Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Jala Dipeo Tsa Boammaaruri Jwa Bogosi

Go Jala Dipeo Tsa Boammaaruri Jwa Bogosi

Go Jala Dipeo Tsa Boammaaruri Jwa Bogosi

“Mo mosong o jale peo ya gago, mme mo maitseboeng o se ka wa ikgogona letsogo.”—MORERI 11:6.

1. Ke ka tsela efe go ka tweng gompieno Bakeresete ba jala peo?

TEMOTHUO e ne e tsewa e le botlhokwa thata mo setšhabeng sa bogologolo sa Bahebera. Ke gone ka moo Jesu, yo botshelo jwa gagwe jotlhe jwa mo lefatsheng a bo feditseng a nna kwa Nageng e e Solofeditsweng, a neng a dirisa dilo tse di amanang le temothuo mo ditshwantshong tsa gagwe. Ka sekai, o ne a tshwantsha tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go jala peo. (Mathaio 13:1-9, 18-23; Luke 8:5-15) Go fitlha le mo nakong eno ya rona, e ka ne re nna mo lefelong la temothuo kana nnyaa, go jala peo ka tsela eno ke tiro e e botlhokwa go gaisa tsotlhe e Bakeresete ba e dirang.

2. Tiro ya rona ya go rera e botlhokwa go le kana kang, mme gompieno go dirwa eng gore tiro eno e dirwe?

2 Ke tshiamelo e kgolo go nna le seabe mo tirong ya go rera boammaaruri jwa Baebele mo motlheng ono wa bokhutlo. Baroma 10:14, 15 e tlhalosa botlhokwa jwa tiro eno sentle fa e re: “Ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang? Le gone, ba tla rera jang fa ba sa romelwa? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Abo dinao tsa ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa dilo tse di molemo di kgatlha jang ne!’” Ga go ise go ko go nne botlhokwa thata jaana gore re tswelele pele re dira tiro eno e re e abetsweng ke Modimo ka boikutlo jo bo siameng. Ke gone ka moo Basupi ba ga Jehofa ba semeletseng ka botlalo mo tirong ya go tlhagisa le go anamisa Dibaebele le dibuka tse di thusang go ithuta Baebele ka dipuo tse 340. Tiro ya go dira dikgatiso tseno e tlhoka baithaopi ba ba fetang 18 000 kwa ntlokgolo ya bone le kwa diofising tsa makala tsa dinaga tse di farologaneng. Mme mo e ka nnang Basupi ba ka nna dimilione tse thataro ba nna le seabe mo tirong ya go anamisa dibuka tseno tsa Baebele mo lefatsheng lotlhe.

3. Ke eng se tiro ya go jala boammaaruri jwa Bogosi e se dirang?

3 Matswela a tiro eno e kgolo ke eng? Gompieno batho ba le bantsi ba amogela boammaaruri, fela jaaka go ne go ntse fa Bokeresete bo ne bo simologa. (Ditiro 2:41, 46, 47) Le fa go ntse jalo, selo se se botlhokwa thata go feta palo e kgolo ya baboledi ba Bogosi ba basha ba ba kolobediwang, ke kgang ya gore tiro eno e kgolo ya go neela bosupi e nna le seabe mo go itshepiseng leina la ga Jehofa le go mo tlotlomatsa gore ke ene fela Modimo o osi wa boammaaruri. (Mathaio 6:9) Mo godimo ga moo, kitso ya Lefoko la Modimo e thusa batho ba le bantsi go tokafatsa botshelo jwa bone e bile e ka dira gore ba bolokwe.—Ditiro 13:47.

4. Baaposetoloi ba ne ba amega go le kana kang ka batho ba ba neng ba ba rerela?

4 Baaposetoloi ba ne ba itse sentle gore dikgang tse di molemo di botlhokwa thata mo go neyeng batho botshelo, mme ba ne ba amega thata ka batho ba ba neng ba ba rerela. Seno se bonala sentle mo mafokong a ga moaposetoloi Paulo, fa a ne a kwala jaana: “E re ka re na le katamalano e e bothitho ya tlekeetso mo go lona, re ne ra itumelela thata go lo naya, e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya rona, ka gonne lo ne lwa nna ba ba rategang mo go rona.” (1 Bathesalonika 2:8) Fa Paulo le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba bontsha go amega go go ntseng jalo ga mmatota ka batho, ba ne ba etsa Jesu le baengele ba kwa legodimong, ba ba neng ba na le seabe se segolo mo tirong eno ya go namola matshelo. A re sekasekeng seabe se segolo se batlhanka bano ba Modimo ba kwa legodimong ba nang le sone mo go jaleng peo ya boammaaruri jwa Bogosi mme re bone kafa sekai sa bone se ka re kgothatsang ka teng go diragatsa seabe sa rona.

Jesu—Mojadi wa Boammaaruri Jwa Bogosi

5. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a semeletse ka tiro efe?

5 Jesu, motho yo o itekanetseng, o ne a na le maatla a go ka tlamela batho ba motlha wa gagwe ka dilo tse dintsi tsa senama. Ka sekai, o ne a ka nna a tlhalosetsa batho dilo tse dintsi tsa kalafi tse ba neng ba sa di tlhaloganye sentle mo motlheng wa gagwe, kgotsa o ne a ka nna a thusa batho go godisa kitso ya bone mo dilong tse dingwe tsa saense. Lefa go ntse jalo, go tloga fela mo tshimologong ya bodiredi jwa gagwe o ne a tlhalosa gore o ne a romilwe go tla go rera dikgang tse di molemo. (Luke 4:17-21) Mme o ne a tlhalosa jaana fa a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe: “Ke tsaletswe sone seno, e bile ke tletse sone seno mo lefatsheng, gore ke neye bosupi ka boammaaruri.” (Johane 18:37) Ka jalo o ne a semeletse thata mo tirong ya go jala dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi. Jesu o ne a tsaya go ruta batho ba motlha wa gagwe kaga Modimo le maikaelelo a Gagwe go le botlhokwa thata go gaisa thuto epe fela e nngwe e a neng a ka ba naya yone.—Baroma 11:33-36.

6, 7. (a) Jesu o ile a solofetsa eng se se gakgamatsang pele ga a tlhatlogela kwa legodimong, mme o diragatsa seno jang? (b) Wena ka bowena o amiwa jang ke tsela e Jesu a ikutlwang ka yone ka tiro ya go rera?

6 Jesu o ne a itlhalosa e le Mojadi wa peo ya boammaaruri jwa Bogosi. (Johane 4:35-38) O ne a dirisa tshono nngwe le nngwe go gasa dipeo tsa dikgang tse di molemo. Tota le ka nako ya fa a ne a swa mo koteng, o ne a bolela dikgang tse di molemo tse di kaga isagwe mo paradaiseng ya mo lefatsheng. (Luke 23:43) Mo godimo ga moo, tsela e a neng a amegile thata ka yone gore dikgang tse di molemo di rerwe ga ya ka ya fela fa a sena go swa mo koteng ya tlhokofatso. Pele ga a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a laela baaposetoloi gore ba tswelele pele ba jala dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi le go dira barutwa. Go tswa foo Jesu o ile a solofetsa sengwe se se gakgamatsang. O ile a re: “Bonang! Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:19, 20)

7 Ka mafoko ano Jesu o ne a solofetsa gore o tla ema tiro ya go rera dikgang tse di molemo nokeng, a e kaela le go e sireletsa “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” Jesu o sa ntse a bontsha go kgatlhegela tiro ya go rera le go fitlha mo motlheng wa rona. Ke Moeteledipele wa rona, o tlhokometse tiro ya go jalwa ga boammaaruri jwa Bogosi. (Mathaio 23:10) E re ka e le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o ikarabelela mo go Jehofa malebana le tiro eno ya lefatshe lotlhe.—Baefeso 1:22, 23; Bakolosa 1:18.

Baengele ba Bolela Dikgang Tse di Molemo

8, 9. (a) Baengele ba ile ba bontsha jang gore ba kgatlhegela dilo tse di diragalelang batho? (b) Ke ka tsela efe go ka tweng re bogetswe ke baengele?

8 Fa Jehofa a ne a bopa lefatshe, baengele ba ile “[ba] opela mmogo . . . ba thela lošalaba lwa boitumelo.” (Jobe 38:4-7) Fa e sa le ka nako eo, dibopiwa tseno tsa kwa legodimong di ile tsa bontsha go kgatlhegela dilo tse di diragalelang batho. Jehofa o ba dirisitse go itsise batho melaetsa mengwe ya bomodimo. (Pesalema 103:20) O ile a dira jalo segolobogolo malebana le go anamisiwa ga dikgang tse di molemo mo motlheng wa rona. Fa moaposetoloi Johane a ne a newa tshenolo, o ne a bona ‘moengele a fofa mo gare ga legodimo’ a tshotse “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo morafeng mongwe le mongwe le lotso le teme le batho, a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Boifang Modimo lo bo lo o neye kgalalelo, ka gonne nako ya one ya go atlhola e gorogile.’”—Tshenolo 14:6, 7.

9 Baebele e bitsa baengele e re ke “meya ya tirelosetšhaba, e e rometsweng go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko.” (Bahebera 1:14) Fa baengele ba ntse ba dira ditiro tse ba di abetsweng ka tlhagafalo, ba nna le tshono ya go re leba le go ela tlhoko tiro ya rona. Re dira tiro eno ya rona re lebilwe ke babogedi bano ba kwa legodimong jaaka e kete re mo seraleng sa holo e kgolo. (1 Bakorintha 4:9) A bo go nametsa pelo e bile go itumedisa jang ne go itse gore ga re dire re le nosi mo tirong eno ya go jala boammaaruri jwa Bogosi!

Re Dira Seabe sa Rona ka Tlhagafalo

10. Kgakololo e e molemo ya Moreri 11:6 e ka dirisiwa jang malebana le tiro ya rona ya go rera?

10 Ke eng fa Jesu le baengele ba kgatlhegela tiro ya rona thata jaana? Jesu o ile a tlhalosa lengwe la mabaka a gone fa a ne a re: “Ke a lo bolelela, go tsoga boipelo mo baengeleng ba Modimo kaga moleofi a le mongwe yo o ikotlhayang.” (Luke 15:10) Le rona re kgatlhegela batho fela jalo. Ka gone, go ka nna molemo fa re anamisa dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi gongwe le gongwe. Re ka amanya tiro ya rona le mafoko a Moreri 11:6. Mo go yone Baebele e re gakolola jaana: “Mo mosong o jale peo ya gago, mme mo maitseboeng o se ka wa ikgogona letsogo; gonne ga o itse e e tlaa tlhomamang, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tlaa nna molemo tsoo pedi tsa tshwana fela.” Ke boammaaruri gore, fa motho a le mongwe a amogela molaetsa wa rona, ba bangwe ba ba makgolo kana le e leng dikete ba a o gana. Mme gone jaaka baengele, re itumela tota le e leng fa “moleofi a le mongwe” a amogela molaetsa wa poloko.

11. Go dirisa dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng go ka nna le matswela a a molemo go le kana kang?

11 Tiro ya go rera dikgang tse di molemo e akaretsa go le gontsi. Selo sengwe se se thusang thata mo tirong eno ke dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng tse di dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe, dikgatiso tseno le tsone di tshwana le dipeo tse di anamisediwang gongwe le gongwe. Ga re itse gore ke kae kwa di tla atlegang teng. Ka dinako tse dingwe kgatiso e ka tswa mo mothong yo mongwe e ya go yo mongwe pele mongwe a e bala. Ka dinako tse dingwe Jesu le baengele ba ka kaela dilo jalo gore batho ba ba dipelo di siameng ba solegelwe molemo. Akanya ka ditiragalo dingwe tse di bontshang kafa Jehofa a ka tsenyang letsogo ka teng a dirisa dibuka tse di tlogeletsweng batho gore go nne le matswela a a molemo le a a sa lebelelwang.

Tiro ya Modimo wa Boammaaruri

12. Makasine wa bogologolo o ne wa thusa lelapa lengwe jang go itse Jehofa?

12 Ka 1953, Robert, Lila le bana ba bone, ba ne ba fuduga kwa toropong e kgolo ba fudugela mo ntlong nngwe e e swafetseng ya polasi nngwe kwa Pennsylvania, U.S.A. Ka bonako fela fa ba sena go fudugela mo go yone, Robert o ne a aga ntlwana ya botlhapelo kafa tlase ga ditepisi tse di mo teng ga ntlo eno. Fa a sena go ntsha diboto di le mmalwa, o ne a lemoga gore dipeba di ne di tsentse dikgapetla tsa dipampiri, dikgapa tsa manoko, le dilonyana tse dingwe kafa morago ga lebota. Mo gare ga dilo tseno go ne go na le makasine wa The Golden Age. Robert o ne a gapiwa kgatlhego thata ke setlhogo se se neng se bua ka kgang ya go godisa bana. O ne a kgatlhiwa thata ke kgakololo e e molemo le e e thailweng mo Baebeleng e e tswang mo makasineng ono mo a neng a bolelela Lila gore ba ile go ikamanya le “bodumedi jwa The Golden Age.” Mo dibekeng di sekae fela ke fa Basupi ba ga Jehofa ba etela kwa ntlong ya bone, mme Robert o ne a ba itsise gore lelapa la gagwe le kgatlhegela fela “bodumedi jwa The Golden Age.” Basupi ba ne ba mo tlhalosetsa gore jaanong The Golden Age, e na le leina le lesha e leng Tsogang! Robert le Lila ba ne ba simolola go ithuta Baebele ka metlha le Basupi mme kgabagare ba ile ba kolobediwa. Mme le bone ba ne ba jala peo ya boammaaruri mo baneng ba bone mme ba roba thobo e kgolo. Gompieno, ba ba fetang 20 mo lelapeng la ga Robert le Lila ke batlhanka ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa Modimo, go akaretsa le bana ba bone botlhe ba le supa.

13. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa banyalani bangwe ba kwa Puerto Rico go kgatlhegela Baebele?

13 Dingwaga di le 40 tse di fetileng, William le Ada, banyalani ba kwa Puerto Rico, ba ne ba kgatlhegela go ithuta Baebele. Nako le nako fa Basupi ba ga Jehofa ba kokota kwa ntlong ya bone, banyalani bano ba ne ba dira jaaka e kete ga ba yo mo legaeng la bone. Letsatsi lengwe William o ne a ya kwa lefelong le le rekisang makgorokgoro go ya go reka sengwe se a neng a se tlhoka go baakanya sedirisiwa sengwe kwa legaeng la gagwe. Fa a tswa kwa lefelong leo o ne a bona buka nngwe ya mmala o motalana e le fa fatshe go bapa le kgamelo ya makgorokgoro. E ne e le Religion, buka e e neng ya gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa ka 1940. William o ne a ya le buka eno kwa gae mme o ne a itumelela go bala ka dilo tse di farologanyang bodumedi jwa maaka le jwa boammaaruri. Mo lekgetlong le le latelang fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etetse William le Ada, ba ne ba reetsa molaetsa wa bone ka boitumelo mme ba simolola go ithuta Baebele le bone. Dikgwedi di sekae morago ga foo, ba ne ba kolobediwa kwa Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya Thato ya Bomodimo ka 1958. Fa e sa le go tloga ka nako eo, ba ile ba thusa batho ba ba fetang 50 go nna karolo ya bokaulengwe jwa Bokeresete.

14. Dibuka tsa rona tsa Baebele di ka kgona go dira eng jaaka fa tiragalo eno e bontsha?

14 Karl o ne a na le dingwaga tse 11 fela mme a le letshwenyo. O ne a tlhola a le mo mathateng ka metlha. Rraagwe, yo e neng e le moreri wa Methodist ya Jeremane, o ne a mo ruta gore batho ba ba bosula ba fisiwa kwa diheleng fa ba sena go swa. Ka jalo Karl o ne a tshaba dihele thata. Letsatsi lengwe ka 1917, Karl o ne a lemoga pampitshana nngwe mo mmileng mme a e sela. Fa a ntse a e bala, ka bonako o ne a gapiwa kgatlhego ke potso e e reng: “Dihele ke eng?” Pampitshana eo e ne e le taletso ya puo ya phatlhalatsa e e buang ka dihele, e e neng e etleediwa ke Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Mo e ka nnang ngwaga morago ga moo, fa Karl a sena go nna a ithuta Baebele ka makgetlhonyana, o ne a kolobediwa, ka jalo a nna mongwe wa Baithuti ba Baebele. Ka 1925 o ne a lalediwa go tla go dira kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa—koo a sa ntseng a dira teng le gone jaanong. Tiro eno ya Bokeresete ya botshelo jotlhe e a e dirileng ka dingwaga tse di fetang masome a robedi e ne ya simolola ka kgapetlana fela ya pampitshana mo mmileng.

15. Ke eng se Jehofa a ka se dirang fa a bona go tlhokega?

15 Ke boammaaruri gore, rona batho re ka se kgone go bona ka tlhomamo gore a baengele ba ile ba nna le seabe mo ditiragalong tseno le gore ba nnile le seabe go le kana kang. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga re a tshwanela go belaela gore Jesu le baengele ba nna le seabe mo tirong ya go rera le gore Jehofa a ka kaela dilo fa a bona go tlhokega. Ditiragalo tseno le tse dingwe tse dintsi di bontsha kafa dibuka tsa rona di ka dirang tiro e e molemo ka teng fa re sena go di abela batho.

Re Neilwe Letlotlo go le Tlhokomela

16. Re ka ithuta eng ka mafoko a a mo go 2 Bakorintha 4:7?

16 Moaposetoloi Paulo o ile a bua ka “letlotlo leno mo dijaneng tsa letsopa.” Letlotlo leno ke tiro e re e filweng ke Modimo ya go rera, mme dijana tsa letsopa ke batho ba Jehofa a ba neileng letlotlo leno go le tlhokomela. E re ka batho bano ba sa itekanela e bile ba na le makoa, Paulo o tswelela pele a tlhalosa gore matswela a go bo ba neilwe tiro eno ke gore “maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.” (2 Bakorintha 4:7) Ee, re ka ikanya Jehofa gore o tla re abela maatla a a tla re thusang go wetsa tiro e re e abetsweng.

17. Re tla rakana le maemo afe fa re ntse re jala dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi, mme ke eng fa re tshwanetse go nna re na le maikutlo a a siameng?

17 Gantsi re tshwanelwa ke go intsha setlhabelo. Go ka nna ga bo go se motlhofo go bereka mo ditshimong dingwe. Go na le mafelo a mo go one bontsi jwa batho ba lebegang ba sa kgatlhege gotlhelele, tota le e leng go se nne botsalano. Go ka dirwa maiteko a magolo kwa mafelong ano mme go se nko e e tswang lemina. Mme go tsaya matsapa jalo ga se ga lefela fa o akanya ka tsela e tiro eno e leng masisi ka teng. Se lebale, dipeo tse o di jalang di ka thusa batho go bona boitumelo gone jaanong le botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. Mafoko ano a Pesalema 126:6 a itshupile a le boammaaruri ka makgetlo a le mantsi: “Le fa motho a ka tswa a tsamaya a ntse a lela, mme a tshotse peo, o tlaa ba a tla gape, dingata tsa gagwe a na natso.”

18. Re ka nna re etse bodiredi jwa rona tlhoko jang, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira jalo?

18 A re diriseng tshono nngwe le nngwe e e tlhagang go jala dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi ka bontsi. A le ka motlha re se lebaleng gore, le fa e le rona ba re jalang dipeo le go di nosetsa, ke Jehofa yo o ungwisang. (1 Bakorintha 3:6, 7) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jesu le baengele ba ile ba wetsa karolo ya bone ya tiro eno, Jehofa o lebeletse gore re wetse bodiredi jwa rona ka botlalo. (2 Timotheo 4:5) E kete re ka nna re etse tlhoko thata kafa re rutang ka teng, re etse tlhoko boikutlo jwa rona le tlhagafalo ya rona mo bodireding. Ka ntlha yang? Paulo o araba jaana: “Ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 Timotheo 4:16.

Re Ithutile Eng?

• Tiro ya rona ya go jala e tlhagisa jang matswela a a molemo?

• Gompieno Jesu Keresete le baengele ba nna le seabe jang mo tirong ya go rera?

• Ke eng fa re tshwanetse go jala boammaaruri jwa Bogosi ka bontsi?

• Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa gore re itshoke fa re kopana le batho ba ba sa kgatlhegeng le ba ba re itlhokomolosang fa re le mo bodireding?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Gompieno Bakeresete ba anamisa dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi ka bontsi fela jaaka balemi ba Iseraele wa bogologolo

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Basupi ba ga Jehofa ba tlhagisa dikgatiso tsa mefutafuta tse di thailweng mo Baebeleng ka dipuo di le 340