Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlelase ya Bo108 ya Gileate e Rotloediwa go Dira Tirelo e e Boitshepo

Tlelase ya Bo108 ya Gileate e Rotloediwa go Dira Tirelo e e Boitshepo

Tlelase ya Bo108 ya Gileate e Rotloediwa go Dira Tirelo e e Boitshepo

MO BAEBELENG, gantsi kobamelo ya Modimo e tlhalosiwa ka polelwana e e reng “tirelo e e boitshepo.” E tswa mo lefokong la Segerika le le rayang go direla Modimo. (Baroma 9:4) Batho ba ba 5 562 ba ba neng ba reeditse thulaganyo ya go aloga ga setlhopha sa bo108 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate ba ne ba utlwa dibui di neela kgakololo e e tshwanelang e e tla thusang baalogi gore ba neele Jehofa Modimo tirelo e e boitshepo e a tla e amogelang. *

Theodore Jaracz, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e ne e le modulasetulo. Thulaganyo e ne ya simololwa ka pina ya 52, e e reng “Leina la Rraarona.” Mola wa bobedi wa pina eo wa re: “Re batlana le ditsela tsa go le itshepisa.” Seo se ne se tlhalosa sentle keletso ya baithuti ba setlhopha se se alogang (bao ba tswang kwa dinageng di le 10) ya gore ba dirise thapiso ya bone mo dikabelong tsa bone tsa borongwa, tse di tla nnang kwa dinageng di le 17 tse di farologaneng.

Mo dikakgelong tsa gagwe tse di simololang, Mokaulengwe Jaracz o ne a bua ka thuto ya baithuti ya Baebele ya dikgwedi tse tlhano e e tseneletseng e e neng ya ba baakanyetsa tirelo ya bone kwa ditshimong di sele. Se se ba thusitse go “[tlhomamisa] dilo tsotlhe,” e leng go sekaseka go ya ka Lefoko la Modimo se ba setseng ba se ithutile le gore ba ‘ngangatlele se se molemomogolo.’ (1 Bathesalonika 5:21) O ne a ba kgothaletsa gore ba ngaparele Jehofa ka boikanyegi, Lefoko la gagwe le dikabelo tsa bone tse ba di thapiseditsweng. Ke eng se se tla ba thusang go dira dilo tseno tsotlhe?

Kgakololo e e Tshwanelang ka go Dira Tirelo e e Boitshepo

Lon Schilling, yo e leng leloko la Komiti ya Ditsamaiso Tsa Bethele, o ne a bua ka setlhogo se se reng “A o Tla Falola Teko ya go Nna Tekatekano?” O ne a gatelela botlhokwa jwa go nna tekatekano, mo go bontshang gore motho o na le botlhale jwa bomodimo. (Jakobe 3:17) Go nna tekatekano go akaretsa go nna motho yo o fetofetogang, yo o sa tlhaoleng, yo o bori, yo o akanyetsang le yo o itshokang. Mokaulengwe Schilling o ne a re: “Batho ba ba tekatekano ba dirisana ka tsela e e tekatekano le batho ba bangwe. Ga ba feteletse dilo.” Ke eng se se ka thusang morongwa go nna tekatekano? Go sa itseele kwa godimo, go reetsa batho ba bangwe fa go tlhaga sebaka sa go dira jalo e bile o ithuta mo go bone le go iketleeletsa go amogela dipono tsa batho ba bangwe mme o sa tlole melaometheo ya bomodimo.—1 Bakorintha 9:19-23.

“Lo se Ka Lwa Lebala go Ja!” e ne e le setlhogo se se kgatlhang sa karolo e e latelang mo thulaganyong, e e neng e neelwa ke Samuel Herd, yo e leng leloko le lengwe la Setlhopha se se Laolang. O ne a gatelela botlhokwa jwa go ja dijo tse di siameng tsa semoya gore motho a nne a nonofile go ka dira tirelo e e boitshepo. Mokaulengwe Herd o ne a bolela jaana: “Tiro ya lona ya semoya e tla tloga e oketsega jaaka fa lo tla bo lo ineela mo kabelong ya lona ya go rera le go ruta. Ka gone, go tla tlhokega gore lo oketse dijo tsa lona tsa semoya tse lo di jang gore lo nne le nonofo e e lekaneng.” Go nna le selekanyo se se tlhomameng sa dijo tsa semoya go ka thusa morongwa gore a se ka a hutsafala mo semoyeng le go tlhologelelwa legae. Seo se thusa gore motho a kgotsofale le go ititaya sehuba go nnela ruri mo kabelong ya gagwe ya tirelo e e boitshepo.—Bafilipi 4:13.

Motlhatlheledi mongwe wa Gileate, e bong Lawrence Bowen, o ne a kgothaletsa baithuti ba ba alogang ka go re “Boelang Kwa Tshimologong.” O ne a raya jang? O ne a dira gore bareetsi botlhe ba bule Diane 1:7, e e reng: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso.” Sebui se ne sa tlhalosa jaana: “Sengwe le sengwe se se gananang le kgang e e botlhokwatlhokwa ya gore Jehofa o teng se ka se tshwanelege le ka motlha gore e nne kitso ya boammaaruri e bile se ka se lere kutlwisiso e e tshwanetseng. Mokaulengwe Bowen o ne a bapisa ditlhaloso tsa Lefoko la Modimo e leng Baebele le dikarolwana tsa puzzle. Fa dikarolwana tsa teng di kopanngwa, go nna le setshwantsho se se bonalang sentle. Fa dikarolwana tseno di oketsega, setshwantsho se nna segolwane e bile se bonala botoka le go feta mme motho o se anaanela le go feta. Se se ka thusa botlhe go direla Modimo tirelo e e boitshepo.

Wallace Liverance, mokwadisi wa Sekolo sa Gileate, o ne a konela motseletsele oo wa dipuo. Setlhogo sa gagwe se ne se re “Ntsha Ditebogo Gore e Nne Setlhabelo Se o Se Neelang Modimo.” O ne a bua ka pego ya fa Jesu a ne a fodisa balepero ba le lesome. (Luke 17:11-19) Ke a le mongwe fela mo go bone yo o neng a boa go tla go baka Modimo le go leboga Jesu. Mokaulengwe Liverance o ne a akgela jaana: “Ga go na pelaelo gore ba bangwe ba ne ba itumeletse go bo ba le phepa. Ba ne ba itumeletse boemo jwa bone mme go bonala fa ba ne ba batla fela gore moperesiti a bolele fa ba ntlafaditswe.” Go ntlafadiwa ka tsela ya semoya go go nnang teng fa motho a ithuta boammaaruri, go kopane le go rata go leboga, go tshwanetse ga tlhotlheletsa motho gore a lebogele Modimo molemo wa gagwe. Baithuti ba setlhopha sa bo108 sa Gileate ba ne ba kgothalediwa gore ba tlhatlhanye ka ditiro tsotlhe tsa Modimo le ka molemo wa gagwe gore tirelo ya bone le go intsha setlhabelo ga bone go supe gore ba leboga Modimo.—Pesalema 50:14, 23; 116:12, 17.

Maitemogelo le Dipotsolotso Tsa Kafa Seno se ka Dirwang ka Gone

Mark Noumair, motlhatlheledi yo mongwe wa Gileate, o ne a tshwara karolo e e latelang ya thulaganyo. E ne e le malebana le maitemogelo a setlhopha se nnileng le one mo tirelong ya tshimo ka nako ya thapiso ya bone. Baithuti ba ne ba dirisitse palogare ya dingwaga tse di ka nnang 12 mo tirelong ya nako e e tletseng pele ga ba tla Gileate. Fa ba sa ntse ba le kwa sekolong, ba ne ba simolola dithuto di le mmalwa tsa Baebele le batho ba ba farologaneng, se se bontshang gore baithuti bano ba ne ba itse kafa ba ka ‘nnang dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe,’ ka teng.—1 Bakorintha 9:22.

Morago ga maitemogelo a baithuti, Charles Molohan le William Samuelson ba ne ba botsolotsa maloko mangwe a lelapa la Bethele le balebedi ba ba etang ba ba kileng ba ya Gileate. Mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba botsolodiwa e bong Robert Pevy, o ne a direla kwa Philippines fa a sena go aloga mo setlhopheng sa bo51 sa Gileate. O ne a gakolola setlhopha jaana: “Nako le nako fa go tlhaga bothata, mongwe le mongwe o neela kakantsho ya go rarabolola bothata joo. Gantsi go a bo go ntse go na le mongwe yo o botlhale go go gaisa, mongwe yo o tla ntshang kakantsho e e botoka. Mme fa o ka lebelela Baebele mme wa leka go bona tsela e Modimo a lebang dilo ka yone, ga go na epe e e ka e gaisang. Ka metlha e nna e le yone karabo e e tshwanetseng.”

Go sobokanya thulaganyo e e molemo eno ya semoya, John Barr, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Direlang Jehofa Tirelo e e Boitshepo E a E Amogelang.” O ne a bontsha kafa tirelo e e boitshepo e ka bontshiwang ka teng mo bodireding jwa tshimo go thusa batho ba ba dipelo tse di siameng gore ba obamele Modimo ka tsela e a e amogelang. Fa a sena go nopola mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 4:10, Mokaulengwe Barr o ne a re, “Fa e le gore re batla go obamela Jehofa a le nosi, re tshwanetse gore re tlogele mefuta yotlhe ya kobamelo ya medimo ya disetwa e e sa bonaleng, e e jaaka bopelotshetlha, go eletsa dikhumo le go ikgodisa. A bo go re itumedisa jang ne fa re akanya gore barongwa ba rona go ralala dingwaga fa e sa le kwa tshimologong ya bo1940 ba ile ba tlhoma sekao se sentle malebana le seno! Mme re a tlhomamisega gore lona baalogi ba setlhopha sa bo108 sa Gileate lo tla latela sekao sa bone se sentle. Lo ile go dira tirelo e e boitshepo, lo e direla Jehofa, yo e leng ene fela yo go mo tshwanetseng.”

E ne e le konelo e ntle ya thulaganyo e e agang. Morago go foo e ne ya nna nako ya go utlwa ditumediso tse di tswang kwa bathong ba ba ba eleletsang masego go tswa mo lefatsheng lotlhe, ya go abiwa ga didipoloma le ya go bala lekwalo le le tswang mo setlhopheng, le le supang kanaanelo ka ntlha ya thapiso e ba e amogetseng. Setlhopha se se alogang se ne sa kgothadiwa gore se bontshe nonofo ya boineelo mo dikabelong tsa bone le mo go direleng Jehofa. Botlhe ba ba neng ba le teng, go akaretsa le baeti ba ba tswang kwa dinageng di le 25, ba ne ba kopanela mo go koneleng thulaganyo eno ka pina le ka thapelo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Thulaganyo ya March 11, 2000, e ne e tshwaretswe kwa Lefelong la Thuto la Watchtower Kwa Patterson, kwa New York.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

DIPALO TSA SETLHOPHA

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 10

Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 17

Palo ya baithuti: 46

Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 34

Palogare ya dingwaga tsa bone mo boammaaruring: 16

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 12

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Setlhopha se se Alogang sa Bo108 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate

Mo lenaaneng le le fa tlase, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe di balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a thathamisitswe go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1)Amadori, E.; Cook, O.; Byrne, M.; Lee, A. (2) Newsome, D.; Pederzolli, A.; Bigras, H.; Kato, T.; Gatewood, D. (3) Eade, D.; Eade, J.; Wells, S.; Jamison, J.; Gonzales, M.; Gonzales, J. (4) Kato, T.; Lohn, D.; Niklaus, Y.; Preiss, S.; Foster, P.; Ibarra, J. (5) Amadori, M.; Manning, M.; James, M.; Boström, A.; Gatewood, B.; Newsome, D. (6) Foster, B.; Jamison, R.; Hifinger, A.; Koffel, C; Koffel, T.; Byrne G. (7) Hifinger, K.; Manning, C.; Cook, J.; Boström, J.; Lohn, E.; Pederzolli, A. (8) James, A.; Wells, L.; Preiss, D.; Niklaus, E.; Lee, M.; Ibarra, P.; Bigras, Y.