Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Ke eng fa re ka tlhomamisega gore go diragadiwa ga boporofeti jo bo kaga “magodimo a masha le lefatshe le lesha” mo go Isaia 65:17-19 bo akaretsa se se fetang go boa ga Bajuda kwa botshwaro?

Ka gore moaposetoloi Petere le moaposetoloi Johane, ba ba kwadileng mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., ba ne ba bua ka go diragadiwa ga mo isagweng, mo go akaretsang masego a a neng a sa ntse a tla. (2 Petere 3:13; Tshenolo 21:1-4)—4/15, ditsebe 10-12.

Ke eng se se ka tswang e le motheo wa ditlhamane tsa bogologolo tsa Segerika ka bodimo ba ba ratang thubakanyo?

E ka tswa e le go fetelediwa le go sokamisiwa ga dipolelo tse di malebana le gore pele ga Morwalela baengele bangwe ba ile ba ikapesa mebele ya batho mme ba tshela botshelo jwa thubakanyo le jwa boitsholo jo bo sa siamang mo lefatsheng. (Genesise 6:1, 2)—4/15, tsebe 27.

Dingwe tsa dikotsi tse Bakeresete ba ba godileng ba ka di tlhokomelang kwa manyalong ke dife?

Go botlhokwa go tila go tlhapelwa ka tsela e e feteletseng, mo go ka nnang teng fa e le gore bojalwa ga bo nowe ka tekatekano e bile mmino o le kwa godimo go binwa ka tsela e e sa laolesegeng. Fa go sa tlhalosiwa gore mongwe le mongwe a ka tla kwa moketeng wa lenyalo, batho ba ba sa lalediwang ga ba a tshwanela go nna teng. Monyadi o tshwanetse go tlhomamisa gore go na le Bakeresete ba ba nang le boikarabelo ba ba tla bong ba le teng go fitlhela mokete o fela ka nako e e tshwanetseng.—5/1, ditsebe 19-22.

Ke eng se se bolelwang mo go Pesalema 128:3, (NW) fa go buiwa ka barwa ba ba “jaaka matlhogela a ditlhare tsa motlhware” a a dikologileng tafole ya monna?

Gantsi go na le metswi e mesha e e tlhogang go tswa kwa tlase ga kutu ya setlhare sa motlhware. Fa kutu ya setlhare se se tsofetseng e sa tlhole e tlhagisa maungo a mantsi, metswi e mesha e ka nna ya nna dikutu tse dikgolo go se dikologa. Ka mo go tshwanang, batsadi ba ka itumelela go nna le bana ba ba tlhagisang maungo ba ba direlang Jehofa mmogo le bone.—5/15, tsebe 27.

Ke melemo efe e bana ba ka nnang le yone fa go na le moya o o itumedisang mo lelapeng?

Seno se thusa bana go leba taolo ka tsela e e siameng, go rata mekgwa e mentle le go dirisana sentle le batho ba bangwe. Moya o o ntseng jalo o ka ba thusa gape gore ba godise botsalano jwa bone le Modimo.—6/1, tsebe 18.

Kwa nageng nngwe ya kwa Botlhaba, go ile ga dirwa eng go kgothaletsa mogopolo wa gore Bakeresete botlhe ke bakaulengwe?

Diphuthego tsotlhe di ile tsa rotloediwa gore ba se ka ba bitsa batho ba ba rileng ka maina a a tlotlomatsang. Go na le moo, botlhe ba tshwanetse go bidiwa bakaulengwe ka go tshwana.—6/15, ditsebe 21, 22.

A Basupi ba ga Jehofa ba amogela melemo e e tswang mo mading?

Re dumela gore taolo ya Baebele ya go ‘ithiba mo mading’ ga e dumele go tshelwa ga madi a feletse kana dikarolwana tsa one tse dikgolo (polasema, disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu le dipolatelete). (Ditiro 15:28, 29) Malebana le go dirisa dikarolwana tse di tswang mo dikarong tse dikgolo tsa madi, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gagwe, a ntse a gakologelwa se Baebele e se bolelang le kamano ya gagwe le Modimo.—6/15, ditsebe 29-31.

A tota go a kgonega gompieno go nna le kagiso ya mogopolo?

Ee. Ka Baebele, Jesu Keresete o kaela batho tsela ya kobamelo e e itshekileng le kagiso e e tlhalosiwang mo go Isaia 32:18. Mo godimo ga moo, batho ba ba nang le kagiso e e ntseng jalo, ba na le tsholofelo ya go itumelela kagiso e e tla nnelang ruri mo lefatsheng e le fa go diragadiwa Pesalema 37:11, 29.—7/1, tsebe 7.

George Young o nnile le seabe sefe mo hisitoring ya segompieno ya dilo tsa puso ya Modimo?

Go tloga ka 1917, o ne a nna motshodi wa lesedi wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo dinageng di le dintsi. O ne a direla kwa Canada, kwa ditlhaketlhakeng tsa Caribbean, kwa Brazil le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi kwa South America, kwa Central America, kwa Spain, kwa Portugal, le kwa Soviet Union ya pele, le kwa United States.—7/1, ditsebe 22-7.

1 Bakorintha 15:29 e rayang fa e bua ka “ba ba kolobediwang ka boikaelelo jwa gore ba nne ba ba suleng”?

Ntlha ke gore fa Bakeresete ba tlodiwa ka moya o o boitshepo, ba nwediwa mo tseleng ya botshelo e e ka felelang ka gore ba swe ba bo ba tsogele botshelo jwa semoya kwa legodimong.—7/15, tsebe 17.

Moaposetoloi Paulo o ne a dira eng ka nako e e tlhalosiwang gore ke dingwaga tsa fa a ne a didimetse?

E ka tswa e le gore o ne a thusa go tlhoma kgotsa go kgothatsa diphuthego kwa Siria le Kilikia. Mathata a mantsi a a umakiwang mo go 2 Bakorintha 11:23-27 a tshwanetse a bo a diragetse mo nakong eno, mo go bontshang gore o ne a le matlhagatlhaga mo tirelong.—7/15, ditsebe 26, 27.

Ke eng se se ka re thusang gore re nne tekatekano mo ditebelelong tsa rona?

Gakologelwa gore Jehofa o a tlhaloganya. Go mo rapela go ka re thusa gore tsela ya rona ya go akanya e tlhomame, e bile e bontsha gore re bori. Se sengwe se se ka re thusang ke gore re lebe dilo ka tsela e e siameng ka go bua le tsala e e godileng mo maikutlong.—8/1, ditsebe 29, 30.