Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motshodi wa Lesedi mo Ditšhabeng di le Dintsi

Motshodi wa Lesedi mo Ditšhabeng di le Dintsi

Kgang ya Botshelo

Motshodi wa Lesedi mo Ditšhabeng di le Dintsi

KGANG YA GA GEORGE YOUNG JAAKA GO BOLETSE RUTH YOUNG NICHOLSON

“Ke eng he fa re sa bue mo diraleng tsa rona? . . . Re ka re re batho ba ba ntseng jang fa e re re sena go supela gore dilo tseno tse ke di kwalang di boammaaruri re bo re sa bue ka tsone? A re se tlogeleng batho fela ba se na kitso, mme re bolele boammaaruri e seng ka tsela ya go itshireletsa kana e e fitlhegileng.”

MAFOKO ano a tswa mo lekwalong la ga Rre la ditsebe tse 33 le mo go lone a neng a kopa gore leina la gagwe le tlosiwe mo dibukeng tsa kereke. E ne e le ka ngwaga wa 1913. Fa e sa le ka nako eo, o ne a simolola go tshela botshelo jo bo tletseng ditiragalo jo bo neng jwa felela ka gore a direle e le motshodi wa lesedi kwa ditšhabeng di le dintsi. (Bafilipi 2:15) Go tloga ke sa le mosetsana, ke ne ke senka dikgang tsa maitemogelo a ga Rre go tswa mo go ba losika le mo dibukeng tsa nako e e fetileng, mme ditsala di ne tsa nthusa go momaganya dikgang tsa botshelo jwa gagwe. Botshelo jwa ga Rre bo nkgakolola jwa ga moaposetoloi Paulo ka ditsela di le dintsi. Fela jaaka “moaposetoloi mo merafeng,” Rre ka metlha o ne a iketleeditse go tsaya loeto gore a ise molaetsa wa ga Jehofa kwa bathong ba naga nngwe le nngwe le setlhaketlhake sengwe le sengwe. (Baroma 11:13; Pesalema 107:1-3) Mma ke lo boleleleng ka ga rre, George Young.

Dingwaga Tsa Bosha

Rre e ne e le gofejane mo basimaneng ba ga John le Margaret Young, Ba-Presbyterian ba kwa Scotland. O tshotswe ka September 8, 1886, fa lelapa le sena go fuduga kwa Edinburgh, Scotland, le ya kwa British Columbia kwa bophirima jwa Canada. Bomorwarraagwe ba bagolo—Alexander, John le Malcolm—ba tsholetswe kwa Scotland dingwaga di sekae pelenyana. Marion, mosetsana yo mmotlana mo basimaneng, yo ba neng ba mo reta ka gore Nellie, o ne a le mmotlana mo go Rre ka dingwaga di le pedi.

Bana ba nnile le nako e e monate fa ba ntse ba golela mo polaseng kwa Saanich, e e gaufi le Victoria, British Columbia. Go ntse go le jalo, ba ne ba ithuta go sikara maikarabelo. Ka jalo fa batsadi ba bone ba ne ba tla ba tswa Victoria, ditiro tsa kwa ntle di a bo di setse di weditswe le ntlo e le phepa.

Fa nako e ntse e ya, Rre le barwarraagwe ba ile ba kgatlhegela go dira mo moepong mme gape le kgwebo ya dikota. Barwa bano ba ga Young ba ne ba itiretse leina le lentle e le batlhatlhobi ba dikota (banna ba ba neng ba tlhatlhoba lefatshe go senka thobo e e botoka ya dikota) e bile e le bareki le barekisi ba dikota. Rre o ne a tlhokometse tsa madi.

Kgabagare, e re ka Rre a ne a rata dilo tsa semoya o ile a swetsa go nna moruti wa Presbyterian. Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo, dithero tsa lokwalodikgang tse di neng di kwalwa ke Charles Taze Russell, moporesidente wa ntlha wa Zion’s Watch Tower Tract Society, di ne tsa ama botshelo jwa gagwe fela thata. Se Rre a neng a se ithuta se ile sa mo tlhotlheletsa go kwala lekwalo le le umakilweng kwa tshimologong la go rola marapo a bo a le romela.

Rre o ne a dirisa ditemana tsa Baebele ka bopelonomi le ka tsela e e tlhaloganyesegang go ganetsa dithuto tsa kereke tsa gore moya wa motho ga o swe le gore Modimo o tla tlhokofatsa meya ya batho ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Gape o ne a senola thuto ya Tharonngwe, a tlhomamisa gore ga se ya Bokeresete le gore ga e tshegediwe gotlhelele ke Dikwalo. Fa e sa le ka nako eo o ne a dira bodiredi jwa Bokeresete a etsa Jesu Keresete, a dirisa bokgoni le nonofo ya gagwe yotlhe go galaletsa Jehofa.

Ka 1917, Rre o ne a laelwa ke Mokgatlho wa Watch Tower gore a simolole go nna moeti wa sedumedi, jaaka baemedi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. O ne a neela dipuo le go bontsha batho dibaesekopo le thulaganyo ya diselaete e e neng e itsiwe ka “Photo-Drama of Creation” mo ditoropong tse dikgolo le tse dinnye go ralala Canada. Mafelo a bobogelo a ne a tlala fa Rre a etile. Go ne go na le thulaganyo ya maeto a gagwe a sedumedi mo makasineng wa Tora ya Tebelo go fitlha ka 1921.

Lokwalodikgang lwa kwa Winnipeg lo ne lwa bega gore Moefangele Young o ne a buisana le batho ba le 2 500 le gore batho ba bangwe ga ba a ka ba kgona go tsena ka gonne holo e ne e tletse. Kwa Ottawa, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Go ya Diheleng le go Boa Teng.” Ke gone koo monna mongwe yo o godileng a neng a bega jaana: “Kwa bokhutlong, George Young o ne a kopa baruti ba le mmalwa go tla kwa seraleng gore ba buisane le ene ka setlhogo seno, mme ga go na ope wa bone yo o neng a tshikinyega. Ke ne ka itse ka yone nako eo gore ke bone boammaaruri.”

Rre o ne a leka go akaretsa ditiro tse dintsi tsa semoya mo maetong a gagwe a sedumedi ka mo a ka kgonang ka teng. Morago ga moo, o ne a itlhaganela go ya go palama terena a ya kwa lefelong le le latelang. Fa a ne a tsamaya ka koloi, gantsi o ne a ya kwa kabelong e nngwe go ise go jewe sefitlholo. Mo godimo ga gore Rre o ne a tlhoafetse, o ne a itsiwe e le monna yo o akanyetsang e bile a itsiwe ka ditiro tsa gagwe tsa Bokeresete le bopelotshweu jwa gagwe.

Mo dikopanong tse dikgolo tsa bogologolo tse a neng a ya kwa go tsone, e e sa lebalesegeng ke e e neng e tshwaretswe kwa Edmonton, Alberta, ka 1918. Lelapa la gagwe lotlhe le ne le le gone fa Nellie a kolobediwa. Gape e ne e le la bofelo basimane ba le mmogo. Dingwaga tse pedi morago ga moo, Malcolm o ne a bolawa ke bolwetse jwa pneumonia. Fela jaaka barwarraagwe ba bararo le rraagwe, Malcolm o ne a na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, mme botlhe ba ne ba nna ba ikanyega mo Modimong go fitlhela ba swa.—Bafilipi 3:14.

Go ya Ditshimong Tsa Dinaga di Sele

Fa Rre a sena go wetsa loeto lwa gagwe lwa go rera kwa Canada ka September 1921, o ne a laelwa ke Joseph F. Rutherford, moporesidente wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower, gore a ye kwa ditlhaketlhakeng tsa Caribbean. Gongwe le gongwe koo Rre a neng a bontsha batho “Photo-Drama of Creation” gone, ba ne ba e amogela sentle. O ne a kwala jaana a le kwa Trinidad: “Lefelo le ne le tletse, mme batho ba le bantsi ba ne ba busiwa. Mo bosigong jwa bobedi kago e ne e tletse ka boidiidi jwa batho.”

Go tswa foo, ka 1923, Rre o ne a abelwa go ya kwa Brazil. O ne a buisana le batho ba bantsi, ka dinako tse dingwe o ne a dirisa batoloki ba a ba hirileng. Tora ya Tebelo ya December 15, 1923, e ne ya bega jaana: “Go tloga ka June 1 go ya go September 30 Mokaulengwe Young o ne a setse a tshwere dikokoano tsa phatlalatsa di le 21, ka palogotlhe ya 3 600 ya batho ba ba neng ba le gone; dipokano tsa phuthego di le 48, ka batho ba le 1 100 ba ba neng ba le gone; o ne a tsamaisa dikgatiso tsa mahala ka Sepotokisi e ka nna dikhopi di le 5 000.” Batho ba le bantsi ba ne ba bontsha kgatlhego fa Rre a ne a neela puo e e reng “Dimilione Tse di Tshelang Gone Jaanong ga di Kitla di Swa.”

Fa dikago tse disha di ne di kgakolwa kwa Brazil ka March 8, 1997, boroutšhara ya thulaganyo ya kgakolo bo ne jwa bega jaana: “1923: George Young o goroga mo Brazil. O rulaganya gore go nne le ofisi ya lekala kwa bogareng jwa Rio de Janeiro.” Le mororo go ne go na le dibuka tsa Baebele ka Se-Spain, gape di ne di tlhokega ka Sepotokisi, e leng puo e e buiwang thata kwa Brazil. Ka gone, ka October 1, 1923, Tora ya Tebelo e ne ya simolola go gatisiwa ka Sepotokisi.

Rre o ne a kopana le batho ba le bantsi kwa Brazil ba a neng a sa ba lebale. Mongwe wa bone e ne e le monna mongwe wa Mopotokisi yo o neng a itsholetse yo leina la gagwe e neng e le Jacintho Pimentel Cabral, yo o neng a ithaopela gore dipokano di tshwarelwe kwa legaeng la gagwe. Go ise go ye kae Jacintho o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele mme kwa morago o ne a nna leloko la lekala. Yo mongwe e ne e le Manuel da Silva Jordão, ratshingwana mongwe wa Mopotokisi. O ne a utlwa puo ya phatlalatsa e e neng e neetswe ke Rre e e neng ya mo rotloetsa go boela kwa Portugal go ya go nna morekisi wa dibuka, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo.

Rre o ne a tsamaya thata ka terena a raletse Brazil, mme o ne a kgona go kopana le batho ba ba kgatlhegang. Mo go le lengwe la maeto a gagwe, o ne a kopana le Bony le Catarina Green, mme o ne a nna le bone dibeke di ka nna pedi, a ba tlhalosetsa Dikwalo. Batho ba ka nna supa mo lelapeng leno ba ne ba tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing ka nako eo.

Motho yo mongwe yo a neng a kopana le ene ka 1923, e ne e le Sarah Bellona Ferguson. Ka 1867, a sa ntse a le mosetsanyana, ene le kgaitsadie e bong Erasmus Fulton Smith le lelapa lotlhe, ba ne ba fudugetse kwa Brazil ba tswa kwa United States. Fa e sa le ka 1899 o ne a ntse a amogela makasine wa Tora ya Tebelo ka poso ka metlha. Loeto lwa ga Rre lo ne lo sa bolo go emelwa ke Sarah, bana ba gagwe ba banè, le motho mongwe yo Rre a neng a mmitsa Mmè Sallie gore ba kolobediwe. E ne e le ka March 11, 1924.

Go ise go ye kae, Rre o ne a rera kwa dinageng tse dingwe tsa Amerika Borwa. Ka November 8, 1924, o ne a kwala jaana a le kwa Peru: “Ke sa tswa go wetsa go tsamaisa dipampitshana di le 17 000 kwa Lima le Callao.” Go tswa foo o ne a ya kwa Bolivia go ya go tsamaisa dipampitshana gone. O ne a kwala jaana malebana le loeto loo: “Rraarona o segofatsa maiteko ano. Moindia mongwe o ne a nthusa. Legae la gagwe le gaufi le diphororo tsa Amazon. O tla tsamaya a tshotse dipampitshana di le 1 000 le dibuka tse dingwe.”

Ka ntlha ya maiteko a ga Rre, dipeo tsa boammaaruri jwa Baebele di ne tsa anama mo dinageng di le dintsi kwa Amerika Bogare le Borwa. Tora ya Tebelo ya December 1, 1924, e ne ya bega jaana: “George Young o setse a na le dingwaga tse di fetang tse pedi a le mo Amerika Borwa. . . . Mokaulengwe yono yo o rategang o itumelela tshiamelo ya go isa molaetsa wa boammaaruri kwa Punta Arenas, kwa Straits of Magellan.” Gape Rre o ne a eteletse pele mo tirong ya go rera kwa dinageng tse di jaaka Costa Rica, Panama le Venezuela. O ne a tswelela pele le mororo a ne a tshwerwe ke malaria mme o ne a koafetse mo botsogong.

Go Tswa Foo o ya Yuropa

Ka March 1925, Rre o ne a palama sekepe a leba Yuropa, koo a neng a solofetse go tsamaisa dipampitshana tsa Baebele di le 300 000 kwa Spain le Portugal le go rulaganya gore Mokaulengwe Rutherford a tle go naya dipuo tsa phatlalatsa gone. Le fa go ntse jalo, fa Rre a sena go goroga kwa Spain, o ne a sa batle gore Mokaulengwe Rutherford a neele dipuo tseo ka ntlha ya letlhoo la bodumedi.

Fa Mokaulengwe Rutherford a araba, o ne a kwala jaana a nopola Isaia 51:16: “Ke beile mafoko a me mo molomong wa gago, ka go khurumetsa ka moriti wa seatla sa me gore ke phutholole legodimo, ke thae lefatshe ke reye Sione ke re: O morafe wa me.” (King James Version) Rre o ne a konela jaana: “Eleruri ke thato ya Morena gore ke tswelele pele le go mo leretse matswela.”

Ka May 10, 1925, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo e e neng e tolokiwa kwa Novedades Theater kwa Barcelona. Go ne go na le batho ba ba fetang 2 000, go akaretsa le modiredimogolo wa puso le modisa wa gagwe yo o kgethegileng kwa seraleng. Go ile ga dirwa se se tshwanang kwa Madrid, ka batho ba le 1 200 ba ba neng ba le gone. Kgatlhego e ba neng ba e bontsha morago ga dipuo tseno e ne ya dira gore go tlhomiwe ofisi ya lekala kwa Spain e e neng e “tlhokometswe ke George Young,” jaaka 1978 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e bolela.

Ka May 13, 1925, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo kwa Lisbon, Portugal. Loeto lwa gagwe koo le lone lo ne lwa atlega, le fa gone baruti ba ne ba leka go kgoreletsa pokano eno ka go goela kwa godimo le go itaaganya ditulo. Morago ga gore Mokaulengwe Rutherford a neele dipuo kwa Spain le kwa Portugal, Rre o ne a tswelela pele a bontsha batho “Photo-Drama,” mme gape o ne a rulaganya gore dibuka tsa Baebele di gatisiwe le go anamisiwa kwa mafelong ao. Ka 1927 o ne a bega gore dikgang tse di molemo “di boletswe mo toropong nngwe le nngwe e kgolo le e nnye kwa Spain.”

Go Rera Kwa Soviet Union

Kabelo e nngwe ya borongwa ya ga Rre e ne e le kwa Soviet Union, koo a neng a goroga teng ka August 28, 1928. Lekwalo le a neng a le kwala ka October 10, 1928, bontlhanngwe jwa lone bo balega jaana:

“Fa e sa le ke tlile mo Russia, ruri nka rapela jaana ka pelo yotlhe, ‘A bogosi jwa gago bo tle.’ Ke ithuta puo ya mono, mme go tsaya nako. Motoloki wa me ke monna yo o tlhomologileng, ke Mojuda, mme o dumela mo go Keresete e bile o rata Baebele. Ke nnile le maitemogelo a a itumedisang thata mme ga ke itse gore ke tlile go dumelelwa go nna nako e kae. Mo bekeng e e fetileng ke ne ka laelwa go tswa mono mo diureng tse 24 mme kgang eo e ne ya rarabololwa, ka jalo nka nna nakonyana.”

Re ile ra kopana le Baithuti bangwe ba Baebele kwa Kharkov, e jaanong e leng toropo e kgolo kwa Ukraine, mme go kgothatsana jalo ka tsela e e lorato go ne ga lere dikeledi tsa boitumelo mo matlhong a bone. Bosigo bongwe le bongwe go ne go tshwarwa kopano e nnye go fitlhela bosigogare. Rre o ne a bolela jaana fa moragonyana a ne a kwala ka pokano eno le ka bakaulengwe bano: “Bakaulengwe ba batho, dibuka tsa bone di tserwe mme badiredibagolo ga ba botsalano, le fa go ntse jalo bone ba itumetse.”

Bodiredi jwa ga Rre kwa Soviet Union bo ne jwa tlhalosiwa mo boroutšhareng jo bo kgethegileng jo bo neng jwa newa batho ba ba neng ba le gone kwa thulaganyong ya go kgakola dikago tse disha tsa lekala ka June 21, 1997, kwa St. Petersburg, Russia. Boroutšhara jono bo bolela gore Rre o ne a romelwa kwa Moscow, e bile bo bega gore o ne a neelwa tetla ya go “gatisa dikhopi di le 15 000 tsa bukana ya Freedom for the Peoples le Where Are the Dead? gore di tsamaisiwe kwa Russia.”

Fa Rre a tswa kwa Russia, o ne a abelwa tiro ya go eta ya sedumedi kwa United States. Kwa South Dakota o ne a etela legae la ga Nellana le Verda Pool, e bong bana ba motho ba e neng ya re dingwaga moragonyana ba nna barongwa kwa Peru. Ba ne ba bontsha go anaanela bodiredi jo Rre a neng a bo dira ka bonatla mme ba bolela jaana: “Bakaulengwe mo metlheng eo ya bogologolo totatota ba ne ba na le moya wa bobulatsela fa ba ntse ba ya kwa dinageng di sele ba se na dithoto tse di kalokalo tsa lefatshe leno mme ba ya ka gonne ba rata Jehofa fela thata. Ke sone se se neng se ba tlhotlheletsa go wetsa se ba se dirileng.”

Lenyalo le Loeto Lwa Bobedi

Ka dingwagangwaga Rre o ne a ntse a kwalelana le Clara Hubbert wa Setlhaketlhake sa Monitoulin, Ontario. Ba ne ba le mmogo kwa kopanong ya Columbus, Ohio, ka July 26, 1931, fa Baithuti ba Baebele ba ne ba amogela leina la Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10-12) Beke moragonyana ba ne ba nyalana. Go ise go ye kae, Rre o ne a tsena gape mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa a raletse ditlhaketlhake tsa Caribbean. O ne a thusa go rulaganya dipokano koo le go thapisa ba bangwe mo bodireding jwa ntlo le ntlo.

Mmè o ne a amogela ditshwantsho, dikarata le makwalo a a neng a tswa kwa Suriname, St. Kitts, le mafelong a mangwe a mantsi. Makwalo ano a ne a bega ka kgatelopele ya tiro ya go rera mme ka dinako tse dingwe a ne a tshotse tshedimosetso ka dinonyane, diphologolo le dimela kwa nageng eo a neng a le kwa go yone. Ka June 1932, Rre o ne a wetsa kabelo ya gagwe kwa Caribbean, mme o ne a boela kwa Canada ka sekepe jaaka a ne a tlwaetse. Morago ga moo, ene le Mmè ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rera ya nako e e tletseng mmogo, ba dira ka mariga a 1932/33 kwa Ottawa le setlhopha se segolo sa badiredi ba bangwe ba nako e e tletseng.

Botshelo Jwa Lelapa jo Bokhutshwane

Ka 1934, kgaitsadiake David, o ne a tsholwa. Fa a ne a sa ntse a le ngwana, o ne a tle a eme fa lebokosong la ga Mama la dihutshe a bo a ithapisetsa go neela “dipuo.” O ile a bontsha tlhoafalo mo go Jehofa mo botshelong jwa gagwe jotlhe, fela jaaka rraagwe. Ka boraro jwa bone ba ne ba tsamaya ka koloi, ba tshotse didirisiwa tsa modumo di bofeletswe kwa godimo ga koloi, fa ba ntse ba etela diphuthego ba tswa kwa lotshitshing lo lo ka fa botlhaba jwa Canada ba ya kwa lotshitshing lo lo ka fa bophirima. Ke tshotswe ka 1938 fa Rre a ntse a direla kwa British Columbia. David o gakologelwa Rre a mpaya mo bolaong go tswa foo Rre, Mmè le David ba bo ba khubama go e dikologa fa Rre a rapela a lebogela go bo ke tshotswe.

Mo marigeng a 1939, re ne re nna kwa Vancouver fa Rre a ne a etela diphuthego tse di mo lefelong leo. Mo makwalong a mantsi a re neng re a amogela mo dingwageng tse di fetileng go ne go na le le le neng le kwadilwe ka January 14, 1939, a le kwadile fa a ne a le kwa Vernon, British Columbia. Rre o ne a le romeletse Clara, David le Ruth, a re: “Ke lo atla le go lo tlamparela go sekae.” Mo go lone, mongwe le mongwe wa rona o ne a kwaletswe molaetsa. O ne a re thobo e ne e le kgolo teng mme go le badiri ba babotlana.—Mathaio 9:37, 38.

Beke morago ga gore Rre a boe kwa Vancouver a tswa kwa kabelong ya gagwe, o ne a wa a le kwa pokanong. Fa a sena go tlhatlhobiwa go ne ga lemosega gore o na le tlhagala ya kankere mo bobokong. Ka May 1, 1939, o ne a wetsa tiro ya gagwe ya mo lefatsheng. Ke ne ke na le dikgwedi di le robong fela, mme David o ne a tla tloga a tshwara dingwaga tse tlhano. Mmaarona yo o rategang, yo le ene a neng a na le tsholofelo ya kwa legodimong, o ne a nna a ikanyega mo Modimong go fitlha a tlhokafala ka June 19, 1963.

Tsela e Rre a neng a ikutlwa ka yone ka tshiamelo ya go anamisetsa dikgang tse di molemo kwa dinageng di le dintsi e kwadilwe sentle mo go lengwe la makwalo a a neng a a kwalela Mama. O ne a re: “Jehofa o ntumeletse gore ke ye kwa dinageng tseno ke le lesedi le le tshotseng molaetsa wa Bogosi. A leina la gagwe le le boitshepo le bakwe. O dirisa batho ba ba dirang diphoso, ba ba sa itshepeng le ba ba bokoa go phatsimisa kgalalelo ya gagwe.”

Jaanong bana ba ga George le Clara Young, ditlogolo, le ditlogolwana le bone ba direla Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa. Ke ne ka bolelelwa gore Rre o ne a rata go nopola Bahebera 6:10, e e reng: “Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la one.” Le rona ga re a lebala tiro ya ga Rre.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Rre, ka fa mojeng, a na le barwarraagwe ba bararo

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Rre (yo o emeng) a na le Mokaulengwe Woodworth, Rutherford le Macmillan

Kwa tlase: Rre (ka fa molemeng) mo setlhopheng seno ba na le Mokaulengwe Russell

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Rre le Mmè

Kwa tlase: Letsatsi la bone la lenyalo

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke na le David le Mmè dingwaga di le mmalwa morago ga Rre a sena go tlhokafala