Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsholofelo ya Tsogo e Tlhomame!

Tsholofelo ya Tsogo e Tlhomame!

Tsholofelo ya Tsogo e Tlhomame!

“Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . gore go tlile go nna le tsogo.”—DITIRO 24:15.

1. Ke eng fa re ka solofela tsogo?

JEHOFA o re neile mabaka a a molemo a go solofela tsogo. Lefoko la gagwe le re itsise gore baswi ba tla tsoga, ba boa ba tshela gape. Mme ruri maikaelelo a gagwe a gore baswi ba tla tsoga a tla diragadiwa. (Isaia 55:11; Luke 18:27) Tota e bile, Modimo o setse a bontshitse gore o na le maatla a go tsosa baswi.

2. Tsholofelo ya tsogo e ka re solegela molemo jang?

2 Go dumela mo thulaganyong ya Modimo ya go tsosa baswi ka Morwawe, Jesu Keresete, go ka re nonotsha mo dinakong tsa mathata. Tsela e tsholofelo ya tsogo e tlhomameng ka yone le yone e ka re thusa go nna re ikanyega mo go Rraarona wa selegodimo le e leng go isa losong. Go ka nna ga direga gore tsholofelo ya rona ya tsogo e nonofe fa re ikgopotsa ditiragalo tse di kwadilweng mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba tsosiwa. Dikgakgamatso tseno tsotlhe di ne tsa dirwa ka maatla a Morena Molaodimogolo Jehofa.

Ba ne Ba Amogela Baswi ba Bone ka Tsogo

3. Elija o ne a newa maatla a go dira eng fa morwa wa motlholagadi wa kwa Sarepate a ne a tlhokafala?

3 Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana a tlhalosa tsela e e molemo e basupi ba ga Jehofa ba pele ga motlha wa Bokeresete ba neng ba bontsha tumelo ka yone: “Basadi ba ne ba amogela baswi ba bone ka tsogo.” (Bahebera 11:35; 12:1) Mongwe wa basadi bano e ne e le mosadi mongwe wa motlholagadi wa kwa motseng wa Fonekia wa Sarepate. E re ka a ile a amogela Elija moporofeti wa Modimo ka diatla tsoopedi, go ilwe ga dirwa gore a age a na le bopi le lookwane mo nakong yotlhe ya leuba le le ka bong le bolaile ene le morwawe. Fa ngwana wa gagwe a swa moragonyana, Elija o ne a mo latsa mo sekanamelong, a rapela, a ikotlololela mo setopong sa mosimane ka makgetlho a mararo, mme a kopa jaana: “Jehofa Modimo wa me, ke a go rapela, a ko o mme mowa wa ngwana yo o boele mo go ene.” Modimo o ne a dira gore moya wa mosimane, kana botshelo, bo boele mo go ene. (1 Dikgosi 17:8-24) Akanya fela kafa mosadi yono a neng a itumela thata ka teng fa tumelo ya gagwe e duelwa ka tsogo ya ntlhantlha go begwa—go tsosiwa ga morwawe!

4. Elisha o ne a dira kgakgamatso efe kwa Shunema?

4 Mosadi yo mongwe yo o neng a amogela moswi wa gagwe ka tsogo o ne a nna kwa motseng wa Shunema. Mosadi yono yo e neng e le mogatsa monnamogolo mongwe o ne a bontsha moporofeti Elisha le motlhokomedi wa gagwe bopelonomi. O ne a segofadiwa ka morwa. Le fa go ntse jalo, dingwaga di sekae morago ga foo, o ne a laela gore moporofeti a bidiwe, mme ya re fa a fitlha a fitlhela mosimane a tlhokafetse mo legaeng la gagwe. Fa Elisha a sena go rapela le go dira dilo dingwe, “nama ya ngwana ya thuthafala.” O ne “a ethimola gasupa, ngwana a ba a budulola matlho.” Ga go pelaelo gore tsogo eno e ne ya itumedisa mmè le morwawe thata. (2 Dikgosi 4:8-37; 8:1-6) Mme gone, a bo ba tlile go itumela thata jang ne fa ba tsosediwa mo botshelong jwa mo lefatsheng ka “tsogo e e botoka”—e e tla ba nayang tshono ya gore ba se ka ba tlhola ba swa gape! A bo seno se tshwanetse go dira gore re leboge Modimo yo o lorato wa tsogo, e bong Jehofa thata jang ne!—Bahebera 11:35.

5. Elisha o ne a nna le seabe jang mo kgakgamatsong e e neng ya direga le e leng morago ga loso lwa gagwe?

5 Modimo o ne a dira gore marapo a ga Elisha a nne le maatla ka moya o o boitshepo tota le fa a sena go swa le go fitlhwa. Re bala jaana: “Ga dirala ya re [Baiseraele bangwe] ba fitlha monna mongwe, bonang, ba kwaya setlhopha sengwe [sa Bamoabe]; ba latlhela monna yoo mo phupung ya ga Eliša; ya re monna yoo [yo o suleng] a ama marapo a ga Eliša, a rulwa, a ema ka dinao.” (2 Dikgosi 13:20, 21) Monna yono o tshwanetse a bo a ile a gakgamala a bo a itumela tota! Akanya fela gore go tla bo go rena boitumelo jo bo kana kang fa baratiwa ba rona ba ba suleng ba tsoga go dumalana le boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo jo bo sa palelweng ke sepe!

Morwa Modimo O ne A Tsosa Baswi

6. Jesu o ne a dira kgakgamatso efe gaufi le motse wa Naina, mme tiragalo eno e ka re ama jang?

6 Morwa Modimo e bong Jesu Keresete o re neile mabaka a a molemo a go dumela gore baswi ba ka tsosiwa, ka tsholofelo ya go tshelela ruri. Tiragalo e e neng ya direga gaufi le motse wa Naina e ka re thusa go lemoga gore kgakgamatso eo e ka direga ka maatla a Modimo. Nako nngwe Jesu o ne a kopana le batho ba ba hutsafetseng ba tshotse setopo sa lekawana ba ya go se fitlha kwa ntle ga motse. E ne e le ngwana yo o esi wa mosadi wa motlholagadi. Jesu o ne a raya mosadi yono a re: “Tlogela go lela.” Go tswa foo o ne a ama setsholo a bo a re: “Lekau, ke a go raya, ka re, Nanoga!” Ka nako eo o ne a rapamologa mme a bua. (Luke 7:11-15) Ga go pelaelo gore kgakgamatso eno e nonotsha tumelo ya rona ya gore tsholofelo ya tsogo e tlhomame.

7. Go ile ga direga eng ka morwadia Jairo?

7 Akanya le ka se se neng sa diragalela Jairo, motlhankedi yo o okamelang sinagoge ya kwa Kaperenama. O ne a kopa Jesu gore a tle go thusa morwadie yo a mo ratang wa dingwaga tse 12, yo o neng a lwala la go swa. Go ise go ye kae o ne a begelwa gore mosetsana o sule. Jesu o ne a kgothatsa Jairo yo o neng a hutsafetse thata gore a bontshe tumelo mme a ya le ene kwa legaeng la gagwe koo go neng go na le boidiidi jwa batho ba ba hutsafetseng. Ba ne ba tshega fa Jesu a ba raya a re: “Ngwana yo mmotlana ga aa swa, mme o robetse.” Tota o ne a sule, mme Jesu o ne a tla tloga a bontsha gore batho ba ka tsosiwa mo losong fela jaaka ba ka tsosiwa mo borokong jo bogolo. O ne a bua jaana a tshwara mosetsana yono ka seatla: “Mosetsana, nanoga!” O ne a nanoga ka yone nako eo mme “batsadi ba gagwe ba ne ba itumela go feta selekanyo.” (Mareko 5:35-43; Luke 8:49-56) Ga go pelaelo, malapa a tla “itumela go feta selekanyo” fa baratiwa ba one ba ba suleng ba tsosiwa go tla go tshela mo lefatsheng la paradaise.

8. Jesu o ne a dira eng kwa phupung ya ga Lasaro?

8 Lasaro o ne a na le malatsi a manè fa Jesu a ya kwa phupung ya gagwe mme a laela gore lentswe le le mo molomong wa lone le tlosiwe. Fa Jesu a sena go rapela phatlalatsa gore batho ba ba neng ba lebile ba itse gore o ikaegile ka maatla a a tswang mo Modimong, o ne a tlhaeletsa jaana: “Lasaro, tswa!” Mme a tswa! Diatla tsa gagwe le maoto di ne di sa ntse di hapilwe le sefatlhego sa gagwe se bofilwe ka letsela. Jesu o ile a re: “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye.” Fa bontsi jwa batho ba ba neng ba tlile foo go tla go gomotsa bokgaitsadie Lasaro e bong Marea le Maratha ba bona kgakgamatso eno, ba ne ba dumela mo go Jesu. (Johane 11:1-45) A pego eno ga e go dire gore o nne le tsholofelo e e nonofileng ya gore baratiwa ba gago ba tla tsosiwa mo losong go tla go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo?

9. Ke eng fa gone jaanong re ka tlhomamisega gore Jesu a ka kgona go tsosa baswi?

9 Jesu o ne a romelela Johane Mokolobetsi molaetsa ono o o itumedisang fa a ne a le kwa kgolegelong: “Difofu di bona gape, . . . baswi ba a tsosiwa.” (Mathaio 11:4-6) E re ka Jesu fa a ne a le mo lefatsheng a ile a tsosa baswi, ruri a ka dira jalo e le setshedi se se nonofileng sa semoya se se newang maatla ke Modimo. Jesu ke “tsogo le botshelo,” mme a bo go gomotsa jang ne go itse gore gautshwane jaana mo isagweng “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe mme ba tswe”!—Johane 5:28, 29; 11:25.

Ditsogo Tse Dingwe di Nonotsha Tsholofelo ya Rona

10. O ka tlhalosa jang tsogo e e neng ya nna ya ntlha go begwa e dirilwe ke moaposetoloi?

10 Fa Jesu a ne a roma baaposetoloi go nna bareri ba Bogosi o ile a re: “Tsosang batho ba ba suleng.” (Mathaio 10:5-8) Ke boammaaruri gore, ba ne ba ka kgona go dira jalo fa ba ikaegile ka maatla a Modimo. Ka 36 C.E., kwa Jopa mosadi yo o molemo e bong Dorekase (Tabitha) o ne a tlhokafala. Ditiro tsa gagwe tse di molemo di ne di akaretsa go direla batlholagadi ba ba tlhokang diaparo, ba bangwe ba bone ba neng ba hutsafadiwa thata ke loso lwa gagwe. Barutwa ba ne ba mmaakanyetsa phitlho mme ba romela gore go bidiwe moaposetoloi Petere, gongwe e le gore a tle go ba gomotsa. (Ditiro 9:32-38) O ne a laela gore botlhe ba tswe mo ntlwaneng e e kwa godimo, a rapela, a bo a re: “Tabitha, tsoga!” O ne a bula matlho, a rapamologa, a tshwara seatla sa ga Petere, mme a mo tsosa. Tsogo eno e e neng ya nna ya ntlha go begwa e dirilwe ke moaposetoloi e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba nne badumedi. (Ditiro 9:39-42) Le rona e re dira gore re nne le lebaka le lengwe gape la go solofela tsogo.

11. Tsogo ya bofelo go begwa mo Baebeleng ke efe?

11 Tsogo ya bofelo e Baebele e e begang e ne ya direga kwa Teroase. Fa Paulo a ne a fapogetse teng mo loetong lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, o ne a lelefatsa puo ya gagwe go fitlha go nna bosigogare. Lekawana lengwe le le bidiwang Yutiko le ne la thulamela ka ntlha ya go tsenwa ke letsapa gongwe le ka ntlha ya mogote wa dipone tse dintsi le ka ntlha ya go kgotlhagana ga lefelo le ba neng ba kokoanetse kwa go lone, mme la wela kwa tlase go tswa mo fensetereng ya letlhatlaganyane la boraro. O ne a “selwa a sule,” e seng go idibala fela. Paulo o ile a itatlhela mo godimo ga Yutiko, a mo tlamparela, mme a raya batho ba ba neng ba lebile a re: “Tlogelang go tsosa modumo, gonne moya wa gagwe o mo go ene.” Paulo o ne a kaya gore lekawana leno le ne le boetse le tshela gape. Batho ba ba neng ba le foo ba ne “ba gomotsega go feta selekanyo.” (Ditiro 20:7-12) Gompieno, batlhanka ba Modimo ba gomodiwa thata ke go itse gore batho ba ba kileng ba direla Modimo le bone ba tla bona tsholofelo ya tsogo e diragala.

Tsogo—Tsholofelo E e Sa Bolong go Nna Gone

12. Paulo o ile a tlhalosa tsholofelo efe fa a ne a le fa pele ga Felise Mmusi wa Roma?

12 Fa Paulo a ne a sekisiwa ke Mmusi wa Roma e bong Felise, o ile a re: “Ke dumela dilo tsotlhe tse di tlhalosiwang mo Molaong le tse di kwadilweng mo Baporofeting; mme ke na le tsholofelo mo Modimong . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:14, 15) Dikarolo dingwe tsa Lefoko la Modimo, tse di jaaka “Molao,” di bua jang ka go tsosiwa ga baswi?

13. Ke eng fa go ka twe Modimo o ile a bua go sekae ka tsogo fa a ne a bua boporofeti jwa ntlhantlha?

13 Modimo ka boene o ne a bua go sekae ka tsogo fa a ne a bua boporofeti jwa ntlhantlha kwa Edene. Fa Modimo a atlhola “noga ya kwa tshimologong,” e bong Satane Diabolo, o ne a re: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” (Tshenolo 12:9; Genesise 3:14, 15) Go loma serethe sa losika lwa mosadi go ne go kaya gore Jesu Keresete o ne a tla bolawa. Fa e le gore morago ga foo Losika loo lo ne lo tla kgoba tlhogo ya noga, he Keresete o ne a tla tshwanelwa ke go tsosiwa mo baswing.

14. Ke jang Jehofa e leng “Modimo, e seng wa baswi, mme wa batshedi”?

14 Jesu o ne a re: “Gore baswi ba a tsosiwa le eleng Moshe o ne a go lotlega, mo polelong kaga sekhi, fa a bitsa Jehofa ‘Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe.’ Ke Modimo, e seng wa baswi, mme wa batshedi, gonne botlhe ba a tshela mo go ene.” (Luke 20:27, 37, 38; Ekesodo 3:6) Aborahame, Isake le Jakobe ba ne ba sule, mme gone, Modimo o ne a ikaeletse thata jaana gore o tla ba tsosa mo e leng gore go ne go tshwana fela le gore ba a tshela.

15. Ke eng fa Aborahame a ne a na le lebaka la go dumela tsogo?

15 Aborahame o ne a na le lebaka la go solofela tsogo ka gonne ka nako ya fa ene le mosadi wa gagwe e bong Sara ba ne ba tsofetse mme ba ne ba ka se kgone go tshola bana, ka kgakgamatso Modimo o ne a tsosolosa maatla a bone a go tshola. Seno se ne se tshwana le tsogo. (Genesise 18:9-11; 21:1-3; Bahebera 11:11, 12) Fa morwa wa bone e bong Isake a ne a le dingwaga tse 25, Modimo o ne a laela Aborahame go mo ntsha setlhabelo. Le fa go ntse jalo, fa Aborahame a tloga a bolaya Isake, moengele wa ga Jehofa o ne a mo tshwara letsogo. Aborahame o ne “a itlhoma gore Modimo o ne o kgona go [tsosa Isake] le eleng mo baswing; mme go tswa koo ruri o ne a mo amogela gape ka tsela ya tshwantshetso.”—Bahebera 11:17-19; Genesise 22:1-18.

16. Gone jaanong Aborahame o robetse mo losong a solofetse eng?

16 Aborahame o ne a solofetse tsogo e e neng e tla direga mo pusong ya ga Mesia, Losika lo lo solofeditsweng. Morwa Modimo o ne a lemoga tumelo eno ya ga Aborahame pele a tla go nna motho. Jesu Keresete o ne a raya Bajuda jaana fa a ne a le mo lefatsheng: “Aborahame rraalona o ne a ipelela thata tebelelo ya go bona letsatsi la me.” (Johane 8:56-58; Diane 8:30, 31) Gone jaanong Aborahame o ithobaletse mo losong, o letetse go tsoga a tla go tshela mo lefatsheng mo Bogosing jwa Bomesia jwa Modimo.—Bahebera 11:8-10, 13.

Bosupi jo bo Tswang mo Molaong le mo Dipesalemeng

17. ‘Dilo tse di tlhalositsweng mo Molaong’ di ile tsa tlhalosa jang tsogo ya ga Jesu Keresete?

17 Tsholofelo ya ga Paulo ya tsogo e ne e dumalana le ‘dilo tse di tlhalosiwang mo Molaong.’ Modimo o ne a laela Baiseraele jaana: “Lo ise ngata ya mabutswapele a thobo ya lona kwa moperesiting. [Ka Nisane 16] o tlaa fokisa ngata fa pele ga Jehofa, go tla e amogelwa ka ga lona.” (Lefitiko 23:9-14) Gongwe Paulo o ne a kwala jaana a gopotse molao ono: “Keresete o tsositswe mo baswing, mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.” Jesu o ne a tsosiwa ka Nisane 16, 33 C.E., e le “mabutswapele.” Moragonyana, ka nako ya go nna gone ga gagwe, go ne go tla nna le tsogo ya ‘mabutswamorago’—balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng.—1 Bakorintha 15:20-23; 2 Bakorintha 1:21; 1 Johane 2:20, 27.

18. Petere o ne a bontsha jang gore tsogo ya ga Jesu e ne e boleletswe pele mo Dipesalemeng?

18 Dipesalema le tsone di tshegetsa tsogo. Mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a nopola go tswa mo go Pesalema 16:8-11, a re: “Dafide a re mabapi le [Keresete], ‘Ke ne ke na le Jehofa ka metlha fa pele ga matlho a me; ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja gore ke tle ke se ka ka tshikhinngwa le ka motlha. Ka lebaka leno pelo ya me e ne ya thama le loleme lwa me lo ne lwa ipela thata. Mo godimo ga moo, le eleng nama ya me e tla aga ka tsholofelo; ka gonne ga o na go tlogela moya wa me mo Hadese, le gone ga o na go letlelela moikanyegakanitamo wa gago go bona go bola.’” Petere o ne a oketsa jaana: “[Dafide] o ne a bona go sa le pele a ba a bua kaga tsogo ya ga Keresete, gore o ne a sa latlhwa mo Hadese le gone nama ya gagwe e ne ya se ka ya bona go bola. Jesu yono Modimo o ne wa mo tsosa mo losong.”—Ditiro 2:25-32.

19, 20. Petere o ne a nopola Pesalema 118:22 leng, mme seno se ne sa amanngwa jang le loso le tsogo ya ga Jesu?

19 Malatsi a le mmalwa morago ga foo, Petere o ne a ema fa pele ga Sanehederine mme gape a nopola Dipesalema. Fa moaposetoloi yono a bodiwa gore o kgonne jang go fodisa mokopi mongwe wa segole, o ile a re: “A go itsiwe ke lona lotlhe le ke batho botlhe ba Iseraele, gore mo leineng la ga Jesu Keresete Monasaretha, yo lo neng lwa mmapola mme yo Modimo o neng wa mo tsosa mo baswing, ke ka yono go bo monna yono a eme fano fa pele ga lona a itekanetse sentle. [Jesu yono] ke ‘leje le le neng la tshwarwa ke lona baagi jaaka le e seng la sepe le jaanong le leng tlhogo ya sekhutlo.’ Go feta moo, ga go na poloko mo go ope o sele, gonne ga go na leina le lengwe kafa tlase ga legodimo le le neilweng mo bathong le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.”—Ditiro 4:10-12.

20 Fano Petere o ne a nopola Dipesalema 118:22, a amanya se se buiwang mo go yone le loso le tsogo ya ga Jesu. Bajuda ba ne ba tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba bone ba bodumedi go gana Jesu. (Johane 19:14-18; Ditiro 3:14, 15) ‘Go gana leje ga baagi’ go ne ga felela ka gore Keresete a swe, mme go ‘nna ga leje tlhogo ya sekhutlo’ go tshwantshetsa go tsosediwa ga gagwe kwa kgalalelong ya semoya kwa legodimong. Go ntse fela jaaka mopesalema a ile a bolela pele gore, “mo ke mo go dirilweng ke Jehofa.” (Pesalema 118:23) Go dira gore “leje” le nne Tlhogo ya sekhutlo go ne go akaretsa go mo tlotlomatsa go nna Kgosi e e Tlhomilweng.—Baefeso 1:19, 20.

Go Nonotshiwa ke Tsholofelo ya Tsogo

21, 22. Jobe o ne a na le tsholofelo efe, jaaka go kwadilwe mo go Jobe 14:13-15, mme gompieno e ka gomotsa jang ba ba swetsweng?

21 Le fa rona ka borona re ise re bone ope a tsositswe mo losong, re lemogile dipego dingwe tsa Dikwalo tse di re tlhomamisetsang gore go na le tsogo. Ka gone, re ka nna le tsholofelo e Jobe yo o siameng a neng a na le yone. Fa a ne a boga, o ne a ikuela jaana: “[Jehofa] o a bo o ka ka wa mphitlha mo Bobipong, wa ka wa mpoloka . . . wa ka wa ntaolela motlha o o tlhomameng, mme wa nkgakologelwa. Fa monna a swa, a o tlaa ba a tshela? . . . O ne o ka bitsa, ke ne ke tlaa go araba; o ne o tlaa eletsa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:13-15) Modimo o tla ‘eletsa tiro ya diatla tsa gagwe,’ a eletsa thata gore a tsose Jobe. A bo seo se re naya tsholofelo e e molemo jang ne!

22 Jaaka Jobe, mongwe mo lelapeng le le boifang Modimo a ka lwala thata, mme go ka nna ga ba ga felela ka gore a fenngwe ke mmaba loso. Ba ba swetsweng ba ka lela selelo sa khutsafalo, fela jaaka Jesu a ile a lela ka ntlha ya loso lwa ga Lasaro. (Johane 11:35) Mme a bo go gomotsa jang ne go itse gore Modimo o tla bitsa mme batho ba ba mo mogopolong wa gagwe ba tla araba! Go tla bo go ntse jaaka e kete ba sa tswa go boa mo loetong—ba sa lwale, kana go golafala, go na le moo ba itekanetse sentle.

23. Batho bangwe ba ile ba bontsha jang gore ba tshepa tsholofelo ya tsogo?

23 Loso lwa Mokeresete mongwe yo o ikanyegang yo o godileng le ne la tlhotlheletsa badumedikaene go kwala jaana: “Tsweetswee itse fa le rona re hutsafaditswe thata ke loso lwa ga mmaeno. Go setse nako e khutshwane fela re tla bo re mmona gape—a le montle e bile a itekanetse!” Batsadi bangwe ba ba neng ba tlhokafaletswe ke morwa wa bone ba ile ba re: “Ruri re gakaletse letsatsi la fa Jason a tla bo a tsoga! O tla gadima kwa le kwa go leba Paradaise e a sa bolong go e meletsa mathe. . . . A bo seno se re rotloetsa jang ne rona ba re mo ratang gore le rona re nne gone kwa go yone.” Ee, a bo re ka leboga thata jang ne go bo tsholofelo ya tsogo e tlhomame!

O Araba Jang?

• Go dumela thulaganyo ya Modimo ya go tsosa baswi go ka re solegela molemo jang?

• Ke ditiragalo dife tse di kwadilweng mo Dikwalong tse di re nayang lebaka la go solofela tsogo?

• Ke eng fa go ka twe tsogo ke tsholofelo e e sa bolong go nna gone?

• Ke tsholofelo efe e e nonotshang e re ka nnang le yone malebana le baswi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Elija o ne a newa maatla ke Jehofa go tsosa morwa wa motlholagadi mo losong

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Fa Jesu a ne a tsosa morwadia Jairo, batsadi ba gagwe ba ne ba itumela go feta selekanyo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a supa ka bopelokgale gore Jesu o tsositswe mo baswing