Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsholofelo ya Tsogo e Maatla

Tsholofelo ya Tsogo e Maatla

Tsholofelo ya Tsogo e Maatla

“Ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe . . . e le gore ke itse [Jesu Keresete] le maatla a tsogo ya gagwe.”—BAFILIPI 3:8-10.

1, 2. (a) Mo dingwageng tse di fetileng, moruti mongwe o ile a tlhalosa tsogo jang? (b) Tsogo e tla direga jang?

MO MASIMOLOGONG a bo1890, bobegadikgang bo ne jwa bega ka thero e e gakgamatsang ya moruti mongwe wa kwa Brooklyn, New York, U.S.A. O ne a bolela gore tsogo e tla akaretsa go kgobokanngwa le go tsosoloswa ga marapo otlhe le nama epe fela e e kileng ya bo e bopa mmele wa motho, e ka ne e ne e sentswe ke molelo kana kotsi, e jelwe ke sebatana kana e ile ya fetoga monontshammu. Moreri yono o ne a bolela gore mo letsatsing lengwe la diura tse 24, loapi lo ne lo tla ntshofala lo dirwa jalo ke matsogo, maoto, menwana, marapo, ditshika le letlalo la dimilione di le diketekete tsa batho ba ba suleng. Dirwe tseno di tla bo di batlana le dikarolo tse dingwe tsa mmele wa tsone. Go tswa foo meya ya teng e tla fologa e tswa kwa legodimong le kwa diheleng go tla go tsena mo mebeleng ya teng e e tsositsweng.

2 Kgang ya gore tsogo e tla direga ka tsela ya go kgobokanya sesha diatomo tsa kwa tshimologong ga e na tlhaloganyo, mme e bile batho ga ba na moya o o sa sweng. (Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4) Jehofa, Modimo wa tsogo, ga a tlhoke go kgobokanya sesha diatomo tse pele di neng di bopa mmele wa motho. A ka kgona go direla batho ba ba tsosiwang mebele e mesha. Jehofa o neile Morwawe e bong Jesu Keresete maatla a go tsosa baswi ka tsholofelo ya go tshelela ruri. (Johane 5:26) Ka gone, Jesu o ile a re: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.” (Johane 11:25, 26) A tsholofetso e e itumedisang jang ne! E a re nonotsha go kgona go itshokela diteko tota le e leng go lebana le loso fela jaaka Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.

3. Ke eng fa go ne go tlhokega gore Paulo a femele tsogo?

3 Tsogo ga e dumalane le kgopolo ya gore batho ba na le moya o o sa sweng—kgopolo e e tswang mo go mofilosofi wa Mogerika e bong Plato. Ka gone, go ne ga diregang fa moaposetoloi Paulo a ne a neela Bagerika ba maemo bosupi kwa Areopago kwa Athena, a bua ka Jesu le go bolela gore Modimo o ile a mo tsosa? Pego ya re: “Ebu, e rile ba utlwa ka tsogo ya baswi, bangwe ba simolola go sotla.” (Ditiro 17:29-34) Bontsi jwa batho ba ba neng ba bone Jesu Keresete a tsositswe ba ne ba sa ntse ba tshela mme ba ne ba tlhomamisa gore o tsositswe mo baswing le mororo batho bangwe ba ne ba sotla. Mme barutisi ba maaka ba ba neng ba kopanela le phuthego ya kwa Korintha ba ne ba gana go dumela gore go na le tsogo. Ka gone Paulo o ile a femela thuto eno ya Bokeresete ka tsela e e maatla mo kgaolong ya 15 ya 1 Bakorintha. Fa o sekaseka mabaka a gagwe ka kelotlhoko o kgona go lemoga sentle gore tsholofelo ya tsogo e tlhomame e bile e maatla.

Bosupi jo bo Nonofileng Jwa Tsogo ya ga Jesu

4. Paulo o ile a umaka bosupi bofe jwa basupi ba ba boneng tsogo ya ga Jesu ka matlho?

4 Ela tlhoko kafa Paulo a simololang mabaka a gagwe ka teng. (1 Bakorintha 15:1-11) Bakorintha ba ne ba ka ngangatlela dikgang tse di molemo tsa poloko ntle le fa e le gore ba ne ba fetogile badumedi kwantle ga boikaelelo. Keresete o ne a swela maleo a rona, a fitlhwa mme a tsosiwa. Tota e bile, Jesu yo o tsositsweng o ne a iponatsha mo go Kefase (Petere), “go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi.” (Johane 20:19-23) O ne a bonwa ke ba ba 500, gongwe e le fa a ne a laela jaana: ‘Tsamayang lo dire batho barutwa.’ (Mathaio 28:19, 20) Jakobe o ne a mmona mme le baaposetoloi ba bangwe botlhe ba ba ikanyegang le bone ba ile ba mmona. (Ditiro 1:6-11) Jesu o ne a iponatsha mo go Saulo gaufi le Damaseko, “jaaka e kete mo go yo o tsetsweng pele ga nako”—jaaka e kete o ne a setse a tsoseditswe kwa botshelong jwa semoya. (Ditiro 9:1-9) Bakorintha ba ne ba fetoga badumedi ka go bo Paulo a ile a ba rerela, mme ba ne ba amogela dikgang tse di molemo.

5. Paulo o ile a tlhalosa mabaka jang jaaka go kwadilwe mo go 1 Bakorintha 15:12-19?

5 Ela tlhoko tsela e Paulo a tlhalosang mabaka ka yone. (1 Bakorintha 15:12-19) E re ka batho ba ba boneng ka matlho ba ile ba rera gore Keresete o ne a tsositswe, go ka bolelwa jang ga twe ga go na tsogo ya baswi? Fa Jesu a ka bo a sa tsosiwa mo baswing, go rera ga rona le tumelo ya rona e ka bo e le ga lefela, e bile re ne re ka bo re le baaki ba ba neelang bosupi jwa maaka ka Modimo ka go bolela gore o tsositse Keresete. Fa e le gore baswi ga ba tsosiwe, ‘re sa ntse re le mo maleong,’ mme batho ba ba suleng ba le seoposengwe le Keresete ba ne ba nyelela. Mo godimo ga moo, “fa e le gore ke mo botshelong jono fela re solofetseng mo go Keresete, mo bathong botlhe re tshwanetse go tlhomogelwa pelo thata.”

6. (a) Paulo o ile a reng fa a tlhomamisa gore Jesu o tsositswe? (b) “Mmaba wa bofelo” ke eng, mme o tla fedisiwa jang?

6 Paulo o tlhomamisa gore Jesu o ile a tsosiwa. (1 Bakorintha 15:20-28) E re ka Keresete e le “mabutswapele” a ba ba robetseng, go tla nna le batho ba bangwe ba ba tla tsosiwang. Fela jaaka loso lo bakilwe ke go bo Adame a ile a se ka a utlwa, tsogo le yone e tla nna teng ka ntlha ya ga Jesu. Batho ba e leng ba gagwe ba ne ba tla tsosiwa mo go nneng gone ga gagwe. Keresete o “nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla” a a leng kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo mme o tla busa e le Kgosi go fitlha Jehofa a baya baba botlhe kafa tlase ga dinao tsa gagwe. Tota le e leng “mmaba wa bofelo”—loso lo re lo ruileng mo go Adame—lo tla nyelediwa ka ntlha ya boleng jwa setlhabelo sa ga Jesu. Go tswa foo Keresete o tla neela Modimo yo gape e leng Rraagwe Bogosi, a ipaya kafa tlase ga taolo ya “Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, e le gore Modimo o nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”

Go Tweng Ka ba Ba Kolobelediwang Loso?

7. Ke bomang ba ba “kolobediwang ka boikaelelo jwa gore ba nne ba ba suleng,” mme seno se bolela eng ka bone?

7 Batho ba ba ganetsang tsogo ba bodiwa jaana: “Ba tla dirang ba ba kolobediwang ka boikaelelo jwa gore ba nne ba ba suleng?” (1 Bakorintha 15:29) Paulo o ne a sa bolele gore batshedi ba ne ba tshwanelwa ke go kolobediwa mo boemong jwa baswi, ka gonne mongwe le mongwe wa barutwa ba ga Jesu ka boene o tshwanetse go rutwa, go dumela le go kolobediwa. (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 2:41) Bakeresete ba ba tloditsweng ba “[kolobediwa] ka boikaelelo jwa gore ba nne ba ba suleng” ka go inwetsa mo tseleng ya botshelo e e ka felelang ka gore ba swe ba bo ba tsosiwe. Kolobetso e e ntseng jalo e simolola fa moya wa Modimo o tsenya tsholofelo ya selegodimo mo go bone mme e fela fa ba tsosiwa mo losong ba tsogela mo botshelong jwa semoya kwa legodimong.—Baroma 6:3-5; 8:16, 17; 1 Bakorintha 6:14.

8. Bakeresete ba ka tlhomamisega ka eng le fa Satane le batlhanka ba gagwe ba ka ba bolaya?

8 Jaaka fa mafoko a ga Paulo a bontsha, tsholofelo ya tsogo e thusa Bakeresete go lebana ka katlego le dikotsi le loso ka metlha fa ba dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (1 Bakorintha 15:30, 31) Ba a itse gore Jehofa a ka ba tsosa fa a ka letla gore Satane le batlhanka ba gagwe ba ba bolaye. Ke Modimo fela yo o ka nyeletsang moya kana botshelo jwa bone, mo Gehena, e e tshwantshetsang loso lwa bosakhutleng.—Luke 12:5.

Re Tshwanetse go Nna Kelotlhoko

9. Ke eng se re tshwanetseng go se tila gore tsholofelo ya tsogo e nonotshe botshelo jwa rona?

9 Paulo o ne a nonotshiwa ke tsholofelo ya tsogo. Fa a le kwa Efeso, baba ba gagwe ba ka tswa ba ile ba mo latlhela mo mabaleng a metshameko gore a lwe le dibatana. (1 Bakorintha 15:32) Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse a bo a ile a namolwa fela jaaka Daniele a ile a namolwa mo ditaung. (Daniele 6:16-22; Bahebera 11:32, 33) E re ka Paulo a ne a na le tsholofelo ya tsogo, o ile a se ka a nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa Bajuda ba batlhanogi ba motlha wa ga Isaia. Ba ne ba re: “A re jeng re nweng, ka gonne re tsoga re swa ka moso.” (Isaia 22:13, Septuagint) Gore tsholofelo ya tsogo e re nonotshe mo botshelong jaaka e ile ya nonotsha Paulo, re tshwanetse go tila batho ba ba nang le boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo sa siamang. Paulo o ile a tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa timediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e nang le mosola.” (1 Bakorintha 15:33) Ke boammaaruri gore molaomotheo ono o ama dikarolo tse di farologaneng tsa botshelo.

10. Re ka dira jang gore tsholofelo ya rona ya tsogo e nne e nonofile?

10 Paulo o ile a raya batho ba ba belaelang tsogo jaana: “Tlhapogelwang ka tsela e e siameng mme lo se ka lwa dira boleo e le tlwaelo, gonne bangwe ke ba ba se nang kitso ya Modimo. Ke bua go dira gore lo tlhabiwe ke ditlhong.” (1 Bakorintha 15:34) Mo ‘motlheng ono wa bokhutlo’ re tshwanetse go dira dilo ka tsela e e dumalanang le kitso e e boammaaruri ya Modimo le Keresete. (Daniele 12:4; Johane 17:3) Seno se tla dira gore tsholofelo ya rona ya tsogo e nne e nonofile.

Ba Tla Tsoga ka Mmele Ofe?

11. Paulo o ile a tlhalosa jang tsogo ya Bakeresete ba ba tloditsweng?

11 Go tswa foo Paulo o ile a araba dipotso dingwe. (1 Bakorintha 15:35-41) Motho yo o botsang a ka nna a botsa jaana gongwe a batla go tsosa dipelaelo malebana le tsogo: “Baswi ba tla tsosiwa jang? Ee, ba tla ka mofuta ofe wa mmele?” Jaaka fa Paulo a ile a bontsha, fa peo e jalwa mo mmung tota e a swa fa e fetoga semela. Batho ba ba tsetsweng ka moya le bone ba tshwanetse ba swa. Fela jaaka semela se tswa mo peong se na le mmele o mosha, go ntse jalo le ka Mokeresete yo o tloditsweng, o tsosiwa a na le mmele o o farologaneng le wa nama. Le mororo a na le tsela ya go tshela e e tshwanang le e a neng a na le yone pele ga a swa, o tsosiwa e le setshedi se sesha se se nang le mmele wa semoya o o ka kgonang go tshela kwa legodimong. Batho ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng ba tla tsoga ka mmele wa nama.

12. Go bolelwang fa go twe “mebele ya selegodimo” le “mebele ya selefatshe”?

12 Fela jaaka Paulo a ile a tlhalosa, mmele wa batho o farologana le wa diphologolo. Tota le nama ya diphologolo e farologana go ya ka mefuta ya tsone. (Genesise 1:20-25) Kgalalelo ya “mebele ya selegodimo” ya ditshedi tsa semoya e farologana le ya “mebele ya selefatshe” ya nama. Letsatsi, ngwedi le dinaledi le tsone di a farologana go ya ka kgalalelo. Mme batlodiwa ba ba tsositsweng ba na le kgalalelo e kgolo go gaisa.

13. Go ya ka 1 Bakorintha 15:42-44, ke eng se se jalwang mme ke eng se se tsosiwang?

13 Paulo o ile a oketsa jaana fa a sena go umaka dipharologano tseno: “Go ntse jalo le ka tsogo ya baswi.” (1 Bakorintha 15:42-44) O ile a re: “O jalwa mo go boleng, o tsosediwa mo bosaboleng.” Fano Paulo a ka tswa a ne a bua ka batlodiwa fa ba le setlhopha. O jalelwa mo go boleng ka nako ya loso mme o tsosiwa mo bosaboleng o sa tlhole o na le boleo. Le mororo o nyadiwa ke lefatshe, o tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo mme o bo o bonatshiwa le Keresete mo kgalalelong. (Ditiro 5:41; Bakolosa 3:4) Ka nako ya loso o jalwa e le “mmele wa nama” mme o tsosiwa e le “mmele wa semoya.” E re ka seno se direga mo Bakereseteng ba ba tsetsweng ka moya, re ka tlhomamisega gore batho ba bangwe bone ba ka tsosediwa go tshela mo lefatsheng.

14. Paulo o ne a tlhalosa jang tsela e Keresete a farologanang le Adame ka yone?

14 Go tswa foo Paulo o tlhalosa tsela e Keresete a farologanang le Adame ka yone. (1 Bakorintha 15:45-49) Adame, motho wa ntlha, o ne a nna “mowa o o tshedileng.” (Genesise 2:7) “Adame wa bofelo”—Jesu—“o ne a nna motho wa semoya yo o nayang botshelo.” O ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo sa thekololo, a bo ntshetsa pele balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng. (Mareko 10:45) Fa e sa ntse e le batho, ‘ba apara setshwano sa yo o dirilweng ka lorole,’ mme fa ba tsosiwa ba nna jaaka Adame wa bofelo. Ke boammaaruri gore, setlhabelo sa ga Jesu se tla solegela batho botlhe ba ba kutlo molemo, go akaretsa le ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng.— 1 Johane 2:1, 2.

15. Ke eng fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba sa tsosiwe ka mmele wa nama, mme ba tsosiwa jang ka nako ya go nna gone ga ga Jesu?

15 Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba swa, ga ba tsosiwe ka mmele wa nama. (1 Bakorintha 15:50-53) Mmele o o bolang wa nama o ka se bone bosaboleng le Bogosi jwa selegodimo. Go ne go se kitla go tlhokega gore batlodiwa bangwe ba fetse nako e telele ba robetse mo losong. E ne e tla re fa ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng ka boikanyegi ka nako ya go nna gone ga ga Jesu, ba ne ba “tla fetolwa, ka nakwana, ka ponyo ya leitlho.” Ba ne ba tla tsosediwa mo botshelong jwa semoya jwa bosaboleng le kgalalelo ka ponyo ya leitlho. Kgabagare, palo ya “monyadiwa” wa selegodimo wa ga Keresete e tla nna 144 000.—Tshenolo 14:1; 19:7-9; 21:9; 1 Bathesalonika 4:15-17.

Go Fenya Loso!

16. Go ya ka Paulo le baporofeti ba bogologolo, go tla direga eng ka loso lo re lo ruileng mo go Adame wa moleofi?

16 Paulo o ile a bua ka tsela ya phenyo a bolela gore loso lo tla komediwa ruri. (1 Bakorintha 15:54-57) E tla re ka nako ya fa go bola le go swa go apara bosaboleng le bosasweng, mafoko ano a tla diragadiwa: “Loso lo komediwa ka bosaengkae.” “Loso, phenyo ya gago e kae?” “Loso, lobolela lwa gago lo kae?” (Isaia 25:8; Hosea 13:14) Lobolela lo lo bakang loso ke boleo, mme selo se se neng se nonotsha boleo e ne e le Molao, o o neng o atlholela baleofi gore ba bolawe. Mme ka ntlha ya setlhabelo le loso lwa ga Jesu, loso lo re lo ruileng mo go Adame wa moleofi ga lo kitla lo bona phenyo.—Baroma 5:12; 6:23.

17. Mafoko a 1 Bakorintha 15:58 a dira jang gompieno?

17 Paulo o ile a re: “Ka gone, bakaulengwe ba me ba ba rategang, nitamang, lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka lo itse gore tiro ya lona ya bonatla ga se ya lefela malebang le Morena.” (1 Bakorintha 15:58) Mafoko ao a malebana le masalela a a tloditsweng a gompieno le “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu tota le fa ba ka swa mo malatsing ano a bofelo. (Johane 10:16) Tiro ya bone ya go nna baboledi ba Bogosi ga se ya lefela, ka gonne ba tlile go tsosiwa. Ka gone, rona batlhanka ba ga Jehofa, a re semeleleng mo tirong ya Morena fa re ntse re letile letsatsi la fa re tla bo re tlhaeletsana jaana ka boipelo: “Loso, phenyo ya gago e kae?”

Tsholofelo ya Tsogo e Diragaditswe!

18. Tsholofelo ya ga Paulo ya tsogo e ne e nonofile go le kana kang?

18 Mafoko a ga Paulo a a kwadilweng mo kgaolong ya 15 ya 1 Bakorintha a dira gore go bonale sentle gore tsholofelo ya tsogo e ne e na le maatla mo botshelong jwa gagwe. O ne a dumela a sa belaele gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing le gore batho ba bangwe le bone ba ne ba tla tsosiwa mo lebitleng le le tlwaelegileng la batho. A o na le tumelo e e ntseng jalo e e nonofileng? Paulo o ne a tsaya ditiro tsa bopelotshetlha e le “matlakala a mantsi” e bile o ne a ‘tsaya go latlhegelwa ke dilo tsotlhe’ e le gore a tle a ‘itse Keresete le maatla a tsogo ya gagwe.’ Moaposetoloi o ne a iketleeleditse go ineelela go swa loso lo lo tshwanang le lwa ga Keresete a na le tsholofelo ya gore o tla bona “tsogo ya pele.” Tsogo eno e gape e bidiwang gore ke “tsogo ya ntlha,” e tla bonwa ke balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba ba 144 000. Ee, ba tsosediwa mo botshelong jwa semoya kwa legodimong, fa “baswi ba bangwe botlhe” bone ba tsosediwa mo lefatsheng.—Bafilipi 3:8-11; Tshenolo 7:4; 20:5, 6.

19, 20. (a) Ke batho bafe ba ba mo Baebeleng ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng? (b) O gakaletse go bona mang a tsositswe?

19 Tsholofelo ya tsogo e setse e diragaditswe ka tsela e e molemo mo batlodiweng ba ba ileng ba ikanyega go isa losong. (Baroma 8:18; 1 Bathesalonika 4:15-18; Tshenolo 2:10) Batho ba ba tla falolang “pitlagano e kgolo” ba tla bona tsholofelo ya tsogo e diragadiwa mo lefatsheng fa ‘lewatle le ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese di ntsha baswi ba ba mo go tsone.’ (Tshenolo 7:9, 13, 14; 20:13) Gareng ga batho ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng, go tla bo go le Jobe yo o neng a swelwa ke barwa ba le supa le barwadi ba le bararo. Akanya fela kafa a tla bong a itumetse ka teng fa a ba amogela—le kafa ba tla bong ba itumetse ka teng fa ba utlwa gore ba na le bomonnaabone ba bangwe gape ba le supa le bokgaitsadiabone ba bararo ba bantle!—Jobe 1:1, 2, 18, 19; 42:12-15.

20 A bo go tlile go itumedisa jang ne fa Aborahame le Sara, Isake le Rebeka—ee le ba bangwe ba bantsi go akaretsa le “baporofeti botlhe”—ba tla bo ba tsosiwa go tla go tshela mo lefatsheng! (Luke 13:28) Mongwe wa baporofeti bao e tla bo e le Daniele, yo o neng a solofediwa tsogo mo pusong ya ga Mesia. Daniele o na le dingwaga di ka nna 2 500 a ikhutsitse mo lebitleng, mme gone, ka maatla a tsogo, o tla tloga a ‘ema go bona kabelo ya gagwe’ ya go nna mongwe wa “dikgosana mo lefatsheng lotlhe.” (Daniele 12:13; Pesalema 45:16) A bo go tla bo go itumedisa jang ne go amogela e seng fela batho bano ba ba ikanyegang ba bogologolo mme le rraago, mmaago, morwao, morwadio, kana baratiwa ba bangwe ba gago ba o neng wa ba amogwa ke mmaba loso!

21. Ke eng fa re sa tshwanela go diega go direla batho ba bangwe molemo?

21 Ditsala dingwe tsa rona le baratiwa ba rona ba ka tswa ba diretse Modimo ka masomesome a dingwaga mme ba setse ba tsofetse. Botsofe bo ka tswa bo dira gore go nne thata gore ba fenye dikgwetlho tsa botshelo. A bo re tla bo re bontsha lorato lo logolo jang ne fa re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go ba thusa gone jaanong! Fa re dira jalo re ka se ikwatlhaele go bo re ile ra palelwa ke go ba thusa ka tsela nngwe fa go ka direga gore loso lo ba tlhasele. (Moreri 9:11; 12:1-7; 1 Timotheo 5:3, 8) Re ka tlhomamisega gore Jehofa ga a kitla a lebala dilo tse di molemo tse re di direlang ba bangwe, le fa ba ka tswa ba na le dingwaga di le kana kang kana ba le mo maemong afe. Paulo o ile a kwala jaana: “Fa fela re santse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.”—Bagalatia 6:10; Bahebera 6:10.

22. Ke eng se re tshwanetseng go ikemisetsa go se dira go fitlha re bona tsholofelo ya tsogo e diragadiwa?

22 Jehofa ke “Rara wa mautlwelobotlhoko a a tlekeetso le Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Lefoko la gagwe le a re gomotsa e bile le re thusa go gomotsa ba bangwe ka maatla a tsholofelo ya tsogo. Jaaka Paulo, a re tsweleleng pele re bontsha go dumela tsholofelo ya tsogo go fitlha re bona e diragadiwa fa baswi ba tsosediwa go tla go tshela mo lefatsheng. E kete segolobogolo re ka etsa Jesu, yo o neng a bona go diragadiwa ga tsholofelo e a neng a na le yone ya gore Modimo o na le maatla a go mo tsosa. Batho ba ba kwa mabitleng a kgakologelo ba tla tloga ba utlwa lentswe la ga Keresete mme ba tla tswa. E kete seno se ka re leretse kgomotso le boipelo. Mme mo godimo ga tseno tsotlhe, a re lebogeng Jehofa yo o dirileng gore go kgonege gore loso lo fenngwe ka go dirisa Morena wa rona Jesu Keresete!

O Araba Jang?

• Paulo o ile a ntsha bosupi bofe jwa batho ba ba boneng go tsoga ga ga Jesu ka matlho?

• “Mmaba wa bofelo” ke mang, mme o tla fedisiwa jang?

• Malebana le Bakeresete ba ba tloditsweng, go jalwa eng mme go tsoga eng?

• Ke batho bafe ba ba mo Baebeleng ba o ka ratang go kopana le bone fa ba tsosediwa go tshela mo lefatsheng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Moaposetoloi Paulo o ile a femela tsogo ka tsela e e maatla

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Go tsosiwa ga ga Jobe, lelapa la gagwe le batho ba bangwe ba bantsintsi go tla dira gore go nne le boipelo jo bogolo!