“Lona Lotlhe lo Bakaulengwe”
“Lona Lotlhe lo Bakaulengwe”
“Lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe.”—MATHAIO 23:8.
1. Ke kgang efe e re tshwanelwang ke go e sekaseka?
“KE BOMANG ba ba tshwanelwang ke go tlotlwa go gaisa, a ke barongwa kana ke badiri ba kwa Bethele?” mosadi mongwe wa Mokeresete wa kwa nageng nngwe ya kwa Botlhaba o ne a botsa morongwa mongwe wa kwa Australia jalo a tlhoafetse. O ne a batla go itse gore ke mang yo o tshwanelwang ke go tlotlwa go gaisa ba bangwe, a ke morongwa go tswa kwa nageng e sele kana ke modiredi wa mo nageng eo wa ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower. Morongwa yono o ne a gakgamadiwa ke potso eno e mosadi yono a neng a e botsa a tlhoafetse, e e senolang ngwao ya go kgetholola batho go ya ka maemo. Le fa go ntse jalo, kgang ya go batla go itse gore ke mang yo mogolo, e bakwa ke go bo batho ba rata go itse gore motho o na le maemo le tlhotlheletso e e kana kang.
2. Re tshwanetse go leba jang baobamedikarona?
2 Kgang eno ga e simologe jaanong. Tota le barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhola ba ngangisana kaga gore ke mang yo mogolo mo go bone. (Mathaio 20:20-24; Mareko 9:33-37; Luke 22:24-27) Le bone ba ne ba tswa mo ngwaong ya batho ba ba neng ba rata go kgetholola batho go ya ka maemo, ya Bojuda jwa lekgolo la ntlha la dingwaga. Jesu o ne a gakolola barutwa ba gagwe jaana a gopotse setšhaba seno se ba neng ba tswa mo go sone: “Mme lona, lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Mathaio 23:8) Albert Barnes, yo e leng mokanoki wa Baebele o bolela gore sereto sa bodumedi se se jaaka “Rabi,” se se bolelang “Morutisi,” “se na le go dira gore batho ba ba bidiwang ka sone ba nne boikgogomoso le go itseela kwa godimo, mme se dira gore ba ba sa bidiweng ka sone bone ba ikutlwe ba ba tswela pelo le go itseela kwa tlase; mme tshekamelo eno yotlhe e kgatlhanong le ‘tsela e Keresete a leng boikokobetso ka yone.’” Ee ruri, Bakeresete ba tila go bitsa balebedi ba bone “Mogolwane Semangmang,” ga ba dirise lefoko “mogolwane” e le sereto se se tlotlomatsang motho. (Jobe 32:21, 22) Kafa letlhakoreng le lengwe, bagolwane ba ba tshelang go ya ka kgakololo ya ga Jesu ba tlotla ba bangwe mo phuthegong, fela jaaka Jehofa le ene a tlotla baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang le Jesu Keresete a tlotla balatedi ba gagwe.
Sekai sa ga Jehofa Le sa Ga Jesu
3. Jehofa o ile a tlotla dibopiwa tsa gagwe tsa moya jang?
3 Le mororo Jehofa e le “Mogodimodimo,” go tloga fela kwa tshimologong o ne a tlotla dibopiwa tsa gagwe ka go di akaretsa mo ditirong tsa gagwe. (Pesalema 83:18) Fa Jehofa a ne a bopa motho wa ntlha, o ne a akaretsa Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo tirong eo e le “tlhogo ya tiro.” (Diane 8:27-30; Genesise 1:26) Jehofa o ile a ba a kopa baengele ba gagwe ba kwa legodimong gore ba mo tlhalosetse gore ba akanya gore a senye Kgosi Ahabe yo o boikepo jang fa a ne A ikaelela go dira jalo.—1 Dikgosi 22:19-23.
4, 5. Jehofa o tlotla dibopiwa tsa gagwe tsa batho jang?
4 Jehofa o busa e le Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe. (Duteronome 3:24) Ga a tlhoke go kopa dikgakololo mo bathong. Le fa go ntse jalo, o a ikokobetsa, jaaka fa re ka rialo, go ba tsaya tsia. Mopesalema o ile a opela jaana: “E mang yo o tshwanang le Jehofa Modimo wa rona, yo setulo sa gagwe se kwa godimong? Yo o ikokobetsang gore a bone dilo tse di kwa legodimong le mo lefatsheng. O kakatlolola mohumanegi mo loroleng.”—Pesalema 113:5-8.
5 Pele ga Jehofa a senya Sodoma le Gomora, o ne a reetsa dipotso tsa ga Aborahame a bo a dira dilo go ya kafa a neng a bona di tla siama ka teng. (Genesise 18:23-33) Le mororo Jehofa a ne a setse a itse matswela a dilo tse Aborahame a neng a di kopa, o ne a nna pelotelele go mo reetsa le go dumalana le tsela e a neng a akanya ka yone.
6. Go ne ga felela ka eng fa Jehofa a ne a bontsha go tlotla Habakuke fa a ne a mmotsa potso?
6 Jehofa o ne a reetsa le Habakuke yo o neng a botsa jaana: “Jehofa, ke tlaa goa ka lobaka lo lo kae mme o ntse o gana go utlwa?” A Jehofa o ne a tsaya potso eno e nyatsa bolaodi jwa gagwe? Nnyaa, o ne a tsaya dipotso tsa ga Habakuke di tshwanela mme go tswa foo o ne a senola maikaelelo a gagwe a gore o tla dirisa Bakaladia go diragatsa katlholo ya gagwe. O ne a tlhomamisetsa moporofeti yono gore ‘katlholo eno e e neng e boleletswe pele ruri e ne e tlaa tla.’ (Habakuke 1:1, 2, 5, 6, 13, 14; 2:2, 3) Jehofa o ne a tlotla moporofeti Habakuke ka go sekegela tsebe dilo tse di neng di mo tshwentse le ka go mo araba. Ka ntlha ya seo, moporofeti yono yo o neng a kgoberegile maikutlo o ne a boa a itumela, a se na pelaelo gore Modimo o tla mmoloka. Seno se bonala mo bukeng e e tlhotlheleditsweng ya Habakuke e e nonotshang tsela e gompieno re tshepang Jehofa ka yone.—Habakuke 3:18, 19.
7. Ke eng fa seabe sa ga Petere mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E. se le botlhokwa thata?
7 Jesu Keresete ke sekai se sengwe gape sa motho yo o neng a tlotla batho ba bangwe. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re “lefa e le mang yo o intatolang fa pele ga batho, ruri le nna ke tla mo itatola fa pele ga ga Rre yo o kwa magodimong.” (Mathaio 10:32, 33) Le fa go ntse jalo, mo maitseboeng a o neng a okwa ka one, barutwa ba gagwe botlhe ba ne ba mo latlha mme moaposetoloi Petere ene a mo itatola ka makgetlho a le mararo. (Mathaio 26:34, 35, 69-75) Jesu o ne a se ka a leba dilo fela go ya ka ponalo ya matlho mme o ne a lemoga maikutlo a a boteng a ga Petere, tsela e a neng a ikwatlhaya thata ka yone. (Luke 22:61, 62) E ne e le mo malatsing a le 51 fela morago ga moo fa Keresete a ne a tlotlomatsa moaposetoloi yono ka go mo dira gore e nne moemedi wa barutwa ba ba 120 ba ga Jesu mo letsatsing la Pentekosete le go dirisa sa ntlha sa “dilotlolo tsa bogosi.” (Mathaio 16:19; Ditiro 2:14-40) Petere o ne a newa tshono ya ‘go boa a nonotsha bakaulengwe ba gagwe.’—Luke 22:31-33.
Go Tlotla ba Lelapa
8, 9. Monna yo o nyetseng a ka etsa Jehofa le Jesu jang mo go bontsheng mosadi wa gagwe tlotlo?
8 Banna ba ba nyetseng le batsadi ba dira sentle fa ba etsa Jehofa le Jesu Keresete fa ba dirisa taolo e ba e neilweng ke Modimo. Petere o ne a gakolola jaana: “Lona banna ba lo nyetseng, tswelelang lo nna le [basadi ba lona] ka mokgwa o o 1 Petere 3:7) Akanya o tshwere sejana sa letsopa se se seng thata se kwantle ga pelaelo se ka thubegang motlhofo go feta sa legong. A o ne o se kitla o se tshwara ka matsetseleko a magolo? Monna yo o nyetseng a ka dira jalo ka go etsa Jehofa, a reetsa dikakantsho tsa mosadi wa gagwe fa a dira ditshwetso mo lelapeng. Gopola gore Jehofa o ne a ipha nako ya go akantshana le Aborahame. E re ka monna a sa itekanela, a ka nna a palelwa ke go lemoga dintlha tsotlhe. Ka jalo a go ka se ka ga nna molemo fa a tlotla mosadi wa gagwe ka go tsaya dikakantsho tsa gagwe tsia?
tshwanang go ya ka kitso, lo ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoanyana, sa sesadi.” (9 Mo dinageng tse taolo ya banna e tseelwang kwa godimo thata mo go tsone, monna o tshwanetse go se lebale gore mosadi wa gagwe a ka tswa a tshwanelwa ke go ipeta pelo tota go tlhalosa tsela e a ikutlwang ka yone. Etsa tsela e Jesu Keresete a neng a dirisana le barutwa ba gagwe ka yone fa a le mo lefatsheng, karolo ya monyadiwa wa gagwe wa nako e e tlang. O ne a ba ngomaela, a tsaya tsia makoa a bone a mmele le a semoya tota le pele ba mo itsise dilo tse ba di tlhokang. (Mareko 6:31; Johane 16:12, 13; Baefeso 5:28-30) Mo godimo ga moo, iphe nako ya go ela tlhoko dilo tse mosadi wa gago a go direlang tsone wena le lelapa la gago, mme o mmontshe gore o anaanela seo ka mafoko le ka ditiro. Jehofa le Jesu ba ne ba anaanela, ba akgola le go segofatsa batho ba ba neng ba tshwanelega. (1 Dikgosi 3:10-14; Jobe 42:12-15; Mareko 12:41-44; Johane 12:3-8) Mosadi mongwe wa kwa Botlhaba o ne a bua jaana morago ga gore monna wa gagwe a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa: “Monna wa me o ne a tlhola a tsamaela kwa pele fa re tsamaya mmogo, a sa nthuse morwalo. Jaanong ke ene yo o rwalang dithoto mme o bontsha go anaanela dilo tse ke di dirang mo gae!” Go bua mafoko a go anaanela le gone go ka thusa thata mo go direng gore mosadi a ikutlwe a le botlhokwa.—Diane 31:28.
10, 11. Batsadi ba ka ithuta eng mo sekaing se se molemo sa tsela e Jehofa a neng a dirisana ka yone le setšhaba sa batsuolodi sa Iseraele?
10 Fa batsadi ba dirisana le bana, segolobogolo fa ba ba kgalemela, ba tshwanetse go etsa sekao sa Modimo. “Jehofa a nna a tlhagisa Iseraele le Juda” gore ba tlogele ditsela tsa bone tse di maswe, le fa go ntse jalo, ba nna ba “ithatafatsa dithamo.” (2 Dikgosi 17:13-15) Baiseraele ba ile ba ba “ba leka go mo tsietsa ka molomo wa bone; ba leka go mo aketsa ka loleme lwa bone.” Batsadi ba le bantsi ba ka ikutlwa gore ka dinako tse dingwe bana ba bone ba itshwara ka tsela e e ntseng jalo. Baiseraele ba ne “ba leka Modimo,” ba mo utlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, Jehofa “o ne a le kutlwelobotlhoko; o ne a bipa tlolo mme a sa tlise tshenyo.”—Pesalema 78:36-41, NW.
11 Jehofa o ile a ba a ikuela jaana mo Baiseraeleng: “Tlang jaanong, mme re tlhamalatseng dilo fa gare ga rona . . . Le fa maleo a lona a ka nna jaaka bohibidu jo bo letlhololo, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko.” (Isaia 1:18, NW) Le fa Jehofa a ne a se phoso, o ne a kopa setšhaba seo sa batsuolodi gore se tle go tlhamalatsa dilo le ene. A bo e le sekao se se molemo jang ne se batsadi ba ka se etsang fa ba dirisana le bana ba bone! Fa go tlhokega, ba neye seriti ka go reetsa mabaka a bone le go ba naya mabaka a gore ke eng fa go tlhokega gore ba fetoge.
12. (a) Ke eng fa re tshwanetse go tila go tlotla bana ba rona go feta Jehofa? (b) Go tlhokega eng fa e le gore re batla go tsaya tsia seriti sa bana ba rona fa re ba kgalemela?
12 Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe bana ba tlhoka go newa kgakololo e e gagametseng. Batsadi ga ba ne ba batla go tshwana le Eli, yo ‘o neng a tlotla bomorwawe bogolo go Jehofa.’ (1 Samuele 2:29) Le fa go ntse jalo, bana ba tshwanetse go lemoga gore ba otlhaiwa ka go bo ba ratiwa. Ba tshwanetse go itse gore batsadi ba bone ba a ba rata. Paulo o gakolola borrabana jaana: “Lo se ka lwa bo lo sera bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Se se bolelwang fano ke gore fa rre a dirisa taolo ya botsadi, o tshwanetse go se tlhokomologe go naya bana seriti ka go se ba kgopise ka ntlha ya go nna makgwakgwa ka tsela e e feteletseng. Ee, go tsaya tsia seriti sa bana go tla tlhoka batsadi nako le matsapa, le fa go ntse jalo, ba tla bona matswela a a molemo ka ntlha ya go intsha setlhabelo jalo.
13. Pono ya Baebele ke efe ka ba lelapa ba ba godileng?
13 Go bontsha go tlotla ba lelapa ga go akaretse go tlotla mosadi le bana fela. Seane sa Sejapane sa re: “Fa o tsofetse, ikobele bana ba gago.” Kgang e seane seno se e tlhalosang ke gore, batsadi ba ba godileng ba tshwanetse go tila go feteletsa taolo ya bone ya botsadi mme ba tshwanetse go tsaya tsia se bana ba bone ba ba godileng ba se buang. Le fa gone e le ga Dikwalo gore batsadi ba tlotle bana ba bone ka go ba sekegela tsebe, bana ga ba a tshwanela go bontsha go nyatsa ba lelapa ba ba godileng. Diane 23:22 ya re: “O se ka wa nyatsa mmaago fa a tsofetse.” Kgosi Solomone o ne a dirisa kgakololo ya seane seno ka go tlotla mmaagwe fa a ne a tla go mo kopa sengwe. Solomone o ne a beela mmaagwe yo o neng a tsofetse e bong Bathesheba setulo sa bogosi go bapa le sa gagwe mme a mo sekegela tsebe.—1 Dikgosi 2:19, 20.
14. Re ka tlotla batho ba ba godileng mo phuthegong jang?
14 Mo lelapeng la rona le legolo la semoya, re na le sebaka se se molemo sa go ‘etelela pele’ mo go tlotleng maloko a a godileng a phuthego. (Baroma 12:10) Ba ka tswa ba sa kgone go dira ka natla jaaka pele, mme seo se ka tswa se ba bolaisa pelo. (Moreri 12:1-7) Mosupi mongwe yo o godileng wa motlodiwa yo o neng a lwala thata a le kwa bookelong o kile a tlhalosa go bolawa jalo ke pelo ka gore: “Ga ke itse gore ke tla swa leng gore ke tle ke kgone go boa gape ke bereke.” Fa re bontsha go tsaya tsia batho ba ba ntseng jalo ba ba godileng le go ba tlotla, go tla ba thusa thata. Baiseraele ba ne ba laelwa jaana: “O nanoge o eme fa pele ga yo o tlhogo e pududu, o tlotle sefatlhogo sa motsofe.” (Lefitiko 19:32) Bontsha go akanyetsa batho ba ba godileng ka go ba dira gore ba ikutlwe ba le botlhokwa e bile ba anaanelwa. ‘Go nanoga’ go ka akaretsa go nna fa fatshe o ba reetsa fa ba tlotla dilo tse ba ileng ba atlega go di dira dingwaga tse dintsi tse di fetileng. Seo se tla naya motho yo o godileng seriti mme ga go nonotsha semoyeng.
“Mo go Bontshaneng Tlotlo Etelelang Pele”
15. Ke eng se bagolwane ba ka se dirang go naya maloko a phuthego seriti?
15 Maloko a phuthego a itumela tota fa bagolwane ba ba tlhomela sekao se se molemo. (1 Petere 5:2, 3) Le fa bagolwane ba ba lorato ba na le tiro e ntsi, ba tsaya matsapa a go atamela basha, ditlhogo tsa malapa, le bommè ba ba se nang balekane, bommalapa le bagodi, e kane ba na le mathata kana ba se na one. Bagolwane ba sekegela maloko a phuthego tsebe mme ba ba akgolela dilo tse ba kgonang go di dira. Fa mogolwane yo o kelotlhoko a akgolela mokaulengwe kana kgaitsadi sengwe se se molemo, o a bo a etsa Jehofa, yo o anaanelang dibopiwa tsa gagwe tsa mo lefatsheng.
16. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya bagolwane e le batho ba ba tshwanelwang ke go tlotlwa ka tsela e e tshwanang le ya batho ba bangwe mo phuthegong?
16 Fa bagolwane ba etsa Jehofa, ba a bo ba tlhoma sekao se se molemo mo go diriseng kgakololo eno ya ga Paulo: “Mo loratong lwa bokaulengwe nnang le katamalano e e bothitho ya tlekeetso mongwe go yo mongwe. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) Seno se ka nna sa se ka sa nna motlhofo mo bagolwaneng ba ba nnang mo dinageng tse go nang le tlwaelo ya go kgetholola batho go ya ka maemo mo go tsone. Ka sekai, kwa nageng nngwe ya kwa Botlhaba, go na le mareo a mabedi a lefoko “mokaulengwe,” le lengwe ke le go bidiwang batho ba ba tlotlegang ka lone, le lengwe ke la batho fela. Go tla go fitlha bosheng jaana, maloko a phuthego a ne a bitsa bagolwane le batho ba ba godileng ka le go bidiwang batho ba ba tlotlegang ka lone, mme ba bitsa batho ba bangwe ka la batho fela. Lefa go ntse jalo, ba ile ba kgothalediwa go bitsa botlhe ka lefoko le go bidiwang batho fela ka lone ka gonne Jesu o ile a raya balatedi ba gagwe a re, “lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Mathaio 23:8) Le fa mo dinageng tse dingwe go kgethololana go ka nna ga se ka ga lemotshega thata jaana, rotlhe re tshwanetse go ela tlhoko tshekamelo e batho ba nang le yone ya go batla go kgetholola ba bangwe go ya ka maemo.—Jakobe 2:4.
17. (a) Ke eng fa bagolwane ba tshwanetse go atamelesega? (b) Bagolwane ba ka etsa Jehofa jang fa ba dirisana le maloko a phuthego?
17 Ke boammaaruri gore Paulo o ile a re kgothaletsa go neela bagolwane bangwe tlotlo e e “menaganeng sebedi,” lefa go ntse jalo, e sa ntse e le bakaulengwe. (1 Timotheo 5:17) Fa re kgona go “[atamela] ka kgololesego ya go bua kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang,” sa Molaodimogolo wa Lobopo, a ga re a tshwanela go atamela jalo le bagolwane, ba ba tshwanetseng go etsa Jehofa? (Bahebera 4:16; Baefeso 5:1) Balebedi ba ka sekaseka tsela e ba atamelesegang ka yone ka go lepa gore batho ba bangwe ba tla go kopa kgakololo ya bone kana go tsaya dikakantsho tsa bone go le kana kang. Ithute sengwe mo kgannyeng ya kafa Jehofa a akaretsang batho ba bangwe ka teng mo ditirong tsa gagwe. O naya batho ba bangwe seriti ka go ba abela maikarabelo mangwe. Tota le fa dikakantsho tse bagolwane ba di newang ke Mosupi yo mongwe di bonala di ka se thuse, ba tshwanetse go anaanela kamego e motho yono a e bontshitseng. Gopola kafa Jehofa a ileng a araba dipotso tsa ga Aborahame le selelo sa ga Habakuke ka teng.
18. Bagolwane ba ka etsa Jehofa jang fa ba lolamisa batho ba ba tlhokang thuso?
18 Bakeresetekarona bangwe ba tlhoka go lolamisiwa. (Bagalatia 6:1) Le fa go ntse jalo, Jehofa o sa ntse a ba tsaya ba le botlhokwa e bile ba tshwanelwa ke go newa seriti. Mosupi mongwe o ile a re: “Fa motho yo o nkgakololang a bontsha go ntlotla, ke ikutlwa ke gololesegile go mo kopa thuso.” Bontsi jwa batho ba tsibogela kgakololo sentle fa ba newa seriti. Go ka tsaya nako e ntsi, mme gone, go sekegela batho ba ba dirileng phoso tsebe go dira gore go nne motlhofo gore ba amogele kgakololo epe fela e ba ka e tlhokang. Gopola kafa Jehofa a ileng a akantshana gangwe le gape ka teng le Baiseraele ka ntlha ya go ba utlwela botlhoko. (2 Ditirafalo 36:15; Tito 3:2) Kgakololo e ka ama pelo ya motho yo o tlhokang thuso fa a e newa ka tsela ya go mo akanyetsa le go mo utlwela botlhoko.—Diane 17:17; Bafilipi 2:2, 3; 1 Petere 3:8.
19. Re tshwanetse go leba jang batho ba ba sa dumeleng dilo tse Bakeresete ba di dumelang?
19 Go bontsha go tlotla batho ba bangwe go akaretsa le go tlotla batho ba go ka diregang gore e nne bakaulengwe ba rona ba semoya mo isagweng. Batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba se ka ba akofa ba amogela molaetsa wa rona, mme gone re sa ntse re tshwanelwa ke go nna pelotelele mme re ba neye seriti. Jehofa “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.” (2 Petere 3:9) A ga re a tshwanela go nna le pono e e tshwanang le ya ga Jehofa? Go tsaya batho botlhe tsia go tla re bulela tsela ya go neela batho bosupi fa ka metlha re le botsalano. Ke boammaaruri gore, re tshwanetse go tila go nna le botsala jo bo ka tsenyang motho mo dikotsing tsa semoya. (1 Bakorintha 15:33) Lefa go ntse jalo, re bontsha “bopelonomi jwa setho,” re sa nyatse batho ba ba sa dumeleng dilo tse re di dumelang.— Ditiro 27:3.
20. Sekai sa ga Jehofa le sa ga Jesu Keresete di tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?
20 Ee, Jehofa le Jesu Keresete ba tsaya mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go tlotlwa. A ka metlha re se lebale tsela e ba dirang dilo ka yone mme le rona re etelele pele mo go tlotlaneng. Mme e kete re ka nna ka metlha re gopotse mafoko ano a Morena wa rona Jesu Keresete: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.”—Mathaio 23:8.
O ka Araba Jang?
• O tshwanetse go leba jang badumedikawena?
• Sekai sa ga Jehofa le sa ga Jesu di go tlhotlheletsa jang go tlotla batho ba bangwe?
• Banna ba ba nyetseng le batsadi ba ka tlotla ba bangwe jang?
• Fa bagolwane ba leba Bakeresetekabone e le bakaulengwe ba bone go tla ba thusa go dira dilo ka ditsela dife?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Tlotla mosadi wa gago ka mafoko a kanaanelo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Naya bana ba gago seriti ka go ba reetsa
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Tshwara maloko a phuthego ka seriti