Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Tekatekano mo Ditebelelong Tsa Rona?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Tekatekano mo Ditebelelong Tsa Rona?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Tekatekano mo Ditebelelong Tsa Rona?

RE A kgotsofala fa ditsholofelo le dikeletso tsa rona di diragala. Le fa go le jalo, ke boammaaruri gore bontsi jwa dikeletso le ditebelelo tsa rona ga di diragale ka tsela e re e batlang. Dilo tse gangwe le gape di nnang di re swabisa mo botshelong di ka dira gore re ikgalefele le go galefela ba bangwe. Monna yo o botlhale o ne a bolela jaana ka botswerere: “[Tebelelo, NW] e e diegisiwang e tle e ngodise pelo.”—Diane 13:12.

Ke dilo dife tse di ka re swabisang? Re ka dira jang gore re nne tekatekano mo ditebelelong tsa rona? Mo godimo ga moo, ke ka ntlha yang fa go dira jalo go ka re solegela molemo?

Ditebelelo le Dilo Tse di re Swabisang

E re ka botshelo bo potlakile thata gompieno, fa re leka thata go itepatepanya le jone, re tlhaelela kgakala. Seno se ka nna sa re tlhoka nako le maatla a magolo, mme fa re palelwa ke go wetsa selo se re se simolotseng, gantsi re itshwaya diphoso. Re ka nna ra bo ra ikutlwa e kete re swabisa batho ba bangwe. Cynthia, mosadi mongwe e bile e le mmè yo o itseng dikgatelelo tsa go nna motsadi, a re: “Ke utlwisiwa botlhoko ke gore ga ke tlhamalatse bongwanake ka tsela e e tlhomameng e bile ke ikutlwa ke sa ba thapise ka tsela e e tshwanetseng.” Stephanie, mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome, o bolela jaana malebana le thutego ya gagwe: “Ga ke na nako e e lekaneng go dira sengwe le sengwe se ke batlang go se dira, mme seno se mphedisa pelo.”

Go lebelela dilo tse dikgolo thata go dira gore motho a se ka a kgotsofalela sepe, mme seno se ka mo betisa pelo fela thata. Ben, lekawana lengwe le le nyetseng, o bolela jaana: “Fa ke sekaseka dikgato tse ke di tsereng, dikgopolo, kana maikutlo a me, ka metlha ke bona mo nka bong ke tokafaditse gone. Ka dinako tsotlhe ga nke ke kgotsofalela sepe, mme seno se mphedisa pelo, se mpetisa pelo e bile se dira gore ke swabe.” Gail, mosadi mongwe wa Mokeresete, o ne a bolela jaana: “Motho yo o sa kgotsofaleleng sepe ga a ke a akanya gore go ka nna le sengwe se se ka mo palelang. Re batla go nna bommè le basadi ba ba nang le bokgoni jo bo boitshegang. Re batla go nna le katlego e kgolo gore re itumele, ka jalo re fela pelo fa re dira matsapa a lefela.”

Le fa go ntse jalo, selo se sengwe se se ka swabisang motho ke go koafala mo botsogong le go tsofala. Fa re palelwa ke go tsamaya e bile re se na maatla, seo se senola makoa a rona thata mme re bo re betwa ke pelo. Elizabeth o bolela jaana: “Ke ne ke iphelela pelo fa ke sa kgone go dira dilo tse di neng di le motlhofo le tse ke neng ke tlwaetse go di dira pele ke simolola go lwala.”

Dintlha tse di setseng di umakilwe ke dingwe tsa dilo tse di ka swabisang motho. Fa re sa kgone go laola maikutlo a a ntseng jalo, a ka dira gore re akanye gore batho ba bangwe ga ba re anaanele. Ka jalo, ke dikgato dife tse di siameng tse re ka di tsayang gore re lepalepane le dilo tse di re swabisang le go nna le ditebelelo tse di lekalekaneng?

Ditsela Tsa go Nna le Ditebelelo Tse di Lekalekaneng

Sa ntlha, se lebale gore Jehofa o tekatekano e bile o a tlhaloganya. Pesalema 103:14 e re gakolola jaana: “O itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela.” Jehofa o lebeletse fela dilo tse re ka kgonang go di dira, e re ka a itse bokgoni le makoa a rona. Mme selo sengwe se a se kopang mo go rona ke “go sepela ka boikokobetso le Modimo wa [rona]”—Mika 6:8.

Gape Jehofa o re rotloetsa go ya kwa go ene ka thapelo. (Baroma 12:12; 1 Bathesalonika 5:17) Le fa go le jalo, seo se ka re thusa jang? Thapelo e dira gore tsela ya rona ya go akanya e tlhomame le go nna tekatekano. Fa re rapela ka tlhoafalo go a bo go bontsha gore re lemoga gore re tlhoka thuso—ke sesupo sa go nna bori le boikokobetso. Jehofa o iketleeleditse go araba dithapelo tsa rona ka go re neela moya wa gagwe o o boitshepo, o maungo a one a akaretsang lorato, bopelonomi, bomolemo le boikgapo. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Gape thapelo e fokotsa tlhobaelo le go betwa ke pelo. Ka thapelo, “o ka bona kgomotso e o ka se kang wa e bona gape go sele,” go bolela jalo Elizabeth. Kevin o dumalana jaana: “Ke rapelela go nna le pelo e e ritibetseng le mogopolo o o akanyang dilo sentle gore ke kgone go itshokela bothata jo bo rileng. Le ka motlha Jehofa ga nke a ntshwabisa.” Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore thapelo e botlhokwa thata. Ke gone ka moo a neng a akantsha jaana: “A ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Ee, go buisana le Jehofa tota go re thusa go nna le ditebelelo tse di lekalekaneng ka borona le ka batho ba bangwe.

Le fa go le jalo, gangwe le gape re tlhoka gore re nne re tlhomamisediwa seno. Lefoko le le buiwang ka nako e e tshwanetseng le molemo. Go bolelela tsala e e ikanyegang le e e godileng maikutlo a rona a a boteng go ka re thusa gore re lebe dilo tse di re swabisang kana tse di re tlhobaetsang ka tsela e e siameng gape. (Diane 15:23; 17:17; 27:9) Basha ba ba betwang ke pelo thata ba lemoga gore go batla kgakololo ya batsadi go ba thusa go nna tekatekano. Kandi o bolela jaana ka kanaanelo: “Kaelo e e lorato e batsadi ba me ba nneetseng yone e dirile gore ke nne tekatekano le gore batho ba nkgatlhegele fa ke na le bone.” Ee, kgakololo e e mo go Diane 1:8, 9 e tshwanela tota: “Morwaaka, utlwa thuto ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago, gonne e tlaa nna kgopana e ntle mo tlhogong ya gago, le tlhanyaku mo thamong ya gago.”

Diphelelo tse di nnang gone fa motho a se ke a kgotsofalela sepe di sobokanngwa sentle jaana mo mafokong ano: “Go batla gore botshelo bo nne go ya ka fa wena o batlang ka teng ke go ipolaisa pelo fela.” Re tshwanetse go fetola tsela e re akanyang ka yone gore re tile seno. Go nna boikokobetso le go nna bori—e leng go nna le pono e e siameng ka makoa a rona—tota go tla dira gore re nne le ditebelelo tse di lekalekaneng. Go a tshwanela go bo Baroma 12:3 e re tlhagisa gore re “se ka [ra] ikgopola bobe go feta kafa go tlhokegang go akanya ka gone.” Mo godimo ga moo, Bafilipi 2:3 e re kgothaletsa go nna le kgobalalo ya mogopolo le go tsaya ba bangwe ba le bagolo mo go rona.

Elizabeth, yo o umakilweng pelenyana, o ne a iphelela pelo ka gonne a ne a lwala. O ne a tlhoka nako gore a lebe dilo jaaka Jehofa a di leba le go gomodiwa ke go itse gore ga a lebale tirelo ya rona. Colin ga a kgone go tsamaya ka gonne a koafaditswe ke bolwetse. Kwa tshimologong, o ne a akanya gore bodiredi jwa gagwe bo ne bo se na mosola thata fa bo bapisiwa le se a neng a kgona go se dira fa a ne a itekanetse sentle. Go tlhatlhanya ka dikwalo tse di jaaka 2 Bakorintha 8:12, go ne ga dira gore a se tlhole a akanya ka tsela eo. Temana eno ya re: “Fa go iketleetsa go le teng pele, go amogelesega segolobogolo go ya ka se motho o nang le sone, e seng go ya ka se motho a se nang sone.” Colin o bolela jaana: “Le mororo ke sa kgone go dira tiro e e kalo kalo, gone ke sa ntse ke dira, mme Jehofa o amogela seo.” Re gakololwa jaana mo go Bahebera 6:10: “Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la one.”

Mme he, re ka bona jang gore ditebelelo tsa rona ke tse di lekalekaneng? Ipotse gore, ‘A ditebelelo tsa me di dumalana le ditebelelo tsa Modimo?’ Bagalatia 6:4 ya re: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go kgana malebang le ene ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.” Gakologelwa gore Jesu o ne a re: “Jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” Ee, rona Bakeresete, re na le jokwe e re e sikereng, mme e “bopelonomi” e bile e “motlhofo,” mme Jesu o ne a solofetsa gore e tla re lapolosa fa re ithuta go e rwala sentle.—Mathaio 11:28-30.

Go Nna le Ditebelelo Tse di Lekalekaneng go a Duela

Re tla bona dituelo tsa gone jaanong le tse di nnetseng ruri fa re reetsa le go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo fa re ntse re lwela go nna le ditebelelo tse di lekalekaneng. Selo sa botlhokwa ke gore, seno se re thusa thata mo mmeleng. Jennifer, yo o neng a solegelwa molemo ke dikgakololo tsa ga Jehofa, o bolela jaana: “Ke na le maatla e bile ke matlhagatlhaga mo botshelong.” Go a tshwanela go bo Diane 4:21, 22 e re rotloetsa go ela tlhoko dipolelo tsa ga Jehofa ka matlho a rona le ka pelo, “gonne di botshelo mo go ba ba di bonang, di bile di le phodiso fela mo nameng yotlhe ya bone.”

Tuelo e nngwe ke ya go itekanela mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Theresa o bolela jaana: “Fa ke tlhoma mogopolo mo Lefokong la Modimo, ke nna ke itumetse ka dinako tsotlhe.” Ke boammaaruri gore go sa ntse go tla nna le dilo tse di tla re swabisang mo botshelong. Le fa go ntse jalo, re tla kgona go di itshokela motlhofo. Jakobe 4:8 e rotloetsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” Gape Jehofa o solofetsa go re nonotsha fa re lebane le dikgwetlho tsa botshelo le go re segofatsa ka kagiso.—Pesalema 29:11.

Fa re na le ditebelelo tse di lekalekaneng re tla kgona go nonofa mo semoyeng. Seno le sone ke selo se se molemo. Re kgona go tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa thata mo botshelong. (Bafilipi 1:10) Ka gone mekgele ya rona e nna e e utlwalang e bile e le e re ka e fitlhelelang, e leng se se dirang gore re ipele thata le go kgotsofala. Re ka rata gore re tlhokomelwe ke Jehofa, e re ka re itse gore o tla re direla dilo tse di molemo. Petere o bolela jaana: “Jalo, ikokobetseng tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore o tle o lo godise mo nakong e e tshwanetseng.” (1 Petere 5:6) A go na le sengwe se se duelang thata go feta go tlotliwa ke Jehofa?

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Go nna le ditebelelo tse di lekalekaneng go ka re thusa gore re itshokele dilo tse di betisang pelo le tse di swabisang