Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Namolo Kwa Setlhaketlhakeng sa Robinson Crusoe

Namolo Kwa Setlhaketlhakeng sa Robinson Crusoe

Namolo Kwa Setlhaketlhakeng sa Robinson Crusoe

ROBINSON CRUSOE ke sengwe sa ditlhaketlhake tse tharo kwa Lewatleng la Pacific tse di bopang ditlhaketlhake tsa Juan Fernández, tse di leng dikilometara tse di ka nnang 640 go tswa mo lotshitshing lwa Chile. * Setlhaketlhake seo sa disekwerekilometara di le 93 se teeletswe ka buka ya padi e e tumileng thata ya lekgolo la bo18 la dingwaga e e nang le setlhogo sa Robinson Crusoe, e e kwadilweng ke mokwadi wa Moesemane e bong Daniel Defoe. Go bonala fa padi eno ka kakaretso e ne e bua ka dilo tse di diragaletseng monna wa Mo-Scotland e bong Alexander Selkirk, yo o neng a nna a le nosi mo setlhaketlhakeng seo ka dingwaga di ka nna nnè.

Bontlhanngwe jwa letshwao la legong mo setlhaketlhakeng seno le balega jaana: “Mo lefelong leno, motsamai wa sekepe wa Mo-Scotland e bong Alexander Selkirk o ne a latlhela matlho kgakala letsatsi le letsatsi a tshwenyegile, a batla seketswana sa namolo se se tla mo gololang mo bonosing jwa gagwe.” Kgabagare Selkirk o ne a namolwa mme a busediwa kwa nagagaeng ya gagwe, kwa lefatsheng le le neng le sa tlhole le mo kgotsofatsa morago ga gore a nne a le nosi mo paradaiseng ya gagwe e nnye. Go begiwa gore moragonyana o ne a bolela jaana: “Oho, setlhaketlhake sa me se se rategang! E kete nka bo ke sa ka ka tloga mo go wena!”

Fa nako e ntse e tsamaya, setlhaketlhake seno se ne sa dirwa kolone ya katlholelo, e mo go yone go neng go nna bangwe ba batho ba ba neng ba na le “melato ya boikeodi” kgatlhanong le Kereke ya Katoliki. A bo setlhaketlhake seno se se neng se tshwana le paradaise se Selkirk a neng a se itse se fetogile jang ne! Le fa go ntse jalo, batho ba ba nnang mo setlhaketlhakeng seno gone jaanong, ba ipelela maemo a tshisibalo ya kagiso e e seyong mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Mokgwa wa botshelo o o iketlileng, o e leng mokgwa o o tlwaelegileng mo ditlhaketlhakeng tse dintsi, o dira gore go nne motlhofo go simolola motlotlo le fa e ka nna le mang.

Go itsege fa Robinson Crusoe e na le baagi ba ka nna 500, mme le fa go ntse jalo mo e ka nnang ngwaga otlhe, ke batho ba ka nna 400 fela ba ba salang mo setlhaketlhakeng seno. Lebaka lengwe la seno ke ka go bo bommè bangwe le bana ba bone ba nna kwa nageng e kgolo ya Chile ka ngwaga wa sekolo, mme ba boela mo setlhaketlhakeng fela ka dikgwedi tsa malatsi a boikhutso gore ba nne le malapa a bone.

Le mororo tikologo ya Robinson Crusoe e le ntle jaaka paradaise, baagi bangwe ba setlhaketlhake seo ba ikutlwa ba tlhaela sengwe mo semoyeng mme ba batla dikarabo. Bangwe ba ile ba ikutlwa ba tlhoka go namolwa mo semoyeng.

Namolo ya Semoya

Tiro e e ntseng jalo ya namolo ya semoya e ile ya simologa mo e ka nnang ka 1979. Mosadi mongwe yo o neng a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa kwa Santiago, kwa Chile, o ile a fudugela kwa setlhaketlhakeng seno mme a simolola go ruta ba bangwe se a se ithutileng. Moragonyana mogolwane mongwe wa phuthego yo o neng a etetse setlhaketlhake seo ka mabaka a tiro ya boitshediso o ne a gakgamala fa a fitlhela setlhopha se sennye sa baithuti ba Baebele se gatela pele semoyeng se thusitswe ke mosadi yono. Fa mogolwane yono a boela gape kwa setlhaketlhakeng seno morago ga dikgwedi tse tharo, morutisi yoo wa Baebele le baithuti ba gagwe ba le babedi ba ne ba siametse go kolobediwa, ka gone mogolwane yono e ne ya nna ene a tshwarang marapo mo kolobetsong ya bone. Moragonyana mongwe wa Bakeresete bano ba ba sa tswang go kolobediwa o ne a nyalwa mme ene le monna wa gagwe ba ne ba tswelela ba batla batho ba bangwe ba ba neng ba tlhoka namolo ya semoya. Monna wa gagwe o ne a etelela pele mo go ageng Holo ya Bogosi e ntle, e setlhopha se sennye sa kwa setlhaketlhakeng seno se sa ntseng se tsenela mo go yone. Fa nako e ntse e ya, ka ntlha ya mabaka a itsholelo ba ne ba fuduga kwa Robinson Crusoe ba fudugela kwa phuthegong nngwe kwa bogare jwa Chile, koo ba ntseng ba tswelela ba direla Jehofa ka tlhoafalo teng.

Ka bonya ka bonya setlhopha se sennye seno se se mo setlhaketlhakeng se ne sa tswelela se gola fa ba bangwe ba ne ba ntse ba namolwa mo bodumeding jwa maaka. Le fa go ntse jalo, e re ka baithutwana ba tshwanetse go ya kwa nageng e kgolo ka ntlha ya dithuto tsa bone tsa sekolo se segolwane, setlhopha seno se ile sa fokotsega go nna bokgaitsadi ba babedi ba ba kolobeditsweng le mosetsanyana a le mongwe. Setlhopha seno se a gola ka nako ya malatsi a boikhutso fa bommè bangwe ba boela mo setlhaketlhakeng. Seno se thusa go nonotsha Bakeresete ba bararo ba ba salang ba le bosi koo ngwaga otlhe. Ka ntlha ya tiro e e tlhoafetseng ya bokgaitsadi bano, Basupi ba ga Jehofa ba itsege sentle kwa Robinson Crusoe. Gone ke boammaaruri gore bangwe ba baagi ba setlhaketlhake seno ba ile ba ganetsa tiro ya bone e bile ba leka go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba se ka ba amogela molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, dipeo tsa boammaaruri jwa Baebele tse di jetsweng mo dipelong tse di phepa di ntse di tswelela di tlhoga.

Go Nonotsha ba ba Ileng ba Namolwa

Molebedi yo o etang o etela setlhaketlhake seno gangwe ka ngwaga. Go ntse jang go etela setlhophanyana sa Basupi kwa setlhaketlhakeng se se kgakala? Molebedi mongwe wa potologo o tlhalosa ketelo ya gagwe ya ntlha kwa Robinson Crusoe jaana:

“Loeto lono lo ne lo itumedisa tota. Lo ne lwa simolola ka 7:00 a.m. fa re ne re tloga kwa Valparaiso go ya kwa Boemafofaneng jwa Cerrillos, kwa Santiago. Re ne ra palama sefofane se sennye sa bapalami ba le supa. Morago ga go fofa diura di le 2 le metsotso e le 45, re ne ra bonela kgakala setlhoa sa thaba se se neng se tlhaga kwa godimo ga maru. Fa re ntse re atamela, setlhaketlhake se ne sa bonala—lefika le legolo le lentle mo gare ga lewatle. Go ne go bonala e kete le kokobetse mo godimo ga metsi jaaka sekepe se se latlhegileng kwa lewatleng.

“Fa re sena go fologa, seketswana se ile sa re isa kwa motseng. Fale le fale, re ne ra bona mafika a a neng a tlhagile mo lewatleng a a bopang ditlhaketlhakenyana tse manyebi a a nang le boboa a Juan Fernández a ikhutsang mo go tsone. Manyebi ano a a nang le boboa ke mofuta o o sirelediwang ka gore palo ya one e fokotsegile thata. Ka tshoganyetso fela go ne ga feta sengwe se fofa fa thoko ga seketswana pele ga se nyelela gape mo lewatleng. E ne e le tlhapi e e fofang e mafafa a yone a a menegileng a tshwanang le diphuka. Go ne go bonala e itumelela go nna e ntse e tlola go tswa mo metsing gore e tshware ditshenekegi. Gone mme, ka dinako tse dingwe motshwari le ene o a tshwarwa; go tlolatlola ga yone go ka e biletsa dibatana tse dingwe tse di ipaakanyeditseng go e metsa fa e boa e tlolela gape mo metsing.

“Kgabagare, ra fitlha mo motseng wa San Juan Bautista (Moitshepi Johane Mokolobetsi). Go ne go na le baagi ba bantsi ba setlhaketlhake ba ba neng ba eme mo boemakepeng, ba letile baeti ba bone kana ba batla fela go bona gore go tla bomang gompieno. Re ne ra kgatlhwa ke ponalo e ntle ya naga—thaba e kgolo e e makgawekgawe e e bidiwang El Yunque (Lentswe la Tshipi), le e keteng le khurumeditswe ka belebete ya botala jo bo tseneletseng, mme ka kwa morago, loapi lo lo pududu lo dikologilwe ke maru a masweu.

“Ka bonako fela re ile ra bona setlhopha sa bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete le bana ba bone ba re letetse mo boemakepeng. E ne e le malatsi a boikhutso, ka gone setlhopha seno se ne se le segolwane go na le ka nako e e tlwaelegileng. Fa re sena go dumedisana ka lorato, re ile ra isiwa kwa kamorenyaneng e ntle ya sekepe e e neng e tla nna ntlo ya rona ka nako ya beke.

“E ne e le beke e e kgethegileng thata mme re ne ra lemoga gore e tla feta ka bonako. Re ne re tlhoka go dirisa nako ya rona sentle. Mo go lone letsatsi leo, fela fa re sena go ja dijo tsa motshegare, re ne ra etela moithuti mongwe wa Baebele yo o neng a tla tloga a nna kgaitsadi wa rona wa semoya a bo a nne karolo ya paradaise ya Modimo ya semoya. O ne a itumetse thata mme gape a na le letshogonyana. Mokgele wa gagwe o a neng a sa bolo go o ipeela wa go kolobediwa o ne o atamela. Re ne ra sekaseka tshedimosetso nngwe e e botlhokwa le ene gore a tle a tshwanelege go nna mmoledi wa dikgang tse di molemo. Ka letsatsi le le latelang, o ne a nna le seabe mo tirong ya go rera ka lekgetlo la ntlha. Ka letsatsi la boraro, re ne ra simolola go sekaseka le ene dilo tse di batlegang fa motho a batla go kolobediwa. Pele ga beke e fela, o ne a setse a kolobeditswe.

“Dipokano tse di neng di tshwarwa mo gare ga beke di ne tsa engwa nokeng sentle, ga nna le batho ba le 14. Letsatsi le letsatsi go ne go na le dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo, maeto a go boela, dithuto tsa Baebele le maeto a bodisa. A bo go ne go kgothatsa bokgaitsadi ba ba ntseng ba dira tiro eno ba le bosi ngwaga otlhe jang ne!”

Go nnile boima thata gore banna mo setlhaketlhakeng seno ba amogele boammaaruri, gongwe e le ka ntlha ya tiro ya bone e e thata ya boitshediso. Tiro ya bone e kgolo ke go tshwara di-lobster, tse di tlhokang gore ba ineele tota mo tirong ya bone. Letlhoo le lone le na le seabe mo go direng gore ba le bantsi ba se ka ba arabela sentle. Le fa go ntse jalo, go solofelwa gore baagi ba ba oketsegileng ba setlhaketlhake seno, banna le basadi, ba tla arabela mo isagweng.

Go fitlha jaanong, go setse go namotswe batho ba le lesome mo setlhaketlhakeng seno ka go ba itsise boammaaruri le maikaelelo a ga Jehofa Modimo. Fa e sa le ka nako eo bangwe ba bone ba ile ba fuduga kwa setlhaketlhakeng seo ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Mme le fa ba nna kana ba tsamaya, namolo ya bone ya semoya e itshupile e le botlhokwa thata go feta namolo ya ga Alexander Selkirk. Jaanong ba itumelela paradaise ya semoya kae le kae kwa ba ka tswang ba nna teng. Bokgaitsadi ba ba sa ntseng ba nna mo setlhaketlhakeng seno le bana ba bone ba itumelela tikologo e e tshwanang le paradaise mme go feta moo, ba na le tsholofelo ya go tshela ka nako ya fa lefatshe lotlhe e tla bo e le paradaise ya mmatota.

Tiro ya go Namola e Tswelela Pele

Fa o lebile sekgala sa naga, setlhopha se sennye seno sa Basupi ba ga Jehofa se se mo Robinson Crusoe se nna kgakala thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya. Le fa go ntse jalo, ga ba ikutlwe ba latlhegile jaaka monna wa Mo-Scotland e bong Selkirk. E re ka ba romelwa dikgatiso tsa puso ya Modimo, dibidio tsa dikopano tse dinnye le tse dikgolo go tswa kwa lekaleng la Mokgatlho wa Watch Tower la kwa Chile gararo ka ngwaga, e bile ba etelwa ke molebedi wa potologo gangwe ka ngwaga, ba nna ba golagane thata le phuthego ya ga Jehofa. Ka gone ba tswelela ba le karolo e e tlhoafetseng ya ‘lesomo lotlhe la bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe.’—1 Petere 5:9.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Leina la semolao la setlhaketlhake seo ke Más a Tierra.

[Dimmapa/Setshwantsho mo go tsebe 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

CHILE

Santiago

SETLHAKETLHAKE SA ROBINSON CRUSOE

San Juan Bautista

El Yunque

LEWATLE LA PACIFIC

SETLHAKETLHAKE SA SANTA CLARA

[Setshwantsho]

Fa setlhaketlhake seno se bonala motho o bona lefika le lentle mo gare ga lewatle

[Motswedi wa Setshwantsho]

Map of Chile: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Thaba e kgolo e e makgawekgawe e e bidiwang El Yunque (Lentswe la Tshipi)

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Motse wa San Juan Bautista (Moitshepi Johane Mokolobetsi)

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ditlhaketlhake tse dinnye tse manyebi a a nang le boboa le a a se nang boboa a ikhutsang mo go tsone

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Re ne ra fofa ka sefofane se sennye go tswa kwa Santiago, kwa Chile

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Lotshitshi lo lo makgawekgawe lwa Setlhaketlhake sa Robinson Crusoe

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Holo ya Bogosi e ntle mo setlhaketlhakeng seno