Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlotla Taolo—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa?

Go Tlotla Taolo—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa?

Go Tlotla Taolo—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa?

KE MANG yo o sa lebogeng go bo mapodise a na le maatla a go tshwara dikebekwa tse di utswang dilwana tsa rona kana tse di tshosetsang malapa a rona? Mme a ga re itumele go bo dikgotlatshekelo di na le maatla a go otlhaya dikebekwa gore di sireletse setšhaba?

Re ka nna ra gakologelwa gape le ditiro tse dingwe tse di molemo tse di direlwang setšhaba, tse di jaaka go baakanngwa ga ditsela, go phepafatsa le thuto—tse gantsi di duelelwang ka madi a lekgetho a balaodi ba puso ba a tsayang mo bathong. Bakeresete ba boammaaruri ke bone ba di gogang kwa pele mo go bontsheng gore go botlhokwa go tlotla taolo e e tlhomilweng. Mme tlotlo e e ntseng jalo e ya bokgakaleng bofe? Le gone ke kae mo botshelong mo go tlotla taolo go batlegang teng?

Taolo mo Setšhabeng

Baebele e bolelela batho botlhe, e ka tswa e le badumedi kana e le batho ba ba sa dumeleng gore ba tlotle balaodi, ba ba direlang setšhaba molemo. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwalela badumedikaene kwa Roma malebana le seno, mme go molemo go sekaseka se a se bolelang mo go Baroma 13:1-7.

Paulo e ne e le moagi wa Roma, mme Roma e ne e le mmusomogolo wa lefatshe ka nako eo. Lekwalo la ga Paulo le le kwadilweng mo e ka nnang ka ngwaga wa 56 C.E., le ne le gakolola Bakeresete gore e nne baagi ba ba tlhomang sekao. O ne a kwala jaana: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo, gonne ga go na bolaodi bope fa e se ka Modimo; balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng.”

Fano Paulo o tlhalosa gore go ne go ka se ka ga nna le taolo epe ya batho fa Modimo o ne o sa e letlelela. Ka tsela eo, balaodi ba bagolo ba na le boemo jo bo lekanyeditsweng mo maikaelelong a Modimo. Ka gone go a utlwala gore “yo o ganetsang taolo o ganetsana le thulaganyo ya Modimo.”

Le fa gone balaodi ba bagolo ba ka akgola baagi ba ba molemo, balaodi bano gape ba na le maatla a go otlhaya batho ba ba senyang. Ba ba dirang bosula ba na le mabaka a mantsi a go boifa tshwanelo e balaodi ba nang nayo ya go nna “mmusolosi” ka gonne mebuso ke babusolosi ba ba direlang e le “modiredi wa Modimo.”

Paulo o konela tlhaloso ya gagwe ka go bolela jaana: “Jalo go na le lebaka le le patelelang gore lona lo nne mo taolong, e seng fela ka ntlha ya tšhakgalo eo mme le ka ntlha ya segakolodi sa lona. Gonne ke gone ka moo gape lo duelang makgetho; gonne ke batlhanka ba Modimo mo setšhabeng ba ba direlang boikaelelo jone jono ka metlha.”

Maikarabelo a go laola makgetho ke a puso e seng a batho ba ba duelang makgetho. Jaaka moagi yo o ikanyegang, Mokeresete o nna a ntse a na le segakolodi se se siameng. O itse gore ka go ineela mo balaoding ba bagolo le ka go duela makgetho, ga a boloke fela molao wa setšhaba se a leng mo go sone mme gape o tshela go ya ka se Modimo a se batlang.

Lelapa le Taolo

Go tweng ka taolo mo lelapeng? Fa lesea le sa ntse le le lennye, gantsi le tla lela kana le e leng go goa fa le batla tlhokomelo. Mme motsadi yo o botlhale o tla lemoga gore lesea le tlhoka eng tota mme a sa letle gore bogale bongwe e nne jone jo bo laolang. Bana bangwe, fa ba ntse ba gola, ba tlogelwa gore ba ipuse mme ba letlelelwa gore ba ipeele melao ya bone. E re ka ba se na maitemogelo ba ka inaakanya le bokebekwa kana molato o mongwe, ba tshwenya lelapa le setšhaba ka kakaretso, e leng selo se balaodi ba bantsi ba se itseng sentle.

Mokwadi wa Children We Deserve e bong Rosalind Miles o bolela jaana: “Batsadi ba simolola go otlhaya bana go setse go le thari. Nako ya go simolola ke fela fa ngwana a sena go tsholwa.” Fa batsadi ba simolola go tloga fela kwa tshimologong ka go bua ka lentswe le le bonolo, le le nang le taolo e e supang gore ba a amega e bile ba tlhomame mo ditirong tsa bone, go ise go ye kae bana ba bone ba tla ithuta go amogela taolo eo le kgalemo e e lorato e e tswang mo go yone.

Baebele e na le tshedimosetso e ntsi e e malebana le taolo mo lelapeng. Mo bukeng ya Diane, monna yo o botlhale e bong Solomone o bua ka kutlwano e batsadi ba ba boifang Modimo ba nang nayo fa pele ga bana ba bone ka go bolela jaana: “Morwaaka, utlwa thuto ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago.” (Diane 1:8) Fa batsadi ba dula ba na le kutlwano e e ntseng jalo fa gare ga bone fa pele ga bana ba bone, bana ba tla itse gore batsadi ba batla eng. Ba ka nna ba leka go dirisa motsadi yo mongwe ka maiteko a go bona se ba se batlang, mme taolo ya batsadi ba ba utlwanang e sireletsa basha.

Baebele e tlhalosa gore monna o na le boikarabelo jo bogolo jwa go tlhokomela e seng fela bomoya jwa bana ba gagwe mme le jwa mosadi wa gagwe. Seno se tlhalosiwa e le botlhogo. Botlhogo jono bo tshwanetse go dirisiwa jang? Paulo o tlhalosa gore fela jaaka Keresete e le tlhogo ya phuthego monna le ene ke tlhogo ya mosadi wa gagwe. Go tswa foo Paulo o oketsa jaana: “Banna ba lo nyetseng, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego [mosadi wa gagwe wa semoya] a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baefeso 5:25) Fa monna a latela sekao sa ga Jesu mme a dirisa botlhogo jwa gagwe ka tsela e e lorato, o tla amogela “tlotlo e e boteng” ya mosadi wa gagwe. (Baefeso 5:33) Bana ba ba leng mo lelapeng le le ntseng jalo le bone ba tla bona botlhokwa jwa taolo e e tswang kwa Modimong mme ba tla rotloetsega go e amogela.—Baefeso 6:1-3.

Batsadi ba ba nosi go akaretsa le ba ba swetsweng ke balekane ba bone ba lenyalo ba ka lepalepana jang le kgang eno? E ka tswa e le rre kana mmè, ba ka dirisa ka tlhamalalo taolo ya ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Ka metlha Jesu o ne a bua ka taolo—ya ga Rraagwe le ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng.—Mathaio 4:1-10; 7:29; Johane 5:19, 30; 8:28.

Baebele e neela melaometheo e mentsi ya botlhokwa e e amanang le mathata a bana ba lebanang le one. Fa motsadi a batla melaometheo eno e bile a e latela, o tla kgona go neela bana ba gagwe kgakololo e e lorato le e e mosola. (Genesise 6:22; Diane 13:20; Mathaio 6:33; 1 Bakorintha 15:33; Bafilipi 4:8, 9) Batsadi gape ba ka dirisa tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng e e kwaletsweng segolobogolo go ba thusa gore ba thapise bana ba bone gore ba lemoge melemo ya go tlotla taolo ya Dikwalo. *

Phuthego ya Bokeresete le Taolo

“Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng; mo reetseng.” (Mathaio 17:5) Mafoko ano a a builweng ke Jehofa Modimo ka boene, a ne a tlhalosa Jesu jaaka motho yo o buang ka taolo ya bomodimo. Se a se buileng se kwadilwe mo dipegong tse nnè tsa Diefangele tse re ka kgonang go di bona motlhofo.

Pelenyana fela ga fa Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Mathaio 28:18) E re ka Jesu e le Tlhogo ya phuthego ya gagwe, ga a ka a tlhokomela fela balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng mme fa e sa le ka nako ya go tshololwa ga moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E., o ile a ba dirisa gape go nna motswedi wa boammaaruri e le “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45-47; Ditiro 2:1-36) O ile a dira eng gore a kgone go dira dilo tseno tsotlhe gore a nonotshe phuthego ya Bokeresete? “E rile a tlhatlogela kwa godimo . . . , a naya dimpho [ka] banna.” (Baefeso 4:8) “Dimpho [ka] banna” tseno ke bagolwane ba Bakeresete ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo mme ba filwe taolo ya go tlhokomela badumedikabone ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang.—Ditiro 20:28.

Ka ntlha ya seno, Paulo o gakolola jaana: “Gakologelwang ba ba etelelang pele gareng ga lona, ba ba buileng lefoko la Modimo le lona, mme e re lo akanyetsa kwa teng kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone.” E re ka banna bano ba ba ikanyegang ba latela dikgato tsa ga Jesu sentle, go botlhale tota go etsa tumelo ya bone. Morago ga foo Paulo o oketsa jaana: “Utlwang ba ba etelelang pele gareng ga lona mme lo ikobe, [“lo ntse lo tswelela lo tlotla taolo e ba nang nayo mo go lona,” The Amplified Bible] gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba tle ba dire seno ka boipelo mme e seng ka go ubuga, gonne seno se ka lo gobatsa.”—Bahebera 13:7, 17.

Go diragala eng fa kaelo e e ntseng jalo e itlhokomolosiwa? Maloko mangwe a phuthego ya bogologolo ya Bokeresete a ne a dira sone seo mme a nna batlhanogi. Himenayo le Fileto ba umakiwa e le banna ba ba neng ba phetsola tumelo ya bangwe e bile e le ba dipuo tsa bone tse di lolea di ileng tsa ‘senya se se boitshepo.’ Sengwe sa dilo tse ba neng ba di bua e ne e le gore tsogo ya baswi e setse e fetile, go bonala fa e le tsogo ya semoya kana ya tshwantshetso, mme ka gone ga go na tsogo epe ya baswi mo isagweng mo Bogosing jwa Modimo.—2 Timotheo 2:16-18.

Taolo e e tlhomilweng e ne ya thusa. Bagolwane ba Bakeresete ba ne ba kgona go ganetsa dipuo tse di ntseng jalo ka gonne jaaka baemedi ba ga Jesu Keresete, ba ne ba dirisa taolo ya Dikwalo. (2 Timotheo 3:16, 17) Go ntse jalo le ka phuthego ya Bokeresete gompieno, e e tlhalosiwang e le “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) Dithuto tsa maaka di ka se ka le ka motlha tsa letlelelwa gore di senye “sekao sa mafoko a a itekanetseng,” a re a boloketsweng mo Baebeleng.—2 Timotheo 1:13, 14.

Le fa go tlotla taolo go ntse go nyelela ka bonako mo lefatsheng, rona jaaka Bakeresete re lemoga gore taolo e e tshwanetseng mo setšhabeng, mo lelapeng le mo phuthegong ya Bokeresete e tlhomilwe gore rona re solegelwe molemo. Go tlotla taolo go botlhokwa gore re nne re itekanetse mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng. Fa re amogela e bile re tlotla taolo e e ntseng jalo e e tlhomilweng ke Modimo, re tla sirelediwa ke balaodi ba bagolo go gaisa—Jehofa Modimo le Jesu Keresete—gore re solegelwe molemo goyagoile.—Pesalema 119:165; Bahebera 12:9.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Bona buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo le Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, tseo ka bobedi jwa tsone di gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Baebele e na le tshedimosetso e ntsi e e malebana le taolo mo lelapeng

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Batsadi ba ba nosi ba ka dirisa ka tlhamalalo taolo ya ga Jehofa Modimo le ya ga Jesu Keresete

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Bakeresete ba lemoga gore balaodi ba ba tshwanetseng mo lelapeng, mo phuthegong ya Bokeresete le mo setšhabeng ba tlhomilwe go solegela bone molemo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Photo by Josh Mathes, Collection of the Supreme Court of the United States