Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ipha Nako ya go Bala le go Ithuta

Go Ipha Nako ya go Bala le go Ithuta

Go Ipha Nako ya go Bala le go Ithuta

“[Ithekeleng] nako nngwe le nngwe e e lo siametseng, ka gonne malatsi a boikepo.”—BAEFESO 5:16.

1. Ke eng fa go le molemo gore re rulaganye nako ya rona sentle, mme tsela e re dirisang nako ka yone e ka senola eng ka rona?

GO ILE ga twe “go tlhopha nako ke go boloka nako.” Motho yo o ipeelang nako e e rileng go dira dilo tse a tlhokang go di dira ka yone gantsi o solegelwa molemo thata ke nako ya gagwe. Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se na le ura e se e beetsweng, sengwe le sengwe se na le nako ya sone kafa tlase ga legodimo.” (Moreri 3:1, Moffatt) Rotlhe re na le nako e e lekanang; go ikaegile ka rona gore re e dirisa jang. Dilo tse re ipeelang tsone pele le tsela e re dirisang nako ya rona ka yone di senola gore ke eng se re se tsayang se le botlhokwa thata mo botshelong jwa rona.—Mathaio 6:21.

2. (a) Jesu o ile a reng ka dilo tsa semoya tse re di tlhokang mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng? (b) Re ka itshekatsheka jang?

2 Re tshwanetse go ipha nako ya go ja le go robala ka gonne dilo tseno ke dilo tse mmele wa rona o di tlhokang. Mme go tweng ka dilo tsa semoya tse re di tlhokang? Re a itse gore le tsone re tshwanetse go tlamelwa ka tsone. Jesu o ile a bolela jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya.” (Mathaio 5:3) Ke gone ka moo ka metlha “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” a re gopotsang botlhokwa jwa go ipha nako ya go bala le go ithuta Baebele. (Mathaio 24:45) O ka tswa o lemoga kafa seno se leng botlhokwa ka teng, le fa go ntse jalo, o ka tswa o ikutlwa gore ga o na nako ya go ithuta kana go bala Baebele. Fa e le gore go ntse jalo, mma re sekaseke ditsela tse o ka di dirisang gore o nne le nako e e oketsegileng mo botshelong jwa gago ya go bala Lefoko la Modimo, go ithuta ka namana le go tlhatlhanya.

Go Ipha Nako ya go Bala le go Ithuta Baebele

3, 4. (a) Ke kgakololo efe e moaposetoloi Paulo a ileng a e neela malebana le go dirisa nako ya rona, mme seo se akaretsa eng? (b) Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re neela kgakololo ya gore re ‘ithekele nako e e re tshwanetseng’?

3 Rotlhe re tshwanetse go sekegela tsebe mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo ka ntlha ya dinako tse re tshelang mo go tsone: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng, ka gonne malatsi a boikepo. Ka lebaka leno kgaotsang go nna ba ba seng kakanyetso, mme tswelelang lo lemoge se e leng thato ya ga Jehofa.” (Baefeso 5:15-17) Ke boammaaruri gore kgakololo eno e akaretsa dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa rona jwa go nna Bakeresete ba ba ineetseng, go akaretsa le go ipha nako ya go rapela, go ithuta, go ya dipokanong, le go nna le seabe ka botlalo kafa go ka kgonegang ka gone mo tirong ya go rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi.”—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

4 Go bonala bontsi jwa batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba fitlhela go se motlhofo go ipha nako ya go bala Baebele le go ithuta ka tsela e e tseneletseng. Ga go pelaelo gore re ka se kgone go oketsa diura tsa letsatsi, ka gone kgakololo ya ga Paulo e tshwanetse ya bo e kaya sengwe se sele. Ka Segerika, polelwana e e reng “lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng,” e kaya go reka sengwe ka go latlhegelwa ke se sengwe. Mo thanoding ya gagwe ya Expository Dictionary, W. E. Vine o e tlhalosa e le “go sola tshono nngwe le nngwe molemo, o dirisa tshono nngwe le nngwe ka botlalo e re ka o se kitla o kgona go e busa fa o ka e lesa e go feta.” Re ka reka kae nako e e re siametseng ya go bala le go ithuta Baebele?

Re Tshwanetse go Ipeela Gore ke Eng se se Tlang Pele

5. Ke eng fa re tshwanetse go “tlhotlhomisa dilo tse di botlhokwa segolo” mme re ka dira seo jang?

5 Re na le dilo tse dintsi tsa semoya tse re tshwanetseng go di dira mo godimo ga maikarabelo a rona a e seng a semoya. Rona batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng, re na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakorintha 15:58) Ke gone ka moo Paulo a ileng a laela Bakeresete ba Filipi gore ba “tlhomamise dilo tse di botlhokwa segolo.” (Bafilipi 1:10) Seno se bolela gore re tshwanetse go ipeela gore ke dilo dife tse di tlang pele. Ka metlha dilo tsa semoya di tshwanetse go tla pele ga dilo tse dingwe tse e seng tsa semoya. (Mathaio 6:31-33) Le fa go ntse jalo, gape re tshwanetse go nna tekatekano le fa re dira maikarabelo a rona a semoya. Re kgaoganya nako ya rona jang ya go dira dikarolo tse di farologaneng tsa botshelo jwa rona jwa Bokeresete? Balebedi ba ba etang ba bega gore gareng ga “dilo tse di botlhokwa segolo” tse Mokeresete a tshwanetseng go di ela tlhoko, go tlhokomologwa thuto ya motho ka namana le mmalo wa Baebele.

6. Go ithekela nako e e re siametseng go ka akaretsa eng malebana le tiro ya boitshediso kana tiro ya mo gae?

6 Jaaka fa re bone, go ithekela nako e e re siametseng go akaretsa “go sola tshono nngwe le nngwe molemo” le “go dirisa tshono nngwe le nngwe ka botlalo.” Ka gone, fa mekgwa ra rona ya go bala le go ithuta Baebele e se molemo, go ka re thusa fa re ka sekaseka kafa re dirisang nako ya rona ka teng. Fa e le gore tiro ya rona ya boitshediso e re batla mo gontsi, e re jela nako e ntsi le maatla, re tshwanetse go umaka kgang eno fa re rapela Jehofa. (Pesalema 55:22) Re ka nna ra kgona go dira diphetogo tse di ka re fang nako e e oketsegileng ya go dira dilo tsa botlhokwa tse di amanang le kobamelo ya ga Jehofa, go akaretsa go ithuta le go bala Baebele. Go tle go twe tiro ya mosadi ga e ke e fela. Ka gone bokgaitsadi ba Bakeresete le bone ba tshwanetse go ipeela gore ke eng se se tlang pele mme ba ipolokele dinako tse di rileng go nna tsa go bala Baebele le go ithuta ka tlhoafalo.

7, 8. (a) Gantsi re ka kgona go ithekela nako ya go bala le go ithuta go tswa mo ditirong dife? (b) Boikaelelo jwa go itapolosa ke eng, mme go gopola seno go ka re thusa jang go ipeela gore ke eng se se tlang pele?

7 Ka kakaretso, bontsi jwa rona re ka ithekela nako ka go tlogela ditiro tse di seng botlhokwa go le kalo. Re ka ipotsa gore, ‘Ke fetsa nako e e kana kang ke bala dimakasine tsa lefatshe kana makwalodikgang, ke lebeletse thelebishene, ke reeditse mmino kana ke tshameka metshameko ya dibidio? A ke fetsa nako e ntsi ke le fa pele ga khomputara go feta e ke e dirisetsang mmalo wa Baebele?’ Paulo a re: “Kgaotsang go nna ba ba seng kakanyetso, mme tswelelang lo lemoge se e leng thato ya ga Jehofa.” (Baefeso 5:17) Go se dirise thelebishene ka tekatekano go bonala e le gone go dirang gore Basupi ba le bantsi ba se ka ba ipha nako e e lekaneng go nna le thuto ya motho ka namana le ya go bala Baebele.—Pesalema 101:3; 119:37, 47, 48.

8 Bangwe ba ka nna ba re ba ka se kgone go tlhola ba nnetse go ithuta, ba re ba tlhoka nako ya go itapolosa. Le fa seno se ka tswa se le boammaaruri, go ka nna molemo go akanyetsa nako e ba e fetsang ba iketlile mme ba e bapise le e ba e fetsang ba ithuta kana ba bala Baebele. Ba ka gakgamala tota. Le fa go itapolosa le go iketla go le botlhokwa, go tshwanetse ga dirwa ka selekanyo se se tshwanetseng. Go tshwanetse ga dirwa ka boikaelelo jwa gore go re lapolose gore re kgone go dira ditiro tse dingwe tsa semoya. Bontsi jwa dithulaganyo tsa thelebishene le metshameko ya dibidio di tlogela motho a lapile fa go bala le go ithuta Lefoko la Modimo gone go lapolosa motho e bile go mo nonotsha.—Pesalema 19:7, 8.

Kafa Bangwe ba Ipeelang Nako ya go Ithuta ka Teng

9. Ke melemo efe e re ka e bonang fa re sekegela tsebe kgakololo e e neetsweng mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—1999?

9 Ketapele ya bukana ya 1999 ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe e bolela jaana: “Go ka nna molemo thata gore lo sekaseke temana ya letsatsi le dikakgelo tse di mo bukeng eno mo mosong. O tla utlwa e kete o tsosiwa ke Jehofa, Motlhatlheledi yo Mogolo Thata ka ditaelo tsa gagwe. Go buiwa ka Jesu Keresete ka tsela ya boporofeti gore o solegelwa molemo ke dithuto tsa ga Jehofa moso mongwe le mongwe: ‘[Jehofa] o tlaa a ntsose ka moso moso, a tsosetse tsebe ya me go utlwa jaaka ba ba rutegileng.’ Dithuto tse di ntseng jalo di ne tsa neela Jesu ‘loleme lwa ba ba rutegileng’ e le gore a tle a ‘itse go kamatlela ka puo ene yo o lapileng.’ (Isa. 30:20; 50:4; Mat. 11:28-30) Go tsosiwa ka kgakololo e e mo nakong e e tswang mo Lefokong la Modimo moso mongwe le mongwe ga go ne go go thusa go lepalepana le mathata a gago fela mme gape go tla go tlhomelela ka ‘loleme lwa ba ba rutegileng’ gore o thuse ba bangwe.” *

10. Batho bangwe ba ipeela jang nako ya go bala le go ithuta Baebele, mme ba bona melemo efe?

10 Bontsi jwa Bakeresete ba sekegela tsebe kgakololo eno ka go bala temana ya letsatsi le dikakgelo tsa yone le ka go bala Baebele kana go ithuta e sa le mo mosong. Kwa Fora mmulatsela mongwe yo o ikanyegang o tsoga go sa le mo mosong go dirisa metsotso e le 30 a bala Baebele. Ke eng se se mo thusitseng go dira jalo go ralala dingwaga? A re: “Ke kgothalela thulaganyo ya me ya mmalo thata e bile ga ke letle sepe go mphaposa mo go yone!” Le fa re ka tlhopha nako epe fela ya letsatsi, selo sa botlhokwa ke gore re kgomarele thulaganyo ya rona. René Mica yo o nang le dingwaga di feta 40 e le mmulatsela kwa Afrika Bokone le kwa Yuropa a re: “Fa e sa le go tloga ka 1950 ke ile ka ipeela mokgele wa go bala Baebele yotlhe ngwaga le ngwaga, e leng se ke setseng ke se dirile ga 49 jaanong. Ke ikutlwa gore go dira jalo go nthusa gore ke kgone go nna le kamano ya botsala le Mmopi wa me. Go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo go nthusa go tlhaloganya tshiamiso ya ga Jehofa le dinonofo tse dingwe tsa gagwe botoka e bile go ile ga nnonotsha fela thata.” *

“Dijo ka Nako e e Tshwanetseng”

11, 12. (a) “Molebalebi yo o boikanngo” o re tlamela ka “dijo” dife tsa semoya? (b) “Dijo” tseno di ile tsa tlisiwa jang ka nako e e tshwanetseng?

11 Fela jaaka go ja dijo ka metlha go dira gore motho a itekanele sentle mo mmeleng, thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta le ya go bala Baebele le yone e thusa motho go itekanela sentle semoyeng. Mo Efangeleng ya ga Luke re bala mafoko ano a ga Jesu: “Ke mang tota yo e leng molebalebi yo o boikanngo, yo o bonokopela, yo mong wa gagwe o tla mo tlhomang godimo ga setlhopha sa gagwe sa batlhokomedi go nna a ba naya selekanyo sa bone sa dijo ka nako e e tshwanetseng?” (Luke 12:42) Go setse go fetile dingwaga tse di fetang 120 jaanong re tlamelwa ka “dijo ka nako e e tshwanetseng” ka Tora ya Tebelo le dibuka le dikgatiso tse dingwe tse di thailweng mo Baebeleng.

12 Ela tlhoko mafoko a a reng, “ka nako e e tshwanetseng.” Jehofa, “Motlhatlheledi yo Mogolo,” ka nako e e tshwanetseng o ile a dirisa Morwawe le setlhopha sa motlhanka go kaela batho ba gagwe mo dilong tse di amanang le dithuto le boitshwaro. Go ile ga nna jaaka e kete rotlhe re utlwa lentswe le re raya le re: “‘Tsela ke e, tsamayang mo go yone:’ Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.” (Isaia 30:20, 21) Mo godimo ga moo, fa batho ba bala Baebele le dikgatiso tsotlhe tsa Baebele ka tlhoafalo, gantsi ba nna le maikutlo a gore megopolo e e tlhalosiwang moo e ba lebane ka tlhamalalo. Ee, re tla bona kgakololo le kaelo ya bomodimo ka nako e e tshwanetseng, e leng se se tla re thusang go fenya diteko kana go dira tshwetso e e tshwanetseng.

Nna le Mekgwa e e Molemo ya go Iphepa

13. Mengwe ya mekgwa ya go iphepa semoyeng e e seng molemo ke efe?

13 Re tshwanetse go nna le mekgwa e e molemo ya go iphepa e le gore re solegelwe molemo ka botlalo ke “dijo” tseno tse re tlamelwang ka tsone ka nako e e tshwanetseng. Go botlhokwa gore re nne le thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele le go ithuta ka namana mme re e kgomarele. A o na le mekgwa e e molemo ya go iphepa semoyeng le dinako tsa ka metlha tsa thuto e e tseneletseng ya motho ka namana? Kana a o bala dintlha tse re di kwaletsweng ka kelotlhoko ka go di okola fela fa godimo, o ja o le mo lepotlapotleng jaaka fa re ka rialo, kana e bile o tlolwa gotlhelele ke dijo dingwe? Mekgwa e e seng molemo ya go iphepa semoyeng e ile ya dira gore bangwe ba koafale tumelo—tota le e leng go wa.—1 Timotheo 1:19; 4:15, 16.

14. Ke eng fa go sekaseka ka kelotlhoko tshedimosetso e go lebegang re e itse go ka re solegela molemo?

14 Bangwe ba ka nna le boikutlo jwa gore ba setse ba itse dithuto tsa motheo mme ga se ditlhogo tsotlhe tse di tlang ka sengwe se sesha. Ka gone, ba ka re ga go botlhokwa go nna le thulaganyo ya go ithuta le go nna gone kwa dipokanong ka metlha. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore re tshwanetse go gakololwa dilo tse re setseng re di ithutile. (Pesalema 119:95, 99; 2 Petere 3:1; Jude 5) Fela jaaka seapei sa setswerere se apaya dijo tse di tshwanang ka ditsela tse di monate tse di sa tshwaneng, setlhopha sa motlhanka le sone se re tlamela ka dijo tsa semoya ka ditsela tse di sa tshwaneng. Tota le tsone ditlhogo tse di buang ka dikgang tse go ileng ga buiwa ka tsone mo nakong e e fetileng, di na le dintlha tse di molemo go gaisa tse re sa batleng gore di re latlhegele. Boammaaruri ke gore, molemo o re o bonang go tswa mo dilong tse re di balang o ikaegile thata ka gore re ipha nako e e kana kang le gore re tsaya matsapa a a kana kang fa re ithuta.

Melemo ya Semoya ya go Bala le go Ithuta

15. Go bala le go ithuta Baebele go re thusa jang gore re nne badiredi ba ba botoka ba Lefoko la Modimo?

15 Melemo e re e bonang ka go bala le go ithuta Baebele e mentsi. Go re thusa go diragatsa bongwe jwa maikarabelo a rona a Bokeresete, e leng gore mongwe le mongwe wa rona a nne “modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, [a] tshwara lefoko la boammaaruri sentle.” (2 Timotheo 2:15) Fa re bala Baebele le go e ithuta thata, megopolo ya rona e tla tlala ka megopolo ya Modimo. Go tswa foo, jaaka Paulo, re tla kgona go ‘bontshana mabaka le batho go tswa mo Dikwalong, re tlhalosa e bile re ntsha bosupi’ malebana le boammaaruri jo bo molemo kaga maikaelelo a ga Jehofa. (Ditiro 17:2, 3) Go tla nonotsha bokgoni jwa rona jwa go ruta, mme metlotlo ya rona, dipuo, le dikgakololo, di tla aga ba bangwe semoyeng.—Diane 1:5.

16. Re solegelwa molemo jang motho ka namana fa re bala Lefoko la Modimo le go le ithuta?

16 Mo godimo ga moo, nako e re e dirisetsang go sekaseka Lefoko la Modimo e tla re thusa go dumalanya botshelo jwa rona le ditsela tsa ga Jehofa. (Pesalema 25:4; 119:9, 10; Diane 6:20-23) E tla godisa dinonofo tsa rona tsa semoya, tse di jaaka boikokobetso, boikanyegi le boitumelo. (Duteronome 17:19, 20; Tshenolo 1:3) Fa re dirisa kitso e re e bapalang ka go bala le go ithuta Baebele, re tla bona moya wa Modimo o dira mo botshelong jwa rona, e leng se se tla dirang gore re bone matswela a mantsi a maungo a moya mo go sengwe le sengwe se re se dirang.—Bagalatia 5:22, 23.

17. Bogolo le boleng jwa mmalo wa motho wa Baebele le thuto ya motho ka namana bo ka ama jang botsala jwa motho le Jehofa?

17 Selo se se botlhokwa le go feta ke gore, nako e re e rekang go tswa mo ditirong tse dingwe gore re kgone go bala Lefoko la Modimo le go le ithuta e tla re leretse molemo o mogolo wa go nna le botsala le Modimo. Paulo o ile a rapelela Bakeresetekaene gore ba “tladiwe ka kitso e e leng yone ya thato ya [Modimo] ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya, e le gore [ba] tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore [ba] mo itumedise ka botlalo.” (Bakolosa 1:9, 10) Le rona re tshwanetse gore re “tladiwe ka kitso e e leng yone ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya” e le gore re “tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa.” Ga go pelaelo gore, gore Jehofa a re segofatse le go re amogela go ikaegile thata ka bogolo le boleng jwa thuto ya motho ka namana le go ithuta ga gagwe Baebele.

18. Ke masego afe a re ka a bonang fa re ka sekegela tsebe mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 17:3?

18 “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Leo ke lengwe la dikwalo tse di dirisiwang thata ke Basupi ba ga Jehofa go thusa batho ba bangwe go lemoga botlhokwa jwa go ithuta Lefoko la Modimo. Ga go pelaelo gore go dira jalo go botlhokwa fela jalo le mo go mongwe le mongwe wa rona. Tsholofelo ya rona ya go tshelela ruri e ikaegile ka gore re oketse kitso ya rona ka Jehofa le ka Morwawe, Jesu Keresete. Mme akanya fela gore seo se kaya eng. Re tla nna re ithuta ka Jehofa go ya go ile—mme re tla bo re na le nako e e sa feleng go ithuta ka ene!—Moreri 3:11; Baroma 11:33.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 E gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

^ ser. 10 Bona setlhogo se se reng, “Nako e ba e Balang ka Yone le ka Moo ba Solegelwang Molemo ka Gone,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 1995, ditsebe 20-1.

Dipotso Tsa Poeletso

• Tsela e re dirisang nako ka yone e senola eng?

• Nako e ka rekwa mo ditirong dife e bo e dirisediwa go bala le go ithuta Baebele?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re iphepang semoyeng ka yone?

• Go bala le go ithuta Dikwalo go na le melemo efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Go bala Baebele le go e ithuta ka metlha go tla re thusa go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle’

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go dira ditiro tse dingwe ka go di lekalekanya le dilo tsa semoya go ka re leretse melemo e megolo mo botshelong jwa rona jwa go nna re tshwaregile