Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitumelo Jwa Bosakhutleng—Kwa Legodimong Kana mo Lefatsheng?

Boitumelo Jwa Bosakhutleng—Kwa Legodimong Kana mo Lefatsheng?

Boitumelo Jwa Bosakhutleng—Kwa Legodimong Kana mo Lefatsheng?

A BOITUMELO jwa gago bo ikaegile segolobogolo ka gore o nna kae? Batho ba le bantsi ba ka dumela gore boitumelo bo ikaegile segolobogolo ka dilo tse di tshwanang le botsogo jo bo siameng, go itse lebaka la go bo re tshela, le go nna le botsalano jo bo molemo le ba bangwe. Seane sa Baebele se tlhalosa kgang eno jaana: “Go ja dijo tsa merogo fela, fa e na le lorato, go molemo bogolo go kgomo e e otlilweng, fa e na le kilo.”—Diane 15:17.

Le fa go ntse jalo, ka maswabi, legae la rona la lefatshe e sa le le ntse le na le letlhoo go tloga bogologolo, thubakanyo le mefuta mengwe ya bosula. Mme go tweng ka legodimo, kana lefelo la semoya, kwa batho ba le bantsi ba solofetseng go ya teng fa ba sena go swa? A e sa le e ntse e le lefelo le go nang le boitumelo le kagiso fela le go ritibala mo go lone, le go se nang matshwenyego ape mo go lone jaaka fa gantsi go akanngwa?

Baebele e ruta gore Modimo o nna kwa legodimong le dimilione tsa dibopiwa tsa semoya tse di bidiwang baengele. (Mathaio 18:10; Tshenolo 5:11) Ba tlhalosiwa e le “bomorwa Modimo” ba semoya. (Jobe 38:4, 7) Baengele, fela jaaka batho, ba na le tshwanelo ya go itirela ditshwetso; ga se diroboto. Ka go rialo, le bone ba ka itlhophela go dira se se siameng kana se se sa siamang. A baengele ba ka itlhophela go dira se se sa siamang? Bangwe ba ka gakgamala go utlwa gore diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, bontsi jwa baengele ba ne ba dira jalo, tota e bile, ba leofela Modimo—ba ne ba mo tsuologela!—Jude 6.

Batsuolodi Kwa Legodimong

Boleo bo ne jwa nna gone mo lefelong la semoya ka ntlha ya botsuolodi jwa moengele mongwe, yo o neng a bidiwa Satane (Moganetsi) le Diabolo (Mopateletsi). Moengele yono yo o kileng a bo a le kutlo o ne a itlhophela go dira se se sa siamang ka go rata ga gagwe. Morago ga moo o ne a tlhotlheletsa dibopiwa tse dingwe tsa semoya ka tsela e e bosula, mo e leng gore ka nako ya ga Noa, pele ga Morwalela, bontsi jwa bone bo ne jwa kopanela mmogo le Satane mo go tsuologeleng Modimo.—Genesise 6:2, mokwalo o o kwa tlase mo go NW; 2 Petere 2:4.

Baengele bano ba ba fapogileng ba ne ba se ka ba lelekwa kwa legodimo ka yone nako eo. Go na le moo, ba ne ba letlwa go nna ba tsena ba tswa gone ka diketekete tsa dingwaga, mme gone, go bonala ba ne ba thibetswe go dira dilo dingwe. * Le fa go ntse jalo, fa Modimo a ne a sa tlhole a itshokela badirabosula bano, ba ne ba “piriganyediwa” kwa ntle ga legodimo, e le gore kgabagare ba fedisiwe. Go tswa foo lentswe kwa legodimong le ne la re: “Ka lebaka leno itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one!” (Tshenolo 12:7-12) Go ne ga itshupa sentle gore, baengele ba ba ikanyegang ba ne ba itumela thata gore, kgabagare, baengele bano ba ba bosula, ba ba bakang mathata ba tlositswe kwa legodimong!

Ka ntlha ya ditiragalo tseno tse gantsi batho ba sa di itseng, go bonala fa go se kitla go nna le kagiso ya boammaaruri nako le nako fa dibopiwa tse di botlhale di tlhokomologa melao le melaometheo ya Modimo. (Isaia 57:20, 21; Jeremia 14:19, 20) Ka fa letlhakoreng le lengwe, kagiso le go ritibala di nna teng fa botlhe ba ikobela molao wa Modimo. (Pesalema 119:165; Isaia 48:17, 18) Ka jalo, fa batho botlhe ba ka bo ba ne ba rata Modimo le go mo ikobela e bile ba ratana bone ka bobone, a lefatshe le ne le ka se nne lefelo le le kgatlhang thata le le itumedisang? Baebele e araba ka ee!

Mme gone, go tweng ka batho ba ba ganang go fetola ditsela tsa bone tse di bosula ka boomo? A ba tla tswelela ba senya kagiso ya batho ba eleruri ba ratang go dira thato ya Modimo? Nnyaa, Modimo o ne a tsaya kgato ka baengele ba ba bosula kwa legodimong, mme o tla dira jalo le ka batho ba ba bosula ba ba mo lefatsheng.

Lefatshe le le Phepafaditsweng

Modimo o ne a bolela jaana: “Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao.” (Isaia 66:1) E re ka Modimo e le ene yo o leng boitshepo go gaisa botlhe, a ka se letlelele “sebeo sa dinao” sa gagwe go leswafadiwa ke bosula go ya go ile. (Isaia 6:1-3; Tshenolo 4:8) Fela jaaka a ile a phepafatsa magodimo ka go tlosa meya e e bosula, o tla dira fela jalo le ka lefatshe, a tlosa batho ba ba bosula mo go lone jaaka fa ditemana tse di latelang tsa Baebele di bontsha:

“Badirabosula ba tlaa kgaolwa; mme ba ba lebeletseng mo go Jehofa ba tlaa rua lefatshe.”—Pesalema 37:9.

“Bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng, le baitekanedi ba tlaa sala ba ntse ruri mo go lone. Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng, le ba ba dirang ka bonongwana ba tlaa khumolwa mo go lone.”—Diane 2:21, 22.

“Go siame mo Modimong go duela ka pitlagano ba ba lo pitlaganyang, mme, lona ba lo bogang pitlagano, go lo duela ka kgololo mmogo le rona fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa utlweng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu. Bone bano ba tla diragalelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego e e nnetseng ruri go tswa fa pele ga Morena le go tswa mo kgalalelong ya nonofo ya gagwe.”—2 Bathesalonika 1:6-9.

“Lefatshe [batho ba ba bosula] le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.

A Lefatshe le Tla Tswelela Le le Mo Kagisong?

Le fa gone Dikwalo di supa sentle gore Modimo ga a itshokele bosula go ya go ile, re ka tlhomamisa jang gore bosula bo ka se tlhole bo nna teng gape fa bo setse bo fedisitswe? Kana e bile, morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, bo ne jwa boa jwa tlala gape go ya bokgakaleng jwa gore Modimo a tshwanelwe ke go senya maano a a bosula a batho ka go tlhakatlhakanya diteme tsa bone.—Genesise 11:1-8.

Lebaka la rona la konokono la go dumela gore bosula bo ka se tlhole bo tsoga gape ke gore lefatshe le ka se tlhole le buswa ke batho jaaka go ne ga nna ka bonakonyana fela morago ga Morwalela. Go na le moo, le tla bo le buswa ke Bogosi jwa Modimo. Bogosi jono e tla bo e le jone fela jo bo busang lefatshe bo busa go tswa kwa legodimong. (Daniele 2:44; 7:13, 14) Bo tla tsaya kgato ka bonako kgatlhanong le ope fela yo o lekang go busetsa bosula gape. (Isaia 65:20) Tota e bile, kwa bofelong, bo tla fedisa ene mosimolodi wa bosula—Satane Diabolo—mmogo le madimona, baengele ba ba bosula ba ba neng ba mo latela.—Baroma 16:20.

Mo godimo ga moo, batho ba ka se tlhole ba tlhobaela ka dijo, ka diaparo, ka bonno, le ka tiro—go tlhoka dilo tseno gompieno go tlhotlheletsa bangwe go tshela botshelo jwa bokebekwa. Ee, lefatshe lotlhe le tla fetolwa go nna paradaise e e ungwang e na le letlepu le le lekaneng batho botlhe.—Isaia 65:21-23; Luke 23:43.

Se se botlhokwa le go feta, Bogosi bo tla ruta babusiwa ba jone tsela ya go tshela ka kagiso, mme gape bo tla bo bo ba dira gore ba nne batho ba ba itekanetseng ka botlalo. (Johane 17:3; Baroma 8:21) Morago ga moo, batho ba ka se tlhole ba lwantshana le makoa le go sekamela mo go direng boleo, e leng se se tla dirang gore batho ba kgone go ikobela Modimo ka botlalo e bile ba go itumelela, jaaka go ne go ntse ka Jesu yo o neng a itekanetse. (Isaia 11:3) Tota e bile, Jesu o ne a tswelela a ikanyega mo Modimong le fa gone a ne a lebane le go lekwa le go boga mo gogolo—e leng dilo tse di tla bong di seyo gotlhelele mo botshelong jwa Paradaise.—Bahebera 7:26.

Lebaka La go Bo Bangwe ba ya Legodimong

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba balang Baebele ba itse mafoko a ga Jesu a a reng: “Mo ntlong ya ga Rre go na le manno a le mantsi. . . . Ke a tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo.” (Johane 14:2, 3) A seno ga se ganetse kgang ya gore batho ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise?

Dithuto tseno ga di ganetsane. Tota e bile, e nngwe e dumalana le e nngwe. Sa ntlha, Baebele e bolela gore ke palo fela e e lekanyeditsweng ya Bakeresete ba ba ikanyegang—e leng ba le 144 000—ba ba tsosiwang go nna dibopiwa tsa semoya go ya go tshela kwa legodimong. Ke ka ntlha yang fa ba newa tuelo eno e e molemolemo? Ka gonne ba bopa setlhopha se Johane a neng a se bona mo ponatshegelong, ba ba neng “ba tshela mme ba busa e le dikgosi le Keresete ka dingwaga di le sekete.” (Tshenolo 14:1, 3; 20:4-6) Ruri ba ba 144 000 ke “letsomanyane” fela fa ba bapisiwa le diketekete tsa dimilione tsa batho ba ba mo lefatsheng. (Luke 12:32) Mo godimo ga moo, e re ka le bone ba nnile le mathata a a tlwaelegileng mo bathong, ba tla kgona go re “utlwela botlhoko ka makoa a rona” fela jaaka Jesu, fa ba ntse ba okametse tiro ya go tokafatsa batho le lefatshe.—Bahebera 4:15.

Lefatshe—Legae la Batho le le Nnetseng Ruri

Modimo o ne a simolola go phutha ba ba 144 000 mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng ka go ntsha setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete, mme go bonala setlhopha seno se setse se feletse. (Dipalo 2:1-4; Bagalatia 4:4-7) Mme setlhabelo sa ga Jesu se ne se sa ntshetswa maleo a ba ba 144 000 fela, “lefa go ntse jalo sa a lefatshe lotlhe.” (1 Johane 2:2) Ka gone, botlhe ba ba dumelang mo go Jesu ba lebeletse botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) Batho ba ba robetseng mo lebitleng mme ba le mo mogopolong wa Modimo ba tla tsosediwa go tshela mo lefatsheng le le phepafaditsweng, e seng kwa legodimong. (Moreri 9:5; Johane 11:11-13, 25; Ditiro 24:15) Ba tla letelwa ke eng koo?

Tshenolo 21:1-4 e araba jaana: “Bona! Tente ya Modimo e mo bathong . . . Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” Akanya fela—batho ba golotswe mo losong, mme botlhoko le selelo tse di bakwang ke lone di nyeletse ka bosakhutleng! Kgabagare, maikaelelo a ga Jehofa a ntlha ka lefatshe le batho a tla diragadiwa ka tsela e e molemolemo.—Genesise 1:27, 28.

Tlhopho ya Rona—Botshelo Kana Loso

Adame le Efa ga ba ise ba ko ba newe gore ba ye go tshela kwa legodimong. Ba ne ba tshwanetse go itlhophela gore a ba tla utlwa Modimo mme ba tshele ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise kana go se mo utlwe mme ba swe. Ka maswabi, ba ne ba tlhopha go se utlwe mme ka jalo ba boela mo “loroleng” lwa lefatshe. (Genesise 2:16, 17; 3:2-5, 19) Ga ise e ko e nne maikaelelo a Modimo gore lelapa la motho le swe pele gore le tle le ye go nna kwa legodimong. Modimo o ne a tlhola dimilione tsa baengele gore ba tshele kwa legodimong; dibopiwa tseno tsa semoya ga se baswi ba ba tsositsweng gore ba ye go tshela kwa legodimong.—Pesalema 104:1, 4; Daniele 7:10.

Re tshwanetse go dira eng gore re amogele masego a go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise? Kgato ya ntlha ke go ithuta Lefoko la Modimo, Baebele e e Boitshepo. Jesu o ne a bolela jaana a rapela: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Go diragatsa se re se ithutileng ke kgato e nngwe e e ka re thusang go bona boitumelo jo bo nnelang ruri mo Paradaiseng. (Jakobe 1:22-24) Batho ba ba tshelang go ya ka Lefoko la Modimo ba lebeletse go bona ka matlho a bone go diragadiwa ga dipolelelopele tse di jaaka e e kwadilweng mo go Isaia 11:9, e e reng: ‘Ga ba [batho] kitla ba utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Gore o utlwe ka kgang ya gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a letla bosula kwa legodimong le mo lefatsheng, bona buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 70-9.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

“Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29