Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bua Dikgang Tse di Molemo ka Tlhagafalo

Bua Dikgang Tse di Molemo ka Tlhagafalo

Bua Dikgang Tse di Molemo ka Tlhagafalo

“Tukang mo moyeng. Nnang batlhanka ba ga Jehofa.”—BAROMA 12:11.

1, 2. Bakeresete ba lwela go nna le boikutlo bofe mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo?

LEKAWANA lengwe le itumetse tota ka ntlha ya tiro ya lone e ntšha. Mo letsatsing la lone la ntlha mo tirong, le letetse ditaelo tsa mothapi wa lone ka go swegaswega pelo. Le gakaletse tiro ya lone ya ntlha mme le ikaeletse go e dira ka tlhoafalo e kgolo. Le batla go ntsha ga tshwene.

2 Le rona Bakeresete re ka itsaya re le badiri ba basha mo tirong. E re ka re solofetse go tshelela ruri, go ka twe, re sa tswa go simolola go berekela Jehofa. Ga go pelaelo gore Mmopi wa rona o na le ditiro tse dintsi tse a batlang re di dira tse di tla re bolokang re semeletse mo tirong go ya go ile. Mme tiro ya ntlha e re neng ra e abelwa ke ya go bua dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. (1 Bathesalonika 2:4) Re ikutlwa jang ka tiro eno e Modimo a re abetseng yone? Fela jaaka lekawana lele, re batla go e dira ka bojotlhe, ka botlhaga, ka boipelo—ee le ka tlhoafalo ka mo go ka kgonegang ka teng!

3. Go tlhokega eng gore re atlege mo bodireding jwa rona jwa dikgang tse di molemo?

3 Ke boammaaruri gore, ga go motlhofo go nna re na le boikutlo joo jo bo siameng. Mo godimo ga bodiredi jwa rona, re na le maikarabelo a mangwe gape a mantsi, a mangwe a one a ka re lapisang thata mo mmeleng le mo maikutlong. Gantsi re kgona go dira ditiro tseno mme gape re tla re dira bodiredi jwa rona ka selekano se se tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, re tshwanelwa ke go nna re kgaratlha. (Mareko 8:34) Jesu o ile a gatelela gore Bakeresete ba tshwanetse ba iteka ka natla gore ba atlege.—Luke 13:24.

4. Ditlhobaelo tsa botshelo di ka ama jang tsela ya semoya e re lebang dilo ka yone?

4 E re ka re na le dilo tse dintsi tse re tshwanetseng go di dira, go ka nna motlhofo gore ka dinako tse dingwe re ikutlwe re imelwa kana re fekeetsega. “Ditlhobaelo tsa botshelo,” di ka koafatsa tlhoafalo ya rona le tsela e re anaanelang ditiro tsa puso ya Modimo ka yone. (Luke 21:34, 35; Mareko 4:18, 19) E re ka re sa itekanela, go ka nna ga direga gore re tlogele ‘lorato lo re neng re na le lone pele.’ (Tshenolo 2:1-4) Ditiro dingwe tse re di direlang Jehofa di ka nna tsa fetoga seomodiro fela. Baebele e re kgothatsa jang gore re tswelele pele re tlhoafetse mo bodireding?

Jaaka “Molelo o o Tukang” mo Dipelong Tsa Rona

5, 6. Moaposetoloi Paulo o ne a leba jang tshiamelo ya gagwe ya go rera?

5 Bodiredi jo Jehofa a re neileng jone bo botlhokwa thata mo re ka se kang ra bo tsaya motlhofo fela. Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya tiro ya go rera dikgang tse di molemo e le tshiamelo e kgolo, e bile o ne a itsaya a sa tshwanelwa ke go e newa. O ile a re: “Nna, motho yo o kwa tlase ga yo mmotlana thata wa baitshepi botlhe, ke ne ka newa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jono, gore ke tle ke bolelele merafe dikgang tse di molemo kaga dikhumo tse di sa ka keng tsa lekelediwa tsa ga Keresete le gore ke dire gore batho ba bone kafa sephiri se se boitshepo se tsamaisiwang ka gone se go tswa nakong e e fetileng e e sa tlhomamisegeng se ntseng se fitlhilwe mo Modimong, o o tlhōdileng dilo tsotlhe.”—Baefeso 3:8, 9.

6 Maikutlo a a molemo a Paulo a neng a na le one ka bodiredi jwa gagwe ke sekao se se molemo thata mo go rona. O ile a bua jaana mo lekwalong le a le kwaletseng Baroma: “Ke na le phisego ya gore ke bolele dikgang tse di molemo.” O ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo. (Baroma 1:15, 16) O ne a na le maikutlo a a siameng e bile o ne a dira bodiredi jwa gagwe ka tlhagafalo.

7. Paulo o ile a tlhagisa Baroma ka eng mo lekwalong le a ba kwaletseng lone?

7 Moaposetoloi Paulo o ile a lemoga botlhokwa jwa go dira dilo ka tlhoafalo, ka jalo o ne a gakolola Bakeresete ba Roma jaana: “Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona. Tukang mo moyeng. Nnang batlhanka ba ga Jehofa.” (Baroma 12:11) Lefoko la Segerika le le ranotsweng “nyahala,” le naya kgopolo ya go nna “botshwakga, bobodu.” Le fa gone re ka se nyahale ka tsela ya mmatota mo bodireding jwa rona, rotlhe re tshwanetse go nna kelotlhoko go lemoga matshwao ape a go tshwakgafala semoyeng mme ra dira diphetogo tse di maleba mo boikutlong jwa rona fa e le gore re lemoga matshwao ao.— Diane 22:3.

8. (a) Ke eng se se neng sa nna jaaka “molelo o o tukang” mo pelong ya ga Jeremia mme ka ntlha yang? (b) Re ka ithuta eng go tswa mo go se se diragaletseng Jeremia?

8 Moya wa Modimo o ka re thusa le fa re kgobegile marapo. Ka sekai, nako nngwe moporofeti Jeremia o ne a iphitlhela a kgobegile marapo mme a tlelwa ke kakanyo ya go tlogela tiro ya gagwe ya boporofeti. O ile a ba a bua jaana ka Jehofa: “Ga ke na go mo umaka, e bile ga ke na go tlhola ke bua mo leineng la gagwe.” A seno se bolela gore Jeremia o ne a koafetse semoyeng? Nnyaa. Tota e bile, tsela e Jeremia a neng a nonofile ka yone semoyeng, go rata Jehofa ga gagwe le go tlhoafalela boammaaruri ga gagwe, ke tsone tse di neng tsa mo nonotsha gore a tswelele pele a porofeta. O tlhalosa jaana: “Mo pelong ya me [lefoko la ga Jehofa la] nna jaaka molelo o o tukang o tswaletswe mo marapong a me; ke ne ka lapa go o tshola, mme ke ne ke sa kgone go o itshokela.” (Jeremia 20:9) Go itiragalela fela gore batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ikutlwe ba kgobegile marapo ka dinako tse dingwe. Mme fa ba kopa Jehofa gore a ba thuse, o tla lemoga se se mo dipelong tsa bone mme a ba abele moya wa gagwe o o boitshepo fa e le gore ba bolokile lefoko la gagwe mo dipelong tsa bone jaaka Jeremia.—Luke 11:9-13; Ditiro 15:8.

“Lo se Ka Lwa Tima Molelo wa Moya”

9. Ke eng se se ka kgoreletsang ditiro tse moya o o boitshepo o ka re direlang tsone?

9 Moaposetoloi Paulo o ile a gakolola Bathesalonika jaana: “Lo se ka lwa tima molelo wa moya.” (1 Bathesalonika 5:19) Ee, ditiro le maikutlo a a sa dumalaneng le melaometheo ya Modimo a ka kgoreletsa ditiro tse moya o o boitshepo o ka re direlang tsone. (Baefeso 4:30) Gompieno Bakeresete ba abetswe tiro ya go rera dikgang tse di molemo. Re tlotla tshiamelo eno thata. Ga re gakgamadiwe ke go bo batho ba ba sa itseng Modimo ba nyatsa tiro ya go rera. Mme fa Mokeresete a tlhokomologa bodiredi jwa gagwe ka boomo, go ka nna ga felela ka gore a time molelo wa moya wa Modimo o o re rotloetsang.

10. (a) Tsela e bengkarona ba lebang dilo ka yone e ka re ama jang? (b) Ke pono efe e e molemo ka bodiredi jwa rona e e tlhalosiwang mo go 2 Bakorintha 2:17?

10 Batho bangwe ba ba seng mo phuthegong ya Bokeresete ba ka nna ba tsaya bodiredi jwa rona e le tiro fela ya go anamisa dibuka. Bangwe ba ka nna le maikutlo a a phoso a gore re tsamaya ka ntlo le ntlo e le fela gore re kope meneelo. Fa re letla gore dipono tse di ntseng jalo tse di sa siamang di tlhotlheletse maikutlo a rona, seno se ka nna sa dira gore re se ka ra nna le matswela a a kalo mo bodireding. Go na le gore re letle dikakanyo tse di ntseng jalo di re ama, a re nneng le pono e Jehofa le Jesu ba nang le yone ka bodiredi jwa rona. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa pono eo e e molemo fa a ne a re: “Ga re babapatsi ba lefoko la Modimo jaaka batho ba le bantsi ba ntse, mme re bua jaaka e le ka bopeloephepa, ee, jaaka ba ba romilweng ke Modimo, mo ponong ya Modimo, re patilwe ke Keresete.”—2 Bakorintha 2:17.

11. Ke eng se se neng sa thusa Bakeresete ba pele go nna ba tlhoafetse le mororo ba ne ba bogisiwa, mme sekai seno se tshwanetse go re ama jang?

11 Go ise go ye kae morago ga loso lwa ga Jesu, barutwa ba gagwe ba ne ba lebana le nako ya pogiso kwa Jerusalema. Ba ne ba tshosediwa mme ba laelwa go emisa tiro ya go rera. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re ba ne ba “tladiwa moya o o boitshepo e bile ba bua lefoko la Modimo ka sebete.” (Ditiro 4:17, 21, 31) Mafoko a Paulo a neng a a bua le Timotheo dingwaga di sekae moragonyana a bontsha boikutlo jo bo siameng jo Bakeresete ba tshwanetseng go nna le jone. Paulo o ile a re: “Modimo o ne wa re naya e seng moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo. Jalo o se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke bosupi kaga Morena wa rona, lefa e le ke nna legolegwa ka ntlha ya gagwe, mme wena nna le seabe mo go bogeng bosula ka ntlha ya dikgang tse di molemo go ya ka maatla a Modimo.”—2 Timotheo 1:7, 8.

Re Kolota Baagelani ba Rona Eng?

12. Re rera dikgang tse di molemo ka ntlha ya lebaka lefe la konokono?

12 Re tshwanetse go nna le maitlhomo a a siameng ka bodiredi jwa rona e le gore re nne le maikutlo a a siameng ka jone. Ke eng fa re rera? Lebaka la konokono re le bona mo mafokong ano a ga mopesalema: “Baitshepi ba gago ba tlaa go baka [Jehofa]. Ba tlaa bua ka ga kgalalelo ya bogosi jwa gago, ba bua ka ga thata ya gago; go itsise bana ba batho ditiro tsa gagwe tsa bonatla, le kgalalelo ya borena jwa bogosi jwa gagwe.” (Pesalema 145:10-12) Ee, re rera ka gonne re batla go baka Jehofa phatlalatsa le go itshepisa leina la gagwe mo bathong botlhe. Tota le fa re reediwa ke batho ba sekae fela, tiro ya rona ya go bolela molaetsa wa poloko ka boikanyegi e dira gore Jehofa a bakwe.

13. Ke eng se se re tlhotlheletsang go bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya poloko?

13 Gape re rera ka go bo re rata batho le ka go bo re sa batle go nna le molato wa madi. (Esekiele 33:8; Mareko 6:34) Mafoko ano a Paulo a neng a a bua le batho ba ba seng mo phuthegong ya Bokeresete a tsamaisana le seno: “Mo Bagerikeng le mo Bathoseeng, mo go ba ba botlhale le ba ba se nang tlhaloganyo ke yo o molato.” (Baroma 1:14) Paulo o ne a ikutlwa a na le sekoloto sa go bolelela batho dikgang tse di molemo, e re ka Modimo a batla gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” (1 Timotheo 2:4) Le gompieno, re rata baagelani ba rona jalo e bile re ikutlwa re ba kolota. Tsela e Jehofa a ratang batho ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa go romela Morwawe mo lefatsheng go tla go ba swela. (Johane 3:16) E ne e le tiro e kgolo ya go intsha setlhabelo. Re etsa lorato lwa ga Jehofa fa re ipha nako le go tsaya matsapa a go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tsa poloko tse di malebana le setlhabelo seno sa ga Jesu.

14. Baebele e tlhalosa jang batho ba ba mo lefatsheng ba ba seng mo phuthegong ya Bokeresete?

14 Basupi ba ga Jehofa ba leba batho ba bangwe e le ba go ka nnang ga direga gore e nne bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. Re tshwanetse go rera ka bopelokgale, le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go nna pelokgale ka tsela ya go pateletsa batho. Ke boammaaruri gore Baebele e dirisa mafoko a a gagametseng fa e bua ka lefatshe ka kakaretso. Paulo o ne a dirisa lefoko “lefatshe” ka tsela e e sa rategeng fa a ne a re “botlhale jwa lefatshe leno” le “dikeletso tsa selefatshe.” (1 Bakorintha 3:19; Tito 2:12) Paulo o ile a gakolola le Bakeresete ba Efeso gore fa ba ne ba tsamaya “go ya ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno,” ba ne ba “sule” semoyeng. (Baefeso 2:1-3) Mafoko ano le a mangwe a a tshwanang le one, a dumalana le mafoko ano a ga moaposetoloi Johane: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

15. Ke eng se re sa se direng ka batho ba ba seng mo phuthegong ya Bokeresete, mme ka ntlha yang?

15 Le fa go ntse jalo, se lebale gore mafoko ao a bua ka lefatshe ka kakaretso, batho ba ba sa utlwaneng le Modimo, e seng batho ka bongwe. Bakeresete ga ba atlhole batho gore ba tla tsibogela tiro ya go rera jang. Ga ba na lebaka la go bitsa batho ba bangwe dipodi. Ga se rona ba re ka bolelang gore dilo di tla felela jang fa Jesu a tla go kgaoganya “dinku” le “dipodi.” (Mathaio 25:31-46) Jesu ke ene yo o tlhomilweng go nna moatlhodi; e seng rona. Kwantle ga moo, ditiragalo di bontsha gore batho bangwe ba ba neng ba inaakantse thata le boitsholo jo bo maswe ba ile ba amogela molaetsa wa Baebele, ba fetoga, mme ba nna Bakeresete ba ba phepa. Ka gone, le fa re se kitla re itsalanya le batho bangwe, ga re okaoke go bua le bone ka tsholofelo ya Bogosi fa tshono e tlhaga. Dikwalo di bua ka batho bangwe ba pele ga ba nna badumedi ba neng “ba sekametse sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng.” Kgabagare ba ne ba nna badumedi. (Ditiro 13:48) Re ka se ka ra itse gore ke mang yo o nang le tshekamelo e e siameng fa re sa ba neele bosupi—gongwe re dira jalo ka makgetlo a mantsinyana. Ka gone, re dirisana le batho ba ba iseng ba amogele molaetsa wa poloka ka tsela ya “bonolo” le “tlotlo e e boteng,” ka tsholofelo ya gore bangwe mo go bone ba tla tsibogela molaetsa wa botshelo.—2 Timotheo 2:25; 1 Petere 3:15.

16. Lebaka le lengwe la go bo re batla go godisa ‘botswerere jwa rona jwa go ruta’ ke lefe?

16 Fa re godisa bokgoni jwa rona jwa go ruta go tla nonotsha tlhagafalo ya rona mo go boleleng dikgang tse di molemo. Ka sekai: Motshameko o o itumedisang o ka nna wa se ka wa kgatlha motho yo o sa itseng go o tshameka. Mme o ka itumedisa tota mo mothong yo e leng setswerere mo go one. Bakeresete ba ba oketsang “botswerere jwa go ruta” le bone ba godisa tsela e ba itumelelang bodiredi ka yone. (2 Timotheo 4:2; Tito 1:9) Paulo o ne a gakolola Timotheo jaana: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa mo Modimong, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwara lefoko la boammaaruri sentle.” (2 Timotheo 2:15) Re ka nonotsha jang botswerere jwa rona jwa go ruta?

17. Re ka ‘bopa tlhologelelo’ ya kitso ya Baebele jang mme kitso e e ntseng jalo e ka re solegela molemo jang mo bodireding?

17 Tsela e nngwe ke ka go anya kitso e e oketsegileng ya boammaaruri. Moaposetoloi Petere o re kgothatsa jaana: “Jaaka masea a a sa tswang go tsalwa, bopang tlhologelelo ya mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko, gore lo gole go ya polokong ka one.” (1 Petere 2:2) Ka tlholego fela lesea le le itekanetseng sentle le tlhologelelwa mashi. Le fa go ntse jalo, Mokeresete o tshwanelwa ke go ‘bopa tlhologelelo’ ya go nna le kitso ya Baebele. Seno se ka dirwa ka go lwela go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta. (Diane 2:1-6) Re tshwanetse go dira maiteko le go itaya gore re nne barutisi ba ba ditswerere ba Lefoko la Modimo, mme gone maiteko ao a ka nna le matswela. Boitumelo jo re tla nnang le jone ka ntlha ya go sekaseka Lefoko la Modimo bo tla dira gore re tuke ka moya wa Modimo, re tlhagafaletse go abela ba bangwe dilo tse re ithutang tsone.

18. Dipokano tsa Bokeresete di ka re thusa jang gore re kgone go tshwara lefoko la boammaaruri sentle?

18 Dipokano tsa Bokeresete le tsone di ka re thusa thata gore re kgone go dirisa Lefoko la Modimo ka botswerere. Fa ditemana tsa Baebele di balwa ka nako ya dipuo tsa phatlalatsa le mo dipuong tse dingwe tsa Dikwalo, go ka nna molemo gore le rona re tle re di leba mo Dibaebeleng tsa rona. Go ka nna molemo fa re reetsa dipuo ka kelotlhoko kwa dipokanong, go akaretsa le tse di buang ka tlhamalalo ka tiro ya rona ya go rera. Le ka motlha ga re a tshwanela go tlhaetsa matlho botlhokwa jwa dipontsho, gongwe re itetla go iteega tsebe. Le fano, re tshwanetse go itaya le go tlhoma mogopolo mo go tsone. (1 Timotheo 4:16) Dipokano tsa Bokeresete di nonotsha tumelo ya rona, di re thusa go bopa tlhologelelo ya Lefoko la Modimo le go re thapisetsa go nna baboledi ba ba tlhagafetseng ba dikgang tse di molemo.

Re ka Tshepa Gore Jehofa o Tla re Ema Nokeng

19. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne le seabe ka metlha mo tirong ya go rera?

19 Bakeresete ba ba “tukang mo moyeng” le ba ba tlhagafaletseng go bua dikgang tse di molemo ba leka go nna le seabe ka metlha mo bodireding. (Baefeso 5:15, 16) Ke boammaaruri gore, maemo ga a tshwane, e bile re ka se kgone go dirisa nako e e lekanang rotlhe mo tirong eno e e namolang matshelo. (Bagalatia 6:4, 5) Lefa go ntse jalo, gongwe selo se se botlhokwa thata go feta bogolo jwa nako jo re bo dirisetsang tiro ya go rera ke kgang ya gore re bua le batho ba bangwe ka tsholofelo ya rona gangwe le gape go le kana kang. (2 Timotheo 4:1, 2) Fa re ipha nako e ntsi ya go rera, kanaanelo ya rona ka tiro eno e tla gola. (Baroma 10:14, 15) Lorato lwa rona le go amega ka batho go tla gola fa ka metlha re kopana le batho ba ba pelo e phepa ba ba sonelwang le go fegelwa le ba ba se nang tsholofelo.—Esekiele 9:4; Baroma 8:22.

20, 21. (a) Ke tiro efe e e sa ntseng e re emetse? (b) Jehofa o ema jang maiteko a rona nokeng?

20 Jehofa o re abetse dikgang tse di molemo. Eno ke yone kabelo ya ntlha e a re abetseng yone e re ka re le “badirimmogo le Modimo.” (1 Bakorintha 3:6-9) Re tlhagafalela go dira boikarabelo jono jo re bo abetsweng ke Modimo ka pelo yotlhe, le ka bojotlhe ka mo re ka kgonang ka teng. (Mareko 12:30; Baroma 12:1) Go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba nang le tshekamelo e e siameng ba ba sa ntseng ba nyoretswe boammaaruri. Go na le tiro e ntsi go e dira, mme re ka tshepa gore Jehofa o tla re ema nokeng fa re ntse re swetsa bodiredi jwa rona ka botlalo.—2 Timotheo 4:5.

21 Jehofa o re abela moya wa gagwe e bile o re etleetsa ka “tšhaka ya moya,” Lefoko la Modimo. Ka thuso ya gagwe re ka bula melomo ya rona “ka kgololesego ya go bua go itsise sephiri se se boitshepo sa dikgang tse di molemo.” (Baefeso 6:17-20) A go buiwe jaana ka rona jaaka moaposetoloi Paulo a ile a kwalela Bakeresete ba Thesalonika: “Dikgang tse di molemo tse re di rerang ga di a ka tsa tla mo go lona ka puo e le yosi mme gape di tlile ka maatla le ka moya o o boitshepo le tlhatswego pelo e e nonofileng.” (1 Bathesalonika 1:5) Ee, a re boleleng dikgang tse di molemo ka tlhagafalo!

Poeletso e Khutshwane

• Ka ntlha ya ditlhobaelo tsa botshelo, go ka diregang ka tsela e re tlhoafalelang bodiredi ka yone?

• Keletso ya rona ya go bua dikgang tse di molemo e tshwanetse go tshwana jang le “molelo o o tukang” mo dipelong tsa rona?

• Ke maikutlo afe a a sa siamang a re tshwanetseng go a tila malebana le bodiredi?

• Ka kakaretso, re tshwanetse go leba jang batho ba e seng badumedikarona?

• Jehofa o re thusa jang go nna re tlhoafetse mo tirong ya go rera?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Bakeresete ba etsa tlhoafalo ya ga Paulo le Jeremia

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Tlhagafalo ya rona mo bodireding e tlhotlhelediwa ke go rata Jehofa le baagelani