ka 624 B.C.E., fa a sena go utlwa gore rraagwe e bong Nabopolassar o tlhokafetse. Mo dingwageng tse 43 tse a busitseng ka tsone, o ne a aga mmusomogolo o o neng o akaretsa dinaga tse e kileng ya bo e le tsa Asiria, mme o ne a atolosetsa puso ya gagwe kwa Siria le Palesetina go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Egepeto.

14 Mo bodumeding, Nebukadenesare o ne a ineetse thata mo go Maraduke, modimo o mogolo wa Babelona. Kgosi eno e ne ya bolela gore Maraduke ke ene a dirileng gore e bone diphenyo tsotlhe tse e neng ya nna le tsone. Kwa Babelona, Nebukadenesare o ne a aga a ba a kgabisa ditempele tsa ga Maraduke le tsa medimo e mengwe e le mmalwa ya Babelona. Setshwantsho sa gouta se kgosi eno ya Babelona e neng ya se tlhoma mo lebaleng la Dura se ka tswa se ne se diretswe Maraduke. (Daniele 3:1, 2) Mme go bonala Nebukadenesare a ne a ikantse dilo tsa boitseanape thata fa a ne a rulaganya dintwa tsa gagwe.

15, 16. Nebukadenesare o ne a direla Babelona eng, mme go ne ga direga eng fa a ne a ikgogomosa ka bogolo jwa yone?

15 E ne ya re fa Nebukadenesare a feleletsa dipota tse dikgolo tse di agilweng sebedi tsa Babelona, tse rraagwe a neng a simolotse go di aga, o ne a dira gore motsemogolo ono o lebege o ka se tsenelelwe. Go begwa gore Nebukadenesare o ne a dira ditshingwana tsa mo dithabeng—tse e leng dingwe tsa dilo tse supa tse dintle thata tsa motlha wa bogologolo—go kgotsofatsa kgosigadi ya gagwe e e tswang kwa Media, e e neng e tlhologeletswe dithota le dikgwa tsa kwa nagagaeng ya yone. O ne a dira gore Babelona e nne mongwe wa metse e e thekeleditsweng ka dipota tse di nonofileng go gaisa yotlhe ka nako eo. Mme a bo a ne a ikgogomosa jang ne ka boremelelo joo jwa kobamelo ya maaka!

16 Nebukadenesare o ne a ikgantsha jaana letsatsi lengwe: “A ga se one Babilone o mogolo, o ke o agileng?” Le fa go ntse jalo, go ya ka Daniele 4:30-36, “e rile lefoko le sa ntse le le mo molomong wa kgosi,” a tlelwa ke botsenwa. E re ka a ile a fetsa dingwaga di le supa a sa kgone go busa, o ne a tshela ka go ja dimela, fela jaaka Daniele a ne a boleletse pele. Morago ga moo o ne a busediwa bogosi jwa gagwe. A o itse bokao jwa seporofeti jwa tiragalo eno yotlhe? A o ka tlhalosa kafa go diragadiwa ga yone ka tsela e kgolo go re fitlhisang ka gone mo motlheng wa bofelo?

Go Lomaganya Dintlhana Tsa Boporofeti

17. O ka tlhalosa jang toro ya boporofeti e Modimo a neng a e lorisa Nebukadenesare mo ngwageng wa bobedi e le mmusi wa lefatshe?

17 Mma jaanong re lomaganye dintlhana dingwe tsa boporofeti tse di mo bukeng ya Daniele. Mo ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Nebukadenesare e le mmusi wa lefatshe wa boporofeti jwa Baebele (606/605 B.C.E.), Modimo o ne a mo lorisa toro e e tshosang. Go ya ka Daniele kgaolo 2, toro eno e ne e le ya setshwantsho se se boitshegang se se nang le tlhogo ya gouta, sehuba le mabogo a selefera, mpa le dirope tsa kgotlho, maoto a tshipi, le dinao tsa tshipi e e kopantsweng le letsopa. Dikarolo tse di farologaneng tsa setshwantsho seno di ne di emela eng?

18. Tlhogo ya gouta, sehuba le mabogo a selefera, le mpa le dirope tsa kgotlho tsa setshwantsho seno sa toro di ne di emela eng?

18 Moporofeti wa Modimo o ne a bolelela Nebukadenesare jaana: “Wena kgosi . . . ke wena tlhogo ya gouta.” (Daniele 2:37, 38) Nebukadenesare e ne e le ene wa ntlha mo losikeng lwa gagwe lwa segosi go busa Mmusomogolo wa Babelona. O ne wa thankgolwa ke Bameda le Baperesia, ba ba tshwantshediwang ke sehuba le mabogo a selefera a setshwantsho seno. Morago ga moo ga latela Mmusomogolo wa Gerika, o o tshwantshediwang ke mpa le dirope tsa kgotlho. Mmuso oo wa lefatshe o ne wa simologa jang?

19, 20. Alexander yo Mogolo e ne e le mang, mme o ne a nna le seabe sefe mo go direng gore Gerika e nne mmuso wa lefatshe?

19 Mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., lekawana lengwe le ne la nna le seabe se se botlhokwa mo go diragadiweng ga karolo eno ya boporofeti jwa ga Daniele. Le ne la tsholwa ka 356 B.C.E., mme lefatshe le ne la mmitsa Alexander yo Mogolo. Morago ga gore rraagwe e bong Philip a lobelwe dintsi ka 336 B.C.E., Alexander yono yo o neng a na le dingwaga di le 20 o ne a nna mo setulong sa bogosi sa Makedonia.

20 Fa May wa 334 B.C.E. a ne a simologa, Alexander o ne a simolola letsholo la go gapa dinaga. O ne a na le mophato o monnye mme e le o o nonofileng wa masole a a tsamayang ka dinao a le 30 000 le a a pagamang dipitse a le 5 000. Alexander o ne a fenya ntwa ya gagwe ya ntlha kgatlhanong le Baperesia kwa Nokeng ya Granicus kwa bokonebophirima jwa Asia Minor (e jaanong e leng Turkey) mo ngwageng wa 334 B.C.E. Ka 326 B.C.E., mofenyi yono yo o sa ineeleng o ne a setse a ba gapile mme o ne a ile kgakala kwa botlhaba go ya go fitlha le kwa Nokeng ya Indus, e e leng kwa Pakistan wa segompieno. Mme gone, Alexander o ne a fenngwa mo ntweng ya gagwe ya bofelo a le kwa Babelona. Ka June 13, 323 B.C.E., fa a sena go tshela dingwaga di le 32 fela le dikgwedi di le 8, o ne a ineela mo mmabeng yo mogolo go gaisa botlhe, e leng loso. (1 Bakorintha 15:55) Le fa go ntse jalo, Gerika e ne jaanong e le mmuso wa lefatshe ka ntlha ya diphenyo tsa gagwe, jaaka go boleletswe pele mo boporofeting jwa ga Daniele.

21. Kwantle ga Mmusomogolo wa Roma, ke mmuso ofe o mongwe o o tshwantshediwang ke maoto a tshipi a setshwantsho sa toro?

21 Maoto a tshipi a setshwantsho seno se se boitshegang a tshwantshetsa eng? Ee, e ne e le Roma ya sekatshipi e e neng ya thubaganya ya ba ya tšhwetlakanya Mmusomogolo wa Gerika. E re ka Roma e ne e sa tlotle Bogosi jwa Modimo ka gope jo Jesu Keresete a neng a bolela ka jone, e ne ya mmolaela mo thupeng ya tlhokofatso ka 33 C.E. Roma e ne ya bogisa barutwa ba ga Jesu ka boikaelelo jwa go fedisa Bokeresete jwa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, maoto a tshipi a setshwantsho sa toro ya ga Nebukadenesare a ne a sa tshwantshetse Mmusomogolo wa Roma fela, mme gape a ne a tshwantshetsa le letlhogela la one mo dipolotiking—Mmusomogolo wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika.

22. Setshwantsho sa toro se re thusa jang go lemoga gore re mo karolong ya bofelo ya motlha wa bokhutlo?

22 Fa re sekaseka dilo ka kelotlhoko re lemoga gore re setse re le mo karolong ya bofelo ya metlha ya bokhutlo, ka gonne re setse re fitlhile mo nakong ya maoto a tshipi le letsopa a setshwantsho seno sa toro. Dipuso dingwe tsa segompieno di busa ka tshipi kana ka tsela ya bokgokgontshi, fa tse dingwe di tshwana le letsopa. Le fa letsopa le “losika lwa batho” lo dirilweng ka lone le se thata, dipuso tse di busang ka tshipi di ile tsa patelesega go sekegela maikutlo a batho ba e seng ba maemo tsebe. (Daniele 2:43; Jobe 10:9) Ke boammaaruri gore dipuso tsa bokgokgontshi ga di kgone go nna seoposengwe le batho ba e seng ba maemo fela jaaka tshipi le letsopa di sa kgone go nna seoposengwe. Mme Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo fedisa lefatshe leno le le kgaogantsweng ke dipolotiki.—Daniele 2:44.

23. O ka tlhalosa jang toro le diponatshegelo tse Daniele a neng a di bona mo ngwageng wa ntlha wa puso ya ga Beleshasare?

23 Kgaolo ya bo7 ya boporofeti jo bo kgatlhang jwa ga Daniele le yone e re tlisa mo motlheng wa bokhutlo. E bua ka tiragalo nngwe ya ngwaga wa ntlha wa go busa ga Kgosi ya Babelona e bong Beleshasare. Ka nako eo, Daniele a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo70, o ne “a lora, mme a bona diponatshegelo tsa tlhogo ya gagwe mo bolaong jwa gagwe.” A bo diponatshegelo tseo di ile tsa mo tshosa jang ne! O kua jaana: “Mme bonang, diphefo tse nne tsa legodimo tsa photsega mo lewatleng le legolo. Mme ga tlhatloga ditshedi di le nne tse ditona mo lewatleng, go se na sepe se se tshwanang le se sengwe.” (Daniele 7:1-8, 15) A ditshedi tse di sa tlwaelegang ruri! Sa ntlha ke tau e e nang le diphuka, mme sa bobedi se tshwana le bera. Morago ga moo go tla nkwe e e nang le diphuka tse nnè le ditlhogo tse nnè! Setshedi sa bonè se se nonofileng ka tsela e e sa tlwaelegang se na le meno a magolo a tshipi le dinaka di le lesome. Go tlhoga lonaka “lo lonnye” mo gare ga dinaka tse di lesome tsa sone lo lo nang le “matlho a a tshwanang le matlho a motho” le “molomo o o buang dilo tse dikgolo.” A ditshedi tse di sa tlwaelegang eleruri!

24. Go ya ka Daniele 7:9-14, Daniele o bona eng kwa legodimong, mme ponatshegelo eno e bua ka eng?

24 Go tswa foo diponatshegelo tseno tsa ga Daniele di retologela kwa legodimong. (Daniele 7:9-14, NW) Go bonwa “Mogologolo wa Malatsi,” e bong Jehofa Modimo, a ntse mo setulong sa bogosi ka kgalalelo e le Moatlhodi. ‘Ba ba makgolokgolo ba a mo direla, le ba ba makgolo a makgolokgolo ba nna ba eme fa pele ga gagwe.’ Fa Modimo a atlhola ditshedi tseno mo go botlhoko, o di tseela puso a bo a senya setshedi sa bonè. “Mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho” o newa puso e e nnetseng ruri gore a buse “ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo.” Seno se bua ka motlha wa bokhutlo le go tlhomiwa ga Morwa motho, e bong Jesu Keresete, mo setulong sa bogosi ka ngwaga wa 1914.

25, 26. Ke dipotso dife tse di ka tlhagang fa re bala buka ya Daniele, mme ke kgatiso efe e e ka re thusang go di araba?

25 Ga go pelaelo gore babadi ba buka ya Daniele ba tla ipotsa dipotso dingwe. Ka sekai, ditshedi tse nnè tsa Daniele kgaolo 7 di emela eng? Ke eng se se bolelwang ke boporofeti jwa “dibeke di le 70,” jo bo umakiwang mo go Daniele 9:24-27? Go tweng ka Daniele kgaolo 11 le kgotlhang gareng ga “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa”? Re ka lebelela eng ka dikgosi tseno mo motlheng wa bokhutlo?

26 Jehofa o thusitse batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng go tlhaloganya dilo tse di ntseng jalo, e bong “baitshepi ba Mogodimodimo” jaaka ba bidiwa mo go Daniele 7:18. Mo godimo ga moo, “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o re diretse dilo tse di ka re thusang go tlhaloganya mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya ga moporofeti Daniele go ya pele. (Mathaio 24:45) Jaanong tshedimosetso eno re na le yone mo bukeng e e sa tswang go gololwa bosheng jaana ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! Kgatiso eno ya ditsebe di le 320 e e nang le ditshwantsho tse dintle e tlotla ka karolo nngwe le nngwe ya buka ya Daniele. E tlotla ka boporofeti bongwe le bongwe jo bo nonotshang tumelo le kgang nngwe le nngwe e e kwadilweng ke moporofeti Daniele yo o rategang.

Bokao Jwa Mmatota mo Motlheng wa Rona

27, 28. (a) Re ka reng ka go diragadiwa ga dipolelelopele tse di mo bukeng ya Daniele? (b) Re tshela mo lobakeng lofe, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira?

27 Akanya ka ntlha eno e e botlhokwa: Dipolelelopele tsotlhe tse di mo bukeng ya Daniele di setse di diragaditswe kwantle fela ga dikarolonyana dingwe di le mmalwa tsa jone. Ka sekai, jaanong re bona maemo a lefatshe a a tshwantshediwang ke dinao tsa setshwantsho sa toro ya Daniele kgaolo 2. Sesipi sa setlhare sa Daniele kgaolo 4 se ne sa bofololwa fa Mesia wa Kgosi e bong Jesu Keresete a ne a tlhongwa mo bogosing ka 1914. Ee, jaaka go boleletswe pele mo go Daniele kgaolo 7, ka nako eo Mogologolo wa Malatsi o ne a naya Morwa motho puso.—Daniele 7:13, 14; Mathaio 16:27–17:9.

28 Malatsi a le 2 300 a Daniele kgaolo 8 le malatsi a le 1 290 le malatsi a le 1 335 a kgaolo ya 12 otlhe fela a fetile—ga a bolo go feta. Fa re ithuta Daniele kgaolo 11 re lemoga gore ntwa fa gare ga “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa” e setse e fitlhile kwa setlhoeng sa yone. Sotlhe seno se oketsa bosupi jwa Dikwalo jwa gore re kwa tengteng ga motlha wa bokhutlo. Fa re akanya ka nako e e sa tshwaneng le epe e re tshelang mo go yone, re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng? Ga go na pelaelo gore re tshwanetse go ela tlhoko lefoko la ga Jehofa Modimo la boporofeti.

O ka Araba Jang?

• Modimo o batla gore batho botlhe ba itse eng ka motlha wa rona?

• Buka ya Daniele e ka nonotsha tumelo ya rona jang?

• Setshwantsho sa toro ya ga Nebukadenesare se ne se na le dikarolo dife, mme di ne di tshwantshetsa eng?

• Ke eng se re se lemogang kaga go diragadiwa ga dipolelelopele tse di mo bukeng ya Daniele?

[Dipotso Tsa Thuto]