Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tebego e e Ntseng e Fetoga ya “Bokeresete”—A Modimo wa e Amogela?

Tebego e e Ntseng e Fetoga ya “Bokeresete”—A Modimo wa e Amogela?

Tebego e e Ntseng e Fetoga ya “Bokeresete”—A Modimo wa e Amogela?

A RE re o kopa motaki gore a go takele setshwantsho sa gago. Fa a fetsa, o a itumela; se tshwana le wena tota. O akanya ka bana ba gago, ditlogolo tsa gago le ditlogolo tsa bone ba ntse ba lebile setshwantsho seno ka boipelo.

Le fa go ntse jalo, morago ga dikokomana tse di rileng, mongwe wa ditlogolwana tsa gago o akanya gore phatla ya gago ga e kgatlhe, ka gone o oketsa moriri. Yo mongwe ga a rate tsela e nko e bopegileng ka teng, ka gone o dira gore e fetolwe. Popego e nna e ntse e “tokafadiwa” fa dikokomana tse dingwe di ntse di latela mme kgabagare setshwantsho seo ga se tlhole se tshwana ka tsela epe le wena. Fa o ka bo o itsile gore se se tla direga, o ne o tla ikutlwa jang? Ga go na pelaelo gore o ne o tla galefa.

Ka maswabi, kgang ya setshwantsho seno, totatota ke kgang ya kereke e e ipitsang ya Bokeresete. Hisitori e bontsha gore ka bonako morago ga go swa ga baaposetoloi ba ga Keresete, tebego e e tshwanetseng ya “Bokeresete” e ne ya simolola go fetoga, fela jaaka Baebele e ne e boleletse pele.—Mathaio 13:24-30, 37-43; Ditiro 20:30. *

Gone mme, ga go phoso go dirisa melaometheo ya Baebele mo dingwaong le mo metlheng e e farologaneng. Mme go phoso tota go fetola dithuto tsa Baebele gore di tshwanele kgopolo nngwe e e tumileng. Le fa go ntse jalo, go diragetse sone fela seo. Ka sekai, akanya ka diphetogo tse di dirilweng mo dilong dingwe tse di botlhokwa.

Kereke e Itira Seoposengwe le Puso

Jesu o ne a ruta gore puso ya gagwe, kana Bogosi jwa gagwe, ke jwa selegodimo, jo fa nako e ntse e ya bo neng bo tla fedisa mebuso yotlhe ya batho mme bo buse mo lefatsheng lotlhe. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Bo ne bo ka se ka jwa busa ka dithulaganyo tsa batho tsa sepolotiki. Jesu o ne a bolela jaana: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 17:16; 18:36) Ka gone, le mororo barutwa ba ga Jesu e ne e le batho ba ba ikobelang molao, ba ne ba tila bopolotiki.

Le fa go ntse jalo, ka nako ya ga Mmusimogolo wa Roma e bong Constantine mo lekgolong la bonè la dingwaga, batho ba le bantsi ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba setse ba lapisitswe ke go letela go boa ga ga Keresete le go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo. Ka bonya ka bonya boikutlo jwa bone ka bopolotiki bo ne jwa fetoga. Buka ya EuropeA History e bolela jaana: “Pele ga nako ya ga Constantine, Bakeresete ba ne ba sa senke maatla a [bopolotiki] go ba thusa mo tirong ya bone. Morago ga Constantine, Bokeresete le bopolotiki jwa maemo a a kwa godimo bo ne jwa nna monwana le lenala.” Bokeresete jo bo fetotsweng e ne ya nna jone bodumedi jo bo kafa molaong jwa Mmusomogolo wa Roma “jwa batho botlhe,” kana “jo bo akaretsang.”

Saetlopedia ya Great Ages of Man e bolela gore ka ntlha ya kgolagano eno ya Kereke le Puso, “mo e ka nnang ka A.D. 385, dingwaga di le 80 fela morago ga pogisego e kgolo ya bofelo ya Bakeresete, Kereke ka boyone e ne ya simolola go bolaya baikeodi, mme baruti ba yone ba ne ba na le maatla a a batlileng a tshwana le a babusibagolo.” Ke ka tsela eo go ileng ga simologa nako ya gore go dirisiwe tšhaka go sokolola batho mo boemong jwa go ba tlhotlheletsa ka mabaka, mme baruti ba ba nang le direto le ba ba batlang go nna le maatla ba ile ba tsaya boemo jwa bareri ba ba ikokobeditseng ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Mathaio 23:9, 10; 28:19, 20) Mokwalahisitori H. G. Wells o ne a kwala ka “dipharologano tse dikgolo fa gare ga” Bokeresete jwa lekgolo la bonè la dingwaga “le thuto ya ga Jesu wa Nasaretha.” “Dipharologano tse dikgolo” tseno di bile tsa ama le dithuto tsa konokono ka Modimo le Keresete.

Go Fetola Tsela e Modimo a Ntseng ka Yone

Keresete le barutwa ba gagwe ba ne ba ruta gore go na le “Modimo o le mongwe e bong Rara,” yo o tlhaolwang ka leina la gagwe, e leng Jehofa, leo le tlhagang ka makgetlho a le 7 000 mo mekwalong ya seatla ya ntlhantlha ya Baebele. (1 Bakorintha 8:6; Pesalema 83:18) Thanolo ya Katoliki ya Douay ya Baebele mo go Bakolosa 1:15 e bolela gore Jesu o ne a bopiwa ke Modimo; ke ene “motsalwapele wa sebopiwa sengwe le sengwe.” Ka gone, jaaka sebopiwa, Jesu o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Rara o mogolo bogolo go nna.”—Johane 14:28.

Mme mo e ka nnang ka lekgolo la boraro la dingwaga, baruti bangwe ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo, ba ba neng ba kgatlhilwe ke thuto ya tharonngwe ya mofilosofi wa moheitane wa Mogerika e bong Plato, ba ne ba simolola go fetola tsela e Modimo a ntseng ka yone gore a tshwanele thuto ya Tharonngwe. Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, thuto eno e ne ya godisa Jesu ka tsela e e sa dumalaneng le dikwalo gore a lekane le Jehofa mme ya dira gore moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a gagwe a a dirang e nne motho.

New Catholic Encyclopedia e bolela jaana malebana le go amogela ga kereke kgopolo eno ya boheitane ya Tharonngwe: “Tlhaloso ya ‘Modimo o le mongwe mo Bathong ba le bararo’ ga ya ka ya thewa ka tlhomamo, tota e bile ga ya ka ya tsenngwa mo botshelong jwa Bokeresete le mo boipolelong jwa tumelo ya bone, pele ga bofelo jwa lekgolo la bonè la dingwaga. Mme ke yone tlhaloso eno e tota e ileng ya simolola lereo thuto ya Tharonngwe. Mo go Borara ba Baaposetoloi, ga go ise go ko go nne le sengwe se se tsamaisanang ka gope le mogopolo o o ntseng jalo kana pono e e ntseng jalo.”

The Encyclopedia Americana le yone e bolela jaana: “Badumelatharonngwe ba lekgolo la bonè la dingwaga ga ba a ka ba tlhalosa thuto ya pele ya Bokeresete ka nepo malebana le tsela e Modimo a ntseng ka yone; go na le moo, ba ne ba fapoga mo thutong eno.” The Oxford Companion to the Bible ya re Tharonngwe ke nngwe ya “ditlhaloso tsa moragonyana tsa thuto ya bodumedi.” Le fa go ntse jalo, Tharonngwe ga se yone fela kgopolo ya boheitane e e ileng ya amogelwa ke kereke.

Go Fetola Tsela e Moya o Ntseng ka Yone

Go dumelwa thata gompieno gore batho ba na le moya o o sa sweng o o tswang mo mmeleng fa motho a swa. A mme o ne o itse gore thuto eno ya kereke le yone e ile ya tsenngwa moragonyana? Jesu o ne a tlhomamisa boammaaruri jwa Baebele jwa gore baswi “ga ba itse sepe,” gore go tshwana le gore ba robetse. (Moreri 9:5; Johane 11:11-13) Botshelo bo tla busediwa ka tsogo—‘go ema gape’ mo borokong jwa loso. (Johane 5:28, 29) Fa go ka bo go na le moya o o sa sweng, go ne go se kitla go tlhokega gore go nne le tsogo, ka gonne bosasweng bo fedisa loso.

Jesu o bile a supa se thuto ya Baebele ya tsogo e se kayang ka go tsosa batho mo losong. Akanya ka sekai sa ga Lasaro yo o neng a sule malatsi a le manè. Fa Jesu a ne a tsosa Lasaro, o ne a tswa mo lebitleng e le motho yo o tshelang yo o hemang. Go ne go se na moya ope o o sa sweng o o neng wa boa go tswa kwa monateng wa legodimo mme wa tsena mo mmeleng wa ga Lasaro fa a ne a tsoga mo losong. Fa go ka bo go ntse jalo, ruri Jesu o ne a tla bo a sa mo direla molemo ka go mo tsosa!—Johane 11:39, 43, 44.

Ka gone he, thuto ya moya o o sa sweng e tswa kae? The Westminster Dictionary of Christian Theology e bolela gore kgopolo eno “e remeletse thatathata mo filosofing ya Segerika ga e tswe mo Baebeleng.” The Jewish Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Tumelo ya gore moya o tswelela o tshela fa mmele o sena go swa ke phopholetso ya filosofi kana ya thutobomodimo mme ga se tumelo e bile ga go na gope mo go rutwang ka yone ka tlhamalalo mo Dikwalong Tse di Boitshepo.”

Gantsi maaka a tsala maaka a mangwe, mme go ntse jalo le ka thuto ya moya o o sa sweng. E ile ya dira gore go simologe kgopolo ya seheitane ya go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo diheleng tse di tukang. * Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela sentle gore “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso”—e seng go tlhokofadiwa ka bosakhutleng. (Baroma 6:23) Ka gone, fa King James Version e tlhalosa ka tsogo e bolela jaana: “Lewatle la ntsha baswi ba ba neng ba le mo go lone; le loso le dihele tsa ntsha baswi ba ba neng ba le mo go tsone.” Baebele ya Douay le yone ya re “lewatle . . . le loso le dihele tsa ntsha baswi ba tsone.” Ee, fa re tlhamalala fela, ba ba leng kwa diheleng ba sule, ‘ba robetse,’ jaaka Jesu a ne a bolela.—Tshenolo 20:13.

A tota o dumela gore thuto ya go tlhokofadiwa ka bosakhutleng kwa diheleng e gogela batho kwa Modimong? Le e seng. Batho ba ba ratang tshiamiso ba ba lorato, ba akanya gore ke selo se se ferosang sebete! Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele yone e ruta gore “Modimo ke lorato” le gore o ila bosetlhogo, tota le mo diphologolong.—1 Johane 4:8; Diane 12:10; Jeremia 7:31; Jona 4:11.

Go Fetolwa ga “Setshwantsho” mo Metlheng ya Rona

Go fetola setshwano sa Modimo le sa Bokeresete go ntse go tswelela gompieno. Porofesa mongwe wa bodumedi bosheng jaana o ile a tlhalosa ntwa ya kereke ya gagwe ya Porotesetanta a re e “malebana le gore a Dikwalo le tumelo ya motheo ke tsone tse di nang le maatla a go laola kana go tshwanetse ga laola megopolo e sele le ya batho, le gore a kereke e tshwanetse ya ikanyega mo bolaoding jwa ga Keresete kana Bokeresete bo tshwanetse jwa dumalanngwa le nako e e rileng le go fetolwa gore bo tshwanele nako eo. Kgang e go mekamekanwang le yone ke ya gore: Ke eng se se tshwanetseng go laola kereke . . . A ke Dikwalo Tse di Boitshepo kana kgopolo ya batho?”

Ka maswabi, go bonala fa “kgopolo ya batho” e le yone e e sa ntseng e laola. Ka sekai, ke selo se se itsegeng thata gore dikereke tse dintsi di fetotse boemo jwa tsone ka dikgang tse dintsi gore go bonale fa di gatela pele e bile di amogela megopolo e mesha. Go ntse jalo segolobogolo fa go tla mo kgannyeng ya boitsholo, dikereke di ile tsa leseletsa dilo thata, jaaka fa go ile ga umakiwa mo setlhogong sa ntlha. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore kgokafalo, boaka le bosodoma ke maleo a a masisi mo matlhong a Modimo le gore ba ba dirang maleo a a ntseng jalo “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10; Mathaio 5:27-32; Baroma 1:26, 27.

Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala mafoko a a nopotsweng fa godimo, setšhaba sa Bagerika le Baroma se se neng se mo dikologile se ne se tletse ka mefuta yotlhe ya boikepo. Paulo o ka bo a ile a akanya jaana: ‘Ee, Modimo o ile a dira gore Sodoma le Gomora e nne melora fela ka ntlha ya boleo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, mme seo se diragetse dingwaga tse 2 000 tse di fetileng! Ruri seo ga se na bokao mo motlheng ono wa tlhabologo.’ Le fa go ntse jalo, ga a ka a dira seipato; o ne a gana go senya boammaaruri jwa Baebele.—Bagalatia 5:19-23.

Ikanye “Setshwantsho” sa Ntlhantlha

Fa Jesu a ne a bua le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba motlha wa gagwe, o ne a re kobamelo ya bone e ne e le ‘ya lefela ka gonne ba ruta ditaolo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.’ (Mathaio 15:9) Baruti bao ba ne ba dira selo se se tshwanang ka Molao o Jehofa a neng a o file Moshe le se se dirilweng ke baruti ba Labokeresete, seo ba sa ntseng ba se dira ka thuto ya ga Keresete—ba ne ba tshela “pente” ya dingwao mo godimo ga boammaaruri jwa Modimo. Mme Jesu o ne a phimola maaka otlhe gore batho ba ba pelo tse di ikanyegang ba solegelwe molemo. (Mareko 7:7-13) Jesu o ne a bua boammaaruri, go sa kgathalesege gore a bo a ratiwa kana nnyaa. Lefoko la Modimo e ne e le lona le le neng le mo laola ka metlha.—Johane 17:17.

A bo Jesu a farologane jang ne le batho ba bantsi ba ba ipitsang Bakeresete! Ebu, Baebele e ile ya bolelela pele jaana: “Batho . . . ba tla tlhoafalela dilo tse di kgatlhang tsa bosheng ba bo ba ipatlela baruti ba ba ratwang ke bone; mme go tswa foo, go na le go reetsa boammaaruri, ba tla fapogela kwa mainaneng.” (2 Timotheo 4:3, 4, The Jerusalem Bible) “Mainane” ano, a re setseng re sekasekile a le mmalwa a one, a senya mo semoyeng, mme boammaaruri jwa Lefoko la Modimo jone bo a aga, e bile bo isa kwa botshelong jo bo sa khutleng. Ke jone boammaaruri jo Basupi ba ga Jehofa ba go kgothaletsang gore o bo tlhatlhobe.—Johane 4:24; 8:32; 17:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Jaaka Jesu a ile a senola mo setshwantshong sa korong le mefero le mo setshwantshong sa gagwe sa tsela e e atlhameng le e tshesane (Mathaio 7:13, 14), go ne go tla nna le batho ba le mmalwa ba ba leng mo Bokereseteng jwa boammaaruri go ralala dingwaga. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tla fekeediwa ke bontsi jwa ba ba tshwanang le mefero, ba ba neng ba tla ikgodisa ba bo ba tlotlomatsa dithuto tsa bone gore ke tsone tse di nang le tebego e e tshwanetseng ya Bokeresete. Ke yone tebego e setlhogo sa rona se buang ka yone.

^ ser. 19 “Dihele” ke thanolo ya lefoko la Sehebera la Sheol le la Segerika la Hades, ao bobedi jwa one a rayang fela “lebitla.” Ka gone, e re ka baranodi ba Seesemane ba King James Version ba ile ba ranola Sheol ka makgetlho a le 31 e le “dihele,” ba ile gape ba e ranola ka makgetlho a le 31 e le “lebitla” le makgetlho a le 3 e le “molete,” ka go dira jalo ba bontsha gore mafoko ano totatota a raya selo se le sengwe.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tshimologo ya Leina Mokeresete

Mo e ka nnang bobotlana dingwaga di le lesome morago ga loso lwa ga Jesu, balatedi ba gagwe ba ne ba itsege e le ba “Tsela.” (Ditiro 9:2; 19:9, 23; 22:4) Ka ntlha yang? Ka gonne tsela ya bone ya botshelo e ne e ikaegile ka go dumela ga bone mo go Jesu Keresete, yo e leng “tsela le boammaaruri le botshelo.” (Johane 14:6) Go tswa foo, nako nngwe morago ga 44 C.E., kwa Siria ya kwa Antioka, barutwa ba ga Jesu ‘ba ne ba bidiwa Bakeresete ka kaelo ya bomodimo.’ (Ditiro 11:26) Leina leno le ne la amogelwa ka bonako, tota le ke balaodi. (Ditiro 26:28) Leina leno le lesha ga le a ka la fetola tsela ya go tshela ya Bakeresete, e e neng ya tswelela e dirwa gore e tshwane le ya ga Keresete.—1 Petere 2:21.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa ba kaela batho mo Lefokong la Modimo e leng Baebele ka bodiredi jwa bone jwa phatlalatsa

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Third from left: United Nation/Photo by Saw Lwin