Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa mo go Direng Dibetsa go ya mo go Bolokeng Matshelo

Go Tswa mo go Direng Dibetsa go ya mo go Bolokeng Matshelo

Kgang ya Botshelo

Go Tswa mo go Direng Dibetsa go ya mo go Bolokeng Matshelo

JAAKA GO BOLETSE ISIDOROS ISMAILIDIS

Ke ne ke khubame ka mangole dikeledi di ntse di tshologa. Ke ne ka rapela jaana: “Ao, Modimo, segakolodi sa me se mpolelela gore nka se kgone go tswelela ke bereka mo bodirelong jwa dibetsa. Ke lekile go batla tiro e nngwe mme ga ke kgone go e bona. Ka moso, ke tla tlogela tiro. Tsweetswee, Jehofa, o se ka wa letla gore bana ba rona ba banè ba bolawe ke tlala.” Ke ile ka fitlha jang mo boemong jono?

BOTSHELO bo ne bo iketlile kwa Drama, kwa bokone jwa Greece, kwa ke tsholetsweng teng ka 1932. Rre o ne a tle a bue le nna ka se a batlang gore ke se dire. O ne a nkgothaletsa gore ke ye kwa United States go ya go bona thutego. Fa Greece e sena go thopiwa ka Ntwa ya Lefatshe II boikutlo jo bo tlwaelegileng mo Bagerikeng e ne e le gore: “Lo ka utswa dithoto tsa rona, mme le ka motlha lo ka se ka lwa utswa se se mo megopolong ya rona.” Ke ne ke ititeile sehuba go batla thutego e e kwa godimo le go bona sengwe se go se nang ope yo o ka kgonang go se utswa mo go nna.

Go tloga fa ke sa le monnye, ke ne ka kopanela le ditlhopha tsa basha tse di farologaneng tse di duelelwang ke Kereke ya Greek Orthodox. Koo, re ne ra bolelelwa gore re tile makoko a a kotsi. Ke gopola go umakiwa segolobogolo setlhopha se le sengwe—Basupi ba ga Jehofa—e re ka go ne go bolelwa gore ba emela moganetsakeresete.

Fa ke sena go aloga kwa sekolong sa botegeniki kwa Athena ka 1953, ke ne ka ya kwa Jeremane go ya go bona gore a nka se bone tiro gone le go tsena sekolo ka nako e tshwanang. Ga ke a ka ka atlega mo go seo, ka gone ke ne ka ya kwa dinageng tse dingwe. Morago ga dibeke di sekae, ke ne ka iphitlhela ke se na madi kwa boemakepeng jwa kwa Belgium. Ke gakologelwa ke tsena mo teng ga kereke, ka nna fa fatshe mme ka lela thata jaana mo e leng gore go ne ga nna le marothodi a dikeledi fa fatshe fa pele ga me. Ke ne ka rapela Modimo ka re fa a ka nthusa gore ke fitlhe kwa United States, nka se batle dithoto mme ke tla ithuta ke bo ke leka go nna Mokeresete yo o siameng le moagi yo o siameng. Kgabagare ka 1957, ke ne ka fitlha koo.

Botshelo jo Bosha Kwa United States

Kwa United States, fa o le motswakwa o sa itse puo ya koo e bile o se na madi botshelo bo ne bo le boima. Ke ne ka bereka ditiro tse pedi bosigo mme ke kgaratlha go tsena sekolo motshegare. Ke ne ka tsena kwa dikholetšheng di le mmalwa mme ka nna le dikirii ya kholetšhe e potlana. Go tswa foo ke ne ka ya kwa University of California kwa Los Angeles ka bona dikirii ya bachelor of science mo fisikising. Mafoko a ga rre a gore ke bone thutego e ne e le one a ntlhotlheletsang mo dingwageng tse di thata tseno.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka kopana le mosetsana yo montle wa Mogerika e bong Ekaterini mme re ne ra nyalana ka 1964. Morwarona wa ntlha o ne a tsholwa dingwaga tse tharo moragonyana mme mo dingwageng tse di kwa tlase ga di le nnè re ne ra nna le barwa ba bangwe ba babedi le morwadi. Go ne go le boima tota go tlamela lelapa mme ka nako e tshwanang ke ithuta kwa yunibesithing.

Ke ne ke berekela Bosole jwa Difofane jwa United States kwa khampaning ya dimmisaele le didirisiwa tsa lefaufau kwa Sunnyvale, kwa California. Ke ne ke bereka ka dilo tse dintsi tsa difofane le tsa lefaufau, go akaretsa le dithulaganyo tsa Agena le Apollo. Ke bile ka amogela dimetale ka go bo ke ile ka thusa mo maetong a Apollo 8 le Apollo 11. Morago go foo, ke ne ka tswelela ka dithuto tsa me mme ka tshwarega thata ka diporojeke tsa didirisiwa tsa lefaufau tsa bosole. Ka nako eno, ke ne ke akanya gore ke na le sengwe le sengwe—mosadi yo o rategang, bana ba bantle ba banè, tiro ya maemo a a kwa godimo le ntlo e ntle.

Monna Yo o Sa Feleng Pelo

Mo masimologong a 1967, kwa tirong, ke ne ka kopana le Jim, monna yo o ikokobeditseng le yo o pelonomi tota. Go ne go bonala Jim a nyenya ka metlha mme le ka motlha o ne a sa gane fa ke mo laletsa go nwa kofi le nna. O ne a dirisa dinako tseno go tlotla le nna ka Baebele. Jim o ne a mpolelela gore o ntse a ithuta le Basupi ba ga Jehofa.

Ke ne ka tshoga fa ke utlwa gore Jim o inaakantse le setlhopha seno sa bodumedi. Go tla jang gore motho yo o siameng jaana a bo a tsiediwa ke lekoko leno la moganetsakeresete? Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa kgone go itlhokomolosa tsela e Jim a neng a nkgatlhegela ka yone le bopelonomi jwa gagwe. Go ne go bonala fa a ne a na le sengwe se sesha letsatsi le letsatsi gore a se mphe ke se bale. Ka sekai, ka letsatsi lengwe o ne a tla kwa ofising ya me mme a re: “Isidoros, setlhogo seno sa makasine wa Tora ya Tebelo se bua ka go nonotsha botshelo jwa lelapa. Ya le yone gae mme o e bale le mosadi wa gago.” Ke ne ka mmolelela gore ke tla bala makasine oo mme moragonyana ke ne ka ya kwa ntlwaneng ya boithomelo mme ka gagola makasine oo ka dithatanyana mme ka di latlhela mo teng ka selatlhelamatlakala.

Ka dingwaga di le tharo, ke ne ka senya buka le makasine mongwe le mongwe tse Jim a neng a mpha tsone. E re ka ke ne ke tlhoile Basupi ba ga Jehofa mme ka fa letlhakoreng le lengwe ke leka go boloka botsalano jwa me le Jim, ke ne ka akanya gore go botoka gore ke reetse se a se buang mme ke bo ke se lebala ka bonako.

Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya metlotlo eo, ke ne ka bona gore bontsi jwa dilo tse ke neng ke di dumela le tse ke neng ke di dira di ne di sa thaiwa mo Baebeleng. Ke ne ka lemoga gore dithuto tsa Tharonngwe, molelo wa dihele le go sa swe ga moya e ne e le dithuto tse e seng tsa Dikwalo. (Moreri 9:10; Esekiele 18:4; Johane 20:17) E re ka ke ne ke le leloko le le ipelafatsang la kereke ya Greek Orthodox, ke ne ke sa batle go dumela phatlalatsa gore Jim o ne a bua boammaaruri. Mme ka go bo a ne a dirisa Baebele ka metlha mme a se nke a bua se ene a se akanyang, ke ne ka lemoga kgabagare gore monna yono o ntshwaretse molaetsa o o botlhokwa go tswa mo Baebeleng.

Mosadi wa me o ne a lemoga gore go na le sengwe se se diragalang, mme o ne a mpotsa gore a ke buile le tsala ya me e e kopanelang le Basupi. Fa ke mo araba ka gore ee, o ne a re: “A re ye kwa kerekeng le fa e le efe mme e seng Basupi ba ga Jehofa.” Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, nna le mosadi wa me le bana ba rona re ne ra nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Basupi.

Tshwetso e e Boima

Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka kopana le mafoko ano a moporofeti Isaia: “Di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” (Isaia 2:4) Ke ne ka ipotsa jaana, ‘Motlhanka wa Modimo yo o ratang kagiso a ka bereka jang kwa go dirwang dibetsa tse di senyang teng?’ (Pesalema 46:9) Ga go a ka ga ntsaya nako e telele gore ke swetse gore ke tshwanetse go fetola tiro ya me.

Seno e ne e le kgwetlho e kgolo tota. Ke ne ke na le tiro ya maemo a a kwa godimo. Ke ne ke kgaratlhile dingwaga di le dintsi, ke dira ka natla, ke ithuta, le go ithontsha dilo dingwe gore ke fitlhe mo ke leng teng. Ke ne ke tlhatlogile ka ba ka nna le maemo a a kwa godimo mme jaanong ke ne ke lebane le tshwetso ya go tlogela tiro ya me. Le fa go ntse jalo, go rata Jehofa thata le go batla go dira go rata ga gagwe go ile ga fenya kgabagare.—Mathaio 7:21.

Ke ne ka swetsa go batla tiro mo khampaning nngwe kwa Seattle, kwa Washington. Le fa go ntse jalo, ka maswabi ke ne ka lemoga ka bonako gore ke inaakantse le go feta le tiro e e sa dumalaneng le Isaia 2:4. Maiteko a me a go bereka fela ka diporojeke tse dingwe ga a ka a atlega, mme segakolodi sa me se ile sa ntshwenya gape. Ke ne ka bona sentle gore nka se ka ka tswelela ke bereka mme ka nako e tshwanang ka nna le segakolodi se se phepa.—1 Petere 3:21.

Go ne ga bonala sentle gore re ne re tla tshwanela go dira diphetogo tse di botlhokwa. Mo dikgweding tse di kwa tlase ga di le thataro, re ne ra fetola tsela ya rona ya go tshela mme ra fokotsa ditshenyegelo tsa lelapa ka sephatlho. Re ne ra rekisa ntlo ya rona e e manobonobo mme ra reka ntlo e nnye kwa Denver, kwa Colorado. Ke ne ke siametse go tsaya kgato ya bofelo—go tlogela tiro. Ke ne ka kwala lekwalo la go tlogela tiro, ke tlhalosa boemo jo ke nang le jone ka ntlha ya segakolodi. Mo bosigong joo, fa bana ba sena go ya go robala, ke ne ka khubama le mosadi wa me mme ra rapela Jehofa, jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya setlhogo seno.

Mo nakong e e kwa tlase ga kgwedi, re ne ra fudugela kwa Denver mme mo dibekeng di le pedi moragonyana, ka July 1975, nna le mosadi wa me re ne ra kolobediwa. Ke ne ka palelwa ke go bona tiro ka dikgwedi di le thataro, mme ka bonya ka bonya re ne re fetsa madi a re a bolokileng. Mo kgweding ya bosupa, madi a a neng a setse mo bankeng a ne a le kwa tlase ga madi a re a duelelang ntlo kgwedi le kgwedi. Ke ne ka simolola go batla tiro le fa e le efe e nka e bonang mme le fa go ntse jalo ka bonako morago ga foo ke ne ka bona tiro ya boenjenere. Madi a ke neng ke a duelwa e ne e le fela sephatlo sa a ke neng ke ntse ke a amogela; mme le fa go ntse jalo, go ne go feta thata se ke neng ke se kopile Jehofa. A bo ke ne ka itumela jang ne go bo ke ile ka baya dilo tsa semoya kwa pele!—Mathaio 6:33.

Go Godisa Bana ba Rona Gore ba Rate Jehofa

Ka nako e tshwanang nna le Ekaterini re ne re tshwaregile ka tiro e e gwetlhang ya go godisa bana ba rona ba banè go ya ka melaometheo ya bomodimo. Se se itumedisang ke gore, re ile ra ba bona botlhe, ka thuso ya ga Jehofa ba nna Bakeresete ba ba godileng, ba neetse matshelo a bone ka botlalo mo tirong e e botlhokwa ya go rera ka Bogosi. Barwa ba rona ba bararo, Christos, Lakes le Gregory, botlhe ba ile ba aloga kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi mme gone jaanong ba direla kwa dikabelong tse di farologaneng, ba etela le go nonotsha diphuthego. Morwadiarona Toula, ke moithaopi kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York. Re ne ra amega dipelo fa re bona botlhe ba tlogela ditiro tse di solofetsang le tse di duelang madi a mantsi gore ba tle ba direle Jehofa.

Ba le bantsi ba ile ba botsa gore sephiri sa go godisa bana ka katlego jaana ke eng. Gone ke boammaaruri, ga go na mokgwa o o tlhomameng wa go godisa bana, mme re ile ra leka ka natla go tsenya lorato lwa go rata Jehofa le baagelani mo dipelong tsa bone. (Duteronome 6:6, 7; Mathaio 22:37-39) Bana ba ile ba ithuta gore re ka se ka ra bolelela Jehofa gore re a mo rata fa ditiro tsa rona di sa supe gore re a mo rata.

Letsatsi le le lengwe mo bekeng, gantsi ka Matlhatso, re ne re nna le seabe mo bodireding re le lelapa. Re ne re nna le thuto ya lelapa ya Baebele ka metlha ka Mantaga maitseboa morago ga dijo tsa maitseboa mme gape re ne re ithuta Baebele le ngwana mongwe le mongwe. Fa bana ba ne ba sa ntse ba le bannye, re ne re ithuta le ngwana mongwe le mongwe ka dinako tse dikhutshwane ka makgetlo a sekae mo bekeng mme fa ba ntse ba gola re ne re nna le dithuto tse di teletsana gangwe ka beke. Ka nako ya dithuto tseno, bana ba rona ba ne ba bula mafatlha a bone ba re bolelela mathata a bone.

Re ne re itumelela gape le boitapoloso jo bo agang re le lelapa. Re ne re rata go tshameka diletswa tsa mmino mmogo mme ngwana mongwe le mongwe o ne a rata go letsa dipina tse a di ratang. Mo mafelobekeng mangwe, re ne re laletsa malapa a mangwe gore re nne le botsalano jo bo agang. Gape re ne re tsaya maeto a boikhutso re le lelapa. Mo loetong longwe lo lo ntseng jalo, re ne ra nna dibeke di le pedi re bona dithaba tsa Colorado e bile re bereka le diphuthego tsa koo mo bodireding jwa tshimo. Bana ba rona ba gakologelwa ka boitumelo kafa ba neng ba bereka ka teng kwa dikopanong tsa kgaolo mo mafapheng a a farologaneng le kafa ba neng ba thusa ka teng mo go agiweng ga Diholo Tsa Bogosi mo mafelong a a farologaneng. Fa re ne re isa bana kwa Greece gore ba ye go bona ba losika, ba ne ba kgona gape go kopana le Basupi ba bantsi ba ba ikanyegang ba ba kileng ba bo ba le kwa kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone. Se se ile sa ba kgatlha, mme sa ba thusa gore ba ititeye sehuba gore ba nne ba tlhomame e bile ba le pelokgale mo boammaaruring.

Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe bana ba ne ba sa itshware sentle kana ba tlhopha ditsala tse di sa siamang. Ka dinako tse dingwe, ke rona re neng re ba bakela mathata ka gore gongwe re gagamatse molao mo go feteletseng mo dilong dingwe. Mme ka go dirisa ‘taolo ya mogopolo ya ga Jehofa,’ e e mo Baebeleng, rotlhe re ne ra kgona go baakanya dilo.—Baefeso 6:4; 2 Timotheo 3:16, 17.

Nako e e Itumedisang Thata mo Botshelong Jwa Me

Fa bana ba rona ba sena go tsena mo bodireding jwa nako e e tletseng, nna le Ekaterini re ne ra simolola go akanya masisi ka gore re ka dira eng go oketsa seabe sa rona mo tirong eno e e bolokang botshelo. Ka gone, ka 1994, fa ke sena go tlogela tiro e ise e nne nako, ka bobedi jwa rona re ne ra simolola go direla re le babulatsela ba ka metlha. Bodiredi jwa rona bo akaretsa go ya kwa dikholetšheng le kwa diyunibesithing tsa lefelo le re leng mo go lone, mo re neelang bosupi mo baithuting e bile re tshwara dithuto tsa Baebele le bangwe ba bone. E re ka ke tlhaloganya mathata a bone—ka gore le nna ke kile ka feta moo dingwaganyana di sekae tse di fetileng—ke ile ka atlega thata go ba thusa go ithuta ka Jehofa. A bo go itumedisa jang ne go bo ke ile ka ithuta le baithuti ba ba tswang kwa Bolivia, Brazil, Chile, China, Egypt, Ethiopia, Mexico, Thailand le Turkey! Gape ke rata go neela bosupi ka thelefouno, segolobogolo mo bathong ba ba buang puo ya me.

Le mororo ke na le dikgoreletsi di le dintsi ka ntlha ya leleme la me le le ganeletseng thata mo Segerikeng le ka ntlha ya bogodi, ke ntse ke leka ka metlha gore ke kgone go ka dirisiwa mme ke na le moya wa ga Isaia yo o neng a bolela jaana: “Ke fano, roma nna.” (Isaia 6:8) Re ile ra itumelela go thusa ba ba fetang ba le 6 gore ba ineele mo go Jehofa. Ruri eno e nnile nako e e itumedisang thata mo botshelong jwa rona.

Ka nako nngwe, botshelo jwa me bo ne bo remeletse thata mo go direng dibetsa tse di boitshegang tsa go bolaya batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa gagwe, Jehofa o ile a bulela nna le lelapa la me tsela ya go nna batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng le gore re dirise botshelo jwa rona go tlisetsa batho dikgang tse di molemo tsa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Fa ke akanya ka ditshwetso tse di boima tse ke ileng ka tshwanelwa ke go di dira, ke gakologelwa mafoko ano a a mo go Malaki 3:10: “‘Lo nteke ka gone,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘lo bone boo ga nketla ke le bulela dikgoro tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego le go se ketlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya.’” O dirile jalo tota—gore re bo re kgotsofale!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

Lakes: Rre o ne a sa rate boitimokanyi. O ne a leka ka thata gore a se ka a itimokanya, segolobogolo mo kgannyeng ya go tlhomela lelapa la gagwe sekao se se siameng. Gantsi o ne a tle a re reye jaana: “Fa lo ineela mo go Jehofa, seo se raya sengwe. Lo tshwanetse lwa bo lo iketleeleditse go ithontsha dilo dingwe gore lo direle Jehofa. Ke sone se go nna Mokeresete go se kayang.” Mafoko ano ga a ka a tloga mo go nna mme a ile a nthusa go latela sekao sa gagwe sa go ithontsha dilo dingwe gore a direle Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

Christos: Ke anaanela thata go ikanyega ka pelo yotlhe ga batsadi ba me mo go Jehofa le go dira bojotlhe ga bone go diragatsa boikarabelo jwa bone jaaka batsadi. Re ne re dira sengwe le sengwe mmogo re le lelapa—go tloga ka tirelo ya rona go fitlha ka malatsi a rona a boikhutso. Le fa gone batsadi ba me ba ka bo ba ile ba tshwarega ka dilo tse dingwe tse dintsi, ba ne ba boloka botshelo jwa bone bo le motlhofo e bile bo remeletse mo bodireding. Gompieno, ke a itse gore ke motho yo o itumetseng go gaisa fa ke tshwaregile ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

Gregory: Selo se se nthusitseng go gaisa mafoko a kgothatso a batsadi ba me a gore ke oketse bodiredi jwa me, ke sekao sa bone le bosupi jwa gore ba itumelela tirelo ya ga Jehofa jo bo ileng jwa ntlhotlheletsa go tlhatlhoba maemo a me, go kgaphela ditlhobaelo tsa me kwa thoko malebana le go simolola tirelo ya nako e e tletseng le gore ke dire gotlhe mo nka go kgonang mo tirong ya ga Jehofa. Ke leboga batsadi ba me go bo ba ile ba nthusa go bona boitumelo jo motho a nnang najo fa a dira gotlhe mo o ka go kgonang.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

Toula: Batsadi ba me ba ne ba gatelela ka metlha gore kamano ya rona le Jehofa ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa go gaisa tsotlhe tse re ka nnang natso le gore tsela e le nngwe fela e re ka itumelang tota ka yone ke go direla Jehofa gotlhe mo re ka go kgonang. Ba ne ba dira gore Jehofa e nne motho wa mmatota mo go rona. Rre o ne a tlhola a re raya a re motho o nna le boikutlo bongwe jo a sa kgoneng go bo tlhalosa fa a ka kgona go ya go robala bosigo ka segakolodi se se phepa, a itse gore o dirile gotlhe mo a ka go kgonang go itumedisa Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Fa ke ne ke le lesole kwa Greece, 1951

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le Ekaterini ka 1966

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lelapa la me ka 1996: (go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng kwa morago) Gregory, Christos, Toula; (fa pele) Lakes, Ekaterini, le nna