Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Badisa ba Bakeresete, ‘Pitlololang Dipelo Tsa Lona’!

Badisa ba Bakeresete, ‘Pitlololang Dipelo Tsa Lona’!

Badisa ba Bakeresete, ‘Pitlololang Dipelo Tsa Lona’!

“JEHOFA ke modisa wa me; ga nketla ke tlhoka sepe.” Dafide o ne a bontsha gore o tshepa Modimo thata ka mafoko ao. Ka tsela ya semoya, Jehofa o ne a mo isa kwa “mafulong a matalana” le kwa “metsing a a didimetseng,” a mo kaela “mo ditseleng tsa tshiamo.” Fa Dafide a ne a dikologilwe ke baganetsi, o ne a tshegediwa le go kgothadiwa, e le selo se se neng sa mo tlhotlheletsa gore a bolelele Jehofa jaana: “Ga nketla ke boifa bosula bope; gonne o na le nna.” E re ka Dafide a ne a na le Modisa yo Mogolo jalo, o ne a ikemisetsa go “aga mo ntlong ya ga Jehofa ka bosakhutleng.”—Pesalema 23:1-6.

Morwa wa Modimo yo o tsetsweng a le esi le ene o ne a tlhokomelwa ka tsela e e lorato ke Jehofa, mme le ene o ile a bontsha tlhokomelo e e ntseng jalo fa a ne a dirisana le barutwa ba gagwe fa a le mo lefatsheng. Ka gone Dikwalo di mmitsa “modisa yo o molemomogolo,” le “modisa yo mogolo.”—Johane 10:11; Bahebera 13:20; 1 Petere 5:2-4.

Jehofa le Jesu Keresete ba tsweletse pele ba disa batho ba ba ba ratang. Re bona bontlhanngwe jwa go disa ga bone ka thulaganyo e e lorato ya badisa ba babotlana mo phuthegong. Paulo o ne a bua le badisa bao ba babotlana fa a ne a re: “Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone, gore lo dise phuthego ya Modimo, e o neng wa e reka ka madi a Morwaone.”—Ditiro 20:28.

Go disa letsomane ka tsela e Jehofa le Keresete Jesu ba re tlhometseng yone ga se kgetsi e potlana, mme go botlhokwa thata go dira jalo gone jaanong go feta le fa e le leng pele. Akanya ka Basupi ba ba fetang milione ba ba kolobeditsweng mo dingwageng tse tharo tse di fetileng! Batho bano ba basha ga ba a golela mo dilong tsa semoya. Akanya gape ka Basupi ba e sa ntseng e le bana kana basha. Ba tlhoka go tsewa tsia e seng ke batsadi ba bone fela mme gape le badisa ba babotlana ba phuthego.

Ee ruri, Mokeresete mongwe le mongwe o lebane le dikgatelelo tse di tswang kwa ntle, go akaretsa le go gatelelwa ke balekane. Rotlhe re tshwanetse go kgaratlhela go gana maatla a a nonofileng a a ka dirang gore re latele tsela ya lefatshe ya go rata menate. Mo dinageng tse dingwe, baboledi ba Bogosi ba ka nna ba kgobiwa marapo ke go bo batho ba sa arabele molaetsa wa bone. Baboledi ba le bantsi ba na le malwetse a a masisi. Mathata a madi a ka dira gore ba bangwe ba palelwe ke go senka pele Bogosi. Totatota, rotlhe—go akaretsa le ba ba nang le nako e telele ba le mo boammaaruring—ba tlhoka go thusiwa ke badisa ba ba lorato e bile ba tshwanelwa ke seo.

Boikutlo jo bo Siameng

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhagisiwa jaana: ‘Pitlololang dipelo tsa lona’! (2 Bakorintha 6:11-13) Bagolwane ba Bakeresete ba dira sentle fa ba latela kgakololo eno fa ba dira maikarabelo a bone a bodisa. Ba ka dira seo jang? Mme go tweng ka batlhanka ba bodiredi, ba bontsi jwa bone e ka nnang badisa?

Gore bagolwane ba Bakeresete ba thuse letsomane, ga ba a tshwanela go dira fela ka go bo ba tshwanetse go dira jalo. Ba gakololwa jaana: “Disang letsomane la Modimo le le mo tlhokomelong ya lona, e seng ka go patelelwa, mme ka go rata; lefa e le ka go rata poelo ya matsoketsane, fa e se ka phisego.” (1 Petere 5:2) Ka gone go disa ka tsela e e molemo go akaretsa go direla ba bangwe ka go rata le ka tlhoafalo. (Johane 21:15-17) Go raya go lemoga dilo tse dinku di di tlhokang le go di dira ka bonako. Go kaya go bontsha dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete tse di bidiwang maungo a moya wa Modimo fa o dirisana le ba bangwe.—Bagalatia 5:22, 23.

Ka dinako tse dingwe go disa go akaretsa go etela bakaulengwe kwa magaeng a bone. * Mme badisa ba ba ‘pitlololang dipelo tsa bone’ ba intsha setlhabelo. Ke gore, ga ba dire fela maeto a a tlwaelegileng a bodisa. Ba dirisa sebaka sengwe le sengwe go disa ba bangwe mo letsomaneng.

Go Thapisa ba Bangwe go Nna Badisa

Mokaulengwe ope fela, go sa lejwe dingwaga tsa gagwe, yo o “gabalalela[ng] tiro ya bolebedi, o eletsa tiro e e molemomogolo.” (1 Timotheo 3:1) Batlhanka ba le bantsi ba bodiredi ba ile ba bontsha gore ba rata go gabalalela ditshiamelo tse di oketsegileng. Ka gone, bagolwane ba thusa bakaulengwe bano ba ba dirang ka go rata gore ba tseye kgato eno e e botlhokwa ya go “gabalalela tiro ya bolebedi.” Seno se kaya gore ba ba thapise go nna badisa ba ba molemo.

Ka ntlha ya go ikobela melao ya maemo a a kwa godimo ya Modimo, phuthego ya Bokeresete ya ga Jehofa ga e ise e koafadiwe ke badisa ba tsietso ba ba jaaka ba ba tlhalositsweng mo go Esekiele 34:2-6. Jehofa o ne a sa ba beye sebete e bile go ne go tshwanela go bo a ne a ba leba jalo. Mo boemong jwa gore ba tlamele letsomane, ba ne ba itlamela ka bobone. Ba ne ba palelwa ke go thatafatsa letsomane le le bobolang, go fodisa le le lwalang, go fapa le le robegileng kana go busa le le gasameng kana le le timetseng. Ba ne ba ntse jaaka diphiri go na le go nna badisa, ba gatelela dinku. Dinku tse di neng di tlhokomologilwe di ne di faletse, di gasame go se na ope yo o di tlhokomelang.—Jeremia 23:1, 2; Nahume 3:18; Mathaio 9:36.

Badisa ba Bakeresete ba etsa sekao sa ga Jehofa, ga ba tshwane le badisa bao ba ba sa ikanyegeng. Ba thusa go isa dinku mo “mafulong a matalana” a semoya le mo “metsing a a didimetseng.” Ba leka go di kaela “mo ditseleng tsa tshiamo” ka go di thusa go tlhaloganya Lefoko la ga Jehofa sentle le go le dirisa ka namana. Ba ka dira seno ka katlego ka gonne ba “tshwanelega go ruta.”—1 Timotheo 3:2.

Gantsi bagolwane ba ruta ba le mo seraleng kwa dipokanong tsa phuthego. Le fa go ntse jalo, gape bagolwane ba ruta batho ka bongwe ka bongwe. Ke boammaaruri gore ba bangwe ba na le botswerere jwa go ruta batho ka bongwe ka bongwe, fa ba bangwe ba na le bokgoni jwa go neela dipuo. Mme fa motho a se na bokgoni mo karolong e nngwe ya go ruta ga go reye gore ga a tshwanelege go ruta. Bagolwane ba ruta mo dikarolong tsotlhe tse ba nang le tsone, go akaretsa le mo maetong a bodisa. Ka sekai, maeto mangwe a bodisa a ka dirwa ka tsela e e tlwaelegileng, e e rulagantsweng. Mme bontsi jwa maeto a bodisa a ka dirwa le ka tsela e e sa rulaganngwang, e le yone e thusang fela thata.

Ke Badisa le Barutisi ka Dinako Tsotlhe

Ngaka e tshwanetse go nna le kitso le maitemogelo gore e kgone go dira tiro ya yone. Mme balwetse ba yone ba a itumela fa e ba bontsha bopelonomi, kutlwelobotlhoko, kamego le go ba kgatlhegela. O tshwanetse a nna le dinonofo tseno. Morutisi le modisa yo o molemo le ene o tshwanetse go nna le dinonofo tseno, a di bontsha letsatsi le letsatsi. Morutisi wa mmatota o tla iketleeletsa go ruta ba ba nang le ene nako nngwe le nngwe fa go tlhokega. Diane 15:23 e bolela jaana: “Lefoko, fa le buiwa mo lobakeng lo e leng lone, le molemo jang!” “Lobaka lo e leng lone” e ka nna fa a ruta kwa seraleng, fa a ruta ka ntlo le ntlo, kana fa a buisana le mongwe kwa Holong ya Bogosi kana mo founong. Modisa yo o molemo le ene o leka go gagamalela go bontsha dinonofo tse di molemo, tse di lorato ka dinako tsotlhe, e seng fela fa a dira maeto a bodisa. Fa a ‘pitlolotse pelo ya gagwe,’ o tla dirisa sebaka sengwe le sengwe go thusa dinku, a di neela tlhokomelo e di e tlhokang ka lobaka lo e leng lone. Seno ke sone se se dirang gore dinku di mo rate.—Mareko 10:43.

Wolfgang, yo jaanong e leng mogolwane, o gakologelwa fa lelapa la gagwe le ne le etetswe ke motlhanka wa bodiredi le mosadi wa gagwe. O bolela jaana: “Bana ba ne ba itumeletse go tsewa tsia le nako e e monate e re nnileng le yone. Ba sa ntse ba bua ka loeto leo le gone jaanong.” Ee, motlhanka yono wa bodiredi o ne a bontsha gore o a re kgathalela; o ne a ‘pitlolola pelo ya gagwe.’

Sebaka se sengwe sa go bontsha go ‘pitlolola pelo ya motho’ ke ka go etela ba ba bobolang, go ba romelela molaetsa o mokhutshwane o o kgothatsang, kana go ba founela—sengwe fela se se ka bontshang gore lo a ba kgathalela! Ba thuse fa go tlhokega. Fa ba batla go bua, ba reetse ka kelotlhoko. Bua ka ditiro tse di molemo, tse di kgatlhang tsa puso ya Modimo tsa mo phuthegong ya lona le tsa mafelo a mangwe. Ba thuse go tlhoma mogopolo mo isagweng e ntle e e beetsweng batho ba ba ratang Jehofa.—2 Bakorintha 4:16-18.

Mo Godimo ga Maeto a Bodisa

Gakologelwa boikaelelo jwa bodisa, go phepafetse gore go dira maeto a bodisa a a rulagantsweng kwa magaeng a bakaulengwe, le mororo go le botlhokwa, ke karolo fela ya se se akarediwang. Modisa yo o lorato o ‘pitlolola pelo ya gagwe’ ka gore a atamelesege mo maemong otlhe le ka dinako tsotlhe. Botsala jo bo lorato jo a nang le jone le bakaulengwe ba gagwe bo tla ba tlhomamisetsa gore fa ba na le mathata, ba se ka ba boifa bosula bope, ka ba itse gore mokaulengwe wa bone yo o lorato, modisa wa Mokeresete, o a ba kgathalela.—Pesalema 23:4.

Ee, lona lotlhe badisa ba Bakeresete, ‘pitlololang dipelo tsa lona.’ Ratang bakaulengwe ba lona ka pelo yotlhe—ba kgothatseng, ba lapoloseng, ba ageng semoyeng ka tsela epe e lo ka e kgonang. Ba thuseng go nna ba nitame mo tumelong. (Bakolosa 1:23) Dinku di ka se tlhoke sepe fa di na le badisa ba Bakeresete ba ba ‘pitlololang dipelo tsa bone.’ Ba tla ititaya sehuba, fela jaaka Dafide, gore ba age mo ntlong ya ga Jehofa ka bosakhutleng. (Pesalema 23:1, 6) Ke eng gape se modisa yo o lorato a ka se batlang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Dikakantsho tsa go dira maeto a bodisa di ka fitlhelwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya September 15, 1993, ditsebe 20-3, le wa March 15, 1996, ditsebe 24-7.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Badisa ba Bakeresete

• Ba dira ka tlhoafalo le ka go rata

• Ba tlamela letsomane le go le tlhokomela

• Ba thusa ba bangwe go tshwanelegela go nna badisa

• Ba etela balwetse le go ba tlhokomela

• Ba butse matlho gore ba thuse bakaulengwekabone ka dinako tsotlhe

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Bagolwane ke badisa ka dinako tsotlhe, e ka tswa e le mo tirelong ya tshimo, mo dipokanong, kana fa ba na le ba bangwe