Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlotlang ba ba Tlhomilweng go lo Laola

Tlotlang ba ba Tlhomilweng go lo Laola

Tlotlang ba ba Tlhomilweng go lo Laola

“Tlotlang batho ba mefuta yotlhe, nnang le lorato mo lesomong lotlhe la bakaulengwe, boifang Modimo, tlotlang kgosi.”—1 PETERE 2:17.

1, 2. Batho ba leba balaodi jang gompieno? Ka ntlha yang?

MMÈ mongwe o ne a ngongorega jaana: “Bana ba tseelwa kwa godimo. Batsadi ga ba tlotlwe le e seng.” Setikara sengwe sa re: “Nyatsa Bolaodi.” Tseo ke ditsela tse pedi fela tse di bontshang maemo a a atileng gompieno jaaka fa o ka tswa o itse. Gompieno mo lefatsheng lotlhe batho ka bontsi ga ba tlotle batsadi, barutabana, bathapi le balaodi ba puso.

2 Batho bangwe ba ka nna ba tshikinya magetla fela ba re, ‘Batho ba ba nang le taolo ga ba a tshwanelwa ke tlotlo.’ Ka dinako tse dingwe go ka tswa go ntse jalo. Re utlwa dikgang tse dintsi tse di buang ka balaodi ba puso ba ba tsietsang, bathapi ba ba bogagapa, barutabana ba ba ditshwakga le batsadi ba ba sotlang bana. Selo se se itumedisang ke gore, ke Bakeresete ba sekae fela ba ba nang le boikutlo jo bo ntseng jalo ka ba ba eteletseng pele mo phuthegong.—Mathaio 24:45-47.

3, 4. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go tlotla balaodi?

3 Rona Bakeresete re na le “lebaka le le [re] patelelang” go tlotla balaodi ba lefatshe. Moaposetoloi Paulo o ile a gakolola Bakeresete gore ba “nne mo taolong ya balaodi ba bagolo, gonne ga go na bolaodi bope fa e se ka Modimo; balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng.” (Baroma 13:1, 2, 5; 1 Petere 2:13-15) Gape Paulo o ile a ntsha lebaka leno le le utlwalang la go ikobela bolaodi mo lelapeng: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e re ka go tshwanela mo Moreneng. Lona bana, utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe, gonne seno se itumedisa thata mo Moreneng.” (Bakolosa 3:18, 20) Bagolwane ba phuthego ba tshwanelwa ke gore re ba tlotle ka gonne ‘moya o o boitshepo o ba tlhomile balebedi ba phuthego ya Modimo.’ (Ditiro 20:28) Re tlotla bolaodi jwa batho ka gonne ka go dira jalo re a bo re tlotla Jehofa. Go tlotla bolaodi jwa ga Jehofa ke gone go tlang pele mo botshelong jwa rona.—Ditiro 5:29.

4 Fa re sa ntse re akantse jalo ka bolaodi jo bogolo jwa ga Jehofa, mma re sekasekeng dikai tsa bangwe ba ba ileng ba se ka ba tlotla balaodi le bangwe ba ba ileng ba bo tlotla.

Lenyatso le Felela Ka go Se Amogelwe

5. Mikale o ne a bontsha lenyatso jang mo go Dafide, mme seno se ne sa felela ka eng?

5 Go tswa mo hisitoring ya ga Kgosi Dafide, re kgona go bona tsela e Jehofa a lebang batho ba ba nyatsang batho ba Modimo a ba tlhomileng go nna balaodi ka teng. Ka nako ya fa Dafide a ne a fudusetsa letlole la kgolagano kwa Jerusalema, mosadi wa gagwe e bong Mikale o ne “a bona kgosi Dafite a tlolaka a bina fa pele ga Jehofa; mme a mo nyatsa mo pelong ya gagwe.” Mikale o ne a tshwanetse go tsaya Dafide e se tlhogo ya lelapa fela mme gape e le kgosi ya naga. Le fa go ntse jalo, o ile a bua jaana ka tsela ya tshotlo: “Ana kgosi ya Iseraele e ne e galalela jang gompieno, ya ikapola gompieno mo matlhong a malata a batlhanka ba yone, jaaka sephalamatlho se tle se ikapole se se na ditlhong.” Ka ntlha ya seno Mikale o ne a se ka a nna le bana ka motlha ope.—2 Samuele 6:14-23.

6. Jehofa o ne a leba jang tsela e Kora a neng a nyatsa batlodiwa ba Gagwe ka yone?

6 Sekai se se maswe thata sa motho yo o neng a nyatsa balaodi ba ba tlhomilweng ke Modimo ke sa ga Kora. E re ka e ne e le Mokohathe, a bo a ne a na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go direla Jehofa kwa motlaaganeng! Le fa go ntse jalo, o ne a nnela go tshwaya Moshe le Arone diphoso, banna ba ba neng ba tloditswe ke Modimo go nna baeteledipele ba Baiseraele. Kora o ne a itira seoposengwe le dikgosana tse dingwe tsa Iseraele mme ba raya Moshe le Arone jaana: “Ba phuthego botlhe ba itshepile, mongwe le mongwe wa bone, Jehofa o mo go bone. Ke ka ntlha yang fa lo ikgodisa lo ipaya kwa godimo ga phuthego ya ga Jehofa?” Jehofa o ne a leba jang boikutlo jono jwa ga Kora le batshegetsi ba gagwe? Modimo o ne a leba kgato eno ya bone e le go nyatsa Jehofa ka boene. Morago ga gore batshegetsi botlhe ba ga Kora ba komediwe ke lefatshe, ene le dikgosana tse 250 ba ne ba lailwa ke molelo o o tswang kwa go Jehofa.—Dipalo 16:1-3, 28-35.

7. A “baaposetoloi ba ba molemomogolo” ba ne ba na le lebaka la go nyatsa taolo ya ga Paulo?

7 Mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga, go ne go na le batho ba ba neng ba nyatsa balaodi ba ba tlhomilweng ke Modimo. ‘Baaposetoloi ba ba molemomogolo’ ba ba neng ba le mo phuthegong ya Korintha ba ne ba nyatsa Paulo. Ba ne ba nyatsa bokgoni jwa gagwe jwa go bua, ba re: “Fa a le gone ka namana o bokoa e bile puo ya gagwe e a nyatsega.” (2 Bakorintha 10:10; 11:5) E kane Paulo e ne e le sebui sa setswerere kana nnyaa, o ne a tshwanelwa ke go tlotlwa ka gonne e le moaposetoloi. A mme gone ke boammaaruri gore Paulo o ne a le bokoa mo puong? Dipuo tsa gagwe tsa phatlalatsa tse di kwadilweng mo Baebeleng di bontsha gore e ne e le sebui sa setswerere. Ebu, morago ga gore Paulo a bue lobaka lo lokhutshwane fela le Herode Ageripa II, yo e neng e le “setswerere mo . . . dikganetsanong [tsotlhe] tsa Bajuda,” o ile a feleletsa a dirile gore kgosi e re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete”! (Ditiro 13:15-43; 17:22-34; 26:1-28) Le fa go ntse jalo, baaposetoloi bano ba ba molemomogolo ba kwa Korintha ba ne ba mo latofatsa ka gore o bokoa mo puong! Jehofa o ne a leba boikutlo jono jwa bone jang? Jesu Keresete mo molaetseng o o yang kwa balebeding ba diphuthego tsa Efeso, o ne a akgola batho ba ba neng ba gana go ineelela go timediwa ke “ba ba reng ke baaposetoloi, mme e se bone.”—Tshenolo 2:2.

Go ba Tlotla Le fa Ba sa Itekanela

8. Dafide o ne a bontsha jang gore o tlotla bolaodi jo Jehofa a neng a bo neile Saulo?

8 Re na le dikai di le dintsi mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba tlotla batho ba ba neng ba eteletse pele, tota le fa batho bano ba ne ba sa dirise taolo ya bone sentle. Dafide ke mongwe wa dikai tseo tse di molemo. Kgosi Saulo yo Dafide a neng a le kafa tlase ga taolo ya gagwe, o ne a fufegela katlego ya gagwe mo a bileng a batla go mmolaya. (1 Samuele 18:8-12; 19:9-11; 23:26) Le fa go ntse jalo, fa go ne go tlhaga ditshono tsa gore Dafide a bolaye Saulo, o ile a re: “A go se tualo fa nka direla morena wa me selo se, e le motlodiwa wa ga Jehofa, ke ka mo ntshetsa letsogo la me, ka a le motlodiwa wa ga Jehofa.” (1 Samuele 24:3-6; 26:7-13) Dafide o ne a itse gore Saulo o ne a le phoso, mme gone o ile a tlogelela Jehofa dilo gore e nne ene yo o mo atlholang. (1 Samuele 24:12, 15; 26:22-24) Ga a ka a bua bosula ka Saulo kana go mo gobolola.

9. (a) Dafide o ile a ikutlwa jang fa Saulo a ne a mo tshwara makgwakgwa? (b) Ke eng se se re bontshang gore eleruri Dafide o ne a tlotla Saulo?

9 A Dafide o ne a ngomolwa pelo ke tsela e a neng a tshwerwe makgwakgwa ka yone? Dafide o ile a lelela kwa go Jehofa jaana: “Batho . . . ba ba thubakang ba tsomile mowa wa me.” (Pesalema 54:3) O ile a tshololela Jehofa pelo jaana: “Modimo wa me nkgolola mo babeng ba me . . . ba ba thatathata ba a mphuthegela, e seng ka ntlha ya tlolo ya me, le fa e le ka ntlha ya boleo jwa me, Jehofa. Ba tle ba siane, ba iketleetse kwa ntle ga molato wa me; tsogela go nthusa, mme o bone.” (Pesalema 59:1-4) A o kile wa ikutlwa jalo le wena—gore motho mongwe yo o nang le taolo o go tsenya dingalo le mororo o sa mo dira sepe? Dafide o ile a nna a bontsha go tlotla Saulo. Go na le gore Dafide a itumele morago ga loso lwa ga Saulo, o ne a tlhama pina eno ya khutsafalo: “Saule le Jonathane ba ne ba le bantle, ba le natefo mo matshelong a bone . . . Ba ne ba le bofefo bogolo go bontswi ba batona, ba le thata bogolo go ditau. Lona bomorwadia Iseraele, lelelang Saule.” (2 Samuele 1:23, 24) A bo Dafide a ile a tlhoma sekao se se molemo jang ne sa go tlotla motlodiwa wa ga Jehofa, le mororo Saulo a ile a se ka a tshwara Dafide sentle!

10. Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo jang ka go tlotla batho ba ba neilweng taolo ke Modimo ba setlhopha se se laolang, mme seno se ne sa felela ka eng?

10 Le mo motlheng wa Bokeresete re bona dikai tse di molemo tsa batho ba ba neng ba tlotla batho ba ba neng ba neilwe taolo ke Modimo. Ka sekai, akanya ka Paulo. O ne a bontsha go tlotla ditshwetso tsa setlhopha se se laolang sa phuthego ya Bokeresete sa lekgolo la ntlha la dingwaga. Mo loetong lwa bofelo lwa ga Paulo kwa Jerusalema, setlhopha se se laolang se ile sa mo neela kgakololo ya gore a iphepafatse kafa mokgweng go bontsha batho ba bangwe gore ga a ile Molao wa ga Moshe ka gope. Paulo o ne a ka nna a tlelwa ke kakanyo ya gore: ‘Mo nakong e e fetileng bakaulengwe bano ba ile ba ntaela gore ke tswe mo Jerusalema fa botshelo jwa me bo ne bo le mo kotsing. Jaanong ba batla gore ke bontshe phatlalatsa gore ke tlotla Molao wa ga Moshe. Ke setse ke kwaletse Bagalatia ke ba laela gore ba se ka ba boloka Molao. Fa nka ya kwa tempeleng, batho bangwe ba ka nna ba akanya gore ke ineelela go tlhotlhelediwa ke batho ba ba rupileng.’ Le fa go ntse jalo, go bonala Paulo a ile a se ka a tlelwa ke kakanyo e e ntseng jalo. E re ka go dira jalo go ne go se kitla go dira gore a tlole molaomotheo ope wa Bokeresete, o ne a tlotla a ba a diragatsa kgakololo eo ya setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga. Seno se ile sa felela ka gore Paulo a namolwe mo segopeng sa Bajuda, mme go tswa foo a fetsa dingwaga tse pedi a le mo kgolegelong. Kwa bofelong, thato ya Modimo e ne ya dirwa. Paulo o ne a neela badiredibagolo bosupi kwa Kaesarea mme go tswa foo a isiwa kwa Roma ka madi a puso go ya go neela bosupi fa pele ga Kaesare ka boene.—Ditiro 9:26-30; 21:20-26; 23:11; 24:27; Bagalatia 2:12; 4:9, 10.

A o A Tlotla?

11. Re ka bontsha jang gore re tlotla babusi ba lefatshe?

11 A o tlotla batho ba ba nang le taolo ka tsela e e ba tshwanetseng? Bakeresete ba laelwa gore ba “neye botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke tlotlo, tlotlo e e ntseng jalo.” Ke boammaaruri gore, tsela e re ikobelang “balaodi ba bagolo” ka yone ga e akaretse fela gore re duele lekgetho, go na le moo, e akaretsa le gore re tlotle balaodi ba bagolo ka boitshwaro jwa rona le mokgwa wa rona wa go bua. (Baroma 13:1-7) Re tshwanetse go itshwara jang fa babusi ba re tshwara makgwakgwa? Kwa Chiapas State, Mexico, balaodi kwa motseng mongwe ba ne ba gapa setsha sa temo sa malapa a le 57 a Basupi ba ga Jehofa ka gonne Bakeresete bano ba ile ba se ka ba nna le seabe mo meketeng mengwe ya bodumedi. Mo dikokoanong tse di neng di tshwerwe go rarabolola kgang eno, Basupi ba ne ba tla ba le phepa e bile ba apere sentle, mme ka metlha ba ne ba bua ka tsela e e seriti le ya tlotlo. Mo e ka nnang go feta ngwaga morago ga moo, go ne ga dirwa tshwetso e e neng e ba ema nokeng. Boitshwaro jwa bone bo ne jwa dira gore batho ba bangwe ba ba tlotle mo e leng gore le bone ba ne ba batla go nna Basupi ba ga Jehofa!

12. Ke eng fa go le botlhokwa gore motho a nne le “tlotlo e e boteng” mo monneng wa gagwe yo o sa dumeleng?

12 O ka bontsha jang go tlotla ba ba neilweng taolo ke Modimo mo lelapeng? Fa moaposetoloi Petere a sena go bua ka sekai sa ga Jesu sa go itshokela go boga, o ile a re: “Ka mokgwa o o tshwanang, lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:1, 2; Baefeso 5:22-24) Fano Petere o gatelela gore go botlhokwa gore mosadi a ikokobeletse monna wa gagwe ka “tlotlo e e boteng,” le fa banna bangwe ba ka tswa ba sa tshwanelwa ke tlotlo e e ntseng jalo. Tsela e mosadi a leng tlotlo ka yone e ka gapa pelo ya monna wa gagwe yo o sa dumeleng.

13. Basadi ba ka tlotla banna ba bone jang?

13 Go ya ka kgang e Petere a buang ka yone mo ditemaneng tseno, o re lemotsha sekai sa ga Sara, yo monna wa gagwe e bong Aborahame e neng e le sekao se se molemo sa motho yo o nang le tumelo. (Baroma 4:16, 17; Bagalatia 3:6-9; 1 Petere 3:6) A basadi ba ba nang le banna ba ba dumelang ga ba a tshwanela go tlotla banna ba bone thata fela jaaka basadi ba banna ba bone ba sa dumeleng? Go tweng fa o sa dumalane le monna wa gago ka dilo dingwe? Jesu o ne a neela kgakololo e e molemo e e ka dirisiwang mo dilong di le dintsi mo kgannyeng eno: “Fa mongwe yo o nang le taolo a go patelela gore o dire tirelo sekgala sa mmaele, tsamaya le ene dimaele tse pedi.” (Mathaio 5:41) A o tlotla monna wa gago ka go ema nokeng dikeletso tsa gagwe? Fa seno se lebega se le thata, mmolelele maikutlo a gago. Se ipolelele gore o itse kafa o ikutlwang ka teng. Mme gone, fa o mmolelela maikutlo a gago, dira jalo ka tlotlo. Baebele e re gakolola jaana: “A puo ya lona ka metlha e nne ka bopelontle, e lokilwe ka letswai, e le gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—Bakolosa 4:6.

14. Go tlotla batsadi go akaretsa eng?

14 Go tweng ka lona bana? Lefoko la Modimo le laela jaana: “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame: ‘Tlotla rraago le mmaago’; se e leng taolo ya ntlha e e nang le tsholofetso.’” (Baefeso 6:1-3) Ela tlhoko gore go ikobela batsadi ba gago go tsewa go tshwana le go ‘tlotla rrago le mmago.’ Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “go tlotla” le naya kgopolo ya “go baya selo tlhwatlhwa” kana “go baya sengwe boleng.” Ka gone, go ikobela batsadi go bolela gore o ikobele le ditaelo tsa batsadi ba gago tse di lebegang di sa utlwale kwantle ga go ngongorega. Modimo o batla gore o tseele batsadi ba gago kwa godimo le gore o tseye kaelo ya bone e le botlhokwa.—Diane 15:5.

15. Bana ba ka tswelela ba tlotla batsadi ba bone jang le fa ba akanya gore batsadi ba bone ba phoso?

15 Go tweng fa e le gore batsadi ba gago ba dira sengwe se se nyenyefatsang tsela e o ba tlotlang ka yone? Leka go leba dilo go ya kafa ba di lebang ka teng. A ga se bone ba go “tsetseng” le go go tlamela? (Diane 23:22) A ga ba dire jalo ka gonne ba go rata? (Bahebera 12:7-11) Bua le batsadi ba gago ka tsela ya tlotlo o ba tlhalosetsa maikutlo a gago ka moya o o bonolo. Tota le fa ba tsiboga ka tsela e o sa e rateng, se bue le bone ka lenyatso. (Diane 24:29) Gopola kafa Dafide a neng a nna a tlotla Saule ka teng ka nako ya fa kgosi e ne e sa tlhole e latela kgakololo ya Modimo. Kopa Jehofa gore a go thuse go laola maikutlo a gago. Dafide o ile a re: “Tshololang dipelo tsa lona fa pele ga one; Modimo ke botshabelo jwa rona.”—Pesalema 62:8; Dikhutsafalo 3:25-27.

Tlotla ba ba Etelelang Pele

16. Re ka ithuta eng mo sekaing sa barutisi ba maaka le sa baengele?

16 Bagolwane ba phuthego ba tlhomiwa ka moya o o boitshepo, le fa go le jalo, ga ba a itekanela e bile ba dira diphoso. (Pesalema 130:3; Moreri 7:20; Ditiro 20:28; Jakobe 3:2) Ka ntlha ya seno, batho bangwe mo phuthegong ba ka ikutlwa ba kgopisiwa ke bagolwane. Re tshwanetse go itshwara jang fa re ikutlwa gore sengwe ga se dirwe sentle mo phuthegong, kana gongwe go lebega go le jalo? Ela tlhoko kafa baengele ba neng ba farologana ka teng le barutisi ba maaka ba lekgolo la ntlha la dingwaga: “Ka ba le pelokgale, ba rata gore go dirwe ka tsela ya bone fela, ga ba [barutisi ba maaka] roromisiwe ke ba ba galalelang mme ba bua ka tsela ya go kgoba, fa baengele bone, le mororo ba le bagolwane ka nonofo le maatla, ba sa ba latofatse ka mafoko a go kgoba, ba sa dire jalo ka go bo ba tlotla Jehofa.” (2 Petere 2:10-13) Le mororo barutisi ba maaka ba ne ba kgoba “ba ba galalelang”—bagolwane ba ba neng ba tlhomilwe go etelela dilo pele mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga—baengele bone ba ne ba se ka ba kgoba barutisi bano ba maaka ba ba neng ba baka go se utlwane mo bakaulengweng. E re ka baengele ba na le maemo a magolo go feta batho e bile ba kgona go atlhola dilo ka tshiamo go ba feta, ba ne ba kgona go lemoga se se neng se direga mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlogela dilo mo Modimong gore e nne ene yo o atlholang, ka go bo ba ne ba “tlotla Jehofa.”—Bahebera 2:6, 7; Jude 9.

17. Tumelo e o nang le yone e ka thusa jang fa o lebana le mathata a mo go one o akanyang gore bagolwane ba phoso?

17 Tota le fa dilo di sa dirwe kafa di tshwanetseng go dirwa ka teng, a ga re a tshwanela go tshepa Jesu Keresete e re ka e le Tlhogo e e tshelang ya phuthego ya Bokeresete? A ga a lemoge se se diregang mo phuthegong ya gagwe ya lefatshe lotlhe? A ga re a tshwanela go tlotla tsela e a rarabololang dilo ka yone le go tsaya tsia bokgoni jo a nang le jone mo go laoleng dilo? Eleruri, ‘re bomang go bo re ka atlhola baagelani ba rona?’ (Jakobe 4:12; 1 Bakorintha 11:3; Bakolosa 1:18) Ke eng fa o sa buisane le Jehofa ka thapelo ka se se go tshwenyang?

18, 19. Ke eng se o ka se dirang fa o ikutlwa gore mogolwane o phoso?

18 Ka go bo re sa itekanela, mathata a ka nna a tlhaga. Ka dinako tse dingwe mogolwane a ka dira phoso e e ka kgopisang bangwe. Ga go ne go thusa sepe fa o phasumela dilo mo maemong a a ntseng jalo. Go ka nna ga gakatsa bothata fela. Batho ba ba nang le temogo ya semoya ba tla letela Jehofa gore a baakanye dilo le gore a otlhaye ka tsela epe fela e go tlhokegang ka yone ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe.—2 Timotheo 3:16; Bahebera 12:7-11.

19 Go tweng fa e le gore kgang nngwe e go ngomola pelo? Go na le go bua le ba bangwe ka yone mo phuthegong, ke eng fa ka tlotlo o sa buisane le bagolwane o kopa thuso? Ba tlhalosetse kafa e go tshwentseng ka teng o sa pege ope molato. Ka metlha bontsha go ba “utlwela,” mme o bontshe go ba tlotla fa o buisana le bone. (1 Petere 3:8) O se ka wa bua le bone ka tsela ya go sotla, go na le moo, tshepa gore ke Bakeresete ba ba nonofileng. Anaanela kgothatso epe fela ya Dikwalo e ba ka go nayang yone ka bopelonomi. Mme fa go bonala go tlhokega ditsela tse dingwe tse go ka baakanngwang kgang ka tsone, tshepa Jehofa gore o tla kaela bagolwane go dira se se molemo le se se siameng.—Bagalatia 6:10; 2 Bathesalonika 3:13.

20. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Le fa go ntse jalo, go na le sengwe gape se re tshwanetseng go se akanyetsa malebana le go tlotla batho ba ba tlhomilweng mo maemong a go laola. A batho ba ba tlhomilweng mo maemong a go laola ga ba a tshwanela go tlotla batho ba ba tlhomilweng gore ba ba tlhokomele? A re sekasekeng seo mo setlhogong se se latelang.

O ka Araba Jang?

• Ke lebaka lefe le le molemo le le re dirang gore re tlotle batho ba ba neilweng taolo?

• Jehofa le Jesu ba leba jang batho ba ba sa tlotleng ba ba neilweng taolo ke Modimo?

• Ke dikai dife tse di molemo tse re nang le tsone tsa batho ba ba neng ba tlotla batho ba ba neilweng taolo?

• Ke eng se re ka se dirang fa go bonala yo o neilweng taolo a le phoso?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Sara o ne a tlotla taolo ya ga Aborahame thata mme o ne a itumetse

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Mikale o ne a se ka a tlotla taolo ya ga Dafide ya go nna tlhogo ya lelapa le kgosi

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

‘A go se tualo fa nka ntshetsa motlodiwa wa ga Jehofa letsogo la me!’

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ke eng fa o sa buisane le Jehofa ka se se go tshwenyang mo dithapelong tsa gago?