Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Aga Tumelo ka go Ithuta Baebele Kwa India

Go Aga Tumelo ka go Ithuta Baebele Kwa India

Re Mofuta Wa ba Ba Nang le Tumelo

Go Aga Tumelo ka go Ithuta Baebele Kwa India

GO TLOGA kwa Dithabeng tse dikgolo tsa Himalaya, tse di apesitsweng ke kapoko ka fa bokone go ya ka fa dintshing tse di bongola tsa Lewatle la India tse di ka fa borwa, India ke naga e e nang le methalethale ya mafelo le madumedi. Mo bathong ba yone ba ba fetang dimilione tse di dikete, mo e ka nnang diperesente di le 83 ke Bahindu, diperesente di le 11 ke Bamoselema, mme ba ba setseng ke ba ba ipitsang Bakeresete, Ba-Sikh, Babuda, le Ba-Jain. Botlhe ba obamela ba gololesegile. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Baindia ba tsaya bodumedi e le selo se se botlhokwa thata mo botshelong.”

Basupi ba ga Jehofa, ba palo ya bone e fetang 21 200 kwa India, ba tlhalosiwa sentle fa go twe ba tshela go dumalana le tumelo ya bone ya Bokeresete. Fela jaaka bakaulengwe ba bone kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, Basupi kwa India ba go tsaya e le tshiamelo go thusa baagelani ba bone go aga tumelo e e nonofileng mo Lefokong la Modimo, Baebele e e Boitshepo. (2 Timotheo 3:16, 17) Bona kafa lelapa lengwe kwa Chennai kwa borwa jwa India le neng la nna le kitso ya boammaaruri jwa Baebele ka teng.

Pele lelapa leno le kopana le Basupi ba ga Jehofa, le ne le tlhagafetse mo mekgatlhong ya Katoliki e e kgonang go tlhotlheletsa batho, ba bolela gore ba bona diponatshegelo, ba bua ka diteme le go fodisa balwetse. Ba ne ba tumile mo kerekeng le mo motseng, e bile batho ba ne ba bitsa maloko mangwe a lelapa leno ba re “swami,” ke gore “morena.” Go tswa foo, ka letsatsi lengwe Mosupi o ne a etela lelapa leno mme a ba bontsha mo Baebeleng gore Jesu ke Morwa Modimo, e seng Modimo Mothatayotlhe, jaaka ba ne ba dumela. Gape Mosupi yono o ne a ba bontsha gore leina la Modimo ke Jehofa le gore boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe ke go le dira paradaise e ntle.—Pesalema 83:18; Luke 23:43; Johane 3:16.

E re ka ba lelapa leno ba ne ba tlotla Lefoko la Modimo e bile ba rata se ba neng ba se utlwa, ba ne ba dumela go ithuta Baebele ka metlha le Basupi ba ga Jehofa. Seno se ne sa dira gore ba sotlwe ke ditsala tsa bone tse di tsenang kereke le bone. Le fa go ntse jalo, lelapa leno le ne la nna le ikemiseditse go tswelela pele le ithuta Baebele. Fa kitso ya bone e ntse e oketsega le tumelo ya bone e nonofa thata, ba ne ba tlogela mekgwa ya bone ya bodumedi jwa maaka. Gompieno, maloko a le mararo a lelapa leno ke Basupi ba ba tlhagafetseng, ba ba kolobeditsweng, mme mmè o a tle a tseye bobulatsela jo bo thusang fa a kgona.

Tumelo e e Fenyang Bogole

Sunder Lal, lekawana le le nnang mo motsaneng mongwe kwa Punjab, le ne le tlhoka tumelo e e nonofileng le bopelokgale gore le abele ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Lebaka ke gore o ne a tlogela madumedi a a obamelang medimo e mentsintsi a lelapa la gagabo le a mo motsaneng wa gagabo gore a obamele Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Selo se sengwe ke gore, Sunder Lal ga a na maoto.

Botshelo jwa ga Sunder Lal e ne e le seomodiro fela go fitlhela ka 1992. E ne e le mothusi wa ngaka e bile a kopanela le lelapa la gagabo mo go obameleng medimo e mentsi e e neng e eteletswe pele ke moeteledipele yo ba mo tlhophileng. Bosigo bongwe, o ne a wa fa a ne a leka go kgabaganya seporo sa terena. Terena e ne ya mo gata mme ya mo kgaola maoto go tloga fa diropeng. Le fa gone a ile a tshela, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga gotlhelele. Go a utlwala go bo Sunder Lal a ile a tshwenyega thata mo maikutlong a bo a akanya ka go ipolaya. Lelapa la gagabo le ne le mo ema nokeng, mme gone isagwe ya gagwe e ne e lebega e le letobo fela.

Morago ga moo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a etela Sunder Lal mme a mmontsha mo Baebeleng gore Modimo o solofeditse go dira lefatshe leno paradaise e e itumedisang le go naya batho ba ba mo ratang le ba ba mmoifang botsogo jo bo itekanetseng. Sunder Lal o ne a dumela go ithuta Baebele, mme o ne a tsaya ngwaga o le mongwe a ithuta a tlhoafetse. O ne a lalediwa go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete mme kgabagare o ne a ya kwa go tsone a palame kwa morago mo baesekeleng ya tsala nngwe ya gagwe. Le mororo a ne a ronkgelwa fa a palame, tuelo ya gone e ne e le kgolo. Se a neng a se ithuta mo thutong ya gagwe ya Baebele o ne a se bona ka matlho fa a ne a kopane le batho ba le bone ba neng ba dumela mo ditsholofetsong tsa Lefoko la Modimo ka botlalo e bile ba tshela go dumalana le dithuto tsa Baebele.

Sunder Lal o ne a simolola go bolelela baagelani ba gagwe dikgang tse di molemo, mme ka 1995 o ne a kolobediwa. Kwa tshimologong, o ne a dira mo bodireding ka ntlo le ntlo mo motsaneng wa gagabo a tsamaya a gopa, e le tsela e a neng a tsamaya ka yone. Mme jaanong o na le mpho e e tswang mo bakaulengweng ba gagwe ba semoya—baesekele e e maoto a mararo e e dirilweng ka tsela e e kgethegileng gore a e “tsamaise” ka letsogo. O thusiwa ke baesekele eno ya maoto a mararo gore a itirele dilo a gololesegile e bile o kgona go tsamaya loeto lwa dikilometara di le 12 gore a nne gone kwa dipokanong tsa phuthego. Ka dinako tse dingwe o tsamaya ka yone a raletse diphefo tse dikgolo; ka dinako tse dingwe a tsamaya mo mogoteng wa themperetšha e e fetang didikirii di le 43 tsa Celsius.

Mo godimo ga go nna gone kwa dipokanong, Sunder Lal o tshwara dithuto di le dintsi tsa Baebele le ba bangwe ba ba batlang go thusiwa gore ba age tumelo e e nonofileng mo Modimong wa boammaaruri, Jehofa. Tota e bile, batho ba le supa ba a kileng a ithuta Baebele le bone jaanong ba kolobeditswe, mmogo le batho ba bangwe ba bararo ba a ileng a kopana le bone mme ba tswelela pele ba ithuta Baebele le Basupikaene.

Go ya ka Baebele, “tumelo ga se thuo ya batho botlhe.” (2 Bathesalonika 3:2) Mme ba ba ‘sekametseng sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng,’ ba ka aga tumelo e e nonofileng ka go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha. (Ditiro 13:48) Gape thuto e e ntseng jalo e dira gore matlho a phatsime ka go nna le tsholofelo ya isagwe e e molemolemo—e le selo se se dirang gore palo e e ntseng e oketsega jaana ya batho kwa India e nne le tumelo.

[Mmapa mo go tsebe 30]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

AFGHANISTAN

PAKISTAN

NEPAL

BHUTAN

CHINA

BANGLADESH

MYANMAR

LAOS

THAILAND

VIETNAM

CAMBODIA

SRI LANKA

INDIA

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.