Ke Eng fa o Tshwanetse go Fenya Boikutlo Jwa go sa Kgotsofalele Sepe?
Ke Eng fa o Tshwanetse go Fenya Boikutlo Jwa go sa Kgotsofalele Sepe?
A ka metlha o leka ka natla go dira gotlhe mo o ka go kgonang? Ga go na pelaelo gore go dira jalo go ka solegela wena le ba ba go dikologileng molemo ka ditsela tse dintsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba bangwe ba ile ba feteletsa dilo mme ba nna batho ba ba nnang le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe. Seo se kaya eng?
EBU, bokao jo bongwe jwa polelwana “boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe” ke “go nna le boikutlo jwa go leba sengwe le sengwe se se tlhaelang e le se se sa amogelesegeng.” Go ka direga gore o kile wa dirisana le batho ba ba nang le boikutlo jo bo ntseng jalo. O kgona go bona gore dilo tse di thata tse ba di batlang mo bathong ba bangwe di ka baka mathata a mantsi, di dira gore go nne le go sa kgotsofale le go kgobega marapo. Batho ba le bantsi ba ba tekatekano ba lemoga gore go nna le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe ka tsela ya go batla dilo tse di feteletseng le dilo tse di sa kgonegeng mo dikgannyeng tsotlhe tsa botshelo ke selo se se sa rategeng tota. Ke selo se se tshwanetseng sa fenngwa. Le fa go ntse jalo, bothata ke gore fa go tla mo boikutlong jwa rona ka namana, go ka nna ga nna thata go lemoga gore re na le boikutlo joo jwa go sa kgotsofalele sepe, ka gone ke kgwetlho go bo fenya.
Nelson o na le maikarabelo a magolo e bile go na le mathata a mantsi a a tshwanetseng go a rarabolola. O sekaseka dipalopalo ka metlha mme go botlhokwa thata mo go ene gore tiro e bonale. Gantsi go tsewa gore go tlhokega gore o nne motho yo o nang le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe gore o tle o atlege mo lefelong la tiro mo go gaisanwang teng. Le mororo batho bangwe ba ka tswa ba rata bokgoni jwa ga Nelson, go nna ga gagwe le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe go dira gore a nne le makoa a mmele, a a jaaka go opiwa ke tlhogo le go tshwenyega mo maikutlong. A o na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Nelson?
Basha le bone ba kgona go nna le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe. Fa Rita wa kwa Rio de Janeiro a ne a sa ntse a le mmotlana, o ne a rata sekolo. O ne a leka gore a se ka a bonala e le motho yo o bogagaru, le fa go ntse jalo, o ne a utlwa botlhoko thata fa a ne a sa fitlhelele maduo a a gaisang a botlhe. Rita o bolela jaana: “Go tloga bongwaneng jwa me, ke ne ke ipapisa le ba bangwe ba ba neng ba na le nako e ntsi, fa nna gantsi ke ne ke tlalelwa le go itlhaganelela go dira dilo. Ke ne ke se nke ke akanya gore go na le nako ya go ikhutsa ka gonne ka metlha
ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go dira sengwe.”Fa Maria a ne a sa ntse a le mosetsanyana, o ne a tle a lele ka ntlha ya go betwa ke pelo ka go bo a ne a sa kgone go taka sentle jaaka ba bangwe. Mo godimo ga moo, e re ka a ne a batla go nna setswerere ka tsela e e feteletseng mo mminong, gantsi o ne a tlalelwa e bile a tshwenyega go na le gore a itumelele go tshameka diletswa le go opela. Mosetsana yo mongwe wa kwa Brazil e bong Tânia, yo o neng a leka go nna botlhale le go tila kgaisano, o ne a dumela gore o sa ntse a ipeela ditekanyetso tse di kwa godimo thata, kwa sekolong le kwa gae. O ne a akanya gore fa tiro ya gagwe e ka nna le diphoso, batho ba ka se ka ba mo rata thata. Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe Tânia o ne a lebelela mo gontsi thata mo bathong ba bangwe mme seo se ne se dira gore a sulafale pelo le go hutsafala.
Le mororo go nna le bokgoni, go tlhoafala le go ikutlwa o kgotsofetse go le botlhokwa, o ka nna wa nna le maikutlo a a sa siamang, a a jaaka go boifa go palelwa, ka ntlha ya go ipeela mekgele e o sa kgoneng go e fitlhelela. Batsadi kana batho ba bangwe ba ka nna ba baya ditekanyetso tse di kwa godimo thata tsa go sa dire diphoso mo tirong ya sekolo kana mo metshamekong tse go leng thata gore basha ba di fitlhelele. Ka sekai, mmaagwe Ricardo o ne a na le ditebelelo tse di kwa godimo ka ene, a batla gore a nne ngaka, a tshameke piano le go bua dipuo di le mmalwa. A o kgona go bona gore fa boikutlo jono bo fetelediwa go ka lere mathata kana maswabi?
Ke Eng fa re Tshwanetse go Tila Boikutlo Jwa go sa Kgotsofalele Sepe?
Go dira tiro ya botswerere, go fitlhelela maemo a a kwa godimo thata ke dilo tse di batlegang thata. Ka gone batho ba tshwanetse gore ba gaisane mo tirong. Selo se sengwe se se dirang gore batho ba le bantsi ba leke thata le go feta ke go boifa go latlhegelwa ke se ba itshedisang ka sone. Badiri bangwe ba nna jaaka moatleletiki yo o ithontshang dilo ka tsela e e feteletseng gore a fitlhelele mokgele o mosha. Mme fa a lebane le kgaisano e e boima, a ka nna a ikutlwa a patelesega go ithapisa le go feta, gongwe le gone go dirisa diokobatsi gore a tokafale a bo a tseye sekgele—jaaka a solofetse. Go na le gore batho ba nne le boikutlo jo bo siameng jwa go batla go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng, boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe bo dira gore ba “tlhotlhelediwe ke go boifa go palelwa” kana “ba batle go nna ba pele.”—The Feeling Good Handbook.
Gone ke boammaaruri gore bangwe ba akanya gore ka metlha go a bo go ntse go na le sengwe se ba ka se dirang go tokafatsa mo ditirong tsa bone tsa botlhami kana mo metshamekong. Le fa go ntse jalo, go ya ka Dr. Robert S. Eliot, “boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe ke go lebelela dilo tse le ka motlha di se kitlang di direga.” O oketsa jaana: “Bo akaretsa go ikutlwa molato, go rata go iphemela le go boifa go sotliwa.” Ka jalo, mafoko ano a ga Kgosi Solomone yo o botlhale a boammaaruri tota: “Foo ka bona letsapa lotlhe; le tiro nngwe le nngwe e e botswerere, go re ka ga mo, motho o gopolwa ka bopelotshetlha ke wa ga gabo. Mme le gone ke boithamako le go belebetlela phefo fela.”—Moreri 4:4.
Ke eng se o ka se dirang fa e le gore o nna le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe? A go a direga gore fa o leka thata o kgobega marapo le go feta? A o ka rata go nna motho yo o sa batleng mo gontsi e bile o ritibetse? Go itekanela go kaya eng? A ga o eletse go dira gotlhe mo o ka go kgonang fa ka nako e e tshwanang o tila go nna le boikutlo jwa go sa kgotsofalele sepe? E re ka batho ba ba sa itekanelang ba kgona go dirisa bokgoni jo ba bo filweng ke Modimo go lemoga dilo tse di tla solegelang ba bangwe molemo, akanya fela gore batho ba tla kgona go dira eng fa ba le mo maemong a a itekanetseng e bile ba kaelwa ke Modimo!
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Batsadi kana batho ba bangwe ba ka nna ba batla gore basha ba dire dilo jaaka batho ba ba itekanetseng, e leng selo se basha ba ka se kgoneng go se fitlhelela