Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bolela Dikgang Tse di Molemo mo Masimong a Raese a Taiwan

Go Bolela Dikgang Tse di Molemo mo Masimong a Raese a Taiwan

Re Mofuta o o Nang le Tumelo

Go Bolela Dikgang Tse di Molemo mo Masimong a Raese a Taiwan

GANTSI go na pula e ntsi kwa Taiwan, e e thusang gore go nne le dithobo tse pedi tse di nametsang tsa raese ngwaga le ngwaga. Le fa go le jalo, ka dinako tse dingwe dipula ga di ne ka nako e e tshwanetseng, mme dimelanyana di swe. Fa seno se diragala, a molemi o a itlhoboga? Nnyaa. O a itse gore go tlhokega boitshoko. O tlhogisa dimelanyana tse dingwe a bo a lema masimo gape. Go tswa foo, fa maemo a le botoka, molemi o roba thobo e e nametsang. Ka dinako tse dingwe go ntse jalo le ka go lema le go roba semoyeng.

Go Itshoka mo Thobong ya Semoya

Go ralala dingwaga Basupi ba ga Jehofa kwa Taiwan ba ntse ba dira ka natla gore ba jale le go roba dipeo tsa boammaaruri jwa Dikwalo mo dikarolong dingwe tse di neng di lebega di sa ungwe. Sekai sa seno ke sa Miao-li County. Batho ba ne ba sa arabele fa go dirwa matsapa a go neela bosupi mo karolong eno. Ka jalo ka 1973 banyalani bangwe ba babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba abelwa go ya go dira koo e le baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng. Kwa tshimologong, batho bangwe ba ne ba kgatlhegela dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae kgatlhego eo e ne ya nyelela. Go tswa foo babulatsela bano ba ba kgethegileng ba ne ba abelwa go ya go dira kwa karolong e nngwe.

Ka 1991 babulatsela ba bangwe ba babedi ba ba kgethegileng ba ne ba abelwa go ya koo. Mme gape ditiragalo di ne tsa bontsha gore maemo a ne a ise a siamele kgolo ya semoya. Morago ga dingwaga di sekae, babulatsela bano ba ba kgethegileng ba ne ba abelwa kwa go neng go akanngwa gore e ka nna masimo a a nang le maungo. Ka gone, go ne ga feta lobaka naga eno e fetogile legola fela.

Matsapa a Masha a Nna le Katlego

Ka September 1998 go ne ga dirwa tshwetso ya go ipha matsapa a go senka dikarolo tse di ungwang thata kwa tshimong e kgolo e e sa abiwang kwa Taiwan. Seno se ne se tla dirwa jang? Ka go abela babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana ba ka nna 40 gore ba ye go dira kwa masimong a a sa abiwang a a nang le batho ba bantsi thata.

Ditoropo tse pedi tse di bapileng kwa Miao-li County le tsone di ne di akareditswe mo letsholong leo. Bokgaitsadi bangwe ba banè ba ba sa nyalwang ba ne ba tshwanetse go ya go dira koo ka dikgwedi tse tharo gore ba tlhatlhobe tshimo eno. Ka bonako fela fa ba sena go goroga koo, ba ne ba kwala dipego tse di itumedisang ka palo ya batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba ba bona. Ka nako ya fa ba ne ba fetsa dikgwedi tse tharo e ntse e le babulatsela mo karolong eo, ba ne ba setse ba tshwara dithuto tse dintsi tsa Baebele tsa magae. Gape ba ne ba tlhoma setlhopha sa thuto ya buka ba thusiwa ke mogolwane wa phuthego e e gaufi.

Bokgaitsadi bano ba bararo ba ne ba bolela gore ba ka rata go tswelela pele ba tlhokometse “dimelanyana” tse di sa ntseng di tlhoga tse di neng di gola sentle. Ka gone, ba babedi ba bone ba ne ba tlhomiwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng ba ba nnetseng ruri, mme wa boraro o ne a tswelela pele a dira koo e le mmulatsela wa ka metlha. Mogolwane wa phuthego e e gaufi o ne a fudugela mo lefelong leno gore a ba thuse. Batho ba ba fetang 60 ba ne ba le gone kwa puong ya phatlalatsa ya ntlha e e neng ya neelwa mo lefelong leo. Jaanong phuthego e e gaufi e thusa setlhopha seno se sesha go tshwara dipokano tsa Sontaga ka metlha go oketsa mo dithutong di le mmalwa tsa buka tse ba neng ba ntse ba di tshwara. Mo bogautshwaneng go ka nna ga tlhomiwa phuthego e ntšha mo lefelong leno.

Go Itshoka go Lere Masego Kwa Dikarolong Tse Dingwe Tsa Taiwan

Dikarolo tse dingwe di ile tsa arabela ka tsela e e tshwanang. Kwa I-Ian County kwa karolong ya bokonebotlhaba jwa setlhaketlhake, go ne ga tlhomiwa Thuto ya Buka ya Phuthego e ntšha mo lefelong le babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana ba neng ba dira mo go lone.

Fa mmulatsela mongwe yo o kgethegileng wa nakwana a ntse a dira tiro ya ntlo le ntlo mo maitseboeng mangwe, o ne a kopana le lekawana lengwe mme a le bontsha pampitshana e e bontshang dipokano tsa phuthego. O ne a botsa jaana ka yone nako eo: “A nka tla kwa pokanong ka moso maitseboa? Fa go le jalo, ke tle ke apere jang?” Mmulatsela yono o setse a tshwara dithuto tsa Baebele di le robedi le batho ba ba kgatlhegang beke nngwe le nngwe. Go ise go ye kae dithuto di le mmalwa tsa Baebele di ne di setse di dira dithulaganyo tsa go nna baboledi ba dikgang tse di molemo, ka boikaelelo jwa gore ba kolobediwe.

Motho yo mongwe mo toropong eno o ne a ntse a tsena kereke ka dingwaga di le dintsi, mme a sa bone ope yo a ka mo rutang Baebele. Fa a ne a utlwa gore go na le thulaganyo ya go rutwa Baebele, o ne a e amogela. O ne a kgothadiwa gore a baakanyetse thuto ya gagwe go sa le gale. Fa mmulatsela yo o kgethegileng wa nakwana a ne a tla go tshwara thuto, o ne a fitlhela gore mosadi yono o dirile “tiro e a neng a tshwanetse go sala a e dira” ka go reka buka ya dintlha e a neng a kwaletse dipotso tse di mo thutong ya gagwe mo go yone. Gape o ne a kwadile dikarabo tsa potso nngwe le nngwe. Gape o ne a kwalololetse dikwalo tsotlhe tse di nopotsweng mo thutong ya gagwe mo bukeng ya gagwe ya dintlha. Ka nako ya fa kgaitsadi yono a tla go tshwara thuto ya ntlha, mosadi yono o ne a setse a baakanyeditse dithuto tse tharo tsa ntlha!

Matswela a a tshwanang a ne a bonwa kwa toropong ya Dongshih e e mo bogareng jwa Taiwan. Babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana ba ne ba tsamaisa diboroutšhara tse di fetang 2 000 mo dikgweding tse tharo tse ba neng ba dira koo ka tsone. Mo kgweding ya boraro, ba ne ba setse ba tshwara dithuto tsa Baebele tsa magae di le 16. Toropo eno e ne e sentswe thata ke thoromo ya lefatshe e e neng ya padimola bogare jwa Taiwan ka September 21, 1999, mme batho bangwe ba ba kgatlhegang ba ne ba nna ba gatela pele semoyeng, le mororo ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya sebaka sa ura gore ba nne gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi e e gaufi. Ee, go tlhokega boitshoko gore motho a robe thobo e e nametsang, e ka tswa e le thobo ya mmatota kana ya semoya.

[Mmapa mo go tsebe 8]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

CHINA

Taiwan Strait

TAIWAN

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.