Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boloka ‘Tsholofelo ya Gago ya Poloko’ e Phatsima!

Boloka ‘Tsholofelo ya Gago ya Poloko’ e Phatsima!

Boloka ‘Tsholofelo ya Gago ya Poloko’ e Phatsima!

“[Apara] . . . tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro ya phemelo.”—1 BATHESALONIKA 5:8.

1. “Tsholofelo ya poloko” e thusa motho jang gore a itshoke?

GO NNA le tsholofelo ya gore o tlile go namolwa go ka go thusa go itshokela le e leng maemo a a maswe thata. Motho yo o falotseng go thubega ga sekepe yo o kokobetseng mo godimo ga letlhekge mo metsing a ka kgona go itshoka lobakanyana lo loleele fa a itse gore o tla tloga a tla go namolwa. Banna le basadi ba tumelo le bone ba ile ba nonotshiwa jalo ka diketekete tsa dingwaga go kgona go itshokela dinako tsa mathata ka ntlha ya go nna le tsholofelo mo ‘polokong ya ga Jehofa,’ mme tsholofelo eno ga e ise e ko e ba swabise. (Ekesodo 14:13; Pesalema 3:8; Baroma 5:5; 9:33) Moaposetoloi Paulo o ile a tshwantsha “tsholofelo ya poloko” le “tlhoro ya phemelo” ya diaparo tsa semoya tsa Mokeresete. (1 Bathesalonika 5:8; Baefeso 6:17) Ee, go tshepa ga rona gore Modimo o tla re namola go sireletsa dikgono tsa rona tsa go akanya, go re thusa go nna re le podimatseba le fa re lebane le mathata, kganetso le diteko.

2. “Tsholofelo ya poloko” ke selo sa konokono jang mo kobamelong ya boammaaruri?

2 The International Standard Bible Encyclopedia ya re: “Baheitane [batho ba ba neng ba tshela le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga] ba ne ba se na tsholofelo epe e ba itsegeng ka yone malebana le isagwe.” (Baefeso 2:12; 1 Bathesalonika 4:13) Le fa go ntse jalo, mo kobamelong ya boammaaruri, “tsholofelo ya poloko” ke selo sa konokono. Jang? Sa ntlha, poloko ya batlhanka ba ga Jehofa e amana le leina la gagwe. Mopesalema Asafe o ile a rapela jaana: “Re thuse Modimo wa poloko ya rona ka ntlha ya kgalalelo ya leina la gago.” (Pesalema 79:9; Esekiele 20:9) Mo godimo ga moo, go tshepa masego a Jehofa a re solofeditseng one go botlhokwa thata mo go nneng le botsala jo bo molemo le ene. Paulo o ile a tlhalosa kgang eno jaana: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go o itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) E bile gape, Paulo o ile a tlhalosa gore poloko ya batho ba ba ikwatlhayang e ne e le yone lebaka le legolo le le neng la dira gore Jesu a tle mo lefatsheng. O ile a re: “Lefoko la gore Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi le boikanngo e bile le tshwanelwa ke kamogelo e e tletseng.” (1 Timotheo 1:15) Moaposetoloi Petere le ene o ne a bua ka poloko a re ke ‘bokhutlo jwa [kana matswela a] tumelo ya rona.’ (1 Petere 1:9) Go bonala sentle he gore, ga go molato go nna le tsholofelo ya go bona poloko. Mme gone, totatota poloko ke eng? Mme ke eng se se ka re thusang go nna le yone?

Poloko ke Eng?

3. Batlhanka ba ga Jehofa ba bogologolo ba ne ba bona poloko ya mofuta ofe?

3 Mo Dikwalong Tsa Sehebera, “poloko” gantsi e kaya go namolwa kana go gololwa mo kgatelelong kana mo losong lo lo setlhogo lo lo tlang pele ga nako. Ka sekai, Dafide o ile a bua jaana a bitsa Jehofa a re ke “mogolodi” wa gagwe: “Modimo wa lefika la me, . . . botshabelo jwa me; mmoloki wa me, wa nkgolola mo thubakong. Ke tlaa bitsa Jehofa, yo o tshwanetseng go bakwa; jalo ke tlaa gololwa mo babeng ba me.” (2 Samuele 22:2-4) Dafide o ne a itse gore Jehofa o a reetsa fa batlhanka ba Gagwe ba ba ikanyegang ba mo kopa thuso.—Pesalema 31:22, 23; 145:19.

4. Batlhanka ba ga Jehofa ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ne ba na le tsholofelo efe malebana le botshelo jwa mo isagweng?

4 Batlhanka ba ga Jehofa ba pele ga motlha wa Bokeresete le bone ba ne ba na le tsholofelo ya botshelo jwa mo isagweng. (Jobe 14:13-15; Isaia 25:8; Daniele 12:13) Tota e bile, bontsi jwa ditsholofetso tse di malebana le go namolwa tse di leng mo Dikwalong Tsa Sehebera di ne di bolelela pele kaga poloko e kgolo—e e neng e tla felela ka botshelo jo bo sa khutleng. (Isaia 49:6, 8; Ditiro 13:47; 2 Bakorintha 6:2) Mo motlheng wa ga Jesu, Bajuda ba le bantsi ba ne ba solofetse go bona botshelo jo bo sa khutleng, mme gone ba ile ba gana go dumela Jesu yo o neng a tla ba thusa go bona tsholofelo eo e diragadiwa. Jesu o ile a raya baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe a re: “Lo hukutsa Dikwalo, ka gonne lo akanya gore ka tsone lo tla nna le botshelo jo bo sa khutleng; mme tseno ke tsone tota tse di nayang bosupi kaga me.”—Johane 5:39.

5. Kgabagare poloko e tla kaya eng?

5 Modimo o ne a dirisa Jesu go senola dilo tsotlhe tse poloko e di kayang. E akaretsa go golola batho mo taolong ya boleo, mo botshwarong jwa bodumedi jwa maaka, mo lefatsheng le le laolwang ke Satane, mo go boifeng batho, tota le e leng mo go boifeng loso. (Johane 17:16; Baroma 8:2; Bakolosa 1:13; Tshenolo 18:2, 4) Kgabagare poloko ya Modimo mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang e tla kaya go nna le tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng e seng fela go gololwa mo kgatelelong le mo mathateng. (Johane 6:40; 17:3) Jesu o ile a ruta gore poloko mo go ba “letsomanyane” e tla kaya go tsosediwa ga bone kwa botshelong jwa selegodimo e le gore ba buse le Keresete mo pusong ya Bogosi. (Luke 12:32) Mo bathong ba bangwe botlhe, poloko e kaya go busediwa ga bone mo botshelong jo bo itekanetseng le go nna gape le botsala le Modimo jo Adame le Efa ba neng ba na le jone mo tshimong ya Edene pele ga ba leofa. (Ditiro 3:21; Baefeso 1:10) Kwa tshimologong Modimo o ne a ikaeletse gore batho ba tshele jalo ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. (Genesise 1:28; Mareko 10:30) Mme gone, dilo di tla busediwa jang mo maemong a a ntseng jalo?

Thekololo—Motheo wa Poloko

6, 7. Jesu o na le seabe sefe mo polokong ya rona?

6 Poloko ya bosakhutleng e kgonega fela ka setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. Ka ntlha yang? Baebele e tlhalosa gore ka nako ya fa Adame a leofa, o ne a “ithekisa” a bo a rekisa ditlogolwana tsa gagwe tsa nako e e tlang, go akaretsa le rona, mo boleong—e leng se se neng sa dira gore go tlhokege thekololo fa e le gore batho ba ne ba tla nna le tsholofelo epe fela e e utlwalang. (Baroma 5:14, 15; 7:14) Ditlhabelo tsa diphologolo tse di neng di ntshiwa mo Molaong wa ga Moshe di ne di tshwantshetsa thekololo e Modimo a neng a tla e ntshetsa batho botlhe. (Bahebera 10:1-10; 1 Johane 2:2) Setlhabelo sa ga Jesu ke sone se se neng sa diragatsa dilo tseo tsa tshwantshetso tsa boporofeti. Moengele wa ga Jehofa o ne a itsise jaana pele ga Jesu a tsholwa: “O tla boloka batho ba gagabo mo maleong a bone.”—Mathaio 1:21; Bahebera 2:10.

7 Jesu o ne a tsholwa ke Marea wa kgarebana ka tsela ya kgakgamatso, mme e re ka e ne e le Morwa wa Modimo, o ne a se ka a rua loso mo go Adame. Kgang eno le tsela e a neng a ikanyega ka yone ka botlalo di ne tsa dira gore botshelo jwa gagwe bo kgone go duela tlhwatlhwa e e neng e ka reka batho gape go tswa mo boleong le mo losong. (Johane 8:36; 1 Bakorintha 15:22) Jesu o ne a se ka a atlholelwa go swa jaaka batho ba bangwe botlhe ka ntlha ya boleo. O ne a tla mo lefatsheng ka boikaelelo jwa “go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Gone jaanong Jesu a ka dira gore batho botlhe ba ba dirang dilo tse Modimo a di batlang ba bone poloko e re ka gone jaanong a tsositswe e bile a tlhomilwe mo setulong sa bogosi.—Tshenolo 12:10.

Go Tlhokega Eng Gore re Bone Poloko?

8, 9. (a) Jesu o ne a araba jang potso ya mmusi yo mmotlana kaga poloko? (b) Jesu o ne a dirisa sebaka seo jang go ruta barutwa ba gagwe?

8 Mmusi mongwe yo mmotlana yo o humileng wa Moiseraele o kile a botsa Jesu jaana: “Ke eng se ke tshwanetseng go se dira gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” (Mareko 10:17) Potso eno e ka tswa e ne e senola tsela e Bajuda ba bantsi ba motlha wa gagwe ba neng ba akanya ka yone—gore Modimo o ne a batla gore motho a dire ditiro dingwe tse di molemo le gore fa motho a ne a ka dira ditiro tseno ka bontsi, Modimo o ne a ka mo naya poloko. Mme gone, boineelo jo bo ntseng jalo bo ne bo tla bo bo tlhotlhelediwa ke maikaelelo a bogagapa. Ditiro tse di ntseng jalo di ne tsa se ka tsa dira gore batho ba nne le tsholofelo e e tlhomameng ya poloko ka gonne go ne go se na motho ope yo o neng a ka kgona go tshela go ya ka melao ya Modimo ka botlalo.

9 Fa Jesu a araba monna yono, o ne a mo gakolola fela gore a ikobele ditaelo tsa Modimo. Mmusi yono yo mmotlana o ne a akofa a tlhomamisetsa Jesu gore o sa le a di ikobela go tloga a sa le mosha. Karabo ya gagwe e ne ya tlhotlheletsa Jesu go mo rata. Jesu o ne a mo raya a re: “Selo se le sengwe se a tlhaela mo go wena: Tsamaya, o rekise dilo lefa e le dife tse o nang le tsone o bo o neye bahumanegi, mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong, mme o tle o nne molatedi wa me.” Le fa go ntse jalo, lekawana leno le ne la tswa la tsamaya le hutsafetse, “gonne o ne a na le dithuo di le dintsi.” Go tswa foo Jesu o ne a gatelela mo barutweng ba gagwe gore go rata dithoto tsa lefatshe leno thata go ka kgoreletsa motho go bona poloko. O ne a oketsa ka go bolela gore ga go motho ope yo o ka bonang poloko ka maiteko a gagwe ka namana. Mme gone, Jesu o ne a tswelela pele ka go ba tlhomamisetsa jaana: “Mo bathong ga go kgonege, mme ga go a nna jalo mo Modimong, gonne dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.” (Mareko 10:18-27; Luke 18:18-23) Re ka bona poloko jang?

10. Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di dira gore re bone poloko?

10 Poloko ke mpho e e tswang mo Modimong, mme gone ga e itlele fela. (Baroma 6:23) Go na le dilo dingwe tsa motheo tse motho mongwe le mongwe a tshwanetseng go di dira gore a tshwanelege go bona mpho eo. Jesu o ile a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Mme moaposetoloi Johane o ile a oketsa jaana: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo.” (Johane 3:16, 36) Ga go pelaelo gore Modimo o batla gore batho ba ba nang le tsholofelo ya go bona poloko ya bosakhutleng ba nne le tumelo le boikobo. Mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya go dumela mo thekololong le go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu.

11. Motho yo o sa itekanelang a ka amogelwa jang ke Jehofa?

11 E re ka re sa itekanela, ga go motlhofo go bontsha boikobo e bile ga re kgone go bo bontsha ka botlalo. Ke gone ka moo Jehofa a re neileng thekololo gore e bipe maleo a rona. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tswelela pele re kgaratlhela go tshela ka tsela e e dumalanang le ditsela tsa Modimo. Re tshwanetse go boloka ditaelo tsa Modimo fela jaaka Jesu a ile a laela mmusi yo mmotlana wa mohumi. Go dira jalo ga go dire fela gore motho a amogelwe ke Modimo mme gape go dira gore a nne le boipelo jo bogolo ka gonne “ditaolo tsa one ga di imele”; di a ‘lapolosa.’ (1 Johane 5:3; Diane 3:1, 8, NW) Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go nna o tshwareletse mo tsholofelong ya poloko.

“Tlhabana Tlhabano ka Thata lo Tlhabanela Tumelo”

12. Tsholofelo ya poloko e ka nonotsha Mokeresete jang gore a tile dithaelo tse di sa siamang?

12 Morutwa Jude o ne a batla go kwalela Bakeresete ba pele kaga “poloko e [botlhe ba neng ba na] le yone.” Le fa go ntse jalo, maemo a a maswe a boitsholo a a neng a atile a ne a mo dira gore a gakolole bakaulengwe ba gagwe “go tlhabana tlhabano ka thata ba tlhabanela tumelo.” Ee, fa motho a batla go bona poloko, ga go a lekana gore a nne fela le tumelo, a kgomarele tumelo ya Bokeresete jwa boammaaruri le go ikoba fela fa dilo di tsamaya sentle. Tsela e re ineetseng ka yone mo go Jehofa e tshwanetse go nonofa mo go lekaneng go ka re thusa go emelana le dithaelo le boitshwaro jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, go feteletsa dilo mo go tsa tlhakanelo dikobo, go se tlotle bolaodi, dikgaogano, le dipelaelo, di ne di sutlhelela mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Jude o ne a thusa Bakeresetekaene go fenya ditlwaelo tse di ntseng jalo ka go ba kgothaletsa gore ba se ka ba lebala boikaelelo jwa bone: “Baratwa, ka go ikaga mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, le go rapela ka moya o o boitshepo, ipolokeng mo loratong lwa Modimo, fa lo ntse lo letetse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng.” (Jude 3, 4, 8, 19-21) Tsholofelo ya go bona poloko e ne e ka ba nonotsha mo ntweng ya bone ya go leka go nna ba le phepa mo boitsholong.

13. Re ka bontsha jang gore ga re a fosa boikaelelo jwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo?

13 Jehofa Modimo o lebeletse gore batho ba a tla ba nayang poloko ba nne le boitsholo jo bo molemo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Le fa go ntse jalo, go tswelela pele re tshela ka melao ya Modimo ya boitsholo ga go bolele gore re atlhole batho ba bangwe. Ga se rona ba re tshwanetseng go atlhola gore go tla diragalang ka isagwe ya batho ba re tshelang le bone. Go na le moo, Modimo ke ene yo o tla dirang jalo, jaaka fa Paulo a ile a bolelela Bagerika ba kwa Athena jaana: “O tlhomile letsatsi le o ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo o mo tlhomileng”—Jesu Keresete. (Ditiro 17:31; Johane 5:22) Fa re tshela ka go dumela mo thekololong ya ga Jesu ga go ne go tlhokega gore re boife letsatsi le le tlang la katlholo. (Bahebera 10:38, 39) Selo sa botlhokwa ke gore le ka motlha re se ka ra “amogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo [go boelana le ene ka thuso ya thekololo] mme [ra] fosa boikaelelo jwa jone” ka go letla gore re raelesege go nna le dikakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. (2 Bakorintha 6:1) Mo godimo ga moo, fa re thusa batho ba bangwe go bona poloko, re bontsha gore ga re a fosa boikaelelo jwa boutlwelobotlhoko jwa Modimo. Re ka ba thusa jang?

Go Abela ba Bangwe Tsholofelo ya Poloko

14, 15.Jesu o ne a abela bomang go phatlalatsa dikgang tse di molemo tsa poloko?

14 Paulo o ile a nopola moporofeti Joele ka go kwala jaana: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” Go tswa foo o ile a oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo, ba tla bitsa jang yo ba sa bayang tumelo mo go ene? Le gone, ba tla baya tumelo jang mo go yo ba sa utlwang ka ene? Le gone, ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang?” Paulo mo ditemaneng di sekae tse di latelang o tlhalosa gore tumelo ga e itlele fela ka boyone; go na le moo, “e latela selo se se utlwilweng,” ke gore “lefoko le le kaga Keresete.”—Baroma 10:13, 14, 17; Joele 2:32.

15 Ke mang yo o tla isetsang ditšhaba “lefoko le le kaga Keresete”? Jesu o ne a abela balatedi ba gagwe go dira tiro eo—ba ba neng ba setse ba rutilwe “lefoko.” (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Johane 17:20) Fa re nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa, re a bo re dira se moaposetoloi Paulo a ileng a kwala ka sone fa mo lekgetlhong leno a ne a nopola Isaia jaana: “Abo dinao tsa ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa dilo tse di molemo di kgatlha jang ne!” Tota le fa batho ba bantsi ba sa amogele dikgang tse di molemo tse re tlang ka tsone, Jehofa o sa ntse a tsaya dinao tsa rona di le “dintle.”—Baroma 10:15; Isaia 52:7.

16, 17. Go rera ga rona go dira dilo dife tse pedi?

16 Fa re dira tiro eno e re e abetsweng re a bo re dira dilo tse pedi tse di botlhokwa. Sa ntlha, dikgang tse di molemo di tshwanetse tsa rerwa e le gore leina la Modimo le tle le tlotlomadiwe le gore batho ba ba batlang poloko ba itse kwa ba ka retologelang gone. Paulo o ne a tlhaloganya selo seno. O ile a re: “Tota e bile, Jehofa o tlhomile taolo mo go rona ka mafoko ano, ‘Ke go tlhomile jaaka lesedi la merafe, gore o nne poloko go ya fela kwa karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.’” Ka gone, e re ka re le barutwa ba ga Keresete, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go nna le seabe mo go isetseng batho molaetsa wa poloko.—Ditiro 13:47; Isaia 49:6.

17 Sa bobedi, go rerwa ga dikgang tse di molemo go thaya motheo wa tsela e e siameng e Modimo a tla atlholang ka yone. Jesu o ile a bua jaana ka katlholo eno: “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. Mme merafe yotlhe e tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi.” Le fa gone tiro ya go atlhola le go kgaoganya e tla dirwa “fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe,” tiro ya go rera gompieno e naya batho tshono ya go lemoga ba e leng bomorwarraagwe Keresete ba semoya mme ka jalo ba dira le bone ka go ba ema nokeng gore ba bone poloko ya bosakhutleng.—Mathaio 25:31-46.

Nna le “Tlhomamisego e e Tletseng ya Tsholofelo”

18. Re ka boloka “tsholofelo ya poloko” ya rona jang e phatsima?

18 Go nna le seabe ka botlhaga mo tirong ya go rera ke tsela e nngwe e e ka re thusang go boloka tsholofelo ya rona e phatsima. Paulo o ile a kwala jaana: “Re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a bontshe botlhaga jo bo tshwanang e le gore lo nne le tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong.” (Bahebera 6:11) Ka gone, e kete mongwe le mongwe wa rona a ka rwala “tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro ya phemelo,” ka go dira jalo a sa lebale gore “Modimo o re laoletse, e seng tšhakgalo, mme go bona poloko ka Morena wa rona Jesu Keresete.” (1 Bathesalonika 5:8, 9) A re tseyeng tsia le kgakololo eno ya ga Petere: “Tlamelelang megopolo ya lona tiro, nnang lo thantse mo go feletseng mo ditlhaloganyong; tlhomang tsholofelo ya lona mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang jo ruri bo tla tlisiwang mo go lona fa Jesu Keresete a senolwa.” (1 Petere 1:13) Botlhe ba ba dirang jalo ba tla bona “tsholofelo ya poloko” e diragadiwa ka botlalo!

19. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Fa go sa ntse go le jalo, re tshwanetse go leba jang nako e e saletseng tsamaiso eno ya dilo? Re ka dirisa jang nako eo go iponela poloko le go thusa batho ba bangwe go e bona? Re tla sekaseka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng fa re tshwanetse go boloka “tsholofelo ya poloko” ya rona e phatsima?

• Poloko e akaretsa eng?

• Re tshwanetse go dira eng gore re tshwanelwe ke mpho ya poloko?

• Tiro ya rona ya go rera e dira dilo dife tse di amanang le boikaelelo jwa Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Poloko ga e bolele fela go gololwa mo tshenyegong