Go Tlotla Taolo—Ke Eng fa go Seyo?
Go Tlotla Taolo—Ke Eng fa go Seyo?
“Go nyatsa taolo e e beilweng, ya bodumedi le ya setšhaba, ya loago le ya bopolotiki, e leng selo se se anameng thata mo lefatsheng e ka nna ya re ka letsatsi lengwe ga tsewa e le selo se se tlhomologileng mo lesomeng le le fetileng la dingwaga.”
GO SETSE go fetile dingwaga di le dintsi fa e sa le ka bo1960, lesome la dingwaga le moithutahisitori le mofilosofi Hannah Arendt a buang ka lone fano. Gompieno go nyatsa taolo go ntse go golela pele.
Ka sekai, pego ya bosheng go The Times ya Lontone e bolela jaana: “Batsadi bangwe ba gana go amogela gore morutabana o na le taolo mo ngwaneng wa bone mme fa go dirwa maiteko a go otlhaya ngwana wa bone ba a ngongorega.” Gangwe le gape fa bana ba bone ba otlhaiwa kwa sekolong, batsadi ga ba tle sekolong go tla go tshosetsa barutabana fela mme ba tla go ba tlhasela.
Mmueledi mongwe wa Mokgatlho wa Ditšhabatšhaba wa Bagokgo wa kwa Boritane o nopolwa a bolela jaana: “Batho ba re ‘ke na le ditshwanelo,’ go na le gore ba re ‘ke na le maikarabelo.’” Kwantle ga go palelwa ke go tlhotlheletsa bana ba bone gore ba tlotle taolo ka tsela e e tshwanetseng, batsadi bangwe ga ba kgalemele bana ba bone—e bile ga ba letle ba bangwe go dira jalo. Margarette Driscoll yo e leng mokwalakgang o kwadile gore bana ba ba bolelang gore ba na le “ditshwanelo” ba letlelelwa gore ba nyatse taolo ya batsadi ba bone le ya barutabana mme ditlamorago tsa gone di kgona go bonelwa pele—“kokomana e ntšha e e sa tlotleng taolo e bile e sa itse se se siameng le se se sa siamang.”
Makasine wa Time mo setlhogong sa one se se reng “Kokomana e e Latlhegileng” o ile wa tlhalosa dilo tse di swabisang basha ba le bantsi ba kwa Russia ka go nopola moopedi mongwe wa repe yo o tumileng yo o neng a bolela jaana: “Motho yo o tsholetsweng mo lefatsheng leno le mo go lone go se nang sepe se se nnelang ruri e bile go se na sepe se se tlhamaletseng, a ka ikanya setšhaba jang?” Moithutaloago Mikhail Topalov o ne a tshegetsa boikutlo jono jaana: “Bana bano ga se dieleele. Ba bone batsadi ba bone ba akediwa ke puso, ba ba bone ba latlhegelwa ke madi a bone le ditiro tsa bone. Re ka lebelela jang gore ba tlotle taolo?”
Le fa go ntse jalo, go tla bo go se boammaaruri go swetsa gore basha ke bone fela ba ba sa ikanyeng taolo. Gompieno, batho ba dingwaga tsotlhe ga ba ikanye mofuta le fa e le ofe wa taolo mme e bile ba a e nyatsa. A seno se raya gore ga go na taolo epe e e ka ikanngwang? Fa taolo e e tlhalosiwang e le “maatla kana tshwanelo ya go laola, go atlhola, kana go kganela ditiro tsa ba bangwe,” e dirisiwa ka tsela e e tshwanetseng, e ka nna tlhotlheletso e e molemo. E ka solegela batho ka namana le setšhaba molemo. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka gore seno se ka nna jalo jang.