Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ile wa Tlhotlhelediwa ke Batshwayadiphoso?

A o Ile wa Tlhotlhelediwa ke Batshwayadiphoso?

A o Ile wa Tlhotlhelediwa ke Batshwayadiphoso?

“MOTSHWAYADIPHOSO ke motho yo o se nkeng a bona sepe se se molemo mo mothong yo mongwe, mme ga a ke a palelwa ke go bona se se bosula mo go ene. Ke morubisi, o matlho a a bogale mo lefifing, mme ga o bone mo leseding, o tsoma diphologotswana, mme ga o ke o bona diphologolo tse dikgolo.” Mafoko ano a ile a bolelwa e le a moruti wa Moamerika wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Henry Ward Beecher. Batho ba le bantsi ba ka akanya gore a tlhalosa sentle moya o motshwayadiphoso wa segompieno a nang le one. Mme gone, lefoko “motshwayadiphoso” le simologile kwa Gerika wa bogologolo, koo le neng le sa bolele motho yo o bontshang boikutlo jo bo ntseng jalo. Ka makgolokgolo a dingwaga, le ne le bolela sekolo sa bafilosofi.

Filosofi ya Batshwayadiphoso e ile ya simologa jang? Ke eng se ba neng ba se ruta? A go siame fa Mokeresete a nna le mekgwa ya Motshwayadiphoso?

Batshwayadiphoso ba Bogologolo—Tshimologo le Ditumelo Tsa Bone

Gerika wa bogologolo e ne e le lefelo le go neng go ratwa dipuisano le dikganetsano kwa go lone. Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng go fitlha le mo Motlheng wa Rona, banna ba ba jaaka Socrates, Plato le Aristotle ba ne ba buisana ka difilosofi tse di neng tsa dira gore ba tume. Dithuto tsa bone di ne tsa ama batho fela thata, mme dikgopolo tse di ntseng jalo di sa ntse di le teng mo setsong sa Bophirima.

Socrates (470-399 B.C.E.) o ne a bolela gore boitumelo jo bo nnetseng ruri ga bo bonwe ka go batla dithoto kana go itumelela menate ya nama. O ne a bolela gore boitumelo jwa mmatota bo bonwa fela fa motho a tshela ka tsela ya go kgaratlhela go nna molemo. Socrates o ne a tsaya gore ga go na sepe se se gaisang go lwela go nna molemo. Gore a fitlhelele mokgele ono, o ne a sa batle dilo tse di manobonobo le ditiro tse di se nang mosola ka gonne a ne a akanya gore di tla mo kgoreletsa. O ne a rata go tshela ka tekatekanyo le go ithontsha dilo, a tshela botshelo jo bo motlhofo, jwa go somarela.

Socrates o ne a simolola mofuta wa go ruta o o neng o itsiwe e le mokgwa wa Se-Socrates. Le mororo batlhalefi ba le bantsi ba ne ba simolola kgopolo e e rileng le go e tshegetsa ka dintlha dingwe, Socrates ene o ne a dira se se farologaneng. O ne a reetsa dithuto tsa bafilosofi ba bangwe a bo a batla go senola diphoso mo dikgopolong tsa bone. Mokgwa ono o ne o dira gore batho ba nne le boikutlo jwa go tshwaya ba bangwe diphoso le go ba nyatsa.

Mongwe wa balatedi ba ga Socrates e ne e le mofilosofi yo o neng a bidiwa Antisthenes (mo e ka nnang ka 445-365 B.C.E.). Ene le ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba oketsa thuto ya motheo ya ga Socrates ka go bolela gore go lwela go nna molemo ke gone fela go leng molemo. Ba ne ba sa tseye go ijesa monate e le sekgoreletsi fela go na le moo ba go tsaya e le selo se se bosula. Ba ne ba nyatsa batho fela thata, ba sa batle go itsalanya le bone. Ba ne ba itsiwe e le Ba-Cynic (Batshwayadiphoso). Leina Cynic le ka nna la bo le tswa mo lefokong la Segerika (ky·ni·kosʹ) le le tlhalosang go nna ga bone batho ba ba sulafetseng le go nna makgakga. Le kaya “go tshwana le ntša.” *

Diphelelo Tsa Tsela ya Bone ya go Tshela

Le fa filosofi ya Batshwayadiphoso e ne e na le dilo tse ka botsone di neng di tsewa di le molemo, tse di jaaka go nna kgatlhanong le go rata dikhumo le tlhapedi, Batshwayadiphoso ba ne ba feteletsa dilo thata ka dikgopolo tseno tsa bone. Seno re se bona mo tseleng e Motshwayadiphoso mongwe yo o neng a tumile thata a neng a tshela ka yone—mofilosofi e bong Diogenes.

Diogenes o tshotswe ka 412 B.C.E. kwa Sinope, e leng toropo e e fa Lewatleng le Lentsho. O ne a fudugela kwa Athens le rraagwe, koo a neng a inaakanya le dithuto tsa Batshwayadiphoso gone. Diogenes o ne a rutwa ke Antisthenes mme a tshwarega thata mo filosofing ya Batshwayadiphoso. Socrates o ne a tshela botshelo jo bo motlhofo, mme Antisthenes o ne a tshela botshelo jwa go ithontsha dilo. Le fa go ntse jalo, Diogenes o ne a tshela botshelo jwa go itlhokofatsa. Go bontsha fela gore o ne a sa rate dithoto, go dumelwa gore Diogenes o ne a nna nakwana mo mokorong wa bogologolo!

Fa Diogenes a ne a batla molemo o mogolo, gatwe o ile a ralala Athena letsatsi le penne a tshotse lebone le le tukang a batla motho yo o molemomogolo! Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo ne jwa ngoka batho mme ke jone jo Diogenes le Batshwayadiphoso ba bangwe ba neng ba ruta ka jone. Gatwe Alexander yo Mogolo o kile a botsa Diogenes gore ke eng se a neng a se batla thata. Go begwa fa Diogenes a ile a re o batla fela gore Alexander a emele kwa thoko gore a se ka a sira letsatsi!

Diogenes le Batshwayadiphoso ba bangwe ba ne ba tshela ka go kopa. Ba ne ba se na nako ya go itsalanya le batho ba bangwe, e bile ba ne ba sa dire ditiro tsa setšhaba. Ba ne ba nyatsa batho ba bangwe thata, gongwe e le ka go bo ba ne ba tlhotlhelediwa ke mokgwa wa ga Socrates wa go akanya. Diogenes o ne a itsiwe ka go rata go sotla ka tsela e e botlhoko. Batshwayadiphoso ba ne ba itsiwe ka gore ba “tshwana le ntša,” mme Diogenes ene o ne a teilwe leina la Ntša. O ne a swa mo e ka nnang ka 320 B.C.E. fa a ne a na le dingwaga di ka tshwara 90. Go ne ga bewa sefikantswe sa mmabole se se neng se na le sebopego sa ntša fa godimo ga lebitla la gagwe.

Dikarolo dingwe tsa filosofi ya Batshwayadiphoso di ne tsa kopanngwa le dikgopolo tse dingwe tse di rutwang. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, dilo tse di sa tlwaelegang tse di neng di dirwa ke Diogenes mme morago tsa dirwa ke balatedi ba gagwe, di ne tsa dira gore sekolo sa Batshwayadiphoso se nyadiwe ke batho. Kgabagare, se ne sa nyelela gotlhelele.

Batshwayadiphoso ba Gompieno—A o Tshwanetse wa Bontsha Mekgwa ya bone?

The Oxford English Dictionary e tlhalosa motshwayadiphoso wa gompieno e le “motho yo o ratang go gobolola kana go tshwayatshwaya diphoso. . . . Motho yo o sa dumeleng gore maikutlo a batho le ditiro tsa bone ke tsa bopeloephepa kana gore di molemo, mme a tlwaetse go bontsha seno ka tsela ya go sotla; ke motshwayadiphoso yo o sotlang.” Re bona mekgwa eno mo lefatsheng leno, mme, ke boammaaruri gore Bakeresete ga ba a tshwanela go nna jalo. Sekaseka dithuto le melaometheo e e latelang ya Baebele.

“Jehofa o tletse bopelotlhomogi, mme o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko. Ga a ketla a omana ka metlha yotlhe; le fa e le go nna ka bogale ka bosenabokhutlo.” (Pesalema 103:8, 9) Bakeresete ba bolelelwa gore ba ‘nne baetsi ba Modimo.’ (Baefeso 5:1) Fa e le gore Modimo Mothatayotlhe o batla go bontsha bopelotlhomogi le letlotlo la boutlwelobotlhoko go na le go nna motho “yo o gobololang kana yo o tshwayang diphoso,” eleruri Bakeresete le bone ba tshwanetse go leka go dira se se tshwanang.

Jesu Keresete, setshwano totatota sa ga Jehofa, ‘o ne a re tlogelela sekao sa gore re tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.’ (1 Petere 2:21; Bahebera 1:3) Ka dinako tse dingwe, Jesu o ne a senola maaka a bodumedi mme a bo a supa le ditiro tsa lefatshe tse di bosula. (Johane 7:7) Le fa go ntse jalo, o ne a akgola batho ba ba peloephepa. Ka sekai, o ne a bolela jaana ka Nathanaele: “Bona, Moiseraele ruri, yo go se nang tsietso epe mo go ene.” (Johane 1:47) Fa Jesu a ne a dira kgakgamatso, o ne a tlhokomela tumelo ya motho yo a neng a mo direla kgakgamatso eo. (Mathaio 9:22) Mme fa batho bangwe ba ne ba akanya gore mpho ya mosadi mongwe e ne e feteletse, Jesu o ne a se ka belaela maitlhomo a gagwe mme a re: “Gongwe le gongwe fela kwa dikgang tse di molemo di rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, se mosadi yono a se dirileng le sone se tla bolelwa e le go mo gopola.” (Mathaio 26:6-13) Jesu e ne e le tsala e e ikanyegang e bile e le tsala e e neng e rata balatedi ba gagwe, “a ba rata go ya bokhutlong.”—Johane 13:1.

E re ka Jesu a ne a itekanetse, o ne a ka nna a rata go tshwayatshwaya batho ba ba sa itekanelang diphoso. Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa go bontsha moya wa go sa dumele le wa go tshwaya diphoso, o ne a batla go lapolosa batho.—Mathaio 11:29, 30.

“[Lorato] lo dumela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7) Mafoko ao a farologane thata le boikutlo jwa motshwayadiphoso, yo o belaelang maikutlo a ba bangwe le ditiro tsa bone. Ke boammaaruri gore lefatshe le tletse ka batho ba ba nang le maikaelelo a a bosula, ka jalo re tshwanetse go nna kelotlhoko. (Diane 14:15) Le fa go ntse jalo, lorato lo iketleeletsa go dumela ka gonne lo a ikanya, ga lo ko lo belaela fela go sa tlhokege.

Modimo o rata batlhanka ba gagwe e bile o a ba ikanya. O itse mo ba tlhaelang gone go ba feta. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ke a belaela batho ba gagwe, e bile ga a lebelela gore ba dire se se fetang se ba ka se kgonang. (Pesalema 103:13, 14) Mo godimo ga moo, Modimo o leba dilo tse di molemo mo bathong, mme e re ka a ikanya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, o ba neela ditshiamelo le taolo, le mororo ba sa itekanela.—1 Dikgosi 14:13; Pesalema 82:6.

“Nna Jehofa ke fukutsa pelo, ke leka diphilo, e le go naya motho mongwe le mongwe ka fa mekgweng ya gagwe, le ka fa loungong lwa ditiro tsa gagwe.” (Jeremia 17:10) Jehofa o kgona go bona se se mo pelong ya motho. Rona ga re kgone. Ka gone, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra nna le maikutlo a go belaela maitlhomo a batho ba bangwe.

Fa re dumelela gore moya wa go tshwaya diphoso o nwelele mo go rona mme kgabagare o bo o fekeetsa tsela ya rona ya go akanya, seno se ka baka dikgaogano fa gare ga rona le badumedikarona. Go ka senya kagiso ya phuthego ya Bokeresete. Ka gone a re lateleng sekao sa ga Jesu, yo o neng a leba dilo jaaka di ntse, le fa go ntse jalo a dirisana sentle le barutwa ba gagwe. O ne a nna tsala ya bone e e ikanyegang.—Johane 15:11-15.

“Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” (Luke 6:31) Go na le ditsela tse dintsi tse re ka dirisang kgakololo eno ya ga Jesu Keresete mo go tsone. Ka sekai, rotlhe re batla batho ba bua le rona ka bopelonomi le ka tsela e e tlotlegang. Eleruri he, re tshwanetse go bua le ba bangwe ka bopelonomi le ka tsela e e tlotlegang. Tota le fa Jesu a ne a senola dithuto tsa maaka tsa baeteledipele ba bodumedi, o ne a sa dire ka mokgwa wa go tshwaya diphoso.—Mathaio 23:13-36.

Ditsela Tsa go Lwantsha go Tshwaya Diphoso

Fa e le gore re kile ra swabisiwa, re ka tlhotlhelediwa ke botshwayadiphoso motlhofo fela. Re ka lwantsha boikutlo jono ka go anaanela gore Jehofa o dirisana le batho ba gagwe ba ba sa itekanelang ka go ba tshepa. Seno se ka re thusa gore re amogele baobamedi ba bangwe ba Modimo jaaka ba ntse—batho ba ba sa itekelang ba ba lekang go dira se se siameng.

Go diragalelwa ke dilo tse di botlhoko go ka nna ga dira gore ba bangwe ba se ka ba ikanya batho. Ke boammaaruri gore ga go botlhale go ikanya batho ba ba sa itekanelang ka tsela e e feletseng. (Pesalema 146:3, 4) Le fa go ntse jalo, mo phuthegong ya Bokeresete, batho ba le bantsi ba batla go kgothatsa ba bangwe ka bopeloephepa. Akanya fela ka diketekete tsa batho ba ba ntseng jaaka bommè, borre, barwadiarre, barwarre, le bana mo bathong ba ba latlhegetsweng ke ba malapa a bone. (Mareko 10:30) Akanya gore ke ba bantsi go le kana kang ba ba itshupang e le ditsala tsa boammaaruri mo dinakong tsa tlalelo. *Diane 18:24.

Go tshwaya diphoso ga se gone mo go tlhaolang balatedi ba ga Jesu go na le moo, ba tlhaolwa ka lorato lwa bokaulengwe, ka gonne o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.” (Johane 13:35) Ka jalo a re bontsheng lorato, le gone a re tlhomeng mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa Bakeresetekarona. Go dira jalo go tla re thusa go tila mekgwa ya Motshwayadiphoso.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Gape go ka direga gore leina Cynic le tswa mo go Ky·noʹsar·ges, e leng jiminase nngwe kwa Athena koo Antisthenes a neng a rutela gone.

^ ser. 27 Bona setlhogo se se reng “Phuthego ya Bokeresete—Thuso e e Nonotshang” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 1999.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Motshwayadiphoso yo o neng a tumile thata, Diogenes

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Great Men and Famous Women