“Botlhale Bo na Le ba Ba Boingotlo”
“Botlhale Bo na Le ba Ba Boingotlo”
“Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o . . . [nne] boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”—MIKA 6:8, NW.
1, 2. Boingotlo ke eng, mme bo farologana jang le boikgodiso?
MOAPOSETOLOI yo o tumileng o gana go itlotlomatsa. Moatlhodi yo o pelokgale wa Iseraele o ipitsa gore ke yo mmotlana go gaisa botlhe mo ntlong ya ga rraagwe. Monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela o ipolela gore o na fela le maatla a a lekanyeditsweng. Mongwe le mongwe wa banna bano o ne a le boingotlo.
2 Boingotlo bo farologana thata le boikgodiso. Motho yo o boingotlo o leba bokgoni jo a nang le jone ka tsela e e siameng e bile ga a boikgogomoso. Motho yo o boingotlo o a itse gore o na le makoa, ga a mabela, ga a ikgantshe kana go rata maemo. Ka gone, o tlotla maikutlo le megopolo ya batho ba bangwe e bile o e tsaya tsia.
3. Ke ka tsela efe botlhale bo nang “le ba ba boingotlo”?
3 Ke gone ka moo Baebele e bolelang jaana: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2, NW) Motho yo o boingotlo o botlhale ka gonne o dira dilo go ya ka tsela e Modimo a e batlang, mme o tila moya wa boikgodiso o o felelang ka tlontlologo. (Diane 8:13; 1 Petere 5:5) Molemo wa go nna boingotlo o bonala mo tseleng ya botshelo ya batlhanka ba Modimo ba le bantsi. A re sekasekeng dikai tse tharo tse di umakilweng mo serapeng sa ntlha.
Paulo—Yo o ‘Kwa Tlase’ e Bile e le ‘Molebedi’
4. Paulo o ne a na le ditshiamelo dife tse di kgethegileng?
4 Paulo e ne e le motho yo o itsegeng thata mo Bakereseteng ba bogologolo mme go ne go na le lebaka le le utlwalang la seno. Mo bodireding jwa gagwe, o ne a tsamaya sekgala sa dikilometara di le dintsi mo lewatleng le mo lefatsheng, mme o ne a tlhoma diphuthego di le dintsi. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a segofatsa Paulo ka go mmontsha diponatshegelo le go mo abela mpho ya go itse dipuo di sele. (1 Bakorintha 14:18; 2 Bakorintha 12:1-5) Gape o ne a tlhotlheletsa Paulo go kwala makwalo a le 14 a gone jaanong e leng bontlhanngwe jwa Dikwalo Tsa Segerika Tsa Bokeresete. Ga go na pelaelo gore, go ka twe ditiro tsa ga Paulo di ne di feta tsa baaposetoloi ba bangwe botlhe.—1 Bakorintha 15:10.
5. Paulo o ile a bontsha jang gore o ne a le boingotlo?
5 E re ka Paulo a ne a etelela dilo pele mo tirong ya Bokeresete, batho bangwe ba ka lebelela gore e nne motho yo o ratang go bonwa ke batho, a rata go itshupa gore ke ene yo o eteletseng pele. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a sa nna jalo ka gonne e ne e le motho yo o boingotlo. O ne a ipitsa gore ke yo “mmotlana thata mo baaposetoloing,” a bo a oketsa ka gore: “Ga ke a lekana go bidiwa moaposetoloi, 1 Bakorintha 15:9) E re ka pele Paulo e ne e le mmogisi wa Bakeresete, le ka motlha ga a ise a ko a lebale gore e ne e le ka bopelonomi jo bo sa mo tshwanelang fela go bo a ile a nna le botsala le Modimo, re sa re sepe ka ditshiamelo tse di kgethegileng tsa tirelo ya gagwe. (Johane 6:44; Baefeso 2:8) Ka gone, Paulo o ne a se ka a nna le maikutlo a gore dilo tse dikgolo tse a neng a kgona go di dira mo bodireding di ne di mo dira gore a nne mogolo mo bathong ba bangwe.—1 Bakorintha 9:16.
ka gonne ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo.” (6. Paulo o ile a bontsha boingotlo jang fa a ne a dirisana le Bakorintha?
6 Boingotlo jwa ga Paulo bo ne jwa bonala thata mo tseleng e a neng a dirisana le Bakorintha ka yone. Go bonala bangwe ba bone ba ne ba kgatlhiwa thata ke batho ba ba neng ba ba tsaya e le balebedi ba maemo a a kwa godimo, go akaretsa le Apolose, Kefase le Paulo ka boene. (1 Bakorintha 1:11-15) Mme gone, Paulo ga a ka a batla gore Bakorintha ba mo galaletse kana go dirisa tsela e ba neng ba mo tlotla ka yone ka tsela e e sa siamang. Fa a ba etetse, o ne a sa bue le bone “ka puo e e feteletseng kgotsa botlhale jo bo feteletseng.” Go na le moo, Paulo o ile a bua jaana kaga gagwe le ka bapati ba gagwe: “A motho a re kaye jalo re le ba ba leng tlase ga ga Keresete le balebalebi ba diphiri tse di boitshepo tsa Modimo.” *—1 Bakorintha 2:1-5; 4:1.
7. Paulo o ile a bontsha boingotlo jang tota le fa a ne a neela kgakololo?
7 Paulo o ne a bontsha boingotlo tota le fa a ne a neela kgakololo le kaelo e e gagametseng. O ne a ikuela mo Bakeresetengkaene “ka mabelotlhomogi a Modimo,” le “mo motheong wa lorato” go na le gore a dirise taolo ya gagwe ya boaposetoloi. (Baroma 12:1, 2; Filemone 8, 9) Ke eng fa Paulo a ne a dira seno? Ka gonne tota o ne a itsaya e le ‘modirimmogo’ le bakaulengwe ba gagwe, e seng jaaka ‘mong wa tumelo ya bone.’ (2 Bakorintha 1:24) Ga go pelaelo gore boingotlo jwa ga Paulo ke jone jo bo neng jwa dira gore a ratwe thata ke Bakeresete ba diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga.—Ditiro 20:36-38.
Go Leba Ditshiamelo Tsa Rona ka Boingotlo
8, 9. (a) Ke eng fa re tshwanetse go nna boingotlo? (b) Batho ba ba nang le maikarabelo mangwe ba ka bontsha boingotlo jang?
8 Paulo o ile a tlhomela Bakeresete sekao se se molemo gompieno. Le fa re ka tswa re na le maikarabelo afe, ope wa rona a se ka a itsaya a le mogolo mo go ba bangwe. Paulo o ile a kwala jaana: “Fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe.” (Bagalatia 6:3) Ka ntlha yang? Ka gonne “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23; 5:12) Ee, ga re a tshwanela go lebala gore rotlhe re gotsitse boleo le loso mo go Adame. Ditshiamelo tse di kgethegileng ga di re dire gore re se ka ra tlhola re nna le boleo. (Moreri 9:2) Fela jaaka mo kgannyeng ya ga Paulo, ke ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang fela go bo re na le botsala le Modimo, re sa re sepe ka tshiamelo epe fela ya go mo direla.—Baroma 3:12, 24.
9 Ka ntlha ya seno, motho yo o boingotlo ga a itlotlomatse ka ditshiamelo tse a nang natso kana go ipelafatsa ka katlego ya gagwe. (1 Bakorintha 4:7) Fa a neela mongwe kgakololo kana kaelo, o dira jalo ka go itsaya e le modirikaene—e seng jaaka mongwagwe. Ga go pelaelo gore, go tla bo go le phoso gore motho yo o nang le bokgoni jo bo rileng a batle go itlotlomatsa kana a dirise tlotlo e badumedikaene ba mo neelang yone ka tsela e e sa siamang. (Diane 25:27; Mathaio 6:2-4) Re tshwanetse go tlotlomadiwa ke batho ba bangwe—ga re a tshwanela go itshenkela yone. Fa ba re neela yone, ga re a tshwanela go letla gore e re dire gore re ikgopole go feta kafa go tshwanetseng ka teng.—Diane 27:2; Baroma 12:3.
10. Tlhalosa kafa batho bangwe ba ba ka tswang ba lebega ba nyatsega e ka nnang ya bo e le “bahumi mo tumelong” ka teng.
10 Fa re na le maikarabelo mangwe, boingotlo bo tla re thusa go se itseele kwa godimo ka tsela e e feteletseng re sa neye ba bangwe kgopolo ya gore phuthego e gatela pele ka ntlha ya maiteko a rona le bokgoni jwa rona re le nosi. Ka sekai, re ka nna ra bo re na le bokgoni jo bogolo jwa go ruta. (Baefeso 4:11, 12) Le fa go ntse jalo, fa re le boingotlo, ga re ne re tlhokomologa kgang ya gore bontsi jwa dilo tse dintsi tse di rutwang ga di rutwe fela mo seraleng. Ka sekai, a ga o kgothadiwe ke go bona batsadi ba ba se nang balekane ba tla ka metlha mo Holong ya Bogosi ba na le bana ba bone? Kana meya e e sulafetseng e e nnang gone ka metlha mo dipokanong le fa e na le maikutlo a a sa feleng a go inyatsa? Kana basha ba ba gatelang pele semoyeng le fa ba lebana le tlhotlheletso e e sa siamang kwa sekolong kana kwa mafelong a mangwe? (Pesalema 84:10) Go ka tswa go sa itsiwe go le gontsi ka batho bano. Batho ba bangwe ba ka tswa ba sa itse bontsi jwa diteko tse di gwetlhang boikanyegi jwa bone tse ba lebanang le tsone. Le fa go ntse jalo, e ka nna ya bo e le “bahumi mo tumelong” fela jaaka batho ba ba itsegeng thata. (Jakobe 2:5) Kana e bile, go ikanyega ke gone go go dirang gore Jehofa a re amogele.—Mathaio 10:22; 1 Bakorintha 4:2.
Gidione—Yo “Mmotlana” go Gaisa Botlhe mo Ntlong ya ga Rraagwe
11. Gidione o ne a bontsha boingotlo jang fa a ne a bua le moengele wa Modimo?
11 Gidione e ne e le lekawana le le pelokgale la lotso lwa ga Manase, o tshetse mo nakong e e tletseng dikgweberego mo hisitoring ya Iseraele. Batho ba Modimo ba ne ba na le dingwaga tse supa ba gateletswe ke Bamidiane. Le fa go ntse jalo, jaanong nako e ne e fitlhile ya gore Jehofa a golole batho ba gagwe. Ka gone, moengele o ne a iponatsha mo go Gidione a re: “Jehofa o na nao wena senatla se se pelokgale.” Gidione o ne a le boingotlo ke gone ka moo a ileng a se ka a itumelela kakgolo eno e a sa e lebelelang. Go na le moo, ka tlotlo o ne a raya moengele a re: “Ao Morena wa me, a e re fa Jehofa a na le rona, ana gotlhe mo, go bo go re wetse ka ntlha yang?” Moengele o ne a tlhalosetsa Gidione dilo sentle mme a mo raya a re: ‘O tla golola Iseraele mo seatleng sa Bamidiane.’ Gidione Baatlhodi 6:11-15.
o ile a araba jang? Gidione o ne a araba jaana mo boemong jwa go itlhaganelela go gwalalela tshono eo go itira mogaka wa setšhaba: “Ao Morena, ke tlaa golola Iseraele ka eng? Bona, losika lwa me lo humanegile bogolo go botlhe ba ba mo go Manase, le nna ke mmotlana mo ntlong ya ga rre.” Ruri o ne a le boingotlo!—12. Gidione o ne a bontsha go nna kelotlhoko jang fa a ne a dira tiro e a neng a e laetswe?
12 Jehofa o ne a leka Gidione pele ga a mo romela ntweng. Jang? Gidione o ne a laelwa gore a tlhatlhamolole sebeso sa ga rraagwe se a se diretseng Baale le go diga kota e e boitshepo e e neng e bapile le sone. Tiro eno e ne e batla gore Gidione a nne pelokgale, mme gone o ne a bontsha boingotlo le temogo ka tsela e a neng a e dira ka yone. Gidione o ne a se ka a dira gore a bonwe ke batho, go na le moo o ne a e dira mo lefifing go le bosigo e leng nako e go neng go ka direga gore a se ka a bonwa ke batho ka bontsi ka yone. Mo godimo ga moo, Gidione o ne a dira tiro ya gagwe a le kelotlhoko. O ne a ya go e dira a na le batlhanka ba le lesome—gongwe e le gore ba bangwe ba eme ba disitse fa ba bangwe ba mo thusa go tlhatlhamolola sebeso le kota e e boitshepo. * Le fa go ntse jalo, Gidione o ne a kgona go dira tiro eo a thusiwa ke Jehofa mme fa nako e ntse e ya Modimo o ne a mo dirisa go golola Baiseraele mo Bamidianeng.—Baatlhodi 6:25-27.
Go Nna Boingotlo le Kelotlhoko
13, 14. (a) Re ka bontsha boingotlo jang fa re abelwa tshiamelo nngwe mo tirelong? (b) Mokaulengwe A. H. Macmillan o ne a tlhoma sekao se se molemo jang sa go nna boingotlo?
13 Go na le dilo tse dintsi tse re ka ithutang tsone ka boingotlo jwa ga Gidione. Ka sekai, re itshwara jang fa re abelwa maikarabelo mangwe a tirelo? A re akanya pele ka tsela e a tla re tlotlomatsang ka yone? Kana a ka boingotlo le ka thapelo re akanyetsa pele gore a re tla kgona go dira kabelo eo ka tshwanelo? Mokaulengwe A. H. Macmillan,
yo o neng a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 1966, o ne a re tlhomela sekao se se molemo mo kgannyeng eno. C. T. Russell, yo e neng e le mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, o kile a kopa Mokaulengwe Macmillan gore o akanya gore ke mang yo o ka salang a tlhokometse dilo fa a seyo. Mo go se ba neng ba se tlotla moragonyana, Mokaulengwe Macmillan o ne a se ka a ipuelela gore go tlhophiwe ene, le mororo go ne go ka nna motlhofo gore a dire jalo. Kwa bofelong, Mokaulengwe Russell o ne a kopa Mokaulengwe Macmillan gore a akanyetse kabelo eno. Mokaulengwe Macmillan o ne a kwala jaana dingwaga moragonyana, “Ke ne ka sala ke gamaregile tota. Ke ne ka akanya ka gone thata, mme ka fetsa nakonyana ke rapela ka gone pele ga kgabagare ke mo itsise gore ke tla rata go dira gotlhe mo nka go kgonang go mo thusa.”14 Go ise go ye kae morago ga foo, Mokaulengwe Russell o ne a tlhokafala, a tlogela maemo a bookamedi jwa Mokgatlho wa Watch Tower a le lolea. E re ka Mokaulengwe Macmillan e le ene yo o neng a ntse a okametse tiro mo malatsing a bofelo a loeto lwa go rera lwa ga Mokaulengwe Russell, mokaulengwe mongwe o ile a akgela jaana: “Mac, o na le tshono e ntle ya go newa maemo ano. O ntse o le moemedi yo mogolo wa ga Mokaulengwe Russell fa a seo, mme o ne a re laela rotlhe gore re dire se o re laelang sone. Jaanong ke yono o etse ruri. Go bonala e tla nna wena yo o tla tsweletsang tiro pele.” Mokaulengwe Macmillan o ile a araba jaana: “Mokaulengwe, ga se kafa re tshwanetseng go leba kgang eno ka teng. Tiro eno ke ya Morena mme maemo ape fela a motho a a bonang mo mokgatlhong wa Morena ke a Morena a bonang a mo tshwanela; mme ga ke na pelaelo gore ga ke a tshwanela tiro eno.” Morago ga foo Mokaulengwe Macmillan o ne a akantsha gore mongwe o sele a newe maemo ao. Fela jaaka Gidione, o ne a le boingotlo—e leng selo se go leng molemo gore re se etse.
15. Dingwe tsa ditsela tse di molemo tse re ka dirisang temogo ka tsone fa re rerela batho ba bangwe ke dife?
15 Le rona re tshwanetse go nna boingotlo mo tseleng e re dirang dikabelo tsa rona ka yone. Gidione e ne e le motho yo o botlhale, o ile a leka go se kgopise baganetsi ba gagwe go sa tlhokege. Le rona re tshwanetse go nna boingotlo le go dirisa botlhale fa re bua le batho ba bangwe mo tirong ya rona ya go rera. Ke boammaaruri gore, re lwa ntwa ya semoya ya go pitikolola “dilo tse di epetsweng kwa teng thata” le “dikakanyo.” (2 Bakorintha 10:4, 5) Mme ga re a tshwanela go nyenyefatsa batho ba bangwe kana go ba naya lebaka lepe fela la go dira gore ba kgopisiwe ke molaetsa wa rona. Go na le moo, re tshwanetse go tlotla tsela e ba lebang dilo ka yone le go gatelela thata dilo tse re ka tswang re dumalana le bone ka tsone, mme go tswa foo re bo re bua thata ka dilo tse di molemo tse molaetsa wa rona o buang ka tsone.—Ditiro 22:1-3; 1 Bakorintha 9:22; Tshenolo 21:4.
Jesu—Sekao se Segolo sa go Nna Boingotlo
16. Jesu o ne a bontsha jang gore o boingotlo?
16 Sekao se se molemo go gaisa tsotlhe sa go nna boingotlo ke sa ga Jesu Keresete. * Le mororo Jesu a ne a na le botsala jo bogolo le Rraagwe, o ile a se ka a okaoka go bolela gore o ne a se na taolo ya go dira dilo dingwe. (Johane 1:14) Ka sekai, Jesu o ne a bua jaana fa mmaagwe Jakobe le Johane a ne a kopa gore bomorwawe ba babedi ba bewe go bapa le Jesu mo bogosing jwa gagwe: “Go nna kafa seatleng sa me sa moja mono le kafa go sa molema ga se ga me go go naya, mme ke ga ba ba go baakanyeditsweng ke Rre.” (Mathaio 20:20-23) Nako nngwe Jesu o ne a itlhalosa jaana a sa okaoke: “Ga ke ka ke ka dira selo lefa e le se le sengwe ka bogame . . . ke senka, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.”—Johane 5:30; 14:28; Bafilipi 2:5, 6.
17. Jesu o ne a bontsha boingotlo jang fa a dirisana le batho ba bangwe?
17 Jesu o ne a le mogolo ka ditsela tsotlhe mo bathong ba ba sa itekanelang, e bile Rraagwe e bong Jehofa o ne a mo neetse taolo e e sa lekaneng le epe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a le boingotlo fa a dirisana le balatedi ba gagwe. O ne a se ka a ba imetsa ka kitso e ntsintsi e e gakgamatsang. O ne a bontsha go akanyetsa batho e bile a tsaya dilo tse ba di tlhokang tsia. (Mathaio 15:32; 26:40, 41; Mareko 6:31) Ka gone, lefa Jesu a ne a itekanetse, e ne e se motho yo o se keng a kgotsofala. O ne a se ke a batlaka barutwa ba gagwe dilo tse ba sa di kgoneng, e bile o ne a se ke a ba lebanya le maemo a ba neng ba ka se a itshokele. (Johane 16:12) Ga go gakgamatse go bo batho bangwe ba ne ba ikutlwa ba lapologetswe fa ba na le ene!—Mathaio 11:29.
Etsa Sekao sa ga Jesu sa Boingotlo
18, 19. Re ka etsa boingotlo jwa ga Jesu jang ka (a) tsela e re itsayang ka yone, le (b) tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone?
18 Fa monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela a ile a bontsha boingotlo jalo, a bo rona re tshwanetse go bo bontsha thata jang ne. Batho ba ba sa itekanelang gantsi ga ba ke ba batla go amogela kgang ya gore ga ba na maatla a go laola ka botlalo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba etsa Jesu ka go nna boingotlo. Ba bontsha boikokobetso ka go abela batho ba ba tshwanelegang maikarabelo; e bile ka bonolo le ka go rata ba amogela kaelo e ba e newang ke batho ba ba beilweng go ba etelela pele. Ba bontsha moya wa tirisanommogo ka go letla gore dilo tsotlhe mo phuthegong di dirwe “ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakorintha 14:40.
19 Gape boingotlo bo tla re tlhotlheletsa go akanyetsa batho ba bangwe le go tsaya tsia dilo tse ba di tlhokang. (Bafilipi 4:5) Re ka nna ra bo re na le bokgoni le dinonofo tse batho ba bangwe ba se nang tsone. Le fa go ntse jalo, fa re le boingotlo, re ka se lebelele gore ka metlha batho ba bangwe ba dire dilo ka tsela e re batlang ka yone. Ka go itse gore mongwe le mongwe o na le makoa a gagwe, re tla bontsha boingotlo ka go itshokela makoa a batho ba bangwe. Petere o ile a kwala jaana: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo lo boteng, ka gonne lorato lo bipa letshutitshuti la maleo.”—1 Petere 4:8.
20. Ke eng se re ka se dirang go fenya tshekamelo epe fela ya go se nne boingotlo?
20 Jaaka fa re bone, botlhale bo na le ba ba boingotlo. Mme go tweng fa e le gore o na le tshekamelo ya go se nne boingotlo kana o boikgodiso? Se kgobege marapo. Go na le moo, etsa sekao sa ga Dafide, yo o ileng a rapela jaana: “O thibe motlhanka wa gago mo ditirong tsa boikgodiso; O se ka wa dira gore di ntaole.” (Pesalema 19:13, NW) Ka go etsa tumelo ya banna ba ba jaaka Paulo, Gidione le Jesu Keresete—yo o ba fetang botlhe—re tla iponela ka namana kafa mafoko ano a leng boammaaruri ka teng a a reng: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.”—Diane 11:2, NW.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 6 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “tlase” le ka kaya lekgoba le le neng le kgweetsa ka sefetlhametsi go tswa kwa karolong e e kwa moragorago mo sekepeng se segolo. “Balebalebi” bone ba ne ba ka newa maemo a mantsinyana gongwe ba tlhokomela dithuo tsa mong. Le fa go ntse jalo, beng ba le bantsi ba ne ba tsaya molebalebi le ene a se na kgololesego e ntsi fela jaaka lekgoba le le neng le kgweetsa sekepe go tswa kwa moragorago.
^ ser. 12 Go nna kelotlhoko ga ga Gidione ga go a tshwanela ga tsewa e le bogatlapa. Go na le moo, bopelokgale jwa gagwe bo tlhomamisiwa mo go Bahebera 11:32-38, e e akaretsang Gidione gareng ga batho ba ba neng “ba dirwa maatla” le ba ba neng “ba nna diganka mo ntweng.”
^ ser. 16 E re ka boingotlo bo akaretsa go tsaya tsia ditlhaelo tse o nang le tsone, go ka se ka ga twe Jehofa o boingotlo. Le fa go ntse jalo, o boikokobetso.—Pesalema 18:35, NW.
A o A Gakologelwa?
• Boingotlo ke eng?
• Re ka etsa boingotlo jwa ga Paulo jang?
• Re ka ithuta eng ka ga boingotlo mo sekaong sa ga Gidione?
• Jesu o ne a tlhoma jang sekao se se molemo go gaisa sa boingotlo?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Boingotlo jwa ga Paulo bo ne jwa dira gore a rate Bakeresetekaene
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Gidione o ne a dira thato ya Modimo ka go nna kelotlhoko
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Jesu, Morwa Modimo o ne a bontsha boingotlo mo dilong tsotlhe tse o neng a di dira