Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo jo bo Itekanetseng ga se Toro Fela!

Botshelo jo bo Itekanetseng ga se Toro Fela!

Botshelo jo bo Itekanetseng ga se Toro Fela!

Lefatshe le le itekanetseng—le kaya eng mo go wena? Akanya fela go na le setšhaba se go se nang bokebekwa mo go sone, le fa e le go tshwakgolwa ke diokobatsi, leuba, lehuma kana tshiamololo. Batho botlhe ba itekanetse mo maikutlong e bile ba na le botsogo jo bo siameng. Ga go na bohutsana kana botlhoko ka gonne tota le loso lo fedisitswe. A go a utlwala go eletsa lefatshe le le ntseng jalo?

LE FA gone batho ba le bantsi ba sa itlhokomolose kgatelopele e e dirilweng ke saense le tekenoloji, ga ba dumele tota gore botlhale kana bokgoni jwa motho bo tla dira gore go nne le lefatshe le le itekanetseng le mo go lone botlhe ba tla tshelang ka kagiso le boitumelo. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba rata thata go tokafatsa dilo le go baakanya bosaitekanelang. Gone mme, go lora fela ka dilo tse di ka se kang tsa diragala go ka se ka ga thusa batho ba ba se nang matlo le ba ba humanegileng, e bile go ka se ka ga kgotsofatsa batho ba ba golafetseng le ba ba lwalang ba ba eletsang gore ba gololwe mo go bogeng ga bone. Lefatshe le le itekanetseng tota le ka se ka la nna teng ka ntlha ya bokgoni jwa batho. Le fa go ntse jalo, le mororo go na le bohutsana le kgatelelo gone jaanong, go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore go tla tloga go nna le lefatshe le o ka reng ke le le itekanetseng.

Gongwe fa o akanya ka botshelo jo bo itekanetseng, o gopola botshelo jwa ga Jesu Keresete. Jesu ga se ene fela motho yo o itekanetseng yo o kileng a tshela mo lefatsheng. Adame le Efa ba ba neng ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ba ne ba tshela botshelo jo bo itekanetseng mo paradaiseng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba latlhegelwa ke boemo jo bontle jono ka ntlha ya go tsuologela Rraabone wa selegodimo. (Genesise 3:1-6) Gone mme, Mmopi o ne a tsenya keletso ya go batla go tshelela ruri mo bathong. Moreri 3:11 e bolela jaana go supa fa seo se le boammaaruri: “[Modimo] o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone; le gone o tlhomile go akanya ka ga bosakhutleng mo pelong tsa bone, mme le fa go ntse jalo e be e le ka mokgwa wa go re motho ga a kake a lemogela ruri tiro e Modimo o e dirileng go tswa tshimologong go ya fela kwa bokhutlong.”

Le fa gone bosaitekanelang le boleo bo ile jwa dira gore batho ba tshele botshelo jwa “bosenangmosola” le jwa go nna mo ‘botlhankeng jwa go bola,’ ela tlhoko mafoko ano a a gomotsang a ga moaposetoloi Paulo: “Go lebelela ka phisego ga tlhōlō go letetse go senolwa ga barwa ba Modimo. Gonne tlhōlō e ne ya bewa mo taolong ya bosenangmosola, e seng ka go rata ga yone mme ka ene yo o neng a e baya mo taolong, mo motheong wa tsholofelo ya gore tlhōlō ka boyone le yone e tla gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:19-21) Baebele e bontsha ka phepafalo gore thulaganyo e Modimo a e dirileng go busetsa batho botshelo jo bo itekanetseng e dirilwe ka Jesu Keresete.—Johane 3:16; 17:3.

Mo godimo ga tsholofelo e ntle eno e e galalelang ya isagwe, rotlhe re ka kgona go dira kgatelopele ya semoya, re dira gore botswelelopele jwa rona bo bonatshege gone jaanong.

Leka go Nna Tekatekano

Jesu Keresete o ne a tsaya kgang ya go itekanela e le botlhokwa jaana mo e leng gore o ne a raya bareetsi ba bantsi a re: “Jalo lo tshwanetse go itekanela, jaaka Rraalona wa selegodimo a itekanetse.” (Mathaio 5:48) A tota Jesu o ne a lebeletse gore re bo re se na diphoso mo tsamaisong ya jaanong e e boikepo? Nnyaa. Re tshwanetse ra leka ka natla go nna le dinonofo tsa bopelotshweu, bomolemo le lorato mo bathong ba bangwe, le fa go ntse jalo gantsi re palelwa ke go dira se se siameng. Tota le mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu o ne a kwala jaana: “Fa re ipolela maleo a rona, o boikanngo le tshiamo mo o tla re itshwarelang maleo a rona le go re phepafatsa mo tshiamololong yotlhe. Fa re bua polelo e e reng: ‘Ga re a leofa,’ re o dira moaki, mme lefoko la one ga le yo mo go rona.”—1 Johane 1:9, 10.

Gone mme, re ka tokafatsa tsela e re itebang ka yone le kafa re tshwarang ba bangwe ka teng, re tila go feteletsa dilo. Ke mang yo o ka neelang kaelo e e botoka ya go nna le botho jo bo lekalekaneng go feta e e mo Lefokong la Modimo e leng Baebele? Go leka go nna le dinonofo tse di jaaka boipelo le bori go tla re thusa gore re utlwane le ba bangwe kwa tirong, le molekane wa rona wa lenyalo le batsadi kana bana ba rona. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete jaana: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng! A go nna kakanyetso ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.”—Bafilipi 4:4, 5.

Melemo ya go Nna Tekatekano

Fa o le tekatekano ka dilo tse o di lebeletseng mme o tila go ikutlwisa botlhoko le go ikgoba marapo ka go nna le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe, o tla itsholegela molemo mmogo le ba bangwe. Go itse bokgoni jo o nang najo tota go tlhoka gore o lebe dilo jaaka di ntse le go nna tekatekano ka se o batlang go se dira. Gakologelwa, Modimo o re bopile gore re tshele mo lefatsheng mme re kgotsofalele tiro e e molemo e e solegelang rona le ba bangwe molemo.—Genesise 2:7-9.

Fa e le gore o ntse o batla go dira dilo tse o sa di kgoneng, ke eng fa o sa atamele Jehofa ka thapelo? Fa o amogelwa ke Modimo o tla ikutlwa o wetse makgwafo thata. Jehofa o itse popego ya rona le boemo jwa rona jwa bosaitekanelang, ka gone ga a feteletse dilo e bile ga go thata go mo itumedisa. Mopesalema o re tlhomamisetsa jaana: “Jaaka rrabana a tle a utlwele bana ba gagwe botlhoko; Jehofa le ene o tlhomogela ba ba mmoifang pelo jalo. Gonne o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela.” (Pesalema 103:13, 14) A bo re tshwanetse go leboga jang ne go bo Modimo a dirisana le batho ka tsela e e kutlwelobotlhoko jaana! O itse ditlhaelo tsa rona, le fa go ntse jalo re ka nna batho ba ba botlhokwa mo matlhong a gagwe jaaka bana ba ba rategang.

Go na le gore o rate go nna le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe, a bo go le botlhale jang go leka go nna le temogo ya semoya le go nna le pono e e lekalekaneng! Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega gore ga go na ope yo o ka thibelang Jehofa go diragatsa maikaelelo a gagwe a go dira gore batho ba itekanele mo Bogosing jwa Modimo. Mme gone go itekanela ga batho go kaya eng?

Botshelo jo bo Itekanetseng bo Gaisa Boikutlo Jwa go sa Kgotsofalele Sepe

Go itekanela ga go reye go nna motho yo o sa kgotsofaleleng sepe. Batho ba ba nang le tshiamelo ya go tshela mo lefatsheng la Paradaise mo Bogosing jwa Modimo ruri e ka se ka ya nna batho ba ba batlang mo gontsi mo go ba bangwe e bile e ka se ka ya nna batho ba ba iponang tshiamo ka tsela e e feteletseng. Sengwe sa dilo tse di batlegang gore motho a falole pitlagano e kgolo ke go anaanela setlhabelo sa thekololo go tswa pelong, jaaka boidiidi jo bogolo jwa ditšhaba tsotlhe jo bo tlhalositsweng ke moaposetoloi Johane bo dira: “Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, o o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.” (Tshenolo 7:9, 10, 14) Bafalodi botlhe ba pitlagano e kgolo e e tlang ba tla leboga thata go bo Keresete a ile a iketleeletsa go ba swela mmogo le botlhe ba ba dumelang mo go ene. Setlhabelo sa gagwe sa lorato se thaya motheo o o tla ba gololang mo boemong jwa bone jwa go sa itekanela le mo makoeng a bone.—Johane 3:16; Baroma 8:21, 22.

Botshelo jo bo itekanetseng bo tla bo bo ntse jang? Go na le gore go nne le kgaisano le boikgodiso jwa bopelotshetlha, lorato le bopelonomi bo tla dira gore botshelo bo nne monate mo bathong, go sa tlhole go na le ditlhobaelo le go ipelaela. Le fa go ntse jalo, botshelo jo bo itekanetseng bo ka se ka jwa lapisa. Lefoko la Modimo ga le tlhalose sengwe le sengwe ka Paradaise mme le tlhalosa mofuta wa botshelo jo re ka bo lebelelang jaana: “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma, mme go je o sele; gonne jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tlaa nna jalo, mme baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele. Ga ba ketla ba kgokgolela lefela, le fa e le go tsholela thekisego bana.”—Isaia 65:21-23.

Go na le gore o akanye ka gore Bogosi bo tla lere mofuta ofe wa boitlosobodutu, mabenkele, tekenoloji kana dipalangwa tsa mofuta ofe, akanya o bona go diragadiwa ga mafoko ano: “‘Phiri e tlaa ja mmogo fela le kwanyana, le tau e tlaa ja lotlhaka jaaka kgomo; mme lorole e tlaa nna dijo tsa noga. Ga di ketla di utlwisa botlhoko, le fa e le go senya mo thabeng e e itshepileng ya me yotlhe fela,’ go bua Jehofa.” (Isaia 65:25) A bo botshelo jo bo itekanetseng bo tla bo bo farologane jang ne le jo o bo bonang gompieno! Fa o ka nna mongwe wa batho ba ba tla tshwanelegang go tshela ka nako eo, o tla bo o na le lebaka la go tshepa gore Rrago yo o lorato wa selegodimo o tla amega ka dilo tse wena le ba lelapa la gago lo di tlhokang. “Inatefise mo go Jehofa; mme o tlaa go naya dikeletso tsa pelo ya gago.”—Pesalema 37:4.

Botshelo jo bo itekanetseng ga se toro fela. Boikaelelo jwa ga Jehofa jo bo lorato ka batho bo tla diragadiwa ka botlalo. Wena le lelapa la gago lo ka nna bangwe ba bao ba tla fetolwang go nna batho ba ba itekanetseng le go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo. Baebele e bolelela pele jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Re ka tokafatsa tsela e re itebang ka yone le e re lebang ba bangwe ka yone, re tila go nna le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe kana go nna batshwayadiphoso

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ke eng fa o sa ikakanye o setse o le mo maemong a kagiso le a a siameng kwa Paradaiseng?