O Rarabolola Dikgotlhang Jang?
O Rarabolola Dikgotlhang Jang?
LETSATSI le letsatsi re dirisana le batho ba botho jo bo farologaneng. Gantsi seno se a re itumedisa le go re dira gore re lebe dilo ka tsela e ntšha. Ka dinako tse dingwe, gape seno se baka dikgotlhang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi, tse dingwe di masisi fa tse dingwe e le tse di sa reng sepe fela. Le fa e ka tswa e le dikgotlhang dife, tsela e re di rarabololang ka yone e re ama mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo semoyeng.
Fa re dira se re ka se kgonang go rarabolola dikgotlhang ka tsela e e itumedisang, re tla tshela re itekanetse le go tshedisana sentle le ba bangwe ka kagiso. Seane sengwe sa bogologolo sa re: “Pelo e e thethebetseng fela ke botshelo jwa nama.”—Diane 14:30.
Go farologana le seo, boammaaruri ke gore: “Motho yo mowa wa gagwe o se nang [boithibo], o tshwana le motse o o thubegileng, mme o se na lorako.” (Diane 25:28) Ke bomang mo go rona ba ba ka batlang go nna le dikgopolo tse di phoso tse di ka dirang gore re itshware ka ditsela tse di sa siamang—ditsela tse di ka utlwisang ba bangwe botlhoko mmogo le rona? Go galefa ka tsela e e sa laolesegeng go ka baka seo. Mo Therong ya kwa Thabeng, Jesu o ne a akantsha gore re tlhatlhobe boikutlo jwa rona, jo bo ka tlhotlheletsang tsela e ka yone re rarabololang dikgotlhang dipe tse re ka nnang le tsone le ba bangwe. (Mathaio 7:3-5) Go na le gore re nnele go tshwaya ba bangwe diphoso, re tshwanetse go akanya ka tsela e re ka lwelang go boloka botsala ka yone le batho ba ba nang le dikgopolo tse di farologaneng le ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng le tsa rona.
Boikutlo Jwa Rona
Kgato ya ntlha ya go rarabolola kgotlhang e go akanngwang gore e teng kana e e leng teng, ke go se lebale gore re na le tshekamelo ya go nna le dikgopolo le maikutlo a a phoso. Dikwalo di re gakolola gore rotlhe re a leofa ‘e bile re tlhaela kgalalelo ya Modimo.’ (Baroma 3:23) Mo godimo ga moo, temogo e ka re bontsha gore bothata jwa rona ga bo a bakwa ke motho yo mongwe. Malebana le ntlha eno, a re sekasekeng se se ileng sa diragalela Jona.
Fa Jona a sena go laelwa ke Jehofa, o ne a tsena mo tseleng e e yang kwa motseng wa Ninefe go ya go rera ka katlholo ya Modimo e e neng e tla tloga e tlela baagi ba one. Se se itumedisang ke gore motse otlhe wa Ninefe o ne wa ikotlhaya le go dumela mo Modimong wa boammaaruri. (Jona 3:5-10) Jehofa o ne a bona go tshwanela gore a ba itshwarele ka gonne ba ne ba ikotlhaya, ka jalo o ne a ba boloka. “Mme ga itumolola Jona thata, a nna bogale thata.” (Jona 4:1) Tsela e Jona a neng a itshwara ka yone malebana le bopelotlhomogi jwa ga Jehofa e ne e gakgamatsa. Ke ka ntlha yang fa Jona a ne a galefela Jehofa? Go bonala Jona a ne a tshwenyegile ka maikutlo a gagwe, a akantse gore o tla wa seriti mo motseng oo. O ne a palelwa ke go anaanela bopelotlhomogi jwa ga Jehofa. Ka bopelonomi, Jehofa o ne a batla gore Jona a ithute thuto nngwe e e neng ya mo thusa gore a fetole boikutlo jwa gagwe le go bona botlhokwa jo bo molemolemo jwa bopelotlhomogi jwa Modimo. (Jona 4:7-11) Go phepafetse gore Jona ke ene yo o neng a tshwanetse go fetola boikutlo jwa gagwe, e seng Jehofa.
A ka dinako tse dingwe le rona re ka tshwanelwa ke go fetola boikutlo jwa rona malebana le kgang nngwe? Moaposetoloi Paulo o re tlhagisa jaana: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) O ne a bolela eng? Mo letlhakoreng le lengwe, o re kgothaletsa go nna tekatekanyo le go tshwara Bakeresete ba bangwe ka tlotlo e e boteng le ka seriti. Seno se akaretsa go lemoga gore motho mongwe le mongwe o na le tshiamelo ya go itlhophela. Gape Paulo o re gakolola jaana: “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5) Ka gone, pele dikgotlhang di baka dikgaogano, a bo go ka nna botlhale jang ne go sekaseka pele gore a boikutlo jwa rona ga bo tlhoke go fetolwa! Re tshwanetse go dira ka natla gore re akanye ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone le go tshedisana le ba bangwe ka kagiso ba tota ba ratang Modimo.—Isaia 55:8, 9.
Mokgwa wa Rona wa go Dira Dilo
Akanya ka bana ba babedi ba bannye ba ba lwelang setshamekisi, mongwe le mongwe wa bone o se gogela kwa go ene ka maatla gore e nne sa gagwe. Fa ba ntse ba se lwela jalo ba ka nna ba bo ba omana ka mafoko a a tlhabang go fitlhela yo mongwe a se tlogela kana motho yo mongwe a ba kgaoganya.
Pego ya Genesise e re bolelela gore Aborahame o ne a utlwa gore go nnile le kganetsano fa gare ga badisa ba gagwe le ba setlogolo sa gagwe Lote. Aborahame o ne a tsaya kgato pele go bua le Lote mme a re: “Ke a go rapela, a go se nne kgang fa gare ga me le wena, le fa gare ga badisa ba me le ba gago, gonne re bana ba monna a le mongwe fela.” Aborahame o ne a ikemiseditse go se letle gore go nne le kgotlhang epe e e ka senyang botsala jwa bone. Diphelelo e nnile dife? O ne a ikaeletse go ithontsha tshiamelo ya gagwe ya go tlhopha pele e re ka e ne e le ene yo mogolo; o ne a ipaakanyeditse go ineela. Aborahame o ne a letla Lote gore a tlhophe kwa a ratang go isa lelapa la gagwe le letsomane gone. Morago ga foo Lote o ne a itlhophela kgaolo e tala ya Sodoma le Gomora. Aborahame le Lote ba ne ba kgaogana ka kagiso.—Genesise 13:5-12.
A re ikemiseditse go itshwara ka moya o Aborahame a neng a na le one gore re tshedisane le ba bangwe ka kagiso? Tiragalo eno ya Baebele e re beetse sekao se se molemolemo gore re se etse fa re rarabolola kgotlhang. Aborahame o ne a ikuela jaana: “A go se nne kgang.” Aborahame o ne a batla gore kgang e rarabololwe ka kagiso. Ga go pelaelo gore boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go batla go tshedisana le batho ka kagiso bo tla thusa gore go rarabololwe dikgotlhang dipe fela. Go tswa foo Aborahame o ne a konela ka mafoko a a reng “gonne re bana ba monna a le mongwe fela.” A o ne a ka batla go latlhegelwa ke botsalano jo bo botlhokwa jalo ka ntlha ya se a neng a se batla kana ka ntlha ya boikgogomoso? Aborahame o ne a tlhoma mogopolo mo go se se neng se le botlhokwa. O ne a dira jalo ka go itlotla le ka tsela e e tlotlegang, go ntse go le jalo a tlotla le seriti sa setlogolo sa gagwe.
Fa go ka tlhaga maemo a a tlhokang gore motho yo mongwe a thuse mo go rarabololeng kgotlhang, a bo go ka nna molemo jang ne fa kgang eo e ka rarabololelwa mo sephiring! Jesu o re kgothaletsa gore re tseye kgato pele go agisana le mokaulengwe wa rona, re kope maitshwarelo fa go tlhokega. * (Mathaio 5:23, 24) Seno se tla tlhoka boikokobetso, kana kgobalalo ya mogopolo, mme Petere o ne a kwala jaana: “Lotlhe ikgatlheng ka kgobalalo ya mogopolo mongwe go yo mongwe, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (1 Petere 5:5) Tsela e re tshwarang badumedikarona ka yone e ama thata botsala jwa rona le Modimo.—1 Johane 4:20.
Go ka nna ga tlhokega gore re ikamoge tshiamelo nngwe gore go nne le kagiso mo phuthegong ya Bokeresete. Batho ba bantsi ba ba kopanelang le Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tla mo lelapeng la Modimo la baobamedi ba boammaaruri mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng. A bo seno se re itumedisa jang ne! Tsela e re itshwarang ka yone tota e ama batho bano le ba bangwe mo phuthegong. Ke gone ka moo re tshwanetseng go ela tlhoko thata boitlosobodutu jwa rona, tiro ya boitapoloso, ditiro tsa botsalano, kana tiro e re e berekang, re akanyetsa tsela e ba bangwe ba ka re lebang ka yone. A boitshwaro bope jwa rona le mafoko a rona di ka tlisa mogopolo o e seng one mme ka jalo tsa kgopisa ba bangwe?
Moaposetoloi Paulo o re gakolola jaana: “Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo. Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di agang. A mongwe le mongwe a nne a senke, e seng tsholegelomolemo ya gagwe, fa e se ya motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:23, 24) Rona Bakeresete, re amegile thata ka gore re age lorato le kutlwano ya bokaulengwe jwa Bokeresete.—Pesalema 133:1; Johane 13:34, 35.
Mafoko a a Fodisang
Mafoko a ka ama motho ka tsela e e molemo. “Mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.” (Diane 16:24) Polelo ka ga Gidione yo a neng a sa batle go lwantsha Baeferaime e bontsha boammaaruri jwa seane seno.
Gidione, yo o neng a lwa mo ntweng e e matlhomahibidu le Midiana, o ne a bitsa morafe wa Eferaime gore o mo thuse. Le fa go ntse jalo, fa ntwa e setse e khutlile, Eferaime o ne a ya kwa go Gidione mme a ngongoregela gore ga a ka a ba bitsa fa ntwa e ne e simologa. Pego eno e bolela gore “ba galefalana nae thata.” Gidione o ne a araba jaana: “Ana ke dirileng fa go ka tshwantshiwa le se se dirilweng ke lona? A maronopo a mofine wa ga Eferaime ga a a gaisa thobo ya mofine wa ga Abiesere? Modimo o neetse dikgosana tsa Midiane mo seatleng sa lona, e bong Orebe le Seebe; mme nna ke ne ka dira eng se se ka tshwantshiwang le se se dirilweng ke lona?” (Baatlhodi 8:1-3) Gidione o ne a tila se se neng se ka baka ntwa ya masetlapelo ya semorafe ka go dirisa mafoko a a tshwanetseng, le a a ritibatsang. Morafe wa Eferaime o ka tswa o ne o na le bothata jwa boikgodiso le boikgogomoso. Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa thibela Gidione go leka go rarabolola kgang ka tsela ya kagiso. A re ka dira se se tshwanang?
Batho ba bangwe ba ka nna ba tuka bogale mme ba re garuma. Tlhaloganya maikutlo a bone, mme o leke go tlhaloganya dikgopolo tsa bone. A re ka tswa re amile maikutlo a bone ka tsela nngwe? Fa go le jalo, ke ka ntlha yang fa re sa dumele gore ke rona re bakileng bothata mme re bontshe gore re swabetse go gakatsa bothata joo. Mafoko a makhutshwane a a akanyeditsweng sentle a ka tsosolosa botsalano jo bo senyegileng. (Jakobe 3:4) Go ka tlhokega fela gore batho ba bangwe ba ba tenegileng re ba tlhomamisetse seo ka bopelonomi. Baebele e bolela gore “molelo o tima ka go tlhoka dikgong.” (Diane 26:20) Ee, mafoko a a builweng ka kelotlhoko ka moya o o siameng a ka “thibosa bogale” mme a fodise.—Diane 15:1.
Moaposetoloi Paulo o akantsha jaana: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” (Baroma 12:18) Ke boammaaruri gore re ka se laole maikutlo a ba bangwe, mme re ka dira seabe sa rona gore go nne le kagiso. Mo boemong jwa gore re laolwe ke go sa itekanelang ga rona kana ga ba bangwe, re ka tsaya kgato gone jaanong gore re dirise melaometheo e e tlhomameng ya Baebele. Go rarabolola dikgotlhang ka tsela e Jehofa a re laelang ka yone, go tla felela ka gore re nne le kagiso le boitumelo jo bo tla nnelang ruri.—Isaia 48:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 13 Bona setlhogo se se reng “Itshwarele go Tswa Pelong” le se se reng “O ka Gapa Morwarraago,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1999.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
A re gagamalela go dira dilo ka tsela ya rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Aborahame o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go ineela gore a rarabolole kgotlhang