Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Isaia kgaolo 53 e na le boporofeti jo bo tumileng ka ga Mesia. Temana 10 (NW) e bolela jaana: “Jehofa a itumelela go mo gatelela; o ne a mmobodisa.” Seno se kaya eng?

Go motlhofo go bona gore ke ka ntlha yang go ka bodiwa potso eno kaga Isaia 53:10. Bakeresete ba boammaaruri ga ba akanye gore Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko e bile a le lorato a ka itumela go gatelela kgotsa go lwatsa ope. Baebele e re neela mabaka a go bo re ka tshepa gore Modimo ga a itumelele go tlhokofatsa batho ba ba se nang molato. (Duteronome 32:4; Jeremia 7:30, 31) Mo makgolong a dingwaga a a fetileng ka makgetlho mangwe Jehofa o ka tswa a ile a letlelela go boga ka ntlha ya mabaka a a tsamaisanang le botlhale le lorato lwa gagwe. Mme tota ga a ka a dira gore Morwawe yo a mo ratang thata, e bong Jesu, a boge. Ka gone, totatota temana eno e bolela eng?

Ebu, re ka thusega go tlhaloganya se se kaiwang ke temana eno ka go e sekaseka yotlhe, re ela tlhoko le makgetlho a mabedi a lefoko “itumela” a tlhagang ka one. Isaia 53:10, (NW) e balega jaana: “Jehofa a itumelela go mo gatelela; o ne a mmobodisa. Fa o ka baya moya wa gagwe jaaka tshupelo ya molato, o tla bona bana ba gagwe, o tla lelefatsa malatsi a gagwe, mme se Jehofa a se itumelelang se tla atlega mo seatleng sa gagwe.”

Molaetsa wa Baebele ka kakaretso o supa gore ‘boitumelo jwa ga Jehofa,’ jo go buiwang ka jone mo bofelong jwa temana eno, bo remeletse mo go diragadiweng ga maikaelelo a gagwe ka Bogosi. Go dira ga ga Jehofa seno go tla tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe e bile go tla dira gore boleo jo re bo ruileng bo tlosiwe mo bathong ba ba kutlo—boleo jwa rona. (1 Ditirafalo 29:11; Pesalema 83:18; Ditiro 4:24; Bahebera 2:14, 15; 1 Johane 3:8) Kgangkgolo ya dilo tseno tsotlhe ke gore Morwa Modimo a nne motho mme a ntshe setlhabelo sa thekololo. Jaaka re itse, fa nako e ntse e ya Jesu o ile a boga. Baebele e re bolelela gore o ne a “ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga.” Ka gone Jesu o ile a solegelwa molemo ka ntlha ya go boga moo.—Bahebera 5:7-9.

Jesu o ne a itse go sa le gale gore tsela e e molemolemo e a tla e tsayang e tla akaretsa go utlwa botlhoko ka tsela nngwe. Seno se bonala sentle mo mafokong a gagwe a a mo go Johane 12:23, 24 mo re balang teng jaana: “Nako e tlile ya gore Morwa motho a galalediwe. Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Fa tlhaka ya korong e sa wele mo mmung e bo ee swa, e nna e le tlhaka e le nngwe fela; mme fa ee swa, ke gone e ungwang maungo a mantsi.” Ee, Jesu o ne a itse gore o ne a tla tshwanelwa ke gore a boloke bothokgami jwa gagwe go ya bokgakaleng jwa gore a swe. Pego e tswelela jaana: “‘Jaanong moya wa me o tshwenyegile, mme ke tla reng? Rara, mpoloke mo nakong eno. Lefa go ntse jalo, ke gone ka moo ke tlileng mo nakong eno. Rara, galaletsa leina la gago.’ Jalo lentswe la tswa kwa legodimong la re: ‘Ke le galaleditse e bile ke tla le galaletsa gape.’”—Johane 12:27, 28; Mathaio 26:38, 39.

Re ka tlhaloganya Isaia 53:10, go ya ka tlhaloso eno. Jehofa o ne a itse sentle gore se se tla diragalelang Morwawe se ne se tla akaretsa go gatelelwa ka tsela nngwe. Mme e re ka Jehofa a ne a akantse ka kgalalelo le molemo o mogolo o o neng o tla nna teng ka ntlha ya se se tla diragalelang Jesu, o ile a itumela. Ka tsela eo, Jehofa o ‘ne a itumelela kgatelelo’ kana go gatelelwa ga ga Mesia. Jesu le ene o ne a itumelela se a neng a ka se dira le se a neng a fitlhelela go se dira. Ka gone, jaaka Isaia 53:10, e konela, ‘se Jehofa a se itumelelang se ile sa atlega mo seatleng sa gagwe.’