Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna le Tumelo mo Lefokong la Modimo la Boporofeti!

Nna le Tumelo mo Lefokong la Modimo la Boporofeti!

Nna le Tumelo mo Lefokong la Modimo la Boporofeti!

“Re na le lefoko la boporofeti le tlhomamisitswe segolo.”—2 PETERE 1:19.

1, 2. Ke boporofeti bofe jwa ntlhantlha jo bo neng jwa kwalwa, mme nngwe ya dipotso tse bo neng jwa di tsosa ke efe?

JEHOFA ke ene Motswedi wa boporofeti jwa ntlhantlha jo bo ileng jwa kwalwa. Morago ga gore Adame le Efa ba leofe, Modimo o ne a bolelela noga jaana: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” (Genesise 3:1-7, 14, 15) Go ne go tlile go feta makgolo a dingwaga pele ga mafoko ano a boporofeti a tlhaloganngwa ka botlalo.

2 Boporofeti joo jwa ntlhantlha bo ne bo solofetsa batho ba ba leofileng sengwe sa mmatota. Moragonyana Dikwalo di ile tsa supa fa Satane Diabolo e le ene “noga ya bogologolo.” (Tshenolo 12:9) Mme gone, ke mang yo o neng a tlile go nna Losika lo Modimo a lo solofeditseng?

Go Batlisisa Losika

3. Abele o ne a bontsha jang tumelo mo boporofeting jwa ntlhantlha?

3 Abele yo o molemo o ne a se ka a tshwana le rraagwe, ene o ile a bontsha tumelo mo boporofeting joo jwa ntlhantlha. Go bonala fa Abele a ile a lemoga gore go ne go tlhokega gore go tshololwe madi gore go bipiwe maleo. Ka gone, tumelo e ne ya mo tlhotlheletsa go ntsha setlhabelo sa phologolo se Modimo a neng a se amogela. (Genesise 4:2-4) Le fa go ntse jalo, go ile ga nna ga se ka ga itsiwe gore Losika lo lo solofeditsweng ke mang.

4. Modimo o ne a solofetsa Aborahame eng, mme seno se ne sa bontsha eng malebana le Losika lo lo solofeditsweng?

4 Dingwaga di ka nna 2 000 morago ga motlha wa ga Abele, Jehofa o ne a solofetsa Aborahame yo e neng e le tlhogo ya lotso jaana ka tsela ya boporofeti: “Ke tlaa go segofatsa, ke ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa legodimo . . . Merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa segofala mo losikeng lwa gago.” (Genesise 22:17, 18) Mafoko ao a ne a amanya Aborahame le go diragadiwa ga boporofeti jwa ntlhantlha. A ne a bontsha gore Losika lo ditiro tsa ga Satane di neng di tla fedisiwa ka lone, lo ne lo tla tlhaga mo losikeng lwa ga Aborahame. (1 Johane 3:8) “Ka ntlha ya tsholofetso ya Modimo [Aborahame] o ne a se ka a reketla ka ntlha ya go tlhoka tumelo” mme go ne ga nna jalo le ka basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ba ileng “ba se ka ba bona go diragadiwa ga tsholofetso.” (Baroma 4:20, 21; Bahebera 11:39) Go na le moo, ba ile ba bontsha tumelo mo lefokong la Modimo la boporofeti.

5. Tsholofetso ya Modimo malebana le Losika e ne ya diragadiwa ka mang, mme ke eng fa o araba jalo?

5 Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa yo e leng Losika lo Modimo a lo solofeditseng fa a ne a kwala jaana: “Ditsholofetso di ne tsa buiwa le Aborahame le peo ya gagwe. Ga le re: ‘Le dipeo,’ jaaka fa go ntse fa tseo di le dintsi, mme jaaka fa go ntse fa e le nngwe, la re: ‘Le peo ya gago,’ yo e leng Keresete.” (Bagalatia 3:16) Losika lo ditšhaba di neng di tla itshegofatsa ka lone lo ne lwa se ka lwa akaretsa losika lotlhe lwa ga Aborahame. Ditlogolwana tsa morwawe e bong Ishemaele le tsa barwa ba gagwe ka Ketura di ne tsa se ka tsa dirisiwa go segofatsa batho. Losika lo batho ba neng ba tla segofadiwa ka lone lo ne lwa tswa mo go morwawe e bong Isake le setlogolwana sa gagwe e bong Jakobe. (Genesise 21:12; 25:23, 31-34; 27:18-29, 37; 28:14) Jakobe o ile a bontsha gore “ditšhaba” di ne di tla ikobela Shilo wa lotso lwa Juda, mme gone, moragonyana Losika lo ne lwa tlhaga fela mo losikeng lwa ga Dafide. (Genesise 49:10; 2 Samuele 7:12-16) Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba solofetse gore motho a le mongwe a tle go nna Mesia kana Keresete. (Johane 7:41, 42) Mme boporofeti jwa Modimo jo bo malebana le Losika bo ne jwa diragadiwa ka Morwawe, e bong Jesu Keresete.

Mesia o a Tlhaga!

6. (a) Re tshwanetse go tlhaloganya jang boporofeti jwa dibeke tse 70? (b) Jesu o ne a “fedisa boleo” jang mme leng?

6 Moporofeti Daniele o ne a kwala boporofeti jo bo botlhokwa thata kaga Mesia. Mo ngwageng wa ntlha wa ga Dario wa Momeda, o ne a lemoga gore dingwaga tse 70 tse Jerusalema e neng e tla kgakgabadiwa ka tsone di ne di tloga di fela. (Jeremia 29:10; Daniele 9:1-4) Fa Daniele a ntse a rapela, moengele Gabariele o ne a tla go mo senolela gore ‘go fedisiwa ga boleo go ne go laoletswe dibeke di le masomeasupa.’ Mesia o ne a tla bolawa mo bogareng jwa beke ya bo70. “Dibeke tse di masome a supa tsa dingwaga” di ne tsa simologa ka 455 B.C.E., fa Kgosi Aretaserese I wa Peresia ‘a ne a ntsha lefoko la go aga Jerusalema sesha.’ (Daniele 9:20-27; Moffatt; Nehemia 2:1-8) Mesia o ne a tla tlhaga morago ga dibeke tse 7 le tse 62 di kopane. Dingwaga tseno tse 483 di ne tsa simologa ka 455 B.C.E. go fitlha ka 29 C.E., fa Jesu a ne a kolobediwa mme Modimo a mo tlotsa go nna Mesia kana Keresete. (Luke 3:21, 22) Jesu o ne a “fedisa boleo” ka go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ka 33 C.E. (Mareko 10:45) A bo ano e le mabaka a a molemo jang ne a go nna le tumelo mo lefokong la Modimo la boporofeti! *

7. Dirisa Dikwalo go bontsha kafa Jesu a neng a diragatsa boporofeti jo bo malebana le Mesia ka teng.

7 Go nna le tumelo mo lefokong la Modimo la boporofeti go dira gore re kgone go lemoga yo e leng Mesia. Mo dipolelelopeleng di le dintsi tse di kwadilweng mo Dikwalong Tsa Sehebera malebana le Mesia, bakwadi ba Dikwalo Tsa Segerika Tsa Bokeresete ba ne ba bolela ka tlhamalalo gore di bua ka Jesu. Ka sekai: Jesu o ne a tsholelwa kwa Betlelehema ke kgarebana. (Isaia 7:14; Mika 5:2; Mathaio 1:18-23; Luke 2:4-11) O ne a bidiwa go tswa kwa Egepeto mme masea a ne a bolawa morago ga go tsholwa ga gagwe. (Jeremia 31:15; Hosea 11:1; Mathaio 2:13-18) Jesu o ne a rwala malwetse a rona. (Isaia 53:4; Mathaio 8:16, 17) O ne a tsena kwa Jerusalema a palame eselana ngwana wa esele jaaka go ile ga bolelelwa pele. (Sekaria 9:9; Johane 12:12-15) Mafoko a mopesalema a ile a diragadiwa fa Jesu a sena go bapolwa, fa masole a ne a kgaoganya diaparo tsa gagwe le go laola diaparo tsa gagwe tsa kwa teng ka go tshela bola. (Pesalema 22:18; Johane 19:23, 24) Kgang ya go bo marapo a ga Jesu a ile a se ka a robiwa le gore o ile a tlhabiwa le yone e ne ya diragatsa boporofeti. (Pesalema 34:20; Sekaria 12:10; Johane 19:33-37) Tseno ke dikai di se kae fela tsa dipolelelopele tse di malebana le Mesia tse bakwadi ba Baebele ba ba tlhotlheleditsweng ke Modimo ba ileng ba bolela fa di bua ka Jesu. *

Bakang Kgosi ya Bomesia!

8. Mogologolo wa Malatsi ke mang, mme boporofeti jo bo kwadilweng mo go Daniele 7:9-14 bo ne jwa diragadiwa jang?

8 Mo ngwageng wa ntlha wa ga Kgosi Belesashare wa Babelona, Jehofa o ne a bontsha Daniele moporofeti wa gagwe toro le diponatshegelo. Moporofeti o ne a simolola pele ka go bona dibatana tse nnè tse di boitshegang. Moporofeti wa Modimo o ne a di tlhalosa e le “dikgosi tse nnè,” ka go rialo a bontsha gore di emela mebuso ya lefatshe e e latelanang. (Daniele 7:1-8, 17) Go tswa foo Daniele o ne a bona Jehofa, “Mogologolo wa Malatsi,” a dutse ka kgalalelo mo setulong sa bogosi. O ne a naya dibatana tseno kotlhao e e botlhoko ka go di amoga bolaodi le go senya sebatana sa bonè. Go tswa foo “mongwe yo o tshwanang le morwa motho” o ne a newa gore a buse “ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo” ka bosakhutleng. (Daniele 7:9-14, NW) A bo e le boporofeti jo bo molemo jang ne jo bo amanang le go tlhomiwa ga “Morwa Motho,” e bong Jesu Keresete mo setulong sa bogosi kwa legodimong ka ngwaga wa 1914!—Mathaio 16:13.

9, 10. (a) Dikarolo tse di farologaneng tsa setshwantsho sa toro di ne di emela eng? (b) O ka tlhalosa jang tsela e Daniele 2:44 e tla diragadiwang ka yone?

9 Daniele o ne a itse gore Modimo o “tlosa dikgosi e bile o tlhoma dikgosi.” (Daniele 2:21, NW) Ka go bo moporofeti yono a ne a tshepa Jehofa, yo e leng “Mosenodi wa diphiri,” o ne a tlhalosa bokao jwa toro ya setshwantsho se segolo ya ga Kgosi Nebukadenesare wa Babelona. Dikarolo tsa sone tse di farologaneng di emela go tlhagoga le go phutlhama ga dipuso tse dikgolo tsa lefatshe tse di jaaka Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika le Roma. Gape Modimo o ne a dirisa Daniele go tlhalosa ditiragalo tsa lefatshe go fitlha ka tsa motlha wa rona le morago ga one.—Daniele 2:24-30.

10 Boporofeti jono bo ne jwa re: “Mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Modimo o ne a tlhoma Bogosi jwa selegodimo jo bo laolwang ke Keresete ka nako ya fa “dinako tse di tlhomilweng tsa merafe” di ne di fela ka 1914. (Luke 21:24; Tshenolo 12:1-5) Ka thuso ya maatla a Modimo, “tshilo” ya Bogosi jwa ga Mesia e ne ya kabolwa mo “thabeng” ya bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe. Ka nako ya Haramagedona tshilo eo e tla itaya setshwantsho mme e se sile go nna loupa. E re ka Bogosi jwa ga Mesia e le thaba ya puso e e busang “lefatshe lotlhe,” bo tla ema ka bosakhutleng.—Daniele 2:35, 45; Tshenolo 16:14, 16. *

11. Go fetoga ponalo ga ga Jesu e ne e le ponelopele ya eng, mme ponatshegelo eo e ne ya ama Petere jang?

11 Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana a akantse ka puso ya gagwe ya Bogosi: “Go na le bangwe ba ba ba emeng fano ba ba se nang go utlwa loso ka gope go fitlha ba bona Morwa motho pele a tla a le mo bogosing jwa gagwe.” (Mathaio 16:28) Malatsi a le marataro morago ga foo, Jesu o ne a tseela Petere, Jakobe le Johane kwa thabeng e e goletsegileng koo a neng a fitlha a fetoga ponalo mo pele ga bone. Modimo o ne a bua jaana fa leru le legolo le ne le okama baaposetoloi: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng; mo reetseng.” (Mathaio 17:1-9; Mareko 9:1-9) A ponelopele e e molemo jang ne ya kgalalelo ya ga Keresete a le mo Bogosing! Ga go gakgamatse go bo Petere a ile a bua jaana fa a umaka ponatshegelo eno e e gakgamatsang: “Ka gone re na le lefoko la boporofeti le tlhomamisitswe segolo.”—2 Petere 1:16-19. *

12. Ke eng fa eno e le nako e segolobogolo re tshwanetseng go bontsha tumelo mo lefokong la Modimo la boporofeti ka yone?

12 Go bonala “lefoko la boporofeti” le sa akaretse fela dipolelelopele tsa Dikwalo Tsa Sehebera tse di malebana le Mesia mme gape le akaretsa mafoko a ga Jesu a gore o ne a tla tla “ka maatla le kgalalelo e kgolo.” (Mathaio 24:30) Go fetoga ponalo ga gagwe go ne ga tlhomamisa boammaaruri jwa lefoko la boporofeti malebana le go tla ga ga Keresete ka kgalalelo go nna mmusi wa Bogosi. Go senolwa ga gagwe ka kgalalelo go tla tloga go dira gore a fedise batho ba ba sa dumeleng mme ba ba dumelang bone ba bone masego. (2 Bathesalonika 1:6-10) Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go senola gore ano ke ‘malatsi a bofelo.’ (2 Timotheo 3:1-5, 16, 17; Mathaio 24:3-14) E re ka Mikaele, yo e leng Jesu Keresete, e le Modiragatsadikatlholo yo Mogolo wa ga Jehofa, o ipaakanyeditse go fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo ka nako ya “pitlagano e kgolo.” (Mathaio 24:21; Daniele 12:1) Ka jalo he, ruri eno ke nako ya gore re bontshe gore re na le tumelo mo lefokong la Modimo la boporofeti.

Nna O na Le Tumelo mo Lefokong la Modimo la Boporofeti

13. Ke eng se se ka re thusang go nna re rata Modimo le go nonotsha tumelo ya rona mo lefokong la gagwe?

13 Ga go pelaelo gore re ne ra itumela tota fa re ne re ithuta la ntlha ka ga ditsela tse lefoko la Modimo la boporofeti le neng la diragadiwa ka tsone. Mme gone, a tumelo ya rona e ile ya ngotlega le lorato lwa rona lwa tsidifala fa e sa le ka nako eo? A le ka motlha re se tshwane le Bakeresete ba kwa Efeso ba ba neng ba ‘tlogela lorato lo ba neng ba na le lone pele.’ (Tshenolo 2:1-4) Le fa re ka tswa re diretse Jehofa ka lobaka lo lo kana kang, re ka nna ra diragalelwa ke selo se se ntseng jalo fa re sa “nne re senka pele bogosi le tshiamo ya gagwe,” e le gore re ipolokele matlotlo kwa legodimong. (Mathaio 6:19-21, 31-33) Go ithuta Baebele ka tlhoafalo, go nna le seabe ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete, le go tlhagafalela tiro ya go rera ka Bogosi, go tla re thusa go nna re rata Jehofa, Morwawe, le go rata Dikwalo. (Pesalema 119:105; Mareko 13:10; Bahebera 10:24, 25) Gape seno se tla nonotsha tumelo ya rona mo lefokong la Modimo.—Pesalema 106:12.

14. Tumelo e Bakeresete ba ba tloditsweng ba nang le yone mo lefokong la ga Jehofa la boporofeti e duelwa jang?

14 Fela jaaka lefoko la Modimo la boporofeti le diragaditswe mo nakong e e fetileng, re ka tshepa dilo tse le di bolelelang pele malebana le isagwe. Ka sekai, gone jaanong Keresete o setse a le gone ka kgalalelo, e bile Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ileng ba ikanyega go isa losong ba ile ba bona tsholofetso eno ya boporofeti e diragadiwa: “Yo o fenyang ke tla mo naya gore a je ga setlhare sa botshelo, se se mo paradaeseng ya Modimo.” (Tshenolo 2:7, 10; 1 Bathesalonika 4:14-17) Jesu o abela bafenyi bano tshiamelo ya gore ba “je ga setlhare sa botshelo” mo “paradaeseng ya Modimo” ya kwa legodimong. Fa ba tsosiwa mo baswing, le ka thuso ya ga Jesu Keresete, ba nna le bosasweng le bosaboleng jo ba bo newang ke Jehofa, “Kgosi ya bosafeleng, e e sa senyegeng, e e sa bonaleng, Modimo o o osi.” (1 Timotheo 1:17; 1 Bakorintha 15:50-54; 2 Timotheo 1:10) A bo ba bona tuelo e e molemo jang ne ka ntlha ya go rata lefoko la Modimo la boporofeti thata le go nna le tumelo e e sa reketleng mo go lone!

15. Motheo wa “lefatshe le lesha” o ne wa thaiwa mo go bomang, mme ditsala tsa bone ke bomang?

15 Moragonyana fela ga gore batlodiwa ba ba ikanyegang ba ba neng ba sule ba tsosediwe mo “paradaeseng ya Modimo,” masalela a a mo lefatsheng a Iseraele wa semoya a ne a gololwa mo go “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 14:8; Bagalatia 6:16) Go ne ga thaiwa motheo wa “lefatshe le lesha” mo go bone. (Tshenolo 21:1) Ka gone, “lefatshe” le ne la tsalwa mme la dirwa paradaise ya semoya e gompieno e anameng le lefatshe lotlhe. (Isaia 66:8) Gone jaanong, mo “bofelong jwa metlha,” matshutitshuti a ditsala tsa Iseraele wa semoya tsa sekadinku a thologela mo go yone.—Isaia 2:2-4, NW; Sekaria 8:23; Johane 10:16; Tshenolo 7:9.

Isagwe ya Batho e Boleletswe Pele mo Lefokong la Modimo la Boporofeti

16. Batho ba ba emang batlodiwa nokeng ka boikanyegi ba lebeletse dilo dife?

16 Ke dilo dife tse di lebeletsweng ke batho ba ba emang batlodiwa nokeng? Le bone ba na le tumelo mo lefokong la Modimo la boporofeti, mme ba solofetse go tshela mo Paradaiseng ya mo lefatsheng. (Luke 23:39-43) Mo go yone ba tla nwa go tswa mo ‘nokeng ya metsi a botshelo’ e e nayang motho botshelo mme ba tla alafiwa ke “matlhare a ditlhare” tse di jetsweng go bapa le yone. (Tshenolo 22:1, 2) Fa e le gore o na le tsholofelo e e ntseng jalo e e molemo, e kete o ka tswelela pele o bontsha go rata Jehofa ka lorato lo logolo le go bontsha tumelo mo lefokong la gagwe la boporofeti. E kete o ka nna mongwe wa ba ba tla bonang boipelo jo bogolo jwa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise.

17. Botshelo mo Paradaiseng ya mo lefatsheng bo tla bo bo akaretsa masego afe?

17 Batho ba ba sa itekanelang ga ba kgone go tlhalosa ka botlalo kafa botshelo bo tla bong bo le ka teng mo Paradaiseng ya mo lefatsheng, mme gone lefoko la Modimo la boporofeti le re naya lesedinyana malebana le masego a a tlileng go bonwa ke batho ba ba kutlo mo go yone. Fa Bogosi jwa Modimo bo busa bo sa ganediwe ke ope e bile thato ya gagwe e dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong, ga go kitla go nna le motho ope yo o setlhogo—tota le e leng diphologolo—yo o tla ‘utlwisang botlhoko le fa e le go senya.’ (Isaia 11:9; Mathaio 6:9, 10) Batho ba ba pelonomi ba tla rua lefatshe, mme “ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) Ga go kitla go nna le batho ba ba bolawang ke tlala, ka gonne “go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega.” (Pesalema 72:16) Ga go kitla go tlhola go nna le dikeledi tsa khutsafalo. Go ka se tlhole go nna le malwetse, tota le loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng. (Isaia 33:24; Tshenolo 21:4) Akanya fela—go sa tlhole go na le dingaka, melemo, dikokelo kana mafelo a balwetse ba tlhaloganyo le diphitlho. A dilo tse di itumedisang ruri!

18. (a) Daniele o ne a tlhomamisediwa eng? (b) ‘Kabelo’ ya ga Daniele e tla nna eng?

18 Tota le lebitla le le tlwaelegileng la motho le tla dirwa lolea—mo boemong jwa loso go tla nna le tsogo. Monna yo o siameng e bong Jobe o ne a na le tsholofelo e e ntseng jalo. (Jobe 14:14, 15) Go ne go ntse jalo le ka moporofeti Daniele, ka gonne moengele wa ga Jehofa o ne a mo gomotsa ka go mo tlhomamisetsa jaana: “Mme wena, tsamaya fela go tle go tsamaye bokhutlo bo tle; gonne o tlaa ikhutsa, mme o tlaa ema mo kabelong ya gago kwa bokhutlong jwa metlha.” (Daniele 12:13) Daniele o ne a direla Modimo ka boikanyegi go fitlha a swa. Gone jaanong o ikhutsitse mo losong, mme gone o tla “ema” mo “tsogong ya basiami” ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Mileniamo. (Luke 14:14) ‘Kabelo’ ya ga Daniele e tla bo e le eng? Ebu, fa boporofeti jwa ga Esekiele bo bua ka go diragadiwa ga jone mo motlheng wa Paradaise, bo naya kgopolo ya gore batho botlhe ba ga Jehofa ba tla nna le naga, tota le lefatshe ba tla le abelwa ka go lekalekana le ka thulaganyo. (Esekiele 47:13–48:35) Ka jalo, Daniele o tla nna gone mo Paradaiseng, mme gone, kabelo ya gagwe ga e kitla e akaretsa go nna le naga fela. E tla akaretsa seabe se a nang le sone mo maikaelelong a ga Jehofa.

19. Go batlega eng fa motho a batla go tshela mo Paradaiseng ya mo lefatsheng?

19 Go tweng ka wena le kabelo ya gago? Fa e le gore o na le tumelo mo Lefokong la Modimo, Baebele, go ka nna ga direga gore o eletsa go tshela mo Paradaiseng ya mo lefatsheng. E bile o ka tswa o ipona o le mo go lone ka mogopolo, o itumelela masego a le mantsi, o tlhokomela lefatshe, e bile o amogela baswi ba ba tsositsweng ka boitumelo. Kana e bile, Paradaise ke lefelo le batho ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba nna mo go lone. Modimo o ne a bopa banyalani ba ntlha ba batho go nna mo lefelong le le ntseng jalo. (Genesise 2:7-9) E bile o batla gore batho ba ba kutlo ba tshelele ruri mo lefatsheng la Paradaise. A o tla dira dilo ka tsela e e dumalanang le Dikwalo gore le wena o nne mongwe wa dimilione tse kgabagare di tla tshelang mo lefatsheng la Paradaise? Go ka nna jalo fa e le gore o rata Rraarona wa selegodimo Jehofa ka lorato lo logolo, le go nna le tumelo e e nonofileng mo lefokong la Modimo la boporofeti.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Bona kgaolo ya 11 ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! le “Seventy Weeks” mo go Insight on the Scriptures, tse di gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

^ ser. 7 Bona “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” ditsebe 343-4, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

^ ser. 10 Bona dikgaolo 4 le 9 tsa buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!

^ ser. 11 Bona setlhogo se se reng “Ela Tlhoko Lefoko la Modimo la Boporofeti,” se se tlhagang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 1, 2000.

O ka Araba Jang?

• Ke boporofeti bofe jo e neng e le jwa ntlhantlha, mme ke mang yo e neng e le Losika lo lo solofeditsweng?

• Dingwe tsa dipolelelopele tse di malebana le Mesia tse di neng tsa diragadiwa ka Jesu ke dife?

Daniele 2:44, 45 e tla diragadiwa jang?

• Lefoko la Modimo la boporofeti le bolela gore batho ba ba kutlo ba tla nna le isagwe e e ntseng jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A o solofetse go tshela mo Paradaiseng ya mo lefatsheng?