A o Dumela Se o Sa se Boneng?
A o Dumela Se o Sa se Boneng?
FA MONGWE a re, ‘Ke dumela fela se ke se bonang,’ o a bo a sa bolele ka tsela ya mmatota. Totatota, rotlhe re dumela mo dilong tse re sa di boneng.
Ka sekai, kwa sekolong lo ka tswa lo ile wa dira tekeletso e e supang gore go na le maatla a makenete. Seno se ka dirwa jaana: Gasagasa dikapetla tsa tshipi mo pampiring. Go tswa foo o bo o baya pampiri eno mo godimo ga makenete. Fa o tshikinya pampiri eno, dikapetla tseno tsa tshipi di kokoanela ka fa dintlheng tsa makenete, jaaka e kete
ka tsela ya maselamose, di bo di ipopa go ya ka popego ya maatla a makenete. Fa o sena go dira jalo, a tota o ka bona maatla a makenete ono? Nnyaa, o ka bona fela se se diregang ka dikapetla tseno tsa tshipi, di go tlhatswa pelo gore go na le maatla a makenete.Go na le dilo tse re dumelang re sa belaele gore di gone tse re sa kgoneng go di bona. Fa re lebile setshwantsho se sentle se se takilweng kana re bogetse sengwe se se betlilweng, ga re belaele gore di dirilwe ke motaki kana mmetli. Ka jalo fa re tlhomile diphororo matlho kana re lebile letsatsi le phirima, a ga re a tshwanela go tlhotlheletsega go akanya gore di ka tswa di dirilwe ke Motaki kana Mmetli yo Mogolo?
Lebaka La go Bo Bangwe ba sa Dumele
Ka maswabi, batho bangwe ba ile ba tlogela go dumela mo Modimong ka ntlha ya se ba se rutilweng kwa kerekeng. Seno se ile sa diragalela monna mongwe kwa Norway yo o neng a bolelelwa gore Modimo o fisa baikepi mo diheleng tsa molelo. Monna yono o ne a sa tlhaloganye gore ke Modimo yo o ntseng jang yo o ka tlhokofatsang batho ka tsela eo, ka jalo o ne a nna molatolamodimo.
Le fa go ntse jalo, moragonyana monna yono o ne a dumela go sekaseka Baebele, a thusiwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a gakgamadiwa ke go ithuta gore Baebele ga e rute gore baikepi ba tlhokofadiwa mo diheleng tsa molelo. Baebele e tshwantsha loso le go robala. Fa re le mo lebitleng ga re utlwe botlhoko bope; ga re ikutlwe gotlhelele. (Moreri 9:5, 10) Gape monna yono o ne a ithuta gore batho ba ba ntseng jalo, ba Modimo a tla ba atlholang ka gore ke baikepi ba ba sa fetogeng ba tla sala mo mabitleng ka bosakhutleng. (Mathaio 12:31, 32) Baswi ba bangwe ba tla tsosiwa ka nako e Modimo a e tlhomileng, ba na le tebelelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng. (Johane 5:28, 29; 17:3) Tlhaloso eno e ne e utlwala. E ne e dumalana le mafoko a Baebele a a reng “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Monna yono yo o peloephepa o ne a tswelela pele a ithuta Lefoko la Modimo, mme fa nako e ntse e ya, o ne a simolola go rata Modimo wa Baebele.
Batho ba bangwe ga ba dumele gore Mmopi yo o lorato o teng ka ntlha ya go anama ga tlalelo le tshiamololo. Ba dumalana le monna mongwe wa kwa Sweden yo o kileng a supa kwa legodimong mme a botsa jaana: “Go tla jang gore go nne le Modimo mothatayotlhe, le ramatlotlo otlhe kwa godimo kwa fa rona kwano re aparetswe ke tsietso le boikepo?” E re ka go ne go se na ope yo o neng a mo arabela potso ya gagwe, le ene o ne a nna molatolamodimo. Moragonyana o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a ithuta gore Lefoko la Modimo le araba potso eno e e sa bolong go nna teng *
ka tsela e e kgotsofatsang, Ke eng fa Modimo a letleletse boikepo?Monna yono yo o peloephepa o ne a lemoga gore go nna gone ga boikepo ga se bosupi jwa gore Modimo ga a yo. Fa re tshwantsha: Motho a ka tlhama thipa gore e dirisediwe go sega nama. Moreki a ka reka thipa eno gore a e dirise, e seng go sega nama, mme a e dirisetse go bolaya. Lebaka la go bo thipa e dirisitswe ka tsela e e sa tshwanelang ga le fetole bosupi jwa gore motho yo o e dirileng o teng. Ka mo go tshwanang, lebaka la go bo lefatshe le sa dirisiwe go ya kafa go neng go ikaeletswe ka teng ga go bolele gore ga le na Mmopi.
Baebele e ruta gore tiro ya Modimo e itekanetse. One ke “o o se nang tshiamololo, one o tekatekanyo, o tshiamo.” (Duteronome 32:4) Modimo o naya batho dimpho tse di molemo, mme dimpho tse dingwe ga di a dirisiwa ka tsela e e tshwanetseng, mme tsa baka pogo e e seng kana ka sepe. (Jakobe 1:17) Le fa go ntse jalo, Modimo o tla fedisa pogo eno. Morago ga moo, “bapelonomi ba tlaa rua lefatshe . . . ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:11, 29.
Monna wa kwa Sweden yo o umakilweng pelenyana o ne a amiwa pelo ke go bona batho ba boga. Tota, tsela e e lorato e a neng a amega ka ba bangwe ka yone e tlhomamisa gore Modimo o teng. Jang?
Batho ba le bantsi, fa ba sa dumele mo Modimong ba dumela mo thutotlhagelelong. Batho ba ba dumelang thutotlhagelelo ba ruta gore “bopodi go kgonana ba ba dinaka”—ke gore batho le diphologolo tsa mefuta ya tsone di a gaisana gore di tshele. Tse di nonofileng di a tshela; tse di bokoa di a swa. Ba bolela gore ka tlholego dilo di tshwanetse go nna jalo. Mme fa e le gore ke “tlholego” gore dilo tse di bokoa di swe gore tse di nonofileng di tshele, re ka tlhalosa jang ntlha ya gore batho bangwe ba ba nonofileng, ba ba jaaka monna yoo wa kwa Sweden, ba amiwa pelo ke go bona batho ba bangwe ba boga?
Go Itse Modimo
Re ka se bone Modimo ka gonne ga a na mmele wa batho. Le fa go ntse jalo, Modimo o batla gore re mo itse. Tsela e nngwe e re ka mo itseng ka yone ke ka go ela tlhoko ditiro tsa gagwe tse dikgolo—“ditshwantsho tse di takilweng” le “dilo tse di betlilweng” tsa popo. Mo go Baroma 1:20, Baebele e bolela jaana: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo tlhōlong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a one a a sa feleng le Bomodimo.” Ee, fela jaaka go ithuta setshwantsho se se takilweng kana selo se se betlilweng go ka go thusa go nna le temogo ka botho jwa motaki, go tlhatlhanya ka ditiro tse dikgolo tsa Modimo go ka go thusa go itse botho jwa gagwe.
Ke boammaaruri gore re ka se kgone go araba dipotso tsotlhe tse di tshwenyang batho mo botshelong ka go leba fela ditiro tsa Modimo tsa popo. Mme gone re ka bona dikarabo tsa dipotso tse di ntseng jalo ka go batlisisa mo Lefokong la Modimo, Baebele. Banna ba babedi ba ba umakilweng pelenyana ba ne ba dira tshwetso ya gore Modimo o teng le gore o amegile ka se se re diragalelang fa ba sena go bala Baebele le go iketleeletsa go fetoga.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 8 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le mabaka a go bo Modimo a letleletse boikepo, tsweetswee bona buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, kgaolo 8, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]
J. Hester and P. Scowen (AZ State Univ.), NASA