“Nako ya Gagwe E ne E Ise e Tle”
“Nako ya Gagwe E ne E Ise e Tle”
“Go ne go se ope yo o neng a mmaya seatla, ka gonne nako ya gagwe e ne e ise e tle.”—JOHANE 7:30.
1. Ke dilo dife tse pedi tse di neng tsa laola se Jesu a neng a se dira?
JESU KERESETE o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Morwa motho [o] ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) O ne a raya mmusi wa Moroma e bong Ponto Pilato a re: “Ke tsaletswe sone seno, e bile ke tletse sone seno mo lefatsheng, gore ke neye bosupi ka boammaaruri.” (Johane 18:37) Jesu o ne a itse sentle gore ke eng fa a ne a tlile go swa le gore ke tiro efe e a neng a tshwanetse go e dira pele ga loso lwa gagwe. Gape o ne a itse gore tiro ya gagwe e ne e tla tsaya lobaka lo lo kana kang. Bodiredi jwa gagwe jwa go nna Mesia mo lefatsheng bo ne bo tla tsaya fela lobaka lwa dingwaga di le tharo le sephatlo. Bo ne jwa simolola fa a ne a kolobediwa mo metsing mo Nokeng ya Joredane (ka 29 C.E.) mo tshimologong ya beke ya bo70 ya tshwantshetso e e neng e boleletswe pele mme jwa fela fa a swa mo koteng ya tlhokofatso mo bogareng jwa yone beke eo (ka 33 C.E.). (Daniele 9:24-27; Mathaio 3:16, 17; 20:17-19) Ka gone, sotlhe se Jesu a neng a se dira mo botshelong jwa gagwe fa a le mo lefatsheng se ne se laolwa ke dilo tse pedi tsa konokono: lebaka la go tla ga gagwe le go lemoga botlhokwa jwa go nepa nako e e tshwanetseng.
2. Diefangele di tlhalosa Jesu Keresete jang, mme o ne a bontsha jang gore o lemoga botlhokwa jwa tiro ya gagwe?
2 Dipego tsa Diefangele di bua ka Jesu Keresete e le monna yo o neng a dira ka natla yo o neng a etela metse yotlhe ya lefatshe la Palesetina, a bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e bile a dira dikgakgamatso tse dintsi. Go buiwa jaana ka Jesu fa a ne a simolola bodiredi jwa gagwe jo bo maatla: “Nako ya gagwe e Johane 7:8, 30; 12:23) Dilo tse Jesu a neng a di bua le tse a neng a di dira di tshwanetse tsa bo di ne di tlhotlhelediwa ke go lemoga ga gagwe nako e tiro ya gagwe e e beetsweng, go akaretsa le ya loso lwa gagwe lwa setlhabelo. Fa re ka tlhaloganya kafa seno se neng sa mo ama ka teng, re tla kgona go lemoga botho jwa gagwe le tsela ya gagwe ya go akanya, e leng se se tla re thusang gore re “latele dikgato tsa gagwe” thata.—1 Petere 2:21.
ne e ise e tle.” Jesu ka boene o ne a re: “Nako ya me e e tshwanetseng ga e ise e tle ka botlalo.” Fa a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe o ne a re, “nako e tlile.” (Go Ikemisetsa go Dira Thato ya Modimo
3, 4. (a) Go direga eng kwa moketeng wa lenyalo kwa Kana? (b) Ke eng fa Morwa Modimo a ile a gana kakantsho ya ga Marea ya gore a dire sengwe ka go tlhaela ga beine, mme re ka ithuta eng mo go seo?
3 Ngwaga ke 29 C.E. Go fetile malatsi a sekae fela fa e sa le Jesu ka boene a tlhopha barutwa ba gagwe ba ntlha. Jaanong botlhe ba tlile moletlong wa lenyalo mo motsaneng wa Kana mo kgaolong ya Galalea. Mmaagwe Jesu e bong Marea le ene o gone. Beine e a fela. Marea o raya morwawe jaana, a akantsha gore a dire sengwe: “Ga ba na beine.” Mme Jesu o araba jaana: “Ke na le tirisano efe le wena, mosadi? Nako ya me ga e ise e tle.”—Johane 1:35-51; 2:1-4.
4 Karabo ya ga Jesu e e reng, “Ke na le tirisano efe le wena, mosadi?” ke tsela ya bogologolo ya go botsa potso e e neng e dirisiwa go gana sengwe fa motho a sa dumalane le sone. Ke eng fa Jesu a gana kakantsho ya ga Marea? Ebu, jaanong o na le dingwaga tse 30. O sa tswa go kolobediwa mo dibekeng di sekae tse di fetileng, a tlodiwa ka moya o o boitshepo mme Johane Mokolobetsi a itsise gore e ne e le “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.” (Johane 1:29-34; Luke 3:21-23) Jaanong o tshwanetse go kaelwa ke Molaodi Mogolo yo o mo romileng. (1 Bakorintha 11:3) Go ne go se motho ope—tota lefa e le wa losika yo o atamalaneng thata le Jesu—yo o neng a tshwanetse go mo tshwenya mo tirong e a neng a e tletse mo lefatsheng. A bo tsela e Jesu a arabang Marea ka yone e bontsha go ikemisetsa go dira thato ya ga Rraagwe thata jang ne! E kete le rona re ka ikemisetsa go diragatsa “tshwanelo yotlhe” ya rona go Modimo fela jalo.—Moreri 12:13.
5. Jesu Keresete o dira kgakgamatso efe kwa Kana, mme e ama batho ba bangwe jang?
5 Ka go bo Marea a tlhaloganya mafoko a ga morwawe sentle, o tlogela kgang eo mme o laela balebeledi jaana: “Lefa e le eng se a se lo bolelelang, lo se dire.” Go tswa foo Jesu o rarabolola bothata joo. O laela balebeledi gore ba tlatse dinkgo ka metsi, mme o fetola metsi ao go nna beine. Tiragalo eo e ne ya nna ya ntlha mo ditirong tsa ga Jesu tsa go dira dikgakgamatso, e leng se se neng se neela bosupi jwa gore o na le moya wa Modimo. Fa barutwa ba basha ba bona kgakgamatso eo, tumelo ya bone e a nonofa.—Johane 2:5-11.
Go Tlhoafalela Ntlo ya ga Jehofa
6. Ke eng fa Jesu a galefisiwa ke se a neng a se bona se dirwa mo tempeleng ya kwa Jerusalema, mme o ne a tsaya dikgato dife?
6 E setse e le dikgakologo tsa 30 C.E., mme Jesu le ba ba tsamayang le ene ba mo tseleng go ya kwa Jerusalema go ya moletlong wa Tlolaganyo. Fa ba le koo, barutwa ba gagwe ba bona Moeteledipele wa bone a itshwara ka tsela e ba iseng ba ko ba mmone a itshwara ka yone. Bagwebi ba ba bogagapa ba Bajuda ba rekisa diruiwa le dinonyane tsa ditlhabelo mo teng ga tempele. Mme ba duedisa baobamedi ba ba ikanyegang ba Bajuda ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata. Jesu o a shakgala mme o tsaya kgato. O dira seme ka megala mme o koba barekisi bao. O tsholola madi a baananyi le go pitikolola ditafole tsa bone. O laela ba ba rekisang maphoi jaana: “Tlosang dilo tse fano!” Fa barutwa ba ga Jesu ba bona a shakgetse jalo, ba gopola boporofeti jono jo bo malebana le Morwa Modimo: “Tlhoafalo ya ntlo ya gago e tla nja e mphetsa.” (Johane 2:13-17; Pesalema 69:9) Le rona re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra letla mekgwa ya lefatshe e leswafatsa kobamelo ya rona.
7. (a) Ke eng se se dirang gore Nikodemo a etele Mesia? (b) Re ithuta eng mo kgannyeng ya go bo Jesu a neela mosadi wa Mosamarea bosupi?
7 Fa Jesu a le kwa Jerusalema, o dira dikgakgamatso, mme batho ba le bantsi ba dumela mo go ene. Tota le Nikodemo, yo e neng e le leloko la Sanehederine, kana kgotlakgolo ya Bajuda, o kgatlhiwa ke Jesu mme o tla kwa go ene go le bosigo go tla go ithuta go le gontsi. Go tswa foo, Jesu le barutwa ba gagwe ba nna kwa “nageng ya Judea” Johane 2:23; 3:1-22; 4:1-42; Mareko 1:14.
mo e ka nnang ka dikgwedi di le robedi, ba rera e bile ba dira barutwa. Le fa go ntse jalo, morago ga go tshwarwa ga ga Johane Mokolobetsi, ba tswa ka Judea ba ya kwa Galalea. Fa ba le mo tseleng ba raletse kgaolo ya Samarea, Jesu o dirisa tshono go neela mosadi wa Mosamarea bosupi. Seno se dira gore Basamarea ba le bantsi ba nne le tshono ya go nna badumedi. A le rona re nneng re butse matlho go bona ditshono tsa go bua ka Bogosi.—Tiro e Kgolo ya go Rera Kwa Galalea
8. Ke tiro efe e Jesu a e simololang kwa Galalea?
8 Jesu o sa ntse a na le tiro e ntsi go e dira mo tirong ya ga Rraagwe wa selegodimo pele ga “nako” ya loso lwa gagwe. Fa Jesu a le kwa Galalea o dira tiro e ntsi mo bodireding go feta kwa Judea le Jerusalema. O tsamaya le “Galalea yotlhe, a ruta mo disinagogeng tsa bone a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetsi jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe mo bathong.” (Mathaio 4:23) Mafoko a a ba tlhagisang ka one a a reng: “Ikotlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse,” a utlwala mo kgaolong eo yotlhe. (Mathaio 4:17) Mo dikgweding di sekae, fa barutwa ba babedi ba ga Johane Mokolobetsi ba tlile go ikutlwela ka namana mo go Jesu ka tiro ya gagwe, o ba laela jaana: “Tsenang mo tseleng, begelang Johane se lo se boneng le se lo se utlwileng: difofu di kgona go bona, ditlhotsa di a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa le bosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba bolelelwa dikgang tse di molemo. Mme go itumela yo o sa kgotšwang ka ntlha ya me.”—Luke 7:22, 23.
9. Ke eng fa boidiidi bo kgobokanela kwa go Keresete Jesu, mme re ka ithuta thuto efe mo go seno?
9 ‘Go buiwa molemo ga ga Jesu go anama mo nageng yotlhe e e mo tikologong’ mme boidiidi jwa batho bo tla go mo kgobokanela—go tswa kwa Galalea, Dekapolise, Jerusalema, Judea le ka kwa ga Noka ya Joredane. (Luke 4:14, 15; Mathaio 4:24, 25) Ba tla kwa go ene e seng fela ka ntlha ya go fodisa batho ka kgakgamatso, mme le ka go bo dithuto tsa gagwe di le molemo. Molaetsa wa gagwe o a kgatlha e bile o a kgothatsa. (Mathaio 5:1–7:27) Mafoko a ga Jesu a monate e bile a a itumedisa. (Luke 4:22) Boidiidi jwa batho bo “tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta,” gonne o bua dilo tse di tswang mo Dikwalong ka tsela e e maatla. (Mathaio 7:28, 29; Luke 4:32) Ke mang yo o neng a ka se rate motho yo o ntseng jalo? E kete le rona re ka lwela go nna le bokgoni jwa go ruta e le gore re ka ngokela batho ba ba dipelo di ikanyegang mo boammaaruring.
10. Ke eng fa batho ba motse wa Nasaretha ba batla go bolaya Jesu, mme ke eng fa ba sa atlege?
10 Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba amogelang molaetsa wa ga Jesu. Tota le fa a ne a sa ntse a simolola bodiredi jwa gagwe, fa a ne a ruta kwa sinagogeng ya motse wa gaabo wa Nasaretha, ba ne ba leka go mmolaya. Le mororo batho ba motse ba ne ba kgatlhiwa ke ‘mafoko a gagwe a a ipedisang,’ ba ne ba batla go bona dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, go na le gore Jesu a dire ditiro tse dintsi tsa dikgakgamatso teng, o senola bogagapa jwa bone le go tlhoka tumelo ga bone. Batho ba ba neng ba le mo sinagogeng ba ne ba shakgala mme ba tshwara Jesu, ba mo tseela kwa karolong e e dithaba e le gore ba mo latlhele kwa tlase ka tlhogo. Mme o kgona go tšhemoga mo go bone a bo a tshaba ba sa mo dira sepe. “Nako” ya loso lwa gagwe ga e ise e fitlhe.—Luke 4:16-30.
11. (a) Ke eng fa baeteledipele bangwe ba bodumedi ba tla go reetsa Jesu? (b) Ke eng fa Jesu a latofadiwa ka go tlola Sabata?
11 Baeteledipele ba bodumedi—bakwadi, Bafarasai, Basadukai le ba bangwe—le bone gantsi ba nna gone fa Jesu a rera. Bontsi jwa bone ba tla kwa go ene, e seng ka go bo ba batla go reetsa le go ithuta, mme ka go bo ba batla go mo tshwaya diphoso le go mo beela dirai. (Mathaio 12:38; 16:1; Luke 5:17; 6:1, 2) Ka sekai, fa Jesu a etetse Jerusalema go ya moletlong wa Tlolaganyo ya 31 C.E., o fodisa monna yo o neng a na le dingwaga tse 38 a lwala. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba latofatsa Jesu ka gore o tlola Sabata. O araba jaana: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira.” Jaanong Bajuda ba mo latofatsa ka gore o a tlhapatsa ka gonne a bolela gore ke Morwa Modimo ka go mmitsa Rre. Ba batla go bolaya Jesu mme ene le barutwa ba gagwe ba tswa kwa Jerusalema ba ya kwa Galalea. Le rona go ka nna molemo fa re tila go thulana le baganetsi ba rona go sa tlhokege fa re le mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa.—Johane 5:1-18; 6:1.
12. Jesu o ne a akaretsa tshimo ya Galalea thata go le kana kang?
12 Mo lobakeng lo lo fetang ngwaga lo lo latelang, Jesu o fetsa nako e ntsi ya bodiredi jwa gagwe a le kwa Galalea, a etela Jerusalema fela fa a ya kwa meletlong e meraro ya ngwaga le ngwaga ya Bajuda. Ka kakaretso, o ile a tsaya maeto a le mararo a go rera kwa Galalea: la ntlha a na le barutwa ba gagwe ba basha ba banè, la bobedi a na le baaposetoloi ba ba 12, mme le lengwe e le fa a ne a roma baaposetoloi ba gagwe ba a ba thapisitseng. A bosupi jo bogolo jang ne jo bo neelwang mo Galalea malebana le boammaaruri!—Mathaio 4:18-25; Luke 8:1-3; 9:1-6.
Go Rera ka Bopelokgale Kwa Judea le Perea
13, 14. (a) Bajuda ba senka go tshwara Jesu mo nakong efe? (b) Ke eng fa batlhankedi ba sa kgone go tshwara Jesu?
13 Ke letlhabula la 32 C.E., mme “nako” ya ga Jesu ga e ise e fitlhe. Moletlo wa Metlaagana o atametse. Bomorwarraagwe Jesu ka mmaagwe ba mo kgothatsa jaana: “Tswaa mono o fete o ye kwa Judea.” Ba batla gore Jesu a ye go dira dikgakgamatso fa pele ga batho botlhe ba ba kgobokanetseng kwa moletlong kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, Jesu o lemoga kotsi e e mo letetseng. Ka jalo o raya bomorwarraagwe a re: “Nako ya me e e tshwanetseng ga e ise e tle ka botlalo.”—Johane 7:1-8.
14 Jesu o diega go sekae kwa Galalea, mme o ya kwa Jerusalema “e seng ka go itshupa mme e le ka sephiri.” Bajuda ba mo senka ka matlho a mahibidu kwa moletlong, ba re: “Monna yole o kae?” Fa moletlo o tloga o fela, Jesu o ya kwa tempeleng mme o simolola go ruta teng ka bopelokgale. Ba senka go mo tshwara, gongwe e le ka go bo ba batla go mo tsenya mo kgolegelong kana gore a bolawe. Le fa go ntse jalo, ga ba atlege ka gonne “nako ya gagwe e ne e ise e tle.” Jaanong batho ba le bantsi ba dumela mo go Jesu. Tota le batlhankedi ba Bafarasai ba neng ba ba laetse go ya go mo tshwara ba boa ba sa mo tshwara, ba re: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.”—Johane 7:9-14, 30-46.
15. Ke eng fa Bajuda ba sela maje go kolopa Jesu ka one, mme go tswa foo o ne a simolola letsholo lefe la go rera?
15 Kgotlhang ya ga Jesu le baganetsi ba gagwe ba Johane 8:12-59) Jesu o nna kwa ntle ga Jerusalema mme a bo a simolola letsholo le legolo la go neela bosupi mo Judea. O tlhopha barutwa ba ba 70 mme morago ga go ba neela ditaelo, o ba romela mo tshimong ka bobedi ka bobedi. Ba etelela Jesu pele go ya kwa mafelong le kwa metseng mengwe le mengwe e Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ikaeletseng go ya kwa go yone.—Luke 10:1-24.
Bajuda e tswelela pele fa a ruta kaga Rraagwe mo tempeleng ka nako ya moletlo. Mo letsatsing la bofelo la moletlo, Bajuda ba sela maje go kgobotletsa Jesu ka one ka gonne ba kgopisitswe ke mafoko a gagwe a gore o kile a bo a tshela pele ga a tla go nna motho. Le fa go ntse jalo o kgona go iphitlha mme o tswa a sa gobala. (16. Jesu o falola kotsi efe ka nako ya Moletlo wa go Neela, mme o semeletse ka tiro efe gape?
16 Mo marigeng a 32 C.E., “nako” ya ga Jesu e a atamela. O tla kwa Jerusalema go tla Moletlong wa go Neela. Bajuda ba sa ntse ba batla go mmolaya. Fa Jesu a ntse a tsamaya mo leobong la tempele, ba a mo dikaganyetsa. Ba mo latofatsa ka gore o a tlhapatsa, mme ba sela maje gore ba mmolaye. Mme jaaka mo makgetlhong a a fetileng, Jesu o kgona go tšhemoga. Go ise go ye kae o tswa kwa Judea a tsamaya a ruta, mo lekgetlhong leno a ruta a tlhatlologanya metse le metsana mo kgaolong ya Perea, ka kwa ga Joredane. Batho ba le bantsi ba dumela mo go ene. Mme molaetsa o o malebana le tsala ya gagwe e a e ratang e bong Lasaro o dira gore a boele gape kwa Judea.—Luke 13:33; Johane 10:20-42.
17. (a) Ke molaetsa ofe o o potlakileng o Jesu a o amogelang fa a le kwa Perea? (b) Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a itse lebaka la go tsaya kgato e a tshwanetseng go e tsaya le nako e e tshwanetseng ya go dira jalo ka yone?
17 Molaetsa o o potlakileng oo o tswa kwa go Maratha le Marea, bokgaitsadie Lasaro, ba ba nnang kwa Bethani ya Judea. Morongwa a re: “Morena, bona! yo o nang le katamalano e e bothitho le ene o a bobola.” Jesu o araba ka gore: “Pobolo eno ga se e e tla felelang ka loso mme ke ya kgalaletso ya Modimo, e le gore Morwa Modimo a tle a galalediwe ka yone.” Jesu o fetsa malatsi a le mabedi ka boomo kwa a leng teng go dira sone seno. Go tswa foo o raya barutwa ba gagwe a re: “A re yeng kwa Judea gape.” Ba mo araba jaana ba ngongorega: “Rabi, moragonyana fela jaana Bajudea ba ne ba senka go go kgobotletsa, mme a o ya gone gape?” Mme gone Jesu o a lemoga gore ‘diura tsa motshegare’ tse di setseng, kana nako e Modimo a e beetseng bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, e khutshwafetse. O itse sentle gore ke eng se a tshwanetseng go se dira le lebaka la go bo a tshwanetse go se dira.—Johane 11:1-10.
Kgakgamatso E e Ka se Kang ya Tlhokomologwa
18. Fa Jesu a goroga kwa Bethani o fitlhela maemo a ntse jang, mme go direga eng fa a sena go goroga?
18 Kwa Bethani, Maratha ke ene wa ntlha go kgatlhantsha Jesu, a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.” Marea le bontsi jwa batho ba ba neng ba tlile kwa ntlong ya bone ba a mo latela. Botlhe ba a lela. “Lo mo laditse kae?” Jesu o a ba botsa. Ba a araba: “Morena, tla o bone.” Fa ba fitlha kwa lebitleng—legaga le molomo wa lone o tswetsweng ka letlapa—Jesu a re: “Tlosang leje.” Maratha o a gana e re ka a sa itse gore Jesu o ikaeletse go dira eng: “Morena, mo nakong eno o tshwanetse a bo a nkga, gonne ke malatsi a le manè.” Mme Jesu o botsa jaana: “A ke ne ka se ka ka go bolelela gore fa o ne o ka dumela o ne o tla bona kgalalelo ya Modimo?”—Johane 11:17-40.
19. Ke eng fa Jesu a rapela phatlalatsa pele ga a tsosa Lasaro?
19 Fa letlapa le le bipileng molomo wa lebitla la ga Lasaro le tlosiwa, Jesu o rapelela kwa godimo e le gore batho ba itse gore se a tlileng go se dira o tlile go se dira ka maatla a Modimo. Go tswa foo o tlhaeletsa jaana ka lentswe le le kwa godimo: “Lasaro, tswa!” Lasaro o a tswa a hapilwe maoto le matsogo Johane 11:41-44.
ka matsela a phitlho mme le sefatlhego sa gagwe se hapilwe ka letsela. Jesu a re: “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye.”—20. Batho ba ba bonang Jesu a tsosa Lasaro ba tsiboga jang?
20 Bontsi jwa Bajuda ba ba neng ba tlile go gomotsa Maratha le Marea ba ne ba dumela mo go Jesu fa ba sena go bona kgakgamatso eno. Ba bangwe ba a tswa ba ya go bolelela Bafarasai ka ga se se diragetseng. Ba tsibogela seo jang? Ka yone nako eo bone le baperesiti ba bagolo ba epa pitso ya tshoganyetso ya Sanehederine. Ba bua jaana ba hutsafetse: “Re tla dirang, ka gonne monna yono o dira ditshupo di le dintsi? Fa re mo lesa ka tsela eno, botlhe ba tla baya tumelo mo go ene, mme Baroma ba tla tla mme ba tseye lefelo la rona mmogo le morafe wa rona.” Mme Moperesiti yo Mogolo e bong Kaiafase o ba raya a re: “Ga lo akanye gore go tswela lona mosola gore motho a le mongwe a swe mo boemong jwa batho mme e seng gore morafe otlhe o senngwe.” Ka gone, go tloga ka letsatsi leo ba gakololana go bolaya Jesu.—Johane 11:45-53.
21. Kgakgamatso ya go tsosiwa ga ga Lasaro e ne e le ketapele ya eng?
21 Ka gone, Jesu o dira kgakgamatso e go seng ope yo o ka e tlhokomologang morago ga gore a diege go fitlha kwa Bethani. Jesu o kgona go tsosa monna yo o neng a na le malatsi a manè a sule ka thuso ya maatla a Modimo. Tota le Sanehederine e e tlotliwang thata e patelesega go tsaya tsia Modiradikgakgamatso yono e bo e mo atlholela loso! Ka gone, kgakgamatso eo e nna ketapele ya tiragalo e e botlhokwa thata mo bodireding jwa ga Jesu—go fetoga ga dilo fa “nako ya gagwe e ne e ise e tle” mme jaanong e nna motlha wa fa “nako e tlile.”
O ka Araba Jang?
• Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a itse tiro e Modimo a neng a mo e abetse?
• Ke eng fa Jesu a ile a gana kakantsho ya ga mmaagwe malebana le beine?
• Re ka ithuta eng malebana le tsela e gantsi Jesu a neng a dirisana le baganetsi ka yone?
• Ke eng fa Jesu a diega go tsibogela bolwetse jwa ga Lasaro?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 12]
Jesu o ne a dirisa maatla a gagwe go diragatsa boikarabelo jo a neng a bo filwe ke Modimo