Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Josia yo o Boikokobetso O ne A Amogelwa ke Jehofa

Josia yo o Boikokobetso O ne A Amogelwa ke Jehofa

Josia yo o Boikokobetso O ne A Amogelwa ke Jehofa

KGOSANA ya dingwaga tse tlhano e bong Josia wa kwa Judea o tshwanetse a bo a tshogile. Mmaagwe e bong Jetita o hutsafetse. Jetita o na le lebaka la go lela ka gonne rraagwemogolo Josia e bong Kgosi Manase o sule.—2 Dikgosi 21:18.

Jaanong rraagwe Josia e bong Amone ke ene yo o tla nnang kgosi ya Juda. (2 Ditirafalo 33:20) Dingwaga di le pedi morago ga foo, (659 B.C.E.), Amone o bolawa ke batlhanka ba gagwe. Batho ba bolaya balogamaano bano mme ba dira Josia yo mmotlana kgosi. (2 Dikgosi 21:24; 2 Ditirafalo 33:25) Ka nako ya puso ya ga Amone, Josia o ile a tlwaela monkgo wa maswalo o o neng o nkga mo Jerusalema ka ntlha ya dibeso tse dintsi tse di mo godimo ga marulelo a matlo tse batho ba neng ba inama mo pele ga tsone go obamela medimo ya maaka. Go ne go na le baperesiti ba baheitane ba ba neng ba tsamatsamaya moo mme balatedi—tota le bangwe ba ba neng ba bolela gore ba obamela Jehofa—ba ne ba ikana ka modimo Milekame.—Sefania 1:1, 5.

Josia o itse gore Amone o ne a dira boikepo ka go obamela medimo ya maaka. Kgosi yo mmotlana wa Juda gape o simolola go tlhaloganya dipolelo tsa moporofeti wa Modimo e bong Sefania botoka. Ka nako ya fa Josia a le dingwaga di le 15 (652 B.C.E.), o mo ngwageng wa borobedi wa puso ya gagwe mme o ikemiseditse go tsaya mafoko a ga Sefania tsia. Josia o simolola go batla Jehofa a sa le mosimanyana.—2 Ditirafalo 33:21, 22; 34:3.

Josia o Tsaya Kgato!

Go feta dingwaga di le nnè mme Josia o simolola go phepafatsa Juda le Jerusalema ka go tlosa bodumedi jwa maaka teng (648 B.C.E.). O senya medimo ya disetwa, dipilara tse di boitshepo le dibeso tsa maswalo tse di dirisiwang mo kobamelong ya ga Baale. Ditshwantsho tsa medimo ya maaka di silwa gore e nne molora go tswa foo o gasiwa mo mabitleng a batho ba ba neng ba e ntshetsa ditlhabelo. Dibeso tse di neng di dirisediwa kobamelo e e itshekologileng di a itshepololwa di bo di senngwa.—2 Dikgosi 23:8-14.

Fa Jeremia, morwa moperesiti wa Molefi a fitlha kwa Jerusalema (647 B.C.E.) o fitlhela tiro ya ga Josia ya go phepafatsa e dirwa ka botlalo. Jehofa Modimo o tlhomile Jeremia yo mmotlana go nna moporofeti wa gagwe mme a bo a bolela molaetsa wa ga Jehofa kgatlhanong le bodumedi jwa maaka ka maatla jang ne! Josia o ne a batla a lekana le Jeremia ka dingwaga. Le mororo Josia a ne a phepafatsa ka bopelokgale e bile Jeremia a bolela melaetsa ya gagwe a se na poifo, batho ba ne ba boela gape ka bonako mo kobamelong ya maaka.—Jeremia 1:1-10.

Go Ribololwa Sengwe se se Tlhwatlhwakgolo!

Go feta dingwaga di ka nna tlhano. Josia wa dingwaga di le 25 o ntse a busa ka dingwaga tse di ka nnang 18. O bitsa Shafane, mokwaledi; Maaseia molaodi wa motse; le Joa mokwadi wa ditiragalo. Kgosi e laela Shafane jaana: ‘Raya Hilekia, moperesiti yo mogolo, a tseye madi a balebedi ba kgoro ba a phuthileng mo bathong mme a a neye badiri gore ba baakanye ntlo ya ga Jehofa.’—2 Dikgosi 22:3-6; 2 Ditirafalo 34:8.

Babaakanyi ba tiro ya tempele ba dira ka natla go tloga ka makuku a naka tsa kgomo. Ga go na pelaelo gore Josia o leboga Jehofa go bo badiri bano ba baakanya tshenyo e bangwe ba bagologolwane ba gagwe ba ba boikepo ba e dirileng mo ntlong ya Modimo. Fa tiro e ntse e tsweletse, Shafane o tla go bega sengwe. Mme ke eng se a se tshwereng? Ebu, o tshwere momeno! O tlhalosa gore Moperesiti yo Mogolo Hilekia o bone “lokwalo lwa molao wa ga Jehofa o o beilweng ke Moše.” (2 Ditirafalo 34:12-18) A bo go ribolotswe sengwe se se tlhwatlhwakgolo jang ne—ga go na pelaelo gore ke khopi ya ntlhantlha ya mokwalo wa Molao!

Josia o tlhoafaletse go utlwa lefoko lengwe le lengwe la buka eo. Fa Shafane a ntse a bala, kgosi e leka go bona gore taolo nngwe le nngwe e ama ene le batho jang. O kgatlhwa thata ke kafa buka eno e gatelelang kobamelo ya boammaaruri ka teng le kafa e bolelelang pele ka teng ka dipetso le go isiwa botshwarwa go go tla nnang teng fa batho ba inaakanya le bodumedi jwa maaka. E re ka Josia jaanong a lemoga gore ditaolo tsa Modimo ga di a latelwa tsotlhe, o ikgagola diaparo a bo a naya Hilekia, Shafane le ba bangwe taolo eno: ‘Yang lo botse Jehofa kaga lokwalo lono; gonne bogale jwa ga Jehofa jo bo re tuketseng bo bogolo, ka borraetsho ba se ka ba reetsa mafoko a buka eno.’—2 Dikgosi 22:11-13; 2 Ditirafalo 34:19-21.

Lefoko la ga Jehofa le Fetisediwa Kwa Pele

Barongwa ba ga Josia ba ya kwa go Huleta moporofeti wa sesadi kwa Jerusalema mme ba boa ka pego. Huleta o fetiseditse lefoko la ga Jehofa kwa pele, a supa gore masetlapelo a a kwadilweng mo bukeng e e sa tswang go bonwa a tla wela setšhaba sa batlhanogi. Le fa go ntse jalo, e re ka Josia a ile a ikokobetsa fa pele ga Jehofa Modimo, ga a kitla a bona masetlapelo ao. O tla phuthelwa kwa go borraagwemogologolwane mme o tla isiwa kwa lebitleng la gagwe ka kagiso.—2 Dikgosi 22:14-20; 2 Ditirafalo 34:22-28.

A boporofeti jwa ga Huleta bo ne bo le boammaaruri, ka e le fa Josia a ile a swela mo ntweng? (2 Dikgosi 23:28-30) Ee, ka gonne “kagiso” e a neng a phuthelwa kwa lebitleng la gagwe ka yone e farologane gotlhelele le “bosula” jo bo tla tlogang bo wela Juda. (2 Dikgosi 22:20; 2 Ditirafalo 34:28) Josia o ne a swa pele ga masetlapelo a 609-607 B.C.E. fa Bababelona ba ne ba tlhasela le go senya Jerusalema. Mme go ‘phuthelwa le borremogologolwane ba motho’ ga go reye gore motho a ka se ka a swa loso lo lo setlhogo. Go dirisiwa polelwana e e tshwanang le eno fa go buiwa ka loso lo lo setlhogo mmogo le ka loso lo lo seng setlhogo.—Duteronome 31:16; 1 Dikgosi 2:10; 22:34, 40.

Kobamelo ya Boammaaruri e Tswelela Pele

Josia o phuthela batho ba Jerusalema kwa tempeleng mme o ba balela “mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano,” lo lo bonweng mo ntlong ya ga Jehofa. Morago ga foo o dira kgolagano ya “go sala Jehofa morago le go tshegetsa ditao tsa gagwe le ditshupo tsa gagwe, le melao ya gagwe ka pelo yotlhe ya [gagwe] le ka mowa otlhe wa [gagwe], go tla a dirafatsa mafoko a kgolagano a a kwadilweng mo lokwalong.” Mme batho botlhe ba dumalana le kgolagano eno.—2 Dikgosi 23:1-3.

Jaanong Kgosi Josia o simolola letsholo le lengwe le go bonalang le nonofile thata le le leng kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa. Baperesiti ba medimo e sele ba Juda ba latlhegelwa ke tiro ya bone. Baperesiti ba Balefi ba ba nang le seabe mo kobamelong e e itshekologileng ba latlhegelwa ke tshiamelo ya bone ya go direla mo sebesong sa ga Jehofa mme mafelo a a tlotlometseng a a neng a agiwa ka nako ya puso ya ga Kgosi Solomone a dirwa gore a se ka a tshwanela kobamelo. Tiro eno ya go phepafatsa e dirwa le mo lefelong le pele e neng e le la bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele, le le ileng la gapiwa ke Baasiria pelenyana (740 B.C.E.).

Go diragatsa mafoko a a builweng dingwaga di le 300 pele ga foo ke “monna wa Modimo wa boammaaruri” yo o sa umakweng ka leina, Josia o fisa marapo a baperesiti ba ga Baale mo sebesong se Kgosi Jeroboame I a neng a se tlhomile kwa Bethele. Mafelo a a tlotlometseng a tlosiwa koo le kwa metseng e mengwe, mme baperesiti ba ba obamelang medimo ya disetwa ba dirwa ditlhabelo mo go tsone dibeso tse ba neng ba di okametse.—1 Dikgosi 13:1-4, NW; 2 Dikgosi 23:4-20.

Go Dirwa Modiro o Mogolo wa Tlolaganyo

Ditiro tsa ga Josia tsa go rotloetsa kobamelo e e itshekileng di engwa nokeng ke Modimo. Fa fela kgosi e sa ntse e tshela, e tla leboga Modimo ka gonne batho ‘ga ba kgaogane le go sala Jehofa Modimo wa borraabo morago.’ (2 Ditirafalo 34:33) Mme Josia a ka lebala jang tiragalo e e itumedisang e e ileng ya diragala ka ngwaga wa bo18 wa puso ya gagwe?

Kgosi e laela batho jaana: “Direlang Jehofa Modimo wa lona modiro wa tlolaganyo, jaaka go kwadilwe mo lokwalong [lo lo sa tswang go bonwa] lwa kgolagano.” (2 Dikgosi 23:21) Josia o itumelela go bona batho ba arabela sentle jaana. Mo modirong ono, ene ka boene o ntsha diphologolo tsa Tlolaganyo di le 30 000 le motlhape wa dikgomo di le 3 000. A bo e ne e le Tlolaganyo e kgolo jang ne! E gaisa Tlolaganyo epe fela e e kileng ya nna teng fa e sa le ka motlha wa ga moporofeti Samuele ka ditlhabelo tsa yone, dithulaganyo tsa yone tse di rulagantsweng sentle le ka palo ya baobamedi ba ba nnileng teng.—2 Dikgosi 23:22, 23; 2 Ditirafalo 35:1-19.

Loso Lwa Gagwe lo Hutsafalelwa Thata

Josia o busa e le kgosi e e siameng ka dingwaga tsotlhe tse 31 (659-629 B.C.E.) tsa puso ya gagwe. Go ya kwa bofelong jwa puso ya gagwe o utlwa gore Faro Neko o ikaeletse go ralala Juda fa a ya go thibela masole a Babilone mme ka go dira jalo a thuse kgosi ya Asiria kwa Karakemishe e e fa thoko ga Noka ya Euferatese. Ka ntlha ya lebaka lengwe le le sa itsegeng, Josia o ya go tlhabana le Moegepeto. Neko o romela barongwa ba gagwe kwa go ene a mo raya a re: “Khutla, o se ka wa itlhakanya le Modimo o o emeng le nna, o ka tla wa go senya.” Mme le fa go ntse jalo, Josia o a ikgakisa a bo a leka go busa Baegepeto kwa Megido.—2 Ditirafalo 35:20-22.

A bo seo se tlisetsa kgosi ya Juda matlhotlhapelo jang ne! Batsholamarumo ba baba ba konopa motlhaselwa wa bone mme ene o raya batlhanka ba gagwe a re: “Ntlosang gonne ke tlhabilwe mo go botlhoko.” Ba tlosa Josia mo kareng ya gagwe ya ntwa mme ba mo tsenya mo go e nngwe ba bo ba ya Jerusalema. Fa ba le koo kana ba le mo tseleng ba ya kwa motseng, Josia o a swa. Pego e e tlhotlheleditsweng e bolela jaana: “Mme a swa, a fitlhwa mo diphupung tsa borraagwe. Mme Bajuta le ba Jerusalema botlhe ba lelela Josia.” Jeremia o ne a mo opelela, mme batho ba ne ba bua ka kgosi mo dipineng tsa bone tsa khutsafalo ka dinako tse di kgethegileng morago ga foo.—2 Ditirafalo 35:23-25.

Ee, Kgosi Josia o ne a dira phoso e kgolo ka go ya go lwa le Baegepeto. (Pesalema 130:3) Le fa go ntse jalo, go ikokobetsa ga gagwe le go nitama ga gagwe mo kobamelong ya boammaaruri go ile ga dira gore Modimo a mo amogele. A bo botshelo jwa ga Josia bo supa sentle jang ne gore Jehofa o amogela batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ba ba boikokobetso!—Diane 3:34; Jakobe 4:6.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Kgosi Josia yo mmotlana o ne a batla Jehofa ka tlhoafalo

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Josia o ne a senya mafelo a a tlotlometseng a bo a rotloetsa kobamelo ya boammaaruri