Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Nna le Sengwe se se Botokanyana go se Tshelela?

A o Ka Nna le Sengwe se se Botokanyana go se Tshelela?

A o Ka Nna le Sengwe se se Botokanyana go se Tshelela?

BOLENG jwa boammaaruri ga se ka metlha e nnang se o kgonang go se bona kafa ntle. Madi a pampiri a a kwa godimo go gaisa otlhe a a kileng a gatisiwa kwa United States a ne a na le boleng jwa didolara di le 10 000. Le fa go ntse jalo pampiri e a dirwang ka yone e ja madi a mannye thata.

A o kile wa ipotsa gore a dipampiri fela tsa boleng jo bo kwa tlase jaana di ka nna le botlhokwa bongwe mo botshelong jwa gago? Batho ba le bantsi ba akanya gore di ka nna le jone. Batho ba le dimilionemilione ba dira bosigo le motshegare gore ba bone madi a le mantsi ka mo ba ka kgonang ka teng. Ka dinako tse dingwe, go latelela madi jalo go ka raya gore ba latlhegelwe ke botsogo jwa bone, ditsala tsa bone, le e leng malapa a bone. Seno se thusa ka eng? A madi—kana dilo tse re di rekang ka one—a ka tlisa go kgotsofala ga mmatota le mo go nnelang ruri?

Go ya ka babatlisisi, fa re ntse re tswelela re batla go kgotsofala mo go tlisiwang ke dilo tse di bonalang, ga se gantsi re go bona.

Mokwadi wa dikgang Alfie Kohn o konela ka gore “ruri o ka se reke go kgotsofala. . . . Batho ba khumo e leng selo se se tlang pele mo botshelong jwa bone ke bone gantsi ba tlhobaelang ka mo go sa tlwaelegang le go tshwenyega thata mo maikutlong mmogo le go tlhoka botsogo jo bontle.”—International Herald Tribune.

Le fa gone babatlisisi ba ka lemoga gore go nna le botshelo jo bo mosola go tlhoka gore o nne le sengwe se sele e seng madi, batho ba le bantsi ga ba akanye jalo. Seno ga se gakgamatse, e re ka ba ba nnang kwa dinageng tsa Bophirima ba ka tswa ba koelelwa ka dipapatso tse di fetang 3 000 ka letsatsi. E ka tswa go bapatswa dikoloi kana dimonamone, molaetsa wa konokono ke gore: ‘Reka selo seno, mme o tla itumela le go gaisa pele.’

Matswela a go buelelwa ga dilo tse di bonalang go sa kgalwe mathe ganong jaana ke afe? Gone, gantsi go itlhokomolosiwa dilo tse di botlhokwa tsa semoya! Go ya ka pego e e mo makasineng wa Newsweek, bosheng jaana mobishopomogolo wa Cologne kwa Jeremane, o ne a bolela gore “mo setšhabeng sa rona, ga go tlhole go buiwa ka Modimo.”

Gongwe o dirisa maatla otlhe a gago gore o itshedise. Gongwe e bile o bona o se na nako ya go dira sepe se sele. Le fa go ntse jalo, gongwe ka dinako dingwe o a tle o ikutlwe gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe gape mo botshelong go na le go tshelela mo lobelong go fitlha o emisiwa ke botsogo jwa gago kana ke go gola.

A go tlhokomela dilo tsa semoya ka mo go oketsegileng go ka go tlisetsa kgotsofalo e e oketsegileng? Ke eng se se ka dirang gore o nne le sengwe se se botokanyana go se tshelela?