Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa O ka Nnang le Sengwe se se Botokanyana go se Tshelela ka Gone

Ka fa O ka Nnang le Sengwe se se Botokanyana go se Tshelela ka Gone

Ka fa O ka Nnang le Sengwe se se Botokanyana go se Tshelela ka Gone

SEANE sa bogologolo sa re: “O se ka wa dira ka natla go nna le dikhumo. Tlogela go tlhaloganya ga gago. A o dirile gore matlho a gago a di lebe, mme e se sepe? Gonne kwantle ga pelaelo di itirela diphuka jaaka tsa ntsu di bo di fofela ntlheng ya magodimo.” (Diane 23:4, 5, NW) Ka mafoko a mangwe, ga go botlhale gore re bereke bosigo le motshegare re leka go huma, ka gonne dikhumo di ka fofa jaaka e kete di mo diphukeng tsa ntsu.

Fela jaaka Baebele e bontsha, dikhumo di ka nyelela ka bonako. Di ka nyelela ka motsotso fela ka ntlha ya kotsi ya masetlapelo, go phutlhama ga ikonomi, kana ditiragalo tse dingwe tse di sa bonelwang pele. Mo godimo ga moo, le e leng ba ba atlegang mo go boneng dithoto gantsi ba a swabisiwa. Akanya ka kgang ya ga John, yo tiro ya gagwe e neng e akaretsa go tlosa borradipolotiki bodutu, batshameki ba ba tumileng, le ba kwa bogosing.

John o bolela jaana: “Ke ne ka ineela ka bojotlhe mo tirong ya me. Ke ne ka atlega mo go tsa madi, ke nna mo dihoteleng tsa manobonobo, e bile ka dinako dingwe ke ne ke tle ke ye tirong ka sefofane sa jete. La ntlha ke ne ke go itumelela, mme fa nako e ntse e tsamaya ka simolola go lapisega. Batho ba ke neng ke leka go ba itumedisa ba ne ba lebega ba le motlha fela. Go ne go se na sepe se ke se tshelelang.”

Jaaka John a ne a lemoga, botshelo jo bo se nang mekgwa e mentle ya semoya ga bo itumedise. Mo Therong ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng, Jesu Keresete o ne a bontsha ka moo re ka bonang boitumelo jo bo nnelang ruri ka gone. O ne a re: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Mathaio 5:3) Ka jalo, go bonala sentle gore, go botlhale go baya dilo tsa semoya kwa pele mo botshelong. Le fa go ntse jalo, mabaka a mangwe le one a ka re thusa go dira gore go nne le sengwe se se botokanyana se re se tshelelang.

Lelapa la Gago le Ditsala Ruri ba Botlhokwa

A o ne o ka itumelela botshelo fa o ne o sa bonane le ba lelapa la gago e bile o se na ditsala tse o atamalaneng le tsone? Ga go pelaelo gore o ne o ka se ka wa itumela. Mmopi wa rona o re dirile gore re batle go rata ba bangwe le go ratiwa. Ke lone lebaka le le neng la dira gore Jesu a gatelele botlhokwa jwa go ‘rata moagelani wa rona jaaka re ithata.’ (Mathaio 22:39) Lelapa ke mpho e e tswang kwa Modimong e bile ke lefelo le le tshwanelang tota la go supa lorato lo lo seng bogagapa.—Baefeso 3:14, 15.

Lelapa la rona le ka dira jang gore re nne le sengwe se se botokanyana go se tshelela? Ebu, lelapa le le kitlaneng le ka tshwantshiwa le tshingwana e ntle e o tshabelang kwa go yone gore e go lapolose mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi jo bo ngomolang pelo. Ka tsela e e tshwanang, re ka bona botsala jo bo lapolosang mo lelapeng le kamogelo e e lorato e e nyeletsang maikutlo a go jewa ke bodutu. Mme gone, ga go itlele fela gore lelapa le neye tshireletso e e ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re nonotsha dibofo tsa malapa, re atamalana thata, le botshelo bo nna mosola. Ka sekai, nako le maiteko a re a dirisang go supetsa balekane ba rona ba lenyalo lorato le tlotlo ke dilo tsa letsatsi le letsatsi tse moragonyana di ka re solegelang molemo o mogolo.—Baefeso 5:33.

Fa re na le bana, re tshwanetse go lwela go ba godisetsa mo tikologong e e siameng. Go ka nna ga tlhoka matsapa a magolo gore re iphe nako le bone, re buisane le bone ka dinako tsotlhe, re bo re ba rute dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, nako e e ntseng jalo le maiteko di ka re kgotsofatsa tota. Batsadi ba ba atlegang ba tsaya bana e le lesego, e le boswa jo bo tswang kwa Modimong jo bo tshwanetseng go tlhokomelwa sentle.—Pesalema 127:3.

Ditsala tse di molemo le tsone di thusa gore re itumelele botshelo re bo re nne le sengwe se re se tshelelang. (Diane 27:9) Re ka nna le ditsala di le dintsi fa re bontsha go amega ka ba bangwe. (1 Petere 3:8) Ditsala tsa boammaaruri di a re kakatlolola fa re kgopiwa. (Moreri 4:9, 10) E bile “molekane wa boammaaruri ke . . . morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego”—Diane 17:17NW.

A bo botsala jwa boammaaruri bo ka itumedisa jang ne! Go dikela ga letsatsi go gontle thata, dijo di utlwala di le monate thata, le mmino o itumedisa thata fa o o reeditse le tsala. Ee gone, lelapa le le kitlaneng le ditsala tse di ikanyegang ke mabaka a le mabedi fela a a ka dirang gore o nne le sengwe se o se tshelelang. Ke dilo dife tse dingwe tse Modimo a di rulagantseng tse di ka dirang gore re nne le sengwe se se botokanyana go se tshelela?

Go Nna Le se Re se Tlhokang Semoyeng

Jaaka go supilwe pelenyana, Jesu Keresete o ne a amanya boitumelo le go ela tlhoko se re se tlhokang semoyeng. Re bopilwe re na le bokgoni jwa go supa bomoya mmogo le boitsholo. Ke sone se Baebele e buang ka “motho wa semoya” le “motho wa sephiri wa pelo.”—1 Bakorintha 2:15; 1 Petere 3:3, 4.

Go ya ka An Expository Dictionary of New Testament Words ya ga W. E. Vine, pelo ya tshwantshetso e emela “tiro yotlhe ya motho ya mogopolo le ya boitsholo, e e dirwang e akanyeditswe sentle mmogo le e e dirwang ka go tseega maikutlo.” Vine o oketsa ka go tlhalosa jaana: “Ka mafoko a mangwe, pelo e dirisediwa go tshwantshetsa metswedi e e fitlhegileng ya botshelo jwa motho wa ka fa teng.” Yone buka eo gape e bolela gore “pelo, jaaka e le kwa tengteng, mo go yone go na le ‘motho yo o sa bonaleng,’ . . . motho wa mmatota.”

Re ka fitlhelela jang dilo tse di tlhokiwang ke “motho wa semoya” kana “motho yo o fitlhegileng,” e leng, “motho wa sephiri wa pelo”? Re tla bo re tsaya kgato e e botlhokwa ya go dira seno e bile re fitlhelela se se tlhokegang semoyeng fa re lemoga ntlha e e ntshiwang ke mopesalema yo o tlhotlheleditsweng yo o neng a opela jaana: “Itseng gore Jehofa ke Modimo. Ke ene a re dirileng, e seng rona ka borona. Re batho ba gagwe le dinku tsa mafulo a gagwe.” (Pesalema 100:3) Go a utlwala go bo go lemoga seno go ka dira gore re konele ka gore re ikarabelela mo Modimong. Fa re batla go nna bangwe ba “batho ba gagwe le dinku tsa mafulo a gagwe,” re tshwanetse go dira tumalanong le Lefoko la gagwe, Baebele.

A gone ke selo se se maswe go dira jalo? Nnyaa, ka gonne go lemoga gore Modimo o amega ka tsela e re itshwarang ka yone go dira gore go nne le sengwe se re se tshelelang. Go re kgothatsa gore re nne batho ba ba botoka—mokgele o o nang le mosola ruri. Pesalema 112:1 e bolela jaana: “Go itumela motho yo o boifang Jehofa, Yo o itumedisiwang thata ke ditaolo tsa gagwe.” Go boifa Modimo ka tshisimogo le go ikobela melao ya gagwe go tswa pelong go ka dira gore go nne le sengwe se se botokanyana go se tshelela.

Ke ka ntlha yang fa go ikobela Modimo go re kgotsofatsa? Ka gonne re na le segakolodi, mpho e Modimo a e abetseng batho botlhe. Segakolodi ke motlhatlhobi wa boitsholo yo o bolelang gore a se re se dirileng kana se re akanyang go se dira se a amogelwa kana ga se amogelwe. Rotlhe re itse gore go ngomola pelo jang go nna le segakolodi se se tshwenyegileng. (Baroma 2:15) Mme le fa go ntse jalo, digakolodi tsa rona gape di ka re duela. Fa re dira ka go tlhoka bogagapa mo Modimong le go bangwekarona, re ikutlwa re ritibetse e bile re kgotsofetse. Re fitlhela gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Go na le lebaka le le botlhokwa la seno.

Mmopi wa rona o dirile gore re amiwe ke dilo tse bangwekarona ba di eletsang le tse ba di tlhokang. Go thusa ba bangwe go dira gore re nne le boitumelo mo dipelong tsa rona. Mo godimo ga moo, Baebele e re tlhomamisetsa gore fa re abela mongwe yo o tlhokang, Modimo o go tsaya e le go direla ene molemo.—Diane 19:17.

Kwantle ga go re naya kgotsofalo ya ka fa teng, a go ela tlhoko dilo tse re di tlhokang tsa semoya go ka re thusa ka tsela e e mosola? Gone, rrakgwebo mongwe wa kwa Botlhabagare ebong Raymond o dumela gore go ka re thusa. O bolela jaana: “Mokgele wa me wa konokono e ne e le go dira madi. Mme le fa go ntse jalo, go tloga ka nako e ke neng ka dumela mo pelong ya me ka yone gore go na le Modimo le gore Baebele e tlhalosa dikeletso tsa gagwe, ke ne ka fetoga. Gone jaanong go dira madi go tsaya maemo a bobedi mo botshelong jwa me. Ka go leka go itumedisa Modimo, ga ke tlhole ke na le boikutlo jo bo sa siamang jwa letlhoo. Le fa gone rre a sule ka nako ya kgotlhang, ga ke eletse go ipusolosetsa mo go ba ba ikarabelelang mo go seo.”

Jaaka Raymond a ne a lemoga, go tlhokomela sentle dilo tse di tlhokwang ke “motho wa semoya” go ka fodisa dintho tse di boteng tsa maikutlo. Le fa go ntse jalo, fa re sa itshokele mathata a a nnang gone letsatsi le letsatsi, botshelo bo ka se itumedise gotlhelele.

Re ka Nna le “Kagiso ya Modimo”

Mo lefatsheng leno le le tlhakatlhakaneng, ke malatsi a le mmalwa fela a a fetang a se na mathata. Go nna le dikotsi, dithulaganyo ga di tsamaye sentle, le batho ba a re swabisa. Dikgoreletsi tseno di ka re hutsafatsa. Le fa go ntse jalo, ba ba direlang Jehofa Modimo, Baebele e ba solofetsa go kgotsofala ga ka fa teng—“kagiso ya Modimo.” Kagiso eno re e bona jang?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Go na le go leka go sikara mathata a rona re le bangwe, re tlhoka go rapela ka tlhoafalo, re latlhela merwalo ya rona ya letsatsi le letsatsi mo Modimong. (Pesalema 55:22) Tumelo ya gore o arabela mekokotlelo e e ntseng jalo ka Morwa wa gagwe Jesu Keresete, e tla gola jaaka fa re ntse re gola semoyeng e bile re lemoga ka fa Modimo a re thusang ka teng.—Johane 14:6, 14; 2 Bathesalonika 1:3.

Fa re setse re na le tsholofelo mo go Jehofa Modimo, “Moutlwi wa thapelo,” re tla kgona go emelana botoka le diteko, tse di tshwanang le bolwetse jo bo tsayang sebaka go fola, go tsofala, kana go swelwa ke yo o mo ratang. (Pesalema 65:2NW) Le fa go ntse jalo, gore re tle re nne le sengwe se re se tshelelang tota, re tshwanetse gape ra akanya ka isagwe.

Itumeleleng Tsholofelo e e Larileng Kwa Pele

Baebele e re solofetsa “magodimo a masha le lefatshe le lesha,” puso ya selegodimo e e siameng, e e tlamelang e e tla bong e busa lelapa la batho le le kutlo. (2 Petere 3:13) Mo lefatsheng le lesha leo le le solofeditsweng ke Modimo, ntwa le go tlhoka tshiamiso di tla tseelwa sebaka ke kagiso le tshiamiso. Seno ga se keletsonyana fela e e sa kayeng sepe, mme ke tlhomamisetso e e ka golang letsatsi le letsatsi. Tseno ke dikgang tse di molemo ruri e bile di itumedisa tota.—Baroma 12:12; Tito 1:2.

John, yo go builweng ka ene kwa tshimologong, jaanong o ikutlwa gore o na le sengwe se se botokanyana se a se tshelelang. O bolela jaana: “Le fa gone ke ne ke se motho yo o tseneletseng mo bodumeding, ke ntse ke dumela mo Modimong. Mme le fa go ntse jalo, ke ne ka se ka ka dira sepe ka tumelo eno go fitlha Basupi ba le babedi ba ga Jehofa ba nketela. Ke ne ka ba tlhasela ka dipotso tse di tshwanang le, ‘Ke eng fa re le mo lefatsheng? Bokamoso jwa rona ke eng?’ Dikarabo tsa bone tse di kgotsofatsang tse di tswang mo Dikwalong di ne tsa dira gore ke ikutlwe ke na le boikaelelo e le la ntlha mo botshelong jwa me. Seo e ne e le tshimologo fela. Ke ne ka nyorelwa boammaaruri jaana mo go neng ga ntira gore ke fetole mekgwa ya me yotlhe. Le fa gone ke sa tlhole ke humile dithoto, ke ikutlwa ke le mohumi yo mogolo tota semoyeng.”

Gongwe jaaka John, o ntse o tlogetse bomoya jwa gago bo eme felo go le gongwe ka dingwaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, ka go nna le “pelo e e botlhale,” o ka bo tsosolosa. (Pesalema 90:12) Ka go ititaya sehuba le ka go iteka, o ka nna le boitumelo jwa mmatota, kagiso le tsholofelo. (Baroma 15:13) Ee, e bile o ka nna le sengwe se se botokanyana go se tshelela.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Thapelo e ka re tlisetsa “kagiso ya Modimo”

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

A o itse gore ke eng se se ka dirang gore botshelo jwa lelapa e nne jo bo itumedisang ka mo go oketsegileng?