Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikuela o Kopa Thuso

Go Ikuela o Kopa Thuso

Go Ikuela o Kopa Thuso

“MODIMO o ntebetse!” mosadi mongwe wa kwa Brazil o ile a tlhaeletsa jalo. Fa monna wa gagwe a sena go swa a sa lebelela, o ne a ikutlwa a sa tlhole a na le sepe se a se tshelelang. A o kile wa leka go gomotsa mongwe yo o ngomogileng pelo jalo kana gongwe a ikuela a kopa thuso?

Bangwe ba tlalelwa thata jaana mo e leng gore ba a ipolaya—mme bontsi jwa bone ke basha. Go ya ka lokwalodikgang lwa Folha de S. Paulo, patlisiso nngwe ya kwa Brazil e bontsha gore “palo ya basha ba ba ipolayang e oketsegile ka diperesente di le 26.” Ka sekai, akanya ka kgang ya ga Walter, * lekawana lengwe la kwa São Paulo. O ne a se na batsadi, legae, e bile a se na le ditsala tse a ka di ikanyang. Go fedisa bohutsana jwa gagwe, Walter o ne a swetsa ka gore a itigele fa fatshe a le mo borogong.

Mmè mongwe yo e leng motsadi a le nosi e bong Edna, o ne a setse a na le bana ba babedi fa a kopana le monna yo mongwe. Morago ga kgwedi fela ba ne ba simolola go nna mmogo mo ntlong ya ga mmaagwe monna yono, yo a neng a inaakantse le tirisabadimo e bile e le lekgoba la bojalwa. Edna o ne a nna le ngwana yo mongwe, a simolola go nwa bojalwa thata mme a tshwenyega thata mo maikutlong mo e leng gore o ne a leka go ipolaya. Kgabagare, puso e ne ya mo tseela bana ba gagwe.

Go tweng ka batho ba ba tsofetseng? Maria o kile a bo a rata menate e bile a rata go tlotla. Le fa go ntse jalo, fa a ntse a gola, o ne a simolola go tshwenyega ka tiro ya gagwe ya booki ka gonne o ne a boifa gore o tla dira diphoso. Se se ile sa mo tshwenya thata mo maikutlong. Morago ga gore a leke go ikalafa, o ne a batla thuso ya kalafi mme kalafi e a neng a e amogela e ne e bonala e thusa. Mme fa a latlhegelwa ke tiro a le dingwaga di le 57, go tshwenyega thata mo maikutlong go ile ga boa ka tsela e e nonofileng mo e leng gore o ne a bona go se na tharabololo. Maria o ne a simolola go akanya ka go ipolaya.

Porofesa José Alberto Del Porto wa Yunibesithi ya São Paulo o ne a bolela jaana: “Mo e ka nnang diperesente di le 10 tsa batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba leka go ipolaya. Mookamedi wa dingaka tsa masole e bong Dr. David Satcher wa kwa United States o bega jaana: “Go thata go dumela gore batho ba ba ipolaileng ba bantsi go feta ba ba bolailweng, mme ka maswabi go ntse fela jalo.”

Ka dinako tse dingwe fa motho a leka go ipolaya, tota o a bo a ikuela a kopa thuso. Mme ga go na pelaelo gore ba lelapa le ditsala ba batla go thusa motho yo o feletsweng ke tsholofelo yono ka se a se tlhokang. Gone mme, go ka se ka ga thusa sepe go bua mafoko a a jaaka: “Tlogela go ikutlwela botlhoko,” “Go na le batho ba bantsi ba ba mo boemong jo bo maswe go feta jwa gago” kana, “Rotlhe re a tle re nne le letsatsi le le sa itumediseng ka dinako dingwe.” Go na le gore o bue jalo, ke eng o sa nne tsala ya mmatota le moreetsi yo o molemo? Ee, leka go thusa motho yo o tlaletsweng yono go bona gore go molemo go tshela.

Mokwadi wa Mofora e bong Voltaire o ne a kwala jaana: “Motho yo ka ntlha ya kutlobotlhoko a ipolayang gompieno, o ka bo a ile a eletsa go tshela fa a ka bo a ile a leta beke.” Ka gone, batho ba ba tlaletsweng ba ka lemoga jang gore botshelo bo mosola?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Mangwe a maina a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Palo e e ntseng e oketsega ya basha le bagolo ba a ipolaya

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

O ka thusa jang motho yo o feletsweng ke tsholofelo?