Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka Metlha Jehofa o Duela Batho ba Gagwe ba ba Ikanyegang

Ka Metlha Jehofa o Duela Batho ba Gagwe ba ba Ikanyegang

Kgang ya Botshelo

Ka Metlha Jehofa o Duela Batho ba Gagwe ba ba Ikanyegang

JAAKA GO BOLETSE VERNON DUNCOMBE

Ke ne ke setse ke feditse go ja dijo tsa me tse di motlhoswana go le maitseboa e bile ke tshubile sekerete jaaka ka gale. Go tswa foo ke ne ka botsa mosadi wa me Aileen jaana: “Dipokano di tsamaile jang maitseboeng ano?”

O NE a kgwa moya mme a re: “Go ne go balwa lekwalo le le neng le itsise ka batho ba ba sa tswang go tlhomiwa, mme leina la gago le ne la balwa. O tlhomilwe go nna motlhanka yo o tlhokomelang ditsamaiso tsa modumo. Seele sa bofelo mo lekwalong se ne se balega jaana: ‘Fa e le gore bangwe ba bakaulengwe bano ba ba sa tswang go tlhomiwa ba goga motsoko, ba tshwanetse go kwalela Mokgatlho ba bolela gore ba ka se kgone go amogela kabelo eno.’” * Ke ne ka araba ka “Ao-oo!” yo ke neng ke mo goga e bile ke tlhomame. “Le ne le rialo.”

Ke ne ka kitlanya meno mme ka tima sekerete seo mo tereing ya molora e e neng e le fa thoko ga me. “Ga ke itse gore ke eng fa ba ile ba ntlhophela kabelo eno. Ga ke ise ke gane epe, mme ga ke batle go simolola go gana ka yone.” Ke ne ka dira tshwetso ya gore ga ke na go tlhola ke goga. Tshwetso eo e ne ya tlhotlheletsa botshelo jwa me thata jwa go nna Mokeresete le seopedi. Mma ke lo boleleleng ditiragalo dingwe tse di neng tsa dira gore go felele ke dirile tshwetso.

Botshelo Jwa Lelapa Jwa Kwa Tshimologong

Ke tsholetswe kwa Toronto, Canada, ka September 21, 1914, ke ne ke le morwa wa leitibolo wa batsadi ba ba lorato e bile ba le dinatla, e leng Vernon le Lila, ba ba neng ba tlamela lelapa la basimane ba le banè le basetsana ba le babedi. Ke ne ke tlhatlhamiwa ke Yorke, ga latela Orlando, Douglas, Aileen le Coral. Fa ke na le dingwaga di le robong, mmè o ne a nneela bayoline mo diatleng mme a rulaganya gore ke ithutele mmino kwa Sekolong sa Mmino sa Harris. Maemo a ne a le boima, mme Mmè le Rre ba ne ba bona ditsela tsa go ntuelela madi a dipalangwa le a sekolo. Moragonyana ke ne ka ithuta botaki jwa mmino le go dumalana ga dikarolo tsa one kwa Royal Conservatory of Music kwa Toronto, mme fa ke na le dingwaga di le 12, ke ne ka tsenela kgaisano ya motse otlhe ya mmino kwa Holong ya Massey, holo ya mmino ya maemo a a kwa godimo e e neng e le mo mafelong a kgwebo a toropo eo. Ke ne ka tlhophiwa go nna mogapasekgele mme ka neelwa bayoline e ntle e le mo kgetsing e e dirilweng ka letlalo la kwena.

Fa nako e ntse e ya, gape ke ne ka ithuta go tshameka piano le bayoline ya lentswe le le kima. Gantsi setlhopha sa rona se ne se ya go letsa mo diphathing tse dinnye mo maitseboeng a boLabotlhano le a boMatlhatso le kwa ditantsheng tsa bana ba sekolo. Ke ne ka kopana le Aileen lekgetlho la ntlha mo go nngwe ya ditantshe tseno. Mo ngwageng wa me wa bofelo ke le mo sekolong se segolwane, ke ne ke opela le ditlhopha di le mmalwa tsa okhesetara mo motseng. Fa ke sena go aloga ke ne ka kopiwa go opela le setlhopha sa Ferde Mowry Orchestra, mme e ne ya itshupa e le tiro e e duelang tota e bile e tlhomame go fitlhela ka 1943.

Go Simolola go Itse Jehofa

Batsadi ba me ba ne ba simolola go utlwa boammaaruri jwa Baebele pele Ntwa ya Lefatshe I e tlhagoga, fa Rre e ne e sa ntse e le morekisi wa diaparo mo lebenkeleng lengwe le le mo mafelong a kgwebo a Toronto. O ne a tle a reetse metlotlo ya badiri ba bangwe ba babedi ba e neng e le Baithuti ba Baebele (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo) mo kamoreng e go jelwang mo go yone, mme go tswa foo o ne a bolelela Mmè se a se utlwileng fa a tsena kwa gae mo maitseboeng. Ka 1927, dingwaga morago ga moo, Baithuti ba Baebele ba ne ba tshwara kopano e kgolo kwa Toronto kwa Setadiamong se se kwa Canadian National Exhibition Grounds. Ntlo ya gaetsho, e e mo meagong ya bobedi go tloga kafa kgorong e e ka fa bophirima jwa mabala ano, e ne ya dirisiwa go naya batho ba le 25 marobalo ba ba neng ba tswa kwa Ohio, U.S.A.

Morago ga moo, mongwe wa Baithuti ba Baebele, Ada Bletsoe, o ne a simolola go etela Mmè kgapetsakgapetsa, a mo tlogelela dibuka tse disha. Ka letsatsi lengwe o ne a re: “Mmè Duncombe, e setse e le nako jaanong ke ntse ke go tlogelela dibuka. A o kile wa bala epe ya tsone?” Le mororo Mmè a ne a godisa bana ba barataro, o ne a dira tshwetso ya go simolola go bala dimakasine go tloga ka nako eo go ya pele, mme ga a ise a tlhole a tlogela. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ele dibuka tseno tlhoko. Ke ne ke amegile ka gore ke aloge kwa sekolong, mme ke ne ke tshwaregile thata ka mmino.

Ka June 1935, nna le Aileen re ne ra nyalana kwa kerekeng ya Anglican. E re ka ke ne ke tlogetse United Church ke na le dingwaga di le 13, ke ne ke se leloko la bodumedi bope; ka jalo ke ne ka kwala gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo setlankaneng sa lenyalo, le mororo ke ne ke ise ke nne Mosupi.

Re ne re lebeletse pele gore ka nako nngwe mo isagweng re nne le lelapa e bile re eletsa go nna batsadi ba ba molemo. Ka gone, re ne ra simolola go bala Tesetamente e Ntšha mmogo. Le fa go ntse jalo, le mororo re ne re na le maikaelelo a a siameng, dilo tse dingwe di ne di re kgoreletsa. Re ne ra leka go e bala gape moragonyana, ga nna ga pala. Go tswa foo ka 1935 re ne ra amogela mpho ya Keresemose ya buka e e phuthetsweng e e neng e na le setlhogo se se reng The Harp of God. Mosadi wa me o ne a re: “Ija, mmaago o re romeletse mpho e e sa tlwaelegang ruri.” Le fa go ntse jalo, fa ke ile kwa tirong, o ne a simolola go e bala, mme o ne a rata se a neng a se bala. Go ne ga feta lobaka lo loleele ke sa itse gore o a e kgatlhegela. Ditebelelo tsa rona tsa go nna le lelapa, di ne tsa folotsa. Morwadiarona yo o neng a tsholwa ka February 1, 1937, ga a ka a tshela. A bo re ne re hutsafetse jang ne!

Mo nakong eo, lelapa la gaetsho le ne le tshwaregile mo tirong ya go rera, mme ke ne ka utlwa gore Rre e ne e le ene fela mmoledi wa Bogosi mo lelapeng yo o neng a ise a tsamaise peeletso ya makasine wa Consolation (e jaanong e leng Tsogang!). E ne e le mokgele wa bodiredi jwa tshimo o ba neng ba ipeetse one mo kgweding eo. Le mororo ke ne ke ise ke bale epe ya dikgatiso tsa Mokgatlho ka nako eo, ke ne ka mo utlwela botlhoko mme ka re: “Go siame Rre, ntirele peeletso; mme o tla tshwana le ba bangwe.” Selemo se ne sa tsena, mme setlhopha sa okhesetara se ne sa tswa mo toropong eno sa ya go tshameka kwa mafelong a boitapoloso. Makasine wa Consolation o ne wa tla ka poso. Letlhabula le ne la tsena, mme setlhopha seno sa okhesetara se ne sa boela gape kwa Toronto. Dimakasine di ne di tlhola di tla ka aterese ya rona ya poso e ntšha, mme ke ne ke ise ke bule epe ya tsone.

Ka malatsi mangwe a boikhutso a Keresemose, ke ne ka leba mokoa ono wa dimakasine mme ka fetsa ka gore fa ke di dueletse, ke tshwanetse go bala dingwe tsa tsone gore ke bone gore di tshotse eng. Wa ntlha o ke neng ka o bula o ne wa nkgakgamatsa. O ne o senola boferefere le ditiro tse di seng ka fa molaong tsa bopolotiki tsa nako eo. Ke ne ka simolola go buisana le baopedikanna ka se ke neng ke se bala. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa dumele gore se ke neng ke se bua se ne se le boammaaruri, mme ke ne ka tshwanelwa ke go tswelela pele ke bala gore ke kgone go iphemela. Ke ne ka simolola go neela bosupi ka Jehofa ke sa lemoge. Mme go tloga ka nako eo, ga ke a ka ka kgaotsa go bala dikgatiso tse di molemolemo tsa Baebele tsa “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.”—Mathaio 24:45.

Le mororo ke ne ke nna ke tshwaregile ka tiro mo gare ga beke, ka bonako fela ke ne ka nna gone kwa dipokanong tsa Sontaga le Aileen. Fa re tsena kwa pokanong nngwe ya Sontaga ka 1938, bokgaitsadi bangwe ba babedi ba ba godileng ba ne ba re dumedisa, mme mongwe wa bone o ne a re: “Mokaulengwe, a o setse o tsere letlhakore la ga Jehofa? Haramagedona e setse e le gaufi thata waitse!” Ke ne ke itse gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri, mme ke ne ke tlhatswegile pelo gore eno ke phuthego ya gagwe. Ke ne ke batla go nna mo go yone, ka jalo ke ne ka kolobediwa ka October 15, 1938. Aileen o ne a kolobediwa dikgwedi di le thataro moragonyana. Ke itumelela go bolela gore botlhe mo lelapeng la gaetsho ba ne ba nna batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa.

A bo ke ne ka itumela jang ne go kopanela le batho ba Modimo! Go ise go ye kae, ke ne ka ikutlwa ke phuthologile fa ke na le bone. Fa ke ne ke se gone, ka metlha ke ne ke batla go itse gore go ne go diregile eng kwa dipokanong. Maitseboa mangwe a a umakilweng kwa tshimologong a ile a itshupa a le botlhokwa thata mo go direleng ga me Jehofa.

Nako ya Diphetogo Tse Dikgolo

Phetogo e nngwe e e botlhokwa e re diragaletse ka May 1, 1943. Re ne re le mo kopanong ya rona ya ntlha e kgolo, Kopano ya Puso ya Modimo ya Lefatshe le Lesha ya September 1942 kwa Cleveland, Ohio. Mo gare ga ntwa ya lefatshe e e setlhogo, ntwa e go neng go sa lebege gore e tla khutla, re ne ra utlwa Mokaulengwe Knorr, moporesidente wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower, a neela puo ya phatlalatsa ka bopelokgale e e neng e tlhotlheletsa tota ya setlhogo se se reng, “Kagiso—A e Tla Nnela Ruri?” Re sa ntse re gakologelwa sentle tsela e a neng a bontsha ka yone, go tswa mo go Tshenolo kgaolo 17, gore go tla nna le nako ya kagiso morago ga ntwa eno le gore tiro e kgolo ya go rera e tla dirwa mo go yone.

Se se neng sa re tlhotlheletsa thata e ne e le puo e Mokaulengwe Knorr a neng a e neela pelenyana e e reng, “Jefetha le Ikano ya Gagwe.” Go tswa foo go ne go batliwa babulatsela ba ba oketsegileng! Nna le Aileen re ne ra lebana mme ra buela gongwe (le bontsi jwa batho ba bangwe ka nako e le nngwe): “Ke rona!” Ka bonako fela re ne ra simolola go dira dithulaganyo tsa go tsenela tiro e e botlhokwa thata.

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e sa le e thibetswe kwa Canada fa e sa le ka July 4, 1940. Fa re ne re simolola bobulatsela ka May 1, 1943, molao o ne o sa re dumelele go neela bosupi ka Jehofa le go tsamaisa dibuka tsa Mokgatlho mo tirelong ya tshimo. Rona Bakeresete re ne re tsamaya re tshotse fela dikhopi tsa rona tsa thanolo ya Baebele ya King James. Malatsi a sekae fa re se na go goroga kwa kabelong ya rona ya ntlha ya bobulatsela kwa Parry Sound, Ontario, Stewart Mann, mmulatsela yo o nang le maitemogelo, o ne a romelwa ke ofisi ya lekala go tla go dira tshimo le rona. A bo e ne e le thulaganyo e e lorato jang ne! Mokaulengwe Mann o ne a ratega e bile a rata go nyenya. Re ne ra ithuta mo go ene le go nna le nako e e monate. Re ne re setse re tshwara dithuto tsa Baebele di le mmalwa fa Mokgatlho o re neela kabelo e nngwe kwa toropong ya Hamilton. Go ise go ye kae, le fa gone ke ne ke fetile dingwaga tsa go ya bosoleng, ke ne ka bilediwa tirelo eno. Ke ne ka tshwarwa ka December 31, 1943 ka ntlha ya go gana go tsenela bosole. Fa kgang e sena go sekwa, ke ne ka atlholelwa go dira tiro e sele kwa kampeng, koo ke neng ka dira gone go fitlhela ka August 1945.

Fa ke sena go gololwa, ka bonako fela nna le Aileen re ne ra amogela kabelo ya bobulatsela e e neng ya re isa kwa Cornwall, Ontario. Moragonyana, re ne ra leba kwa kgaolong ya Quebec ke neilwe tiro e e kgethegileng ya go thusa kwa kgotlatshekelong ya melato e e seng masisi ke Lephata la Molao la Mokgatlho. E ne e le mo motlheng wa ga Duplessis kwa Quebec o Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bogisiwa thata mo go one. Malatsi a le mantsi mo bekeng nngwe le nngwe, ke ne ke iphitlhela ke le mo dikgotlatshekelong tse nnè tse di farologaneng ke thusa bakaulengwe ba rona. E ne e le dinako tse di kgatlhang le tse di nonotshang tumelo.

Morago ga kopano ya Cleveland ka 1946, re ne ra neelwa dikabelo tsa tiro ya potologo le ya kgaolo tse di neng di dira gore nna le mosadi wa me re tswe losing lo longwe lwa lewatle go ya go lo longwe. Dilo di ne di diragala ka bonako. Ka 1948 re ne ra lalediwa go tsena mo setlhopheng sa bo11 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Mokaulengwe Albert Schroeder le Mokaulengwe Maxwell Friend e ne e le batlhatlheledi ba rona ba babedi, mme Setlhopha sa rona sa baithuti ba le 108 se ne se na le batlodiwa ba le 40. E re ka go ne go na le batho ba ba nnileng batlhanka ba ga Jehofa ka nako e telele, eleruri e ne e le tiragalo e e nonotshang le e e duelang!

Ka letsatsi lengwe Mokaulengwe Knorr o ne a re etela a tswa kwa Brooklyn. Mo puong ya gagwe, o ne a kopa baithaopi ba le 25 go ithuta Sejapane. Botlhe ba ba 108 ba ne ba ithaopa! E ne ya nna boikarabelo jwa moporesidente gore a tlhophe ba ba neng ba tla se rutwa. Ke akanya gore Jehofa o ne a kaela go tlhophiwa ga batho bano ka gonne go ne ga tsamaya ka tshwanelo. Bontsi jwa ba ba 25 ba ba neng ba tlhophiwa mme moragonyana ba nna le tshiamelo ya go ya go simolola tiro kwa Japane ba sa ntse ba le mo dikabelong tsa bone—ba godile, ee, mme ba sa ntse ba le koo. Bangwe ba bone ba ba jaaka, Lloyd le Melba Barry, ba ne ba ntshiwa koo ba isiwa kwa dikabelong tse dingwe. Lloyd e ne e le leloko la Setlhopha se se Laolang go fitlhela a tlhokafala ngogola. Re itumela le bone ka tuelo e Jehofa a ba neileng yone.

Letsatsi la kaloso le ne la goroga, mme re ne ra abelwa go ya kwa Jamaica. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya matlha a dikgotlatshekelo tse di neng di sa ntse di tlile go sekwa kwa Quebec, re ne ra kaelwa go boela kwa Canada.

Mmino o o Oketsegileng!

Le mororo ke ne ka tlogela mmino gore ke tsenele tirelo ya bobulatsela, go ne go bonala mmino one o ne o sa ntlogele. Mo ngwageng o o latelang moporesidente wa Mokgatlho, Nathan Knorr, le mokwaledi wa gagwe, Milton Henschel, ba ne ba goroga kwa Maple Leaf Gardens kwa Toronto. Puo ya phatlalatsa ya ga Mokaulengwe Knorr e e neng e na le setlhogo se se reng “O Tla Thanya lo le Tsebeng!” e ne ya ama mongwe le mongwe maikutlo. E ne e le lekgetlho la ntlha ke kopiwa go etelela pele setlhopha sa okhesetara ya kopano. Re ne ra dira dithulaganyo tsa mmino wa waltz mo go Kingdom Service Song Book (1944). Go bonala bakaulengwe ba ne ba o rata. Fa thulaganyo e ne e konela ka Matlhatso thapama, re ne ra ipaakanyetsa thulaganyo e e neng e rulaganyeditswe Sontaga. Ke ne ka gaodisa Mokaulengwe Henschel a raletse serala a tla ka fa ntlheng ya rona, mme ke ne ka didimatsa setlhopha sa okhesetara gore ke ye go bua le ene. O ne a botsa go re, “O na le baopedi ba le kae mo setlhopheng sa gago sa okhesetara?” “Fa re feletse rotlhe re ka nna 35,” ke ne ka araba jalo. O ne a araba jaana: “Ebu, o tla nna le palo e e menaganeng gabedi kwa New York mo selemong se se tlang.”

Le fa go le jalo, pele selemo seo se tsena, ke ne ka kopiwa go tla Brooklyn. Kwa tshimologong Aileen o ne a se ka a tla le nna, ka ntlha ya mabaka a a rileng. Kago e ntšha ya 124 Columbia Heights e ne e ise e wediwe, ka jalo ke ne ka neelwa marobalo kwa kagong e kgologolo, mo kamoreng e nnye le bakaulengwe ba babedi ba ba tloditsweng—Mokaulengwe Payne yo o godileng le Karl Klein, yo ke neng ke simolola go mmona. A e ne e pitlagane? Ee. Le fa go ntse jalo, re ne re tshedisana sentle. Bakaulengwe ba ba godileng ba ne ba le pelotelele. Ke ne ke leka gore ke se ka ka ba kgoreletsa! E ne e le thuto e e molemo malebana le se moya wa Modimo o ka se fitlhelelang. Go kopana ga me le Mokaulengwe Klein le go dira le ene go ne ga ntlisetsa masego a a ntseng jalo! O ne a le pelonolo e bile a rata go thusa batho ka dinako tsotlhe. Re ne re dira mmogo sentle mme ra nna ditsala tse dikgolo ka dingwaga tse di fetang 50.

Ke ne ka nna le tshiamelo ya go thusa mo mminong kwa dikopanong tse di neng di tshwaretswe kwa Setadiamong sa Yankee ka 1950, 1953, 1955 le ka 1958, le go dira mmogo le Al Kavelin mo setlhopheng sa okhesetara kwa kopanong ya 1963 e e neng e tshwaretswe kwa Rose Bowl, kwa Pasadena, California. Kwa kopanong ya 1953 kwa Setadiamong sa Yankee, go ne ga nna le thulaganyo ya mmino ka Sontaga pele ga puo ya phatlalatsa. Erich Frost o ne a re itsise Edith Shemionik (moragonyana o ne a nna Weigand), yo o opelang lentswe la pele, yo o neng a opela pina e a e tlhamileng ka boene e e reng “Tswelelang Pele, Lona Basupi!” mmogo le setlhopha sa rona sa okhesetara. Morago ga moo re ne ra itumela thata fa re ne re utlwa ka lekgetlho la ntlha, mantswe a a monate a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Afrika. Morongwa mongwe e bong Harry Arnott o ne a tlile le mmino o o rekotilweng o tswa kwa Rhodesia Bokone (e jaanong e leng Zambia) gore re itumelele go o reetsa. Modumo wa one o ne wa tlala setadiamo sotlhe.

Go Rekota Buka ya Dipina ya 1966

A o gakologelwa buka ya dipina e e neng e le pinki ka fa ntle ya, “Singing and Accompanying Yourselves With Music in Your Hearts”? Fa buka eno e ne e tloga e wediwa go kwalwa, Mokaulengwe Knorr o ne a re: “Re tlile go rekota. Ke rata gore o rulaganye setlhopha se sennye sa okhesetara, o dirisa dibayoline di sekae le di-flute di le mmalwa. Ga ke batle ope a ‘letsa phala’!” Holo ya Bogosi ya Bethele e ne e tla dirisiwa e le setedio sa rona, mme go e dirisa go ne go tla baka mathata mangwe. Re ne re tla dirang ka modumo o o neng o tla bakwa ke mabota a a sa khurumediwang ka sepe, boalo jwa dithaele le ditulo tse di menwang tsa tshipi? Ke mang yo o neng a ka re thusa bothata jwa modumo o o sa itumediseng? Mongwe o ne a akantsha jaana: “Tommy Mitchell! O bereka kwa ABC Network Studios.” Re ne ra buisana le Mokaulengwe Mitchell, yo o neng a itumelela go re thusa.

Moso wa ntlha wa Matlhatso wa go rekota o ne wa goroga, mme fa baopedi ba ntse ba itsisiwe, mongwe wa bakaulengwe o ne a tshotse kgetsi ya seletso sa trombone. Ke ne ka gakologelwa Mokaulengwe Knorr a tlhagisa jaana: “Ga ke batle ope a ‘letsa phala’!” Jaanong, ke ne ke tla dira jang? Ke ne ke lebile fa mokaulengwe yono a ntsha trombone ya gagwe mo kgetsing ya yone, a tsenya phaepe ya yone, mme a simolola go ipaakanyetsa go letsa. Mokaulengwe yono e ne e le Tom Mitchell, mme dinoto tsa gagwe tsa ntlha di ne di le monate tota. O ne a dira gore trombone ya gagwe e utlwale jaaka e kete ke bayoline! Ke ne ka tlelwa ke kakanyo ya go re, ‘mokaulengwe yono o tshwanetse go sala!’ Mokaulengwe Knorr o ne a se ka a nna kgatlhanong le gone.

Mo setlhopheng seo sa okhesetara, re ne re na le baopedi ba ba itseng go opela ba gape e neng e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato. Go ne go se na ope yo o kgopisegang motlhofo fela! Go rekota e ne e le tiro e e lapisang, mme go ne go se na ope yo o neng a ngongorega. Fa tiro e setse e weditswe, dikeledi di ne tsa tshologa; mme batho ba ba neng ba na le seabe ba ne ba nna ditsala tse dikgolo. Mongwe le mongwe wa rona o ne a itumelela tshiamelo eno, mme re leboga Jehofa go bo tiro eno e ne ya wediwa.

Ditshiamelo Tse Dingwe Tse di Duelang

Go setse go fetile dingwaga di le dintsi ke itumelela bodiredi jwa nako e e tletseng. Ke nnile le dingwaga di le 28 tsa dikabelo tsa tiro ya potologo le ya kgaolo—ke ne ke itumelela nngwe le nngwe ya tsone. Morago ga moo ke ne ka tlhokomela Holo ya Dikopano ya Norval kwa Ontario ka dingwaga tse tlhano. Nna le Aileen re ne re tshwaregile thata ka ntlha ya dikopano tsa potologo tsa mafelobeke mangwe le mangwe mmogo le dikopano tsa kgaolo tsa dipuo di sele. Ka 1979/80, batlhami ba dipolane le baenjeniri ba ne ba dirisa dikago tsa Holo ya Dikopano fa ba ne ba dira dipolane tsa lekala la Mokgatlho kwa Halton Hills. Morago ga tiro ya rona kwa Holong ya Dikopano, kabelo e nngwe e ne e le ya go nna le seabe gape mo lephateng la mmino kwa Brooklyn, go tloga ka 1982 go ya go 1984.

Mosadi wa me yo ke mo ratang o ne a tlhokafala ka June 17, 1994, malatsi a le supa fela morago ga segopotso sa lenyalo la rona sa bo59. Re ne re feditse dingwaga di le 51 re le mo tirelong ya bobulatsela mmogo.

Fa ke akanya ka dilo di le dintsi tse di ntiragaletseng mo botshelong, ke gakologelwa ka fa Baebele e ileng ya nkaela ka tsela e e molemo ka gone. Ka dinako tse dingwe, ke dirisa Baebele ya ga Aileen mme ke itumelele thata go lemoga dilo tse a neng a di rata thata—ditemana tse di feletseng, dipolelwana tse di kgethegileng le mafoko a a neng a a tshwaya. Fela jaaka Aileen, le nna ke na le ditemana tse ke di ratang thata. Temana nngwe ke ya Pesalema ya bo137, e e bolelang ka thapelo eno e e monate e e neng e lebisitswe kwa go Jehofa: “Fa nka go lebala, Jerusalema, a ke palelwe ke go tshameka harepa gape! Fa nka go lebala Jerusalema, a ke palelwe ke go tlhola ke letsa harepa! A ke se tlhole ke kgona go opela gape fa nka go lebala, fa ke sa go tseye o le boitumelo jwa me jo bogolo!” (Pesalema 137:5, 6, Today’s English Version) Le mororo ke rata mmino, ke itumedisiwa thata ke go direla Jehofa ka boikanyegi, ene yo o ntuetseng ka botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Tora ya Tebelo ya June 1, 1973 (ka Seesemane), e ne ya tlhalosa lebaka la go bo motho a ne a tshwanetse go tlogela go goga pele a kolobediwa le go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go tloga ka nako eo go ya pele.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke na le Aileen ka 1947

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Mo thulaganyong ya ntlha ya go rekota