Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang Fa ba Se na Bana?

Ke ka Ntlha Yang Fa ba Se na Bana?

Ke ka Ntlha Yang Fa ba Se na Bana?

DELE le Fola, * ke banyalani ba ba neng ba nna e bile ba dira kwa ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Nigeria. Ka bonako fela morago ga gore ba simolole go direla koo, mmaagwe Fola o ne a ba etela. O ne a tsamaile sekgala se setelele go tla go buisana le bone ka kgang e e neng e mo tshwentse thata, e e neng e mo tlhora boroko.

O ne a ba raya a re: “Lo ntirela dilo tse di molemo. Lo nthomelela dimpho, e bile lo a nketela. Ke tsaya dilo tseno tse lo mpontshang lorato ka tsone di le botlhokwa. Mme gape di a ntshwenya ka gonne ka metlha ke ipotsa gore ke mang yo o tlileng go lo direla dilo tseno fa lo lekana le nna? E setse e le dingwaga tse pedi lo nyalane jaanong, mme ga lo na bana. A ga lo akanye gore e setse e le nako ya gore lo tlogele Bethele mme lo simolole lelapa?”

Mmè o ne a ntsha mabaka ano: Dele le Fola ba setse ba ntse nako e e lekaneng kwa Bethele. Jaanong ke nako ya gore ba akanye ka isagwe ya bone. Tota batho ba bangwe ba ka dira tiro ya bone. Ga go tlhokege gore Dele le Fola ba tlogele bodiredi jwa nako e e tletseng, mme ba ka nna ba tsenela mofuta o mongwe wa tirelo, e e tla dirang gore ba kgone go nna le bana le go itumelela go nna batsadi.

Se Mmè a Neng a Tshwenyegile ka Sone

Go a utlwala go bo Mmè a ne a tshwenyegile. Keletso ya go tshola bana e kgolo thata mo go rona mme e tlwaelegile thata mo ditsong tsotlhe e bile ga e bolo go nna gone ka dinako tsotlhe. Go tshola bana go dira gore batho ba itumele thata le go nna le tsholofelo. Baebele e bolela jaana: “Loungo lwa sebopelo ke tuelo ya gagwe.” Ee, go kgona go tshola bana ke mpho e e botlhokwa e e tswang kwa go Mmopi wa rona yo o lorato.—Pesalema 127:3.

Mo ditšhabeng di le dintsi, batho ba gatelela banyalani thata gore ba tshole bana. Ka sekai, kwa Nigeria, koo ka kakaretso basadi ba teng ba tsholang bana ba le barataro, go tlwaelegile kwa manyalong go utlwa batho ba eleletsa banyalani ba basha masego jaana: “Dikgwedi di le robongwe go tloga jaanong re lebeletse go utlwa ngwana a lela mo ntlong ya lona.” Monyadi le monyadiwa ba ka nna ba amogela mpho ya lenyalo ya bolawana jwa losea. Bomatsale ba tlhokomela khalendara thata. Fa monyadiwa a ise a ime mo lobakeng lwa ngwaga kana go feta, ba tla tlhotlhomisa gore a go ka tswa go na le bothata bongwe jo ba ka bo rarabololang.

Bommè ba le bantsi ba tsaya gore lebaka la go bo batho ba nyalana ke gore ba tshole bana le go atisa losika. Mmaagwe Fola o ne a mo raya a re: “O ne o nyalelwa eng fa e le gore ga o tle go nna le bana? Mongwe o go tshotse; le wena o tshwanetse go itsholela bana.”

Mo godimo ga moo, go na le mabaka a a tshwanetseng go sekasekiwa. Mo ditšhabeng di le dintsi tsa Afrika, go na le dithulaganyo di sekae fela tsa puso tsa go tlhokomela batho ba ba godileng. Go tlwaelegile gore bana e nne bone ba ba tlhokomelang batsadi ba bone ba ba godileng, fela jaaka batsadi bao ba ile ba ba tlhokomela fa ba ne ba le bannye. Ka jalo, mmaagwe Fola o ne a akanya gore fa bana ba gagwe ba sa nne le bana ba bone, mo dingwageng tse di tlang ba tla jewa ke bodutu, ba sa batliwe ke ope, e bile ba tla humanega, go sena motho ope yo o tla ba fitlhang fa ba swa.

Mo dikarolong tse dintsi tsa Afrika, fa motho a se na bana o tsewa a hutsegile. Mo mafelong a mangwe, basadi ba tshwanetse go bontsha gore ba ka kgona go tshola bana pele ba nyalwa. Basadi ba bantsi ba ba sa kgoneng go tshola ba batla kalafi le melemo ka potlako go leka go alafa boopa jwa bone.

Ka ntlha ya maikutlo ano, banyalani ba ba sa batleng go nna le bana ka go rata ga bone, go tsewa gore ba ithontsha sengwe se se molemo. Gantsi ba lejwa e le maarogi, e le batho ba ba sa akanyeng, e bile ba tlhomola pelo.

Boipelo le Boikarabelo

Batho ba ga Jehofa ba itse gore le mororo go godisa bana go ipedisa, gape go tsamaisana le boikarabelo. Baebele, mo go 1 Timotheo 5:8, ya re: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.”

Batsadi ba tshwanetse go tlamela malapa a bone ka dithoto le mo semoyeng, mme seno se tlhoka nako e ntsi le boiteko jo bogolo. Ga ba na boikutlo jwa gore e re ka Modimo e le ene a ba abelang bana, ke Modimo yo o tshwanetseng go ba tlhokomela. Ba itse gore go godisa bana go ya ka melaometheo ya Baebele ke boikarabelo jo bogolo jo Modimo a bo neetseng batsadi; ga se jo bo tshwanetseng jwa neelwa batho ba bangwe.—Duteronome 6:6, 7.

Tiro ya go godisa bana e boima thata mo “malatsing a bofelo” a “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1-5) Mo godimo ga maemo e itsholelo a a ntseng a nnela maswe kwa pele, go oketsega ga batho ba ba bosula go dira gore dikgwetlho tsa go godisa bana gompieno di gole. Le fa go le jalo, mo lefatsheng lotlhe, banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ba lebane le kgwetlho eno mme ba godisa bana ba ba ratang Modimo ka katlego “mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Jehofa o rata batsadi bano le go ba segofatsa ka ntlha ya tiro ya bone ya bonatla.

Lebaka La go Bo Bangwe ba sa Nne le Bana

Mo letlhakoreng le lengwe, banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ga ba na bana. Ba bangwe ga ba tshole mme le fa go ntse jalo ga ba ikopele bana bangwe. Banyalani ba bangwe ba ba kgonang go tshola bana ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba nna le bone. Banyalani bao ba tlhopha go sa nne le bana e se ka gonne ba tshaba boikarabelo kana ba tshaba go lebana le dikgwetlho tsa go nna batsadi. Go na le moo, ba iketleeleditse go tlhoma mogopolo thata mo dikarolong tse dingwe tsa bodiredi jwa nako e e tletseng, jo ba neng ba ka se ka ba bo kgona fa ba godisa bana. Ba bangwe ke barongwa. Ba bangwe ba direla Jehofa mo tirelong ya go eta kana kwa Bethele.

Fela jaaka Bakeresete botlhe, ba lemoga gore go na le tiro e e tshwanetseng ya dirwa ka potlako. Jesu o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” Tiro eno e a dirwa gompieno. Ke tiro e e botlhokwa, ka gonne “bokhutlo” bo tla kaya go senngwa ga batho ba ba sa tlhwaeleng dikgang tseno tse di molemo tsebe.—Mathaio 24:14; 2 Bathesalonika 1:7, 8.

Nako ya rona e tshwana le motlha wa fa Noa le lelapa la gagwe ba ne ba aga areka e kgolo e e neng ya ba sireletsa mo Morwaleleng o mogolo. (Genesise 6:13-16; Mathaio 24:37) Le mororo barwa ba ga Noa ba bararo ba ne ba nyetse botlhe, ba ne ba se ka ba nna le bana go fitlhela ba nna le bone morago ga Morwalela. Lebaka le lengwe e ka tswa e le gore banyalani bano ba ne ba batla go tlhoma mogopolo le maatla mo tirong e ba neng ba e dira. Lebaka le lengwe e ka tswa e le go bo ba ne ba sa batle go tsholela bana mo lefatsheng le le bosula le le le tletseng thubakanyo le mo go lone “boikepo jwa motho bo [neng bo] le bogolo . . . le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go le bosula ka metlha yotlhe.”—Genesise 6:5.

Le mororo seno se sa bolele gore go phoso go nna le bana gompieno, banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ga ba nne le bana gore ba kgone go tshwarega thata mo tirong e e potlakileng e Jehofa a e neetseng batho ba gagwe go e dira. Banyalani bangwe ba ne ba leta nakwana pele ba nna le bana; ba bangwe ba ne ba swetsa ka gore ba se ka ba nna le bana mme ba akanyetsa kgang ya go godisetsa bana mo lefatsheng le lesha la tshiamo la ga Jehofa. A seno ke go se akanyetse pele? A ba ithontsha sengwe mo botshelong? A ba tshwanetse go tlhomogelwa pelo?

Matshelo a a Babalesegileng Le a A Itumedisang

Dele le Fola, ba ba umakilweng pelenyana, jaanong ba na le dingwaga tse di fetang lesome ba ntse ba nyalane, mme ba sa ntse ba ikemiseditse go tswelela pele ba se na bana. Dele o bolela jaana: “Ba losika ba sa ntse ba re pateletsa go nna le bana. Ba amegile thata ka pabalesego ya isagwe ya rona. Gantsi re ba bolelela gore re anaanela kamego ya bone, mme gone re ba tlhalosetsa ka tsela e e botlhale gore re itumelela tiro e re e dirang thata. Malebana le pabalesego, re ba tlhalosetsa gore re ikanya Jehofa, yo o amegang ka boitekanelo jwa botlhe ba ba nnang ba ikanyega mo go ene. Gape re ba tlhalosetsa gore go nna le bana ga go bolele gore ba tla tlhokomela batsadi fa ba setse ba tsofetse. Batho ba bangwe ga ba tlhokomele batsadi ba bone, ba bangwe ga ba kgone go ba thusa, mme ba bangwe ba swa pele ga batsadi ba bone. Mo letlhakoreng le lengwe, Jehofa ke ene yo o dirang gore re nne le isagwe e e tlhomameng.”

Dele le batho ba bangwe ba ba jaaka ene ba ikanya tsholofetso eno ka botlalo e Jehofa a neng a e bolelela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope lefa e le go go latlha ka gope.” (Bahebera 13:5) Gape ba dumela gore “letsogo la ga Jehofa ga le a khutshwafala, go re ga le kake la boloka; le tsebe ya gagwe ga e a kabala, go re ga e kake ya utlwa.”—Isaia 59:1.

Lebaka le lengwe le le dirang gore ba tshepe Jehofa ke tsela e ba bonang a tlamela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka yone. Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Nkile ka ne ke le lekau mme jaana ke tsofetse; le fa go ntse jalo ga ke ise nke ke bone mosiami a latlhilwe.” Akanya fela ka gone. A o itse motlhanka ope fela wa ga Jehofa yo o ikanyegang yo o ‘latlhilweng’?—Pesalema 37:25.

Batho ba ba feditseng botshelo jwa bone ba direla Jehofa le Bakeresetekabone ba kgotsofetse, mme ga ba ikotlhaele se ba se dirileng. Mokaulengwe Iro Umah, o na le dingwaga di le 45 a le mo tirelong ya nako e e tletseng mme jaanong ke molebedi yo o etang kwa Nigeria. O bolela jaana: “Le mororo nna le mosadi wa me re se na bana, re nna re gakologetswe gore Jehofa o ne a ntse a re tlhokometse mo semoyeng le mo senameng ka dinako tsotlhe. Ga re ise re ko re tlhoke sepe. A ka se re latlhe fa re tsofetse. Dingwaga tseno re le mo tirelong ya nako e e tletseng e ne e le dinako tse di itumedisang thata mo botshelong jwa rona. Re leboga go bo re kgona go direla bakaulengwe ba rona, mme bakaulengwe ba rona ba anaanela tirelo ya rona, mme ba a re thusa.”

Le mororo banyalani ba le bantsi ba se na bana ka namana, ba nnile le bana ba mofuta o mongwe: Barutwa ba Bakeresete ba ba obamelang Jehofa. Moaposetoloi Johane o ne a na le dingwaga di ka nna 100 fa a ne a kwala jaana: “Ga go na lebaka le legolo la go bontsha ditebogo le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 4) “Bana” ba ga Johane ba ba neng ba ikanyega—batho ba a neng a ba ruta ‘boammaaruri,’—ba ne ba dira gore a nne le boipelo jo bogolo.

Le gompieno go na le boipelo joo jo bogolo. Bernice, wa kwa Nigeria, o na le dingwaga di le 19 a nyetswe mme o itlhophetse gore a se ka a nna le bana. O fetsa dingwaga tse 14 tse di fetileng e le mmulatsela. E re ka a atamela nako ya botshelo e a tla bong a sa tlhole a kgona go itsholela bana ba gagwe, ga a ikotlhaele go bo a dirisitse botshelo jwa gagwe mo go direng barutwa. O bolela jaana: “Ke a itumela fa ke bona bongwanake ba semoya ba gola. Tota le fa ke ne ke na le bana, ga ke bone gore ba ne ba tla tsalana thata le nna go feta ba ke ba thusitseng go ithuta boammaaruri. Ba ntshwara jaaka mmaabone wa mmatota, ba mpolelela dilo tse di ba itumedisang le mathata a bone e bile ba nkopa kgakololo. Ba nkwalela makwalo, e bile re a etelana.

“Batho bangwe ba tsaya gore motho o a bo a hutsegile fa a se na bana. Ba bolela gore motho o tla sotlega fa a tsofetse. Mme ga ke lebe seo jalo. Ke itse gore fa fela ke direla Jehofa ka moya otlhe o tla ntuela le go ntlhokomela. A ka se ntatlhe fa ke tsofetse.”

Go Ratiwa le go Tseelwa Kwa Godimo ke Modimo

Batho ba ba tshotseng le go godisa bana ba ba “tsamaya[ng] mo boammaaruring” ba tshwanetse go lebogela seo. Ga go gakgamatse go bo Baebele e bolela jaana: “Rraagwe mosiami o tlaa ipela thata, le yo o tsalang ngwana yo o botlhale o tlaa bona boitumelo ka ga gagwe. A borraago le mmaago ba itumele, le yo o go belegeng a ipele thata”!—Diane 23:24, 25.

Bakeresete ba ba iseng ba nne le boipelo jwa go tlisa bana mo lefatsheng ba segofaditswe ka ditsela tse dingwe. Bontsi jwa banyalani bano ba nnile le seabe se se botlhokwa sa go tsweledisa pele dilo tse di direlwang Bogosi. Ka dingwagangwaga, ba nnile le boitemogelo, botlhale le bokgoni jo bo neng jwa ba thusa go dira tiro ya botlhokwa ya Bogosi. Ba le bantsi ba eteletse pele mo tirong eno.

Le mororo ba se na bana ka ntlha ya dilo tse di direlwang Bogosi, Jehofa o ba segofaditse ka lelapa la semoya le le lorato le le anaanelang thata go intsha setlhabelo go ba go dirileng. Go ntse fela jaaka Jesu a ile a re: “Ga go ope yo o tlogetseng [totatota, “yo o itimileng”] ntlo kgotsa barwarraagwe kgotsa barwadiarraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo yo o se nang go bona go menagane ga lekgolo jaanong mo lobakeng lono lwa nako, matlo le barwarraagwe le barwadiarraagwe le bommaagwe le bana le masimo . . . mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.”—Mareko 10:29, 30.

A bo batho botlhe ba ba ikanyegang ba le botlhokwa jang ne mo go Jehofa! Batho bao botlhe ba ba ikanyegang, ba ba nang le bana le ba ba se nang bana, moaposetoloi Paulo o ba tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la one, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo direla.”—Bahebera 6:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina ano a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Banyalani ba ba se nang bana ba segofaditswe ka lelapa la semoya le le lorato