O ka Nna o le Phepa mo Lefatsheng le le Tletseng Boitsholo Jo bo Sa Siamang
O ka Nna o le Phepa mo Lefatsheng le le Tletseng Boitsholo Jo bo Sa Siamang
E NE e le monna wa maratagolejwa. Mosadi ene o ne a na le ditalenta e bile a le montle. Ba ne ba bereka mo khampaning e le nngwe. Mosadi yono o ne a mo kgatlhegela thata. Ene o ne a mo akgola. Ba ne ba rekelana dimpho. Go ise go ye kae ba ne ba ratana. Monna yono o ne a tlogela mosadi wa gagwe gore a tle a nne le mosadi yono. Mosadi yono ene, kwa bofelong o ne a swetsa go nna le monna wa gagwe mme a fedisa thatano ya bone. Monna yono ene o ne a leka go boelana le mosadi wa gagwe mme e se ka pelo yotlhe. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a sa ikwatlhaya ka pelo yotlhe, ga a ka a atlega. Mongwe le mongwe yo o amegang mo kgannyeng eno o ne a tswelela pele ka botshelo, le fa gone ba ne ba utlwile botlhoko.
Boitsholo jo bo siameng jwa tlhakanelodikobo ga bo sa tlhole bo tsewa e le mokgwa o montle mo lefatsheng leno. Go rata menate le go ikgotsofatsa ka tsela e e feteletseng go bonala e le sone selo se se tlwaelegileng. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Go bonala fa boaka bo le teng mo lefatsheng lotlhe fela jaaka lenyalo e bile ka dinako tse dingwe bo tlwaelegile fela jaaka lone.”
Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o batla gore lenyalo le “tlotlege mo go botlhe” le bolao jwa lenyalo bo nne “bo sa leswafala.” (Bahebera 13:4) Dikwalo di bolela jaana: “Lo se ka lwa timediwa. Go le bagokafadi, lefa e le baobamedi ba medingwana, lefa e le baakafadi, lefa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, lefa e le banna ba ba robalang le banna . . . ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Ka gone, gore re tle re amogelwe ke Modimo, re tshwanetse go nna re le phepa mo boitsholong mo lefatsheng leno le le tletseng boitsholo jo bo sa siamang.
Re ka itshireletsa jang mo ditlhotlheletsong tse di senyang maitsholo tse di re dikologileng? Mo kgaolong ya bo5 ya buka ya Baebele ya Diane, Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o re naya dikarabo. A re sekasekeng gore a reng.
Bokgoni Jwa go Akanya jo bo Tla go Sireletsang
“Morwaaka, a ko o tlhwaele botlhale jwa me tsebe,” kgosi ya Iseraele e simolola jalo. E oketsa jaana: “O sekegele temogo ya me ditsebe, gore o tle o dise bokgoni jwa go akanya; mme e kete dipounama tsa gago di ka dibela kitso.”—Diane 5:1, 2, NW.
Gore re tle re lwantshane le dithaelo tsa boitsholo jo bo sa siamang, re tlhoka botlhale—bokgoni jwa go dirisa kitso ya Dikwalo—le temogo kana maatla a go kgona go farologanya se se siameng le se se sa siamang le go tlhopha tsela e e siameng. Re kgothadiwa gore re sekegele botlhale le temogo tsebe gore di tle di dise bokgoni jwa rona jwa go akanya. Re ka dira seo jang? Fa re ithuta Lefoko la Modimo e leng Baebele, re tshwanetse go ela tlhoko kafa Jehofa a dirang dilo ka gone le go sekegela thato ya gagwe le maikaelelo a gagwe tsebe. Ka go dira jalo, re tla bo re lebisa dikakanyo tsa rona mo ditseleng tse di siameng. Bokgoni jwa go akanya jo re bo bonang ka tsela eo bo tsamaisana le botlhale le kitso ya bomodimo. Fa bokgoni jono bo dirisiwa sentle, bo re sireletsa mo dithaelong tsa boitsholo jo bo sa siamang.
Tlhokomela Magalapa a a Boleta
Lebaka la go bo bokgoni jwa go akanya bo le botlhokwa gore motho a nne le boitsholo jo bo itshekileng mo lefatsheng le le leswafetseng ke gore ditsela tsa motho yo o boitsholo bo sa siamang di a Diane 5:3, 4.
raela. Solomone o tlhagisa jaana: “Gonne dipounama tsa mosadi o sele di rotha sedinotshe, magalapa a gagwe a boleta bogolo go lookwane. Mme bokhutlo jwa gagwe bo botlhoko jaaka longana, bo bogale jaaka tšhaka e e magale mabedi.”—Mo seaneng seno, motho yo o tsuologang o tshwantshiwa le “mosadi o sele”—seaka. * Mafoko ao a a dirisang go raela motho a botshe jaaka tswina ya mamepe e bile a boleta go gaisa lookwane lwa motlhware. A ditsela tse dintsi tse batho ba hepisiwang ka tsone ka boitsholo jo bo sa siamang ga di simolole ka tsela eno? Ka sekai, akanya ka se se diragaletseng mokwaledi mongwe wa maratagolejwa wa dingwaga di le 27 yo o bidiwang Amy. O tlhalosa jaana: “Monna yono kwa tirong o nkgatlhegela thata e bile o nkakgola nako le nako fa go tlhaga sebaka. Go monate fa o tlhokomelwa. Mme ke kgona go bona sentle gore kgatlhego ya gagwe e amana fela le tlhakanelodikobo. Ga nkitla ke tsiediwa ke maano a gagwe.” Gantsi mafoko a a forang a moraedi a a kgatlha kwantle ga fa re lemoga maikaelelo a one a mmatota. Ka ntlha ya seno re tshwanetse go dirisa bokgoni jwa rona jwa go akanya.
Ditlamorago tsa boitsholo jo bo sa siamang di botlhoko jaaka longana e bile di bogale jaaka tšhaka ya magale a mabedi—di utlwisa botlhoko e bile di kotsi. Segakolodi se se tshwenyegileng, go ima motho a sa batle, kana bolwetse jo bo tshwaediwang ka go tlhakanela dikobo gantsi ke ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa boitsholo jo bo ntseng jalo. Mme akanya ka botlhoko jo bogolo jwa maikutlo jo molekane wa lenyalo wa motho yo o sa ikanyegeng a nnang le jone. Tiro e le nngwe fela ya go sa ikanyege e ka dira gore go nne le matsadi a a botlhoko mo a ka nnang teng botshelo jotlhe. Ee, boitsholo jo bo sa siamang bo utlwisa botlhoko.
Fa kgosi e e botlhale e akgela ka mokgwa wa botshelo jwa mosadi yo o tsuololang, e tswelela ka go bolela jaana: “Dinao tsa gagwe di fologela mo losong; dikgato tsa gagwe di ya go tshwara Bobipo. Jalo wa bo a sa wele tselana e e papannweng ya botshelo; ditsela tsa gagwe di raraanye, mme a ba a sa go itse.” (Diane 5:5, 6) Ditsela tsa mosadi yono yo o nang le boitsholo jo bo maswe di mo isa losong—dikgato tsa gagwe di isa Bobipong, lebitla la batho le le tlwaelegileng. A bo mafoko ano a le boammaaruri jang ne e re ka malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, segolobogolo jwa AIDS, a aname thata jaana! Bofelo jwa gagwe bo tshwana le jwa batho ba ba tsamayang le ene mo ditseleng tsa gagwe tse di sokameng.
Kgosi e kgothatsa jaana e amegile thata: “Mme jaana bomorwaaka, ka re, Ntheetsang, mme lo se ka lwa tlogela mafoko a molomo wa me. Katosetsa tsela ya gago kgakala nae, o se ka wa atamela mojako wa ntlo ya gagwe.”—Diane 5:7, 8.
Re tshwanetse go nna kgakala ka mo re ka kgonang ka teng le tlhotlheletso ya batho ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang. Ke eng fa re tshwanetse go dumela go tlhotlhelediwa ke ditsela tsa bone ka go reetsa mmino o o leswe, ka go lebelela dilo tse di maswe tsa boitlosobodutu kana ka go leba ditshwantsho tse di hepisang? (Diane 6:27; 1 Bakorintha 15:33; Baefeso 5:3-5) Mme a bo e le boeleele jang ne go dira gore ba re kgatlhegele ka go ba ngoka kana ka go apara kana ka go ipaakanya ka tsela e e seng bori!—1 Timotheo 4:8; 1 Petere 3:3, 4.
Matswela a a Botlhoko Thata
Ke ka ntlha ya lebaka lefe le lengwe re tshwanetseng go tila motho yo o tsuololang? Solomone o araba jaana: “O ka tla wa naya ba sele tlotlo ya gago, le dinyaga tsa gago wa di abela tse di bolalome. Ba sele ba ka tla ba kgora nonofo ya gago; le matsapa a gago a nna mo ntlong ya motho wa seeng; mme wa lela mo bokhutlong jwa gago, motlhang nama ya gago e tlhoregang, le mmele wa gago.”—Diane 5:9-11.
Ka go rialo Solomone o tlhalosa matswela a a botlhoko a go ineela mo boitsholong jo bo sa siamang. Boaka le go latlhegelwa ke seriti sa gago kana boitlotlo di a tsamaisana. A ga go tlhabise ditlhong go tshelela fela go kgotsofatsa dikeletso tsa rona tsa boitsholo jo bo sa siamang kana tsa motho yo mongwe? A ga go supe gore ga re na boitlotlo fa re nna le dikamano tsa tlhakanelodikobo le motho yo e seng molekane wa rona wa lenyalo?
Gone mme, go ‘naya ba sele kana ba seeng dingwaga le nonofo ya rona le matsapa a rona,’ go akaretsa eng? Buka nngwe e tlhalosa jaana: “Ntlha ya ditemana tseno e phepafetse: Matswela a go sa ikanyege a ka nna botlhoko; ka gonne sengwe le sengwe se motho a se berekelang—maemo, nonofo, katlego—di ka latlhegela motho ka ntlha ya bogagapa jwa mosadi yono kana ka gore setšhaba se batle gore motho a otlhaelwe phoso e a e dirileng.” Dikamano tsa boitsholo jo bo sa siamang di ka baka mathata a mantsi!
Fa motho yo o seeleele a sena go latlha seriti sa gagwe mme a sa tlhole a na le sepe, o tla hutsafala a bolela jaana: “A bo nkile ka ila thuto, pelo ya me ya nyatsa jang kgalemelo; le gone ga ke a utlwa lentswe la baruti ba me, le fa e le go sekegela ba ba nthutileng tsebe! Ka batla go nna mo bosuleng jotlhe, mo gare ga phuthego le kokoano ya batho.”—Fa nako e ntse e ya, moleofi o tla tlhalosa se mokanoki mongwe a reng ke “lenaane le le telele la ‘bo fa nka bo’: fa nka bo ke ile ka reetsa rre; fa nka bo ke ile ka se ka ka itaola; fa nka bo ke ile ka reetsa kgakololo ya ba bangwe.” Le fa go ntse jalo, o lemoga seno go setse go le thari. Botshelo jwa motho yono yo jaanong a seng phepa bo setse go senyegile le leina la gagwe le senyegile. A bo go le botlhokwa jang ne go akanya ka matswela a a botlhoko a a ka bakwang ke boitsholo jo bo sa siamang pele ga bo ka re kometsa!
“Nwa Metsi mo Sedibeletsong se e Leng sa Gago”
A Baebele e a ikgogona go bua ka dikamano tsa tlhakanelodikobo? Nnyaa. Boikutlo jwa lorato le go tseega maikutlo jo monna le mosadi ba nnang najo ke dimpho tse di tswang go Modimo. Le fa go ntse jalo, botsalano jo bogolo jono bo tshwanetse go nna fela fa gare ga banyalani. Ka gone, Solomone o laela monna yo o nyetseng jaana: “Nwa metsi mo sedibeletsong se e leng sa gago, le metsi a a elang mo motsweding o e leng wa gago. A metswedi ya gago e tshwanetse go tsheamela koo kwa ntle, le dinoka tsa metsi go ya le mebila fela? A e nne tsa gago o le wesi, mme e seng tsa ba sele nao.”—Diane 5:15-17.
‘Sedibeletso sa gago,’ le ‘motswedi wa gago’ ke mafoko a go boka mosadi yo o nyetsweng yo o rategang. Go ipelela go tlhakanela dikobo le ene go tshwantshiwa le go nwa metsi a a lapolosang. Go farologana le metsi a a mo mafelong a botlhe, sedibeletso kana motswedi di tsewa e le dilo tsa botho. Mme monna o gakololwa gore a nne le bana kwa lapeng le mosadi wa gagwe go na le gore a gasaganye peo ya gagwe mo dipatlelong, ke gore mo basading ba bangwe. Ka gone, monna o gakololwa gore a ikanyege mo mosading wa gagwe.
Monna yo o botlhale o tswelela ka go bolela jaana: “A motswedi wa gago wa metsi o segofale, mme o ipele le mosadi wa bosha jwa gago, kgama e namagadi e e rategang le podi ya mo dithabeng e e bontle bo gogelang. A mabele a gagwe a go tlhapele ka metlha. O tlhapelwe ke boitumelo ka lorato lwa gagwe ka metlha.”—Diane 5:18, 19, NW.
‘Motswedi wa metsi’ kana sediba, se raya motswedi wa kgotsofalo ya tlhakanelodikobo. Monate wa tlhakanelodikobo le molekane wa gago o ‘segofaditswe’—o tswa go Modimo. Ka jalo, monna o kgothadiwa gore a ipele le mosadi wa bosha jwa gagwe. Mo go ene, o a ratega e bile o montle jaaka kgama e namagadi e bile o gogela jaaka podi ya mo dithabeng.
Morago ga foo Solomone o botsa dipotso tse pedi tse di tshwanelang: “Ka jalo ke ka ntlha yang, morwaaka, fa o tlhapelwa ke boitumelo le mosadi o sele kgotsa o tlamparela sehuba sa mosadi wa seeng?” (Diane 5:20, NW) Ee, ke eng fa motho yo o nyetseng a tshwanetse gore a raelesege go tlhakanela dikobo le mongwe yo a sa nyalanang le ene, e ka tswa e le yo a kopanang nae kwa tirong, kwa sekolong kana gongwe go sele?
Moaposetoloi Paulo o neela Bakeresete ba ba nyetseng kgakololo eno: “Seno ke a se bua, bakaulengwe, nako e e setseng e khutshwafetse. Go tloga jaanong a ba ba nang le basadi ba nne jaaka e kete ba ne ba se na bape.” (1 Bakorintha 7:29) Se se akaretsa eng? Ebu, balatedi ba ga Jesu Keresete ba tshwanetse go ‘nna ba senka pele bogosi.’ (Mathaio 6:33) Ka jalo, banyalani ga ba a tshwanela go tshwarega thata jaana ka botshelo jwa bone ba le babedi mo e leng gore Bogosi e nna selo se se tlang kwa morago.
Botlhokwa Jwa go Ikgapa
Dikeletso tsa tlhakanelodikobo di ka laolwa. Batho ba ba batlang go amogelwa ke Jehofa ba tshwanetse go di laola. Moaposetoloi Paulo o ile a gakolola jaana: “Seno ke se Modimo o se ratang, go itshepisiwa ga lona, gore lo ikehe mo kgokafalong; gore mongwe le mongwe wa lona a itse kafa o ka tsholang sejana sa gagwe [mmele wa gagwe] ka gone mo boitshepisong le mo tlotlegong.”—1 Bathesalonika 4:3, 4.
Ka gone he, basha ga ba a tshwanela go itlhaganela go tsena mo lenyalong fa ba ikutlwa ba nna le dikeletso tsa tlhakanelodikobo la ntlha. Lenyalo le tlhoka gore motho a itlame, mme go diragatsa maikarabelo a a ntseng jalo go tlhoka gore motho a bo a godile. (Genesise 2:24) Go botoka go leta go fitlha fa motho a tla bo a “fetile go thunya ga bosha”—nako ya fa maikutlo a tlhakanelodikobo a nonofile e bile a ka nna a kgoreletsa tsela e motho a akanyang ka yone. (1 Bakorintha 7:36) Mme a bo go tla bo go se botlhale jang ne e bile e tla bo e le boleo gore motho yo o setseng a godile yo o eletsang go nyala a dire boitsholo jo bo sa siamang fela ka go bo a sa kgone go bona molekane wa lenyalo!
“Moikepi o Tla Tshwarwa ke Maikepo a Gagwe”
Lebaka le legolo la go bo boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo le phoso ke gore Jehofa—Monei wa botshelo le Moabi wa bokgoni jwa tlhakanelodikobo mo bathong—ga a bo amogele. Ka jalo fa Kgosi Solomone a neela lebaka le le nonofileng la go nna le boitsholo jo bo phepa, o bolela jaana: “Gonne ditsela tsa motho di fa pele ga matlho a ga Jehofa, mme o lekalekanya ditselana tsotlhe tsa gagwe.” (Diane 5:21) Ee, ga go na sepe se se fitlhegileng mo matlhong a Modimo “o re nang le go ikarabelela mo go one.” (Bahebera 4:13) Boitsholo bope fela jwa tlhakanelodikobo jo bo leswe, go sa kgathalesege gore bo dirwa mo sephiring go le kana kang le gore ditlamorago tsa jone e nna dife mo mmeleng kana mo loagong, bo tla senya kamano ya rona le Jehofa. A bo e le boeleele jang ne go senya kagiso e re nang nayo le Modimo ka ntlha ya monate wa boitsholo jo bo sa tshwanelang jwa metsotswana e sekae fela!
Bangwe ba ba inaakanyang le ditsela tsa boitsholo jo bo sa siamang ba ka nna ba bonala ba dira jalo kwantle ga ditlamorago dipe—mme e seng ka nako e telele. Solomone o bolela jaana: “Moikepi o tlaa tshwarwa ke maikepo a gagwe tota, mme o tlaa tshegediwa ke megala ya boleo jwa gagwe. O tlaa swa ka go tlhoka thuto; mme mo bogolong jwa bosilo jwa gagwe o tlaa timela.”—Diane 5:22, 23.
Ke eng fa go tshwanetse ga nna le mongwe mo go rona yo o timelang? Aitse buka ya Diane e re tlhagisa ka ditsela tse di tsietsang tsa lefatshe leno. Mme e re bolelela matswela a a botlhoko a boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo a tleng bo nne le one malebana le—botsogo jwa rona, dithoto tsa rona, maatla a rona le seriti sa rona. E re ka re itse dilo tseno sentle jaana go sa le gale, ga re tlhoke le ka motlha gore re nne le lenaane le le telele la “bo fa nka bo.” Ee, ka go dirisa kgakololo e Jehofa a e re neetseng mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, re ka kgona go nna re le phepa mo boitsholong mo lefatsheng le le tletseng boitsholo jo bo sa siamang.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 11 Lefoko “o sele” le ne le dirisediwa batho ba ba neng ba fapoga se se dumalanang le Molao mme ka go dira jalo ba itlhoboganya le Jehofa. Ka gone, seaka se bidiwa “mosadi o sele.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 30]
Ditlamorago tsa boitsholo jo bo sa siamang di botlhoko jaaka longana
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
“Ipele le mosadi wa bosha jwa gago”