Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nako e Tlile!”

“Nako e Tlile!”

“Nako e Tlile!”

“Nako ya gagwe e ne e tlile ya gore a fuduge mo lefatsheng leno a ya kwa go Rara.”—JOHANE 13:1.

1. Fa Tlolaganyo ya 33 C.E. e ntse e atamela, Jerusalema e tlala ka magatwe afe, mme ka ntlha yang?

KA NAKO ya go kolobediwa ga ga Jesu ka 29 C.E., o ne a dira tiro e e neng e tla mo gogela kwa ‘nakong’ ya loso lwa gagwe, tsogo ya gagwe le go galalediwa ga gagwe. Jaanong ke dikgakologo tsa 33 C.E. Go setse go fetile beke di sekae fela fa e sa le kgotlakgolo ya Bajuda e leng Sanehederine e gakololana go bolaya Jesu. Fa Jesu a utlwa ka leano leno la bone, gongwe e le ka Nikodemo yo e neng e le leloko la Sanehederine le le neng le le botsalano mo go ene, o fetela mo metsaneng ya magae e e ka kwa ga Noka ya Joredane a tswa kwa Jerusalema. Fa Moletlo wa Tlolaganyo o ntse o atamela, batho ba le bantsi ba tswa kwa metseng ya magae ba tla kwa Jerusalema, mme go tletse magatwe ka ga Jesu mo motseng. Batho ba botsana jaana: “Kgopolo ya lona ke eng? Gore ga a na go tla ka gope mo moletlong?” Moperesiti yo mogolo le Bafarasai ba ne ba gakaditse magatwe ao ka go laela batho gore mongwe le mongwe yo o bonang Jesu a ba begele kwa a leng teng.—Johane 11:47-57.

2. Ke tiro efe e Marea a e dirang e e tsosang kgang, mme tsela e Jesu a mo sireletsang ka yone e bontsha jang gore o itse “nako ya gagwe”?

2 Ka Nisane 8, malatsi a le marataro pele ga Tlolaganyo, Jesu o boetse gape mo metseng e e gaufi le Jerusalema. O tla kwa Bethani—motse wa ditsala tsa gagwe tse a di ratang e bong Maratha, Marea le Lasaro—motse o o dikilometara di ka nna tharo go tswa mo Jerusalema. Ke Labotlhano maitseboa mme Jesu o fetsa Sabata a le koo. Mo maitseboeng a a latelang fa Marea a mo direla tiro ya go mo tlotsa ka lookwane lo lo tlhwatlhwakgolo, barutwa ba a ngongorega. Jesu o araba jaana: “Mo lese, gore a tle a boloke tlwaelo eno ka ntlha ya letsatsi la phitlho ya me. Gonne lo na le bahumanegi ka metlha, mme nna ga lo kitla lo nna le nna ka metlha.” (Johane 12:1-8; Mathaio 26:6-13) Jesu o ne a itse gore “nako ya gagwe e ne e tlile ya gore a fuduge mo lefatsheng leno a [ye] kwa go Rara.” (Johane 13:1) O ne a saletswe ke malatsi a le matlhano fela a bo a “ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mareko 10:45) Ka gone, sengwe le sengwe se Jesu a se dirang le go se ruta o se dira a itse gore nako e potlakile. A bo seno se re tlhomela sekao se se molemo jang ne fa re ntse re letile bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo ka tlhoafalo! Akanya ka se se diragalelang Jesu mo letsatsing le le latelang.

Letsatsi la go Tsena ga ga Jesu ka Tsela ya Phenyo

3. (a) Jesu o tsena jang kwa Jerusalema ka Sontaga, Nisane 9, mme bontsi jwa batho ba ba nang le ene ba itshwara jang? (b) Jesu o ne a araba Bafarasai jang fa ba ngongorega ka boidiidi?

3 Ka Sontaga, Nisane 9, Jesu o tla kwa Jerusalema ka tsela ya phenyo. Fa a atamela motse—a palame eselana ngwana wa esele go diragatsa Sekaria 9:9—bontsi jwa batho ba ba mo kgobokanetseng ba tsharololela diaparo tsa bone tsa kwa ntle mo tseleng, fa ba bangwe bone ba kgaola dikala tsa ditlhare mme ba di ala. Ba tlhaeletsa ba re: “Go sego Yo o tlang e le Kgosi ka leina la ga Jehofa!” Bangwe ba Bafarasai ba ba mo boidiiding joo ba batla gore Jesu a kgaleme barutwa ba gagwe. Le fa go ntse jalo, Jesu o araba a re: “Ke a lo bolelela, Fa bano ba ne ba ka tuulala, maje a ne a tla goa.”—Luke 19:38-40; Mathaio 21:6-9.

4. Ke eng fa go tsoga khuduego mo Jerusalema fa Jesu a tsena mo motseng?

4 Dibeke di sekae pelenyana, bontsi jwa batho ba ba neng ba le mo boidiiding joo ba ne ba bone Jesu a tsosa Lasaro. Jaanong ba ne ba nna ba bolelela ba bangwe kaga kgakgamatso eo. Ka gone, fa Jesu a tsena ka Jerusalema, motse otlhe o nna mo khuduegong. Batho ba botsa jaana: “Yono ke mang?” Boidiidi jwa nna jwa bolela jwa re: “Yono ke moporofeti Jesu, yo o tswang kwa Nasaretha wa Galalea!” Fa Bafarasai ba bona se se diregang, ba ngongorega jaana: “Lefatshe le mo setse morago.”—Mathaio 21:10, 11; Johane 12:17-19.

5. Go direga eng fa Jesu a fitlha kwa tempeleng?

5 Fa Jesu Morutisi yo Mogolo a fitlha kwa Jerusalema o ya kwa tempeleng go ya ka tlwaelo ya gagwe go ya go ruta. Fa a le koo difofu le digole di tla kwa go ene mme o a di fodisa. Fa baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona seno mme ba utlwa basimane ba ba mo tempeleng ba tlhaeletsa ba re, “Boloka Morwa Dafide, re a rapela!” ba a shakgala. Ba ngongorega ba re: “A o utlwa gore bano ba reng?” Jesu o araba ka go re: “Ee. A lo ne lo ise lo ke lo bale seno, ‘O lerile pako ka se se tswang mo molomong wa masea le ba ba anyang’?” Fa Jesu a tswelela pele ka go ruta, o ela tlhoko se se diregang mo tempeleng.—Mathaio 21:15, 16; Mareko 11:11.

6. Tsela e Jesu a dirang dilo ka yone e fetogile jang go na le ya nako e e fetileng, mme ke ka ntlha yang?

6 A bo Jesu a dira dilo ka tsela e e farologaneng thata ja ne le e a neng a di dira ka yone dikgwedi di le thataro tse di fetileng! Ka nako eo o ne a tla mo Jerusalema go tla Moletlong wa Metlaagana “e seng ka go itshupa mme e le ka sephiri.” (Johane 7:10) Mme ka metlha o ne a tle a ele tlhoko gore o tswa a babalesegile fa botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing. Jaanong o tsena a bonwa ke mang le mang mo motseng o mo go one go neng go ntshitswe taelo ya gore a tshwarwe! Jesu o ne a sa tlwaela go ipolelela batho gore ke Mesia. (Isaia 42:2; Mareko 1:40-44) O ne a sa batle gore go tsosiwe modumo ka ene kana gore go tlalatlale dipego tse di seng boammaaruri ka ga gagwe. Jaanong boidiidi joo bo bolela phatlalatsa gore ke Kgosi le Mmoloki—Mesia—mme o kgala baeteledipele ba bodumedi fa ba mo kopa gore a bo didimatse! Ke eng fa a fetogile jaana? Ke ka gonne “nako e tlile ya gore Morwa motho a galalediwe,” jaaka fa Jesu a ile a itsise jalo mo letsatsing le le latelang.—Johane 12:23.

Bopelokgale—Go Tswa Foo, Dithuto Tse di Namolang Matshelo

7, 8. Se Jesu a se dirang ka Nisane 10, 33 C.E., se tshwana jang le se a ileng a se dira mo tempeleng ka nako ya Tlolaganyo ya 30 C.E.?

7 Fa Jesu a fitlha kwa tempeleng ka Mantaga, Nisane 10, o tsaya dikgato ka se a se boneng maabane motshegare. O simolola go ‘latlhela kwa ntle ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, mme o pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le dibanka tsa ba ba rekisang maphoi; mme ga a letle ope go ralala tempele a tshotse selwana.’ O bua jaana a kgala baleofi bao: “A ga go a kwalwa ga twe, ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya merafe yotlhe’? Mme lona lo e dirile logaga lwa dithukuthi.”—Mareko 11:15-17.

8 Se Jesu a se dirang se tshwana le se a neng a se dira dingwaga tse tharo tse di fetileng mo Tlolaganyong ya 30 C.E. Le fa go ntse jalo, tsela e a ba kgalemang ka yone e gagametse go sekae go feta ka nako eo. Jaanong o raya baananyi a re ke “dithukhuthi.” (Luke 19:45, 46; Johane 2:13-16) Ba ntse jalo ka gonne ba beela batho ba ba tlhokang go reka diphologolo tsa setlhabelo ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata. Baperesiti ba bagolo, bakwadi le batho ba maemo ba utlwalela se Jesu a se dirileng mme gape ba senka ditsela tsa go mmolaya. Le fa go ntse jalo, ga ba itse gore ba ka bolaya Jesu jang e re ka a faraferwe ke batho ba ba batlang go mo reetsa ka ba gakgamadiwa ke dilo tse a di rutang.—Mareko 11:18; Luke 19:47, 48.

9. Ke thuto efe e Jesu a e rutang mo tempeleng, mme o laletsa bareetsi ba gagwe go dira eng?

9 Fa Jesu a tsweletse a ruta mo tempeleng, o bolela jaana: “Nako e tlile ya gore Morwa motho a galalediwe.” Ee, o a itse gore o saletswe ke malatsi a sekae fela a botshelo jwa gagwe e le motho. Fa Jesu a sena go tlhalosa kafa tlhaka ya korong e tshwanelwang ke go swa ka teng e le gore e tlhagise dijo—a amanya seno le loso lwa gagwe le go nna ga gagwe yo o tla dirang gore batho ba bangwe ba bone botshelo jo bo sa khutleng—o laletsa bareetsi ba gagwe jaana: “Fa mongwe a batla go ntirela, a a ntshale morago, mme kwa ke leng gone modiredi wa me le ene o tla nna gone koo. Fa mongwe a batla go ntirela, Rara o tla mo tlotla.”—Johane 12:23-26.

10. Jesu o ikutlwa jang ka loso lo lo botlhoko lo lo mo letetseng?

10 Jesu o tswelela pele jaana a akantse ka loso lwa gagwe lo lo saletsweng ke malatsi a le manè fela: “Jaanong moya wa me o tshwenyegile, mme ke tla reng? Rara, mpoloke mo nakong eno.” Mme se se tlileng go diragalela Jesu se ka se ka sa tilwa. A re: “Lefa go ntse jalo, ke gone ka moo ke tlileng mo nakong eno.” Ee ruri, Jesu o dumalana le thulaganyo yotlhe ya Modimo. O iketleeleditse go letla gore thato ya Modimo e kaele se a tla se dirang go fitlha a swa loso lwa go intsha setlhabelo. (Johane 12:27) A sekao se se molemo jang se a re tlhometseng sone—sa go ikobela thato ya bomodimo ka botlalo!

11. Jesu o ruta boidiidi jo bo sa tswang go utlwa lentswe le le tswang legodimong dithuto dife?

11 Jesu o rapela jaana a amegile thata ka tsela e loso lwa gagwe lo tlileng go ama leina la ga Rraagwe ka yone: “Rara, galaletsa leina la gago.” Boidiidi jo bo kgobokanetseng mo tempeleng bo gakgamala tota fa bo utlwa lentswe le le tswang legodimong le re: “Ke le galaleditse e bile ke tla le galaletsa gape.” Morutisi yo Mogolo o dirisa tshono eno go tlhalosetsa boidiidi gore ke eng fa ba utlwa lentswe leo, ke eng se loso lwa gagwe lo tla felelang ka sone le gore ke eng fa ba tshwanetse go nna le tumelo. (Johane 12:28-36) Ga go pelaelo gore Jesu o tshwaregile tota mo malatsing a gagwe a mabedi a bofelo. Mme gone, o sa ntse a letetswe ke letsatsi le le masisi thata.

Letsatsi La go Ba Kgala

12. Ka Labobedi, Nisane 11, baeteledipele ba bodumedi ba leka go tshwara Jesu jang, mme go ne ga felela jang?

12 Ka Labobedi, Nisane 11, Jesu o ya gape kwa tempeleng go ya go ruta. O kopana le batho ba ba leng kgatlhanong le ene. Fa baperesiti ba bagolo le banna ba bagolo ba bua ka se Jesu a se dirileng mo letsatsing le le fetileng, ba mmotsa jaana: “O dira dilo tseno ka taolo efe? Mme ke mang yo o neng a go naya taolo eno?” Morutisi yo Mogolo o ba tlhakanya tlhogo ka karabo ya gagwe, mme o ba bolelela ditshwantsho tse tharo tse di kgatlhang—tse pedi tsa tsone e le kaga tshimo ya mofine mme se sengwe e le kaga moletlo wa lenyalo—tse di senolang kafa baganetsi ba gagwe ba leng boikepo ka gone. Baeteledipele bano ba bodumedi ba senka go mo tshwara ka ba galefisitswe ke se ba se utlwang. Le fa go ntse jalo ba tshaba boidiidi jwa batho, e re ka bo tsaya Jesu e le moporofeti. Ka jalo ba leka go mo tshwara ka mafoko gore a bue sengwe se ba neng ba ka mo tshwara ka sone. Dikarabo tse Jesu a ba arabang ka tsone di ba tswala melomo.—Mathaio 21:23–22:46.

13. Jesu o neela bareetsi ba gagwe kgakololo efe malebana le bakwadi le Bafarasai?

13 E re ka bakwadi le Bafarasai ba ipolela gore ba ruta Molao wa Modimo, Jesu o kgothatsa bareetsi ba gagwe jaana: “Dilo tsotlhe tse ba di lo bolelelang, lo di dire lo bo lo di boloke, mme lo se ka lwa dira go ya ka ditiro tsa bone, gonne ba a bua mme ba ba ba sa dire.” (Mathaio 23:1-3) A bo e le tsela e e maatla jang ne ya go ba kgala phatlalatsa! Mme Jesu ga a ise a fetse ka bone. Ke letsatsi la gagwe la bofelo kwa tempeleng, mme ka bopelokgale o ba kgala a sa fetse—a thathologa jaaka toloki.

14, 15. Jesu o ile a kgala bakwadi le Bafarasai ka dilo dife?

14 “Abo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi ke lona!” Jesu o ba raya jalo ka makgetlo a marataro. Ba ntse jalo ka gonne, jaaka fa a tlhalosa, ba tswalela batho Bogosi jwa legodimo ba sa letle batho ba ba batlang go tsena. Baitimokanyi bano ba ralala lewatle le lefatshe le le omeletseng go sokolola motho a le mongwe e le fela gore ba mo dire gore a tshwanele tshenyego ya bosakhutleng. Ba gatelela thata gore go ntshiwe ditsabosome le mororo ba itlhokomolosa “dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyego.” Tota e bile, ba ntlafatsa “bokafantle jwa senwelo le jwa sejana, mme mo teng di tletse kgapo le bosenangtekatekano” ka gonne ba fitlha boikepo jwa bone ka go dira gore go lebege e kete ba kutlwelobotlhoko. Mo godimo ga moo, ba iketleeletsa go aga mabitla a baporofeti le go a kgabisa e le go supa ditiro tsa bone tse go lebegang e le tsa bopelontle, le mororo e le “barwa ba ba ba neng ba bolaya baporofeti.”—Mathaio 23:13-15, 23-31.

15 Jesu o bua jaana a kgala baganetsi ba gagwe ka ntlha ya go palelwa ke go leba dilo ka tsela ya semoya: “Abo go latlhega lona, bagogi ba ba foufetseng.” Ba foufetse mo boitsholong ka gonne ba tlotlomatsa thata gouta ya tempele go na le go gatelela thata mo dilong tsa semoya tsa lefelo leo la kobamelo. Jesu o tswelela pele a ba kgala ka mafoko a a bogale go gaisa. A re: “Dinoga, lotsalo lwa dinoga tse di nang le botlhole, lo tla tshaba jang katlholo ya Gehena?” Ee, Jesu o ba bolelela gore ba tla bona tshenyego ya bosakhutleng ka ntlha ya go bo ba gana go tlogela ditiro tsa bone tse di boikepo. (Mathaio 23:16-22, 33) E kete le rona re ka bontsha bopelokgale jo bo ntseng jalo fa re bolela molaetsa wa Bogosi, tota le fa seo se ka akaretsa gore re senole bodumedi jwa maaka.

16. Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba dutse mo Thabeng ya Lotlhware, ke boporofeti bofe jo bo botlhokwa jo a ba bolelelang jone?

16 Jaanong Jesu o tswa mo tempeleng. Ene le baaposetoloi ba gagwe ba palama Thaba ya Lotlhware thapama fa letsatsi le ntse le dikela. Fa ba ntse ba dutse koo, Jesu o ba bolelela boporofeti jo bo malebana le go senngwa ga tempele le sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. Bokao jwa boporofeti joo bo ama le motlha ono wa rona. Mo maitseboeng ao, Jesu o raya barutwa ba gagwe a re: “Lo itse gore malatsi a le mabedi go tloga jaanong ke tlolaganyo, mme Morwa motho o tla neelwa gore a bapolwe.”—Mathaio 24:1-14; 26:1, 2.

Jesu o ‘Rata ba Gagwe go ya Bokhutlong’

17. (a) Ka nako ya Tlolaganyo ka Nisane 14, ke thuto efe e Jesu a neng a e ruta ba ba 12? (b) Jesu o simolola segopotso sefe morago ga a sena go leleka Judase Isekariota?

17 Jesu ga a iponatse phatlalatsa kwa tempeleng mo malatsing a mabedi a a latelang—Nisane 12 le 13. Baeteledipele ba bodumedi ba senka go mmolaya, mme ga a batle sepe se mo kgoreletsa fa a keteka Tlolaganyo le baaposetoloi ba gagwe. Fa letsatsi le phirima ka Labone, go simolola letsatsi la Nisane 14—letsatsi la bofelo la botshelo jwa ga Jesu e le motho mono lefatsheng. Mo maitseboeng ao, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba dutse mmogo mo ntlong kwa Jerusalema koo go dirilweng dithulaganyo teng gore ba keteke Tlolaganyo. Fa ba ntse ba ja Tlolaganyo mmogo, o ruta ba ba 12 thuto e e molemo kaga boikokobetso ka go ba tlhapisa dinao. Fa Jesu a sena go leleka Judase Isekariota, yo o neng a dumetse go oka Mong wa gagwe ka dipapetlana tse 30 tsa selefera—tlhwatlhwa ya lekgoba go ya ka Molao wa ga Moshe—o simolola Segopotso sa loso lwa gagwe.—Ekesodo 21:32; Mathaio 26:14, 15, 26-29; Johane 13:2-30.

18. Ke dilo dife tse dingwe tse ka lorato Jesu a di rutang baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba 11, mme o ba thusa jang gore ba ipaakanyetse go tsamaya ga gagwe go go atametseng?

18 Morago ga go keteka Segopotso, baaposetoloi ba a ngangisana malebana le gore ke ofe yo mogolo mo go bone. Mo boemong jwa gore Jesu a ba omanye, ka bopelotelele o ba ruta botlhokwa jwa go direlana. Ka go bo a anaanela go bo ba ile ba mo kgomarela mo ditekong tsa gagwe, o dira kgolagano ya bogosi le bone. (Luke 22:24-30) Gape Jesu o ba laela gore ba ratane fela jaaka a ba ratile. (Johane 13:34) Fa Jesu a ntse a na le bone mo ntlwaneng eo, o ba thusa go ipaakanyetsa nako ya go tsamaya ga gagwe go go atametseng. O ba tlhomamisetsa gore o tla aga e le tsala ya bone, a ba kgothaletsa gore ba nne le tumelo le go ba solofetsa thuso ya moya o o boitshepo. (Johane 14:1-17; 15:15) Pele ga Jesu a tswa mo ntlong eo, o kopa rraagwe jaana: “Nako e tlile; galaletsa morwao, gore morwao a tle a go galaletse.” Ee ruri, Jesu o thusa baaposetoloi ba gagwe go ipaakanyetsa go tsamaya ga gagwe, mme ruri o ‘ratile ba gagwe go ya bokhutlong.’—Johane 13:1; 17:1.

19. Ke eng fa Jesu a le mo khutsafalong mo tshimong ya Gethesemane?

19 Nako e ka nna ya bo e setse e fetile bosigogare fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba fitlha fa tshimong ya Gethesemane. Gantsi o ne a tle a ye teng le baaposetoloi ba gagwe. (Johane 18:1, 2) Mo diureng di sekae fela Jesu o ne a tlile go swa jaaka e kete ke senokwane se se nyatsegang. Botlhokwa jwa se se tlileng go diragalela Jesu le tsela e go ka nnang ga senya leina la ga Rragwe ka yone, go mo utlwisa botlhoko thata jaana mo e leng gore mofufutso wa gagwe o rotha jaaka marothodi a madi fa a ntse a rapela. (Luke 22:41-44) “Nako e tlile!” Jesu o raya baaposetoloi ba gagwe jalo. “Bonang! Yo o nneelang batho ka boferefere o atametse.” Fa a sa ntse a bua Judase Isekariota o a mo atamela a na le boidiidi jwa batho ba ba tshotseng dirumola le mabone le dibetsa. Ba tletse go tshwara Jesu. Ga a gane. O tlhalosa jaana: “Mo kgannyeng eo, Dikwalo di ne di tla diragadiwa jang gore go tshwanetse ga diragala ka tsela eno?”—Mareko 14:41-43; Mathaio 26:48-54.

Morwa Motho o a Galalediwa!

20. (a) Ke mahutsana afe a a diragalelang Jesu morago ga a sena go tshwarwa? (b) Ke eng fa Jesu a tlhaeletsa a re: “Go diragaditswe!” metsotso e sekae fela pele a swa?

20 Fa Jesu a sena go tshwarwa, o latofadiwa ka bosupi jwa maaka, o bonwa molato ke baatlhodi ba ba gobelelang, o atlholwa ke Ponto Pilato, o tswatswailwa ke baperesiti le segongwana sa batho le go sotlwa a ba a setlakwa ke masole. (Mareko 14:53-65; 15:1, 15; Johane 19:1-3) Ka Labotlhano motshegare, Jesu o kokotelwa mo thupeng ya tlhokofatso mme o utlwa botlhoko jo bo gamolang pelo fa bokete jwa mmele wa gagwe bo gagola dintho tsa dimapo tse di mo diatleng le mo dinaong. (Johane 19:17, 18) Mo e ka nnang ka ura ya boraro thapama, Jesu o tlhaeletsa jaana: “Go diragaditswe!” Ee, o weditse sotlhe se a neng a se tletse mo lefatsheng. O neela moya wa gagwe go Modimo a bo a oba tlhogo a swa. (Johane 19:28, 30; Mathaio 27:45, 46; Luke 23:46) Malatsi a le mararo morago ga moo, Jehofa o tsosa Morwawe. (Mareko 16:1-6) Morago ga Jesu a sena go fetsa malatsi a le 40 a tsogile mo baswing, o tlhatlogela legodimong a bo a galalediwa.—Johane 17:5; Ditiro 1:3, 9-12; Bafilipi 2:8-11.

21. Re ka etsa Jesu jang?

21 Re ka ‘latela dikgato tsa ga Jesu’ jang sentlentle? (1 Petere 2:21) Jaaka ene, a re itekeng ka natla mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa le go nna pelokgale fa re bua ka lefoko la Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Ditiro 4:29-31; Bafilipi 1:14) Le ka motlha re se lebale nako e re leng mo go yone kana ra lebala go tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo. (Mareko 13:28-33; Bahebera 10:24, 25) A re direng gore tsela yotlhe ya rona ya botshelo e laolwe ke thato ya ga Jehofa Modimo le go lemoga ga rona gore re tshela mo ‘motlheng wa bokhutlo.’—Daniele 12:4.

O ka Araba Jang?

• Go itse ga ga Jesu gore loso lwa gagwe lo atametse go ile ga ama jang karolo ya bofelo ya bodiredi jwa gagwe kwa tempeleng ya Jerusalema?

• Ke eng se se bontshang gore Jesu ‘o ne a rata ba gagwe go ya bokhutlong’?

• Dilo tse di diragetseng mo diureng tsa bofelo tsa botshelo jwa ga Jesu di supa eng ka ene?

• Re ka etsa Keresete Jesu jang mo bodireding jwa rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jesu o ne a ba “rata go ya bokhutlong”