Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Kgona go Bona Kagiso ya Mogopolo?

A o Ka Kgona go Bona Kagiso ya Mogopolo?

A o Ka Kgona go Bona Kagiso ya Mogopolo?

Morago kwa ka 1854, mokwadi mongwe wa kwa Amerika e bong Henry Thoreau o ne a kwala jaana: “Bontsintsi jwa batho ba tshela ba tlhobaela ka tidimalo.”

Go bonala fa bontsi jwa batho ba motlha wa gagwe ba ne ba se na kagiso ya mogopolo. Le fa go ntse jalo, e ne e le dingwaga tse di ka nnang 150 tse di fetileng. A dilo di farologane gompieno? Kana a mafoko a ga Thoreau a sa ntse a dira? Go tweng ka wena ka namana? A o kgotsofetse, a o na le kagiso? Kana a o ikutlwa o sa tlhomamisega ka isagwe, ‘o tlhobaela ka tidimalo,’ fa re dirisa mafoko a ga Thoreau?

KA MASWABI, go na le dilo tse dintsi mo lefatsheng tse di dirang gore batho ba se ka ba nna le kagiso ya mogopolo. A re umakeng di le mmalwa fela. Mo dinageng di le dintsi go tlhoka tiro le go nna le lotseno lwa madi a mannye go dira gore go nne le khumanego mme ka ntlha ya seo go nna le tlalelo ya ikonomi. Mo dinageng tse dingwe ba le bantsi ba dirisa maatla a bone ba lelekisa dikhumo le dithoto. Le fa go ntse jalo, gantsi botshelo jo bo ntseng jalo jwa kgaisano bo dira gore go nne le tlhobaelo e seng kagiso. Bolwetse, ntwa, bokebekwa, tshiamololo le kgatelelo le tsone di dira gore batho ba se ka ba nna le kagiso.

Ba ne Ba Batla Kagiso ya Mogopolo

Batho ba le bantsi ga ba ikaelela go itshokela lefatshe jaaka le ntse. Antônio * e ne e le moeteledipele wa mokgatlho wa babereki mo feketiring e kgolo kwa São Paulo kwa Brazil. E re ka a ne a solofetse gore o tla tokafatsa maemo a botshelo, o ne a nna le seabe mo dipopelelong le mo ditshupisong, mme le fa go ntse jalo seno ga se a ka sa mo tlisetsa kagiso ya mogopolo.

Bangwe ba solofela gore lenyalo le tla ba tlisetsa kagisonyana mo botshelong, mme ba ka nna ba swabisiwa. Marcos e ne e le rakgwebo yo o atlegileng. O ne a inaakanya le dipolotiki mme a nna ratoropo wa toropo nngwe e e tletseng madirelo. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa gagwe jwa lelapa bo ne bo senyegile. Fa bana ba gagwe ba tswa kwa lapeng, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba kgaogana ka ntlha ya dikgotlhang tse di sa feleng.

Gerson, ngwana yo o goletseng mo mebileng wa kwa Salvador, kwa Brazil, o ne a batla go lekeletsa dilo. O ne a tswa mo toropong e nngwe a ya go e nngwe, a ntse a tsamaya le bakgweetsi ba diteraka. Go ise go ye kae, o ne a tshwakgolwa ke diokobatsi, a thukutha batho gore a tle a duelele mokgwa wa gagwe. O ne a tshwarwa ka makgetlhonyana ke mapodise. Le fa go ntse jalo, le mororo Gerson e ne e le ntwadumela, o ne a eletsa go nna le kagiso ya mogopolo. A o ne a tla tsamaya a nna le yone?

Fa Vania a ne a sa le mmotlana, mmaagwe o ne a tlhokafala mme Vania o ne a tshwanela gore a tlhokomele legae le monnawe yo o lwalang. Vania o ne a tsena kereke mme le fa go ntse jalo o ne a ikutlwa a latlhilwe ke Modimo. Ruri o ne a se na kagiso ya mogopolo.

Gape go ne go na le Marcelo. Se Marcelo a neng a se batla fela e ne e le go ja monate. O ne a rata go ya diphathing le basha ba bangwe—go tansa, go nwa le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Ka nako nngwe o ne a lwa mme a gobatsa mosha yo mongwe. Morago ga foo, o ne a ikwatlhaela se a se dirileng mme a rapela Modimo gore o mo thuse. Le ene o ne a batla kagiso ya mogopolo.

Ditiragalo tseno di bontsha maemo mangwe a a ka nnang a senya kagiso ya mogopolo. A go ne go na le tsela e ka yone moeteledipele wa mokgatlho wa babereki, radipolotiki, ngwana yo o goletseng mo mebileng, morwadi yo o berekang thata le motho yo o ratang go ya diphathing ba neng ba ka kgona go bona kagiso ya mogopolo e ba neng ba e batla? A se se ba diragaletseng se re ruta sengwe? Karabo ya dipotso tseno ka bobedi ke ee, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

A o eletsa go nna le kagiso ya mogopolo?