Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba ba Ratang Jehofa ba Botlhokwa mo go Ene

Batho ba ba Ratang Jehofa ba Botlhokwa mo go Ene

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Batho ba ba Ratang Jehofa ba Botlhokwa mo go Ene

LEBANONE e ntse e itsege ka dilo tsa yone tsa tlhago fa e sa le ka metlha e Baebele e kwadilweng ka yone. (Pesalema 72:16; Isaia 60:13) Dilo tse di botlhokwa thata e ne e le masedara a yone a batho ba neng ba a batla thata go aga ka one ka ntlha ya bontle jwa one, monko wa one le go nnela ruri ga one. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne ga tswa sengwe se se botlhokwa le go feta kwa Lebanone. Efangele ya ga Mareko e bega gore go tswa kwa Ture le Sidona, kwa kgaolong ya bogologolo ya Lebanone, “matshutitshuti a magolo, ya re a utlwalela ka dilo di le dintsi tse [Jesu] a neng a di dira, a tla kwa go ene.”—Mareko 3:8.

Gompieno le gone, Lebanone e ntse e tswelela e ungwa maungo a a botlhokwa thata mo matlhong a ga Jehofa. Ditiragalo tse di latelang di gatelela seno.

• Mosha mongwe wa Mosupi yo o bidiwang Wissam o ne a kopiwa gore a neele tlelase ya gagwe ya kwa sekolong puo ya metsotso e le 30. Wissam o ne a swetsa gore e tla nna tshono e ntle ya go neela bosupi. Ka jalo, o ne a dirisa buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? mme a baakanyetsa puo ka kgang ya popo. Le fa go ntse jalo, fa morutabana wa ga Wissam a bona tshedimosetso ya gagwe, o ne a bolela gore e re ka e le kgang e e botlhokwa thata jaana, Wissam o ne a ka oketsa puo ya gagwe gore e nne metsotso e le 45.

Fa Wissam a simolola puo ya gagwe, morutabana wa gagwe o ne a mo emisa mme a ya go bitsa mogokgo. Mogokgo o ne a fitlha ka bonako mme Wissam a simolola gape. Fa mogokgo a ntse a reeditse dipotso tse Wissam a neng a di botsa kwa tshimologong ya puo ya gagwe, o ne a kgatlhega mme a bolela gore baithuti botlhe ba tshwanetse go fiwa khopi ya puo eo.

Moragonyana morutabana yo mongwe, yo o neng a feta, o ne a bona gore go na le matlhagatlhaga mo tlelaseng mme a botsa gore go direga eng. Fa a tlhalosediwa, o ne a botsa Wissam gore a o leka go supa gore popo e teng kana thutotlhagelelo. O ne a mo araba ka gore “popo.” Fa morutabana a utlwa gore Wissam ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a raya tlelase a re: “Lo tla bona ka puo ya gagwe gore saense e tshegetsa popo e seng thutotlhagelelo.”

Go ne ga fitlhelwa gore morutabana yono o na le khopi ya buka ya Creation mme o ntse a e dirisa fa a ruta kwa yunibesithing! Pele ga a tsamaya, o ne a botsa gore a a ka boa letsatsi le le latelang le baithuti ba gagwe gore Wissam a bue le tlelase ya gagwe. Seno se ne sa felela ka gore go neelwe bosupi jo bongwe jo bo molemo ka Jehofa.

• Nina wa dingwaga di le 22 o ne a nyoretswe metsi a boammaaruri. Ka letsatsi lengwe ntsalae o ne a mo naya Baebele mme a mo golaganya le Kereke ya Pentecostal. Nina o ne a itumelela go bala Baebele mme fa a ntse a bala a utlwa gore Bakeresete ba tshwanetse go rera, ka gone o ne a simolola go bua le batho ba a ba tlwaetseng. Mongwe le mongwe yo a neng a bua le ene o ne mmotsa jaana: “A o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” Seo se ne se mo gakgamatsa.

Dingwaga tse thataro moragonyana, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela lelapa la ga Nina mme ba mmolelela ka Bogosi jwa Modimo. La ntlha o ne a leka go tshwaya dithuto tsa bone phoso. Le fa go ntse jalo, o ne a bona gore dikarabo tsa bone tsotlhe di a utlwala e bile di theilwe mo Baebeleng.

Dilo tse Nina a ileng a di ithuta kgabagare—leina la Modimo e leng Jehofa; masego a Bogosi; jalo le jalo—di ile tsa mo tlhatswa pelo gore o bone boammaaruri. O ne a ineela mo Modimong mme a kolobediwa. Mo dingwageng tse supa tse di fetileng, Nina o ntse a direla e le moreri wa nako e e tletseng. Eleruri, Jehofa o segofatsa batho ba ba mo ratang tota.—1 Bakorintha 2:9.