Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ithuta—Go Mosola e Bile go Monate

Go Ithuta—Go Mosola e Bile go Monate

Go Ithuta—Go Mosola e Bile go Monate

“Fa o nna o e senka . . . o tla bona e e leng kitso ya Modimo.”—Diane 2:4, 5NW.

1. Go itapolosa ka go bala go ka itumedisa motho jang?

BATHO ba le bantsi ba balela fela gore ba ijese monate. Fa selo se motho a se balang e le se se agang, go bala e ka nna tsela e e molemo ya go itapolosa. Bakeresete bangwe ba itumelela go bala fale le fale mo go Dipesalema, Diane, dipego tsa Diefangele, kana dikarolo tse dingwe tsa Baebele mo godimo ga thulaganyo ya bone ya ka metlha ya mmalo wa Baebele. Ba itumelela go utlwa monate wa puo le dintlha tse ba di balang. Ba bangwe ba tlhopha go itapolosa ka go bala Yearbook of Jehovah’s Witnesses, makasine wa Tsogang! le dikgang tsa botshelo jwa bangwe tse di gatisiwang mo makasineng ono, kana dintlha dingwe tse di gatisitsweng tsa hisitori, thutafatshe le dilo tsa tlholego.

2, 3. (a) Tshedimosetso e e boteng ya dilo tsa semoya e ka tshwantshiwa jang le dijo tse di tiileng? (b) Go ithuta go akaretsa eng?

2 Le fa go ipalela fela go ka re lapolosa, go ithuta gone go tlhoka gore motho a dirise tlhaloganyo. Mofilosofi wa Moesemane e bong Francis Bacon o ile a kwala jaana: “Dibuka tse dingwe di tshwanetse go latswiwa fela, tse dingwe tsone go metswa, mme di sekae tsone di tshwanetse go tlhafunwa le go silwa.” Ga go pelaelo gore Baebele e wela mo go tseno tsa bofelo. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Malebang le ene [Keresete, jaaka fa a ne a tshwantshediwa ke Kgosi ya Moperesiti Melekisedeke] re na le mo gontsi go go bua le mo go thata go tlhalosiwa, e re ka lo kabetse ditsebe. . . . Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, tsa ba ka go di dirisa dikgono tsa bone tsa go lemoga di thapisiwang go farologanya se se siameng le se se phoso.” (Bahebera 5:11, 14) Dijo tse di tiileng di tshwanetse tsa tlhafunwa pele ga di metswa le go silwa. Tshedimosetso e e boteng ya dilo tsa semoya e tshwanelwa ke go akanyediwa pele ga motho a e monya le go e boloka.

3 Thanodi e tlhalosa “go ithuta” e le “go dirisa mogopolo go monya kitso kana go tlhaloganya sengwe ka go bala, go sekaseka, jalo le jalo.” Go a bonala he gore go ithuta go tlhoka motho matsapa a a fetang go bala fela a itlhaganetse gongwe a tla a thalela mafoko mangwe fa a ntse a bala. Go bala ke tiro, go tlhoka motho go dirisa tlhaloganyo le go dirisa kgono ya go akanya. Le fa go ithuta go tlhoka go tseelwa matsapa, seno ga se bolele gore go ka se itumedise.

Go Dira Gore go Ithuta go Nne Monate

4. Go ya ka mopesalema, Lefoko la Modimo le ka re itumedisa le go re solegela molemo jang?

4 Go bala Lefoko la Modimo le go le ithuta go ka re lapolosa le go re nonotsha. Mopesalema o ile a re: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa mowa; tshupo ya ga Jehofa e tlhomamo, e tlhalefisa ba ba sa tlhalefang. Ditao tsa ga Jehofa di siame, di itumedisa pelo; taolo ya ga Jehofa e itshekile, e tsenya matlho lesedi.” (Pesalema 19:7, 8) Melao le dikgakololo tsa ga Jehofa di re tsosolosa moya, di a re nonotsha semoyeng, di dira gore re nne le boipelo e bile di dira gore matlho a rona a kgone go bona maikaelelo a a molemo a ga Jehofa sentle. A bo e itumedisa jang ne!

5. Ke ditsela dife tse di ka dirang gore go ithuta go re itumedise thata?

5 Re itumelela go dira tiro fa re kgona go bona matswela a yone a a molemo. Ka gone, fa re batla go itumelela go ithuta, re tshwanetse go itlhaganelela go dirisa kitso e re sa tswang go e monya. Jakobe o ile a kwala jaana: “Yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng o e leng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one, motho yono, ka gonne a nnile, e seng moutlwi yo o lebalang bobe, mme e le modiri wa tiro, o tla itumela mo go o direng ga gagwe.” (Jakobe 1:25) Motho o kgotsofala tota fa a nna bonako go dirisa dintlha tse a di ithutileng. Gape re tla nna le boitumelo jo bogolo fa re dira dipatlisiso ka boikaelelo jwa gore re kgone go araba potso nngwe e re e boditsweng fa re le mo tirong ya go rera kana go ruta.

Go Godisa go Rata ga Rona Lefoko la Modimo

6. Mokwadi wa Pesalema 119 o ne a bontsha jang gore o rata lefoko la ga Jehofa?

6 Motlhami wa Pesalema 119, yo gongwe e leng Hesekia fa e ne e sa ntse e le kgosana, o tlhalosa tsela e a neng a rata lefoko la ga Jehofa ka yone. O ne a bua jaana a boka: “Ke tla bontsha go rata melao ya gago. Ga nkitla ke lebala lefoko la gago. Gape, ke rata dikgakololo tsa gago . . . Ke tla bontsha go rata ditaelo tsa gago tse ke di ratileng. A mautlwelobotlhoko a gago a tle mo go nna, gore ke nne ke tshela; Gonne ke rata molao wa gago. Ke tlhologeletswe poloko ya gago, tlhe Jehofa, E bile ke rata molao wa gago.”—Pesalema 119:16, 24, 47, 77, 174.

7, 8. (a) Go ya ka thanodi nngwe, go “bontsha go rata” Lefoko la Modimo go kaya eng? (b) Re ka bontsha jang gore re rata Lefoko la ga Jehofa? (c) Esera o ne a iketleetsa jang pele ga a bala Molao wa ga Jehofa?

7 Fa thanodi nngwe ya Dikwalo Tsa Sehebera e tlhalosa lefoko le le ranotsweng e le go “bontsha go rata” mo go Pesalema 119, e bolela jaana: “Tsela e le dirisitsweng ka yone mo go tem. 16 e tsamaisana le [madiri] a a ranolwang e le go ipela . . . le go tlhatlhanya . . . A latelana jaana: go ipela, go tlhatlhanya, go itumela . . . Go amana gono ga one go ka kaya gore selo se se dirang gore motho a itumelele lefoko la ga Yahweh ke fa a akanya thata ka lone. . . . Bokao jwa lone bo akaretsa go amega maikutlo.” *

8 Ee, go rata Lefoko la ga Jehofa ga rona go tshwanetse ga tswa pelong, e e leng modi wa maikutlo. Re tshwanetse go itumelela go fetsa nakonyana re akanya ka ditemana tse re sa tswang go di bala. Re tshwanetse go nwetsa megopolo ya rona mo dilong tse di boteng tsa semoya, re bo re tlhatlhanye ka tsone. Seno se tlhoka gore motho a akanye thata a didimetse le go rapela. Fela jaaka Esera, re tshwanetse go etleetsa dipelo tsa rona gore di siamele go bala le go ithuta Lefoko la Modimo. Go kwadilwe jaana ka ene: “Esera ka boene o ne a etleeditse pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa le go o dira le go ruta molao le tshiamiso mo Iseraele.” (Esera 7:10) Ela tlhoko dilo tse tharo tse di neng di dira gore Esera a etleetse pelo ya gagwe: go ithuta, go dirisa se a se ithutileng le go ruta. Re tshwanetse go etsa sekao sa gagwe.

Go Ithuta e le Tsela ya Kobamelo

9, 10. (a) Mopesalema o ile a bontsha go rata Lefoko la ga Jehofa ka ditsela dife? (b) Lefoko la Sehebera le le ranolwang e le “[go] tlhatlhanya” le bolelang? (c) Ke eng fa go le botlhokwa go tsaya go ithuta Baebele e le “tsela ya kobamelo”?

9 Mopesalema o bolela gore o ne a amegile ka melao, ditaelo le dikgakololo tsa ga Jehofa. O opela jaana: “Ke tlaa tlhatlhanya dikaelo tsa gago, ke tlaa tsaya ditsela tsa gago tsia. Le tsone diatla tsa me, ke tlaa di tsholeletsa kwa ditaolong tsa gago, tse ke di ratileng; mme ke tlaa tlhatlhanya ditao tsa gago. Ana ke rata molao wa gago jang! Ke one go tlhatlhanya ga me ka letsatsi lotlhe. Ke na le tlhaloganyo go gaisa baruti botlhe ba me; gonne ditshupo tsa gago ke tsone tlhatlhanyo ya me.” (Pesalema 119:15, 48, 97, 99) Go “tlhatlhanya” ka Lefoko la ga Jehofa go kaya eng?

10 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “[go] tlhatlhanya” gape le ka kaya go “kanka, go akanya,” “go tshotlha sengwe ka mogopolo.” “Le dirisiwa go tlhalosa go akanya ka ditiro tsa Modimo . . . le lefoko la Modimo.” (Theological Wordbook of the Old Testament) Leina “tlhatlhanya” le ne le bua ka “go tlhatlhanya ga mopesalema,” “tsela e a neng a rata go ithuta” molao wa Modimo ka yone, e le “tsela ya kobamelo.” Fa re tsaya go ithuta Lefoko la Modimo e le karolo ya kobamelo ya rona seo se tla dira gore re go tseye go le masisi. Ka jalo go tshwanetse ga dirwa ka tlhoafalo le ka thuso ya thapelo. Go ithuta ke karolo ya kobamelo ya rona mme go re thusa go tokafatsa kobamelo ya rona.

Go Hukutsa Kwa Teng mo Lefokong la Modimo

11. Jehofa o senolela batho ba gagwe dilo tse di boteng jang?

11 Mopesalema o ile a tlhaeletsa jaana ka tsela ya tlotlo: “Ana ditiro tsa gago di dikgolo jang Jehofa! Megopolo ya gago e boteng thata.” (Pesalema 92:5) Mme moaposetoloi Paulo o ile a bua ka “dilo tse di boteng tsa Modimo,” megopolo e e tseneletseng e Jehofa a e senolelang batho ba gagwe “ka moya wa gagwe” o a o dirisang mo setlhopheng sa motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela. (1 Bakorintha 2:10; Mathaio 24:45) Setlhopha sa motlhanka se otla botlhe ka dijo tsa semoya—“mashi” mo go ba ba sa leng basha mme “ba ba godileng sentle” bone se ba otla ka “dijo tse di tiileng.”—Bahebera 5:11-14.

12. Neela sekai sa “dilo tse di boteng tsa Modimo” tse di ileng tsa tlhalosiwa ke setlhopha sa motlhanka.

12 Fa re batla go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo” re tshwanetse go ithuta Lefoko la gagwe ka tlhoafalo le go akanya ka lone. Ka sekai, go ile ga gatisiwa ditlhogo tse di molemo tse di bontshang kafa Jehofa a ka nnang molemo ka teng e bile a ntse a le pelotlhomogi. Modimo ga a dirise bopelotlhomogi jwa gagwe ka tsela ya go nyenyefatsa go nna tshiamiso ga gagwe; go na le moo, bopelotlhomogi jwa Modimo bo bontsha tshiamiso le lorato lwa gagwe. Fa Jehofa a atlhola moleofi, o leba pele gore a a ka mmontsha bopelotlhomogi mo motheong wa setlhabelo sa ga Morwawe sa thekololo. Fa moleofi a sa ikwatlhae kana a le tlhogoethata, Modimo o letla gore tshiamiso ya gagwe e diragadiwe kwantle ga go dirisa bopelotlhomogi go sa tlhokege. O kgomarela melaometheo eno ya gagwe ka boikanyegi ka ditsela tseno tse pedi. * (Baroma 3:21-26) ‘A boteng jwa botlhale jwa Modimo!’—Baroma 11:33.

13. Re ka bontsha jang gore re anaanela “palo yotlhe” ya dithuto tsa boammaaruri tsa semoya tse re setseng re di senoletswe go fitlha jaanong?

13 Fela jaaka mopesalema re itumelela gore Jehofa o re abela bontsi jwa megopolo ya gagwe e mentsintsi. Dafide o ile a kwala jaana: “Abo dikakanyo tsa gago di le tlhwatlhwakgolo jang ne mo go nna! Oo Modimo, abo palo yotlhe ya tsone e le kana kang! Fa ke ne nka leka go di bala, di feta le moshawa.” (Pesalema 139:17, 18, NW) Le fa kitso e re nang le yone gompieno e le karolo e nnye fela ya dikakanyo tse di se nang palo tse Jehofa a tla re senolelang tsone go ya go ile, re anaanela thata “palo yotlhe” ya dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri tse re setseng re di senoletswe go fitlha jaanong mme re nna re hukutsa go ya pele mo dilong tse di boteng tsa Lefoko la Modimo.—Pesalema 119:160, ntlhanyana e e kwa tlase mo NW.

Go Tlhokega Maiteko le Didirisiwa Tse di Molemo

14. Diane 2:1-6 e gatelela jang botlhokwa jwa go dira maiteko fa o ithuta Lefoko la Modimo?

14 Thuto e e boteng ya Baebele e tlhoka maiteko. O kgona go lemoga seno sentle fa o bala Diane 2:1-6, (NW) ka kelotlhoko. Ela tlhoko madiri a Kgosi Solomone a a dirisang go gatelela botlhokwa jwa maiteko a a batlegang gore motho a nne le kitso ya bomodimo, botlhale le temogo. O ile a kwala jaana: “Morwaaka, fa e le gore o tla amogela mafoko a me mme wa boloka ditaolo tsa me mo go wena, gore o tle o tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong; mo godimo ga moo, fa o tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetsa temogo lentswe la gago, fa o nna o e senka jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo. Gonne Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.” Ee go ithuta go go molemo go tlhoka motho go dira dipatlisiso, go hukutsa jaaka e kete o senka matlotlo a a fitlhegileng.

15. Ke papiso efe ya Baebele e e gatelelang botlhokwa jwa mekgwa e e molemo ya go ithuta?

15 Gape thuto e e nonotshang semoyeng e batla mekgwa e e molemo ya go ithuta. Solomone o ile a kwala jaana: “Fa tshipi e le boboi, mme motho a sa lootse bogale jwa yone, foo o na le go ikitlimanya bogolo; mme botlhale bo molemo go siamisa.” (Moreri 10:10) Fa mothudi a dirisa sedirisiwa se se segang se se seng bogale kana a sa se dirise ka botswerere, o tla senya maatla a gagwe fela mme tiro ya gagwe ga e ne e itumedisa. Fela jalo, melemo e re e bonang ka ntlha ya nako e re iphang yone re ithuta e ka farologana, go ikaegile ka mekgwa ya rona ya go ithuta. Dikakantsho tse di molemo tse di ka re thusang go tokafatsa mokgwa wa rona wa go ithuta di ka bonwa mo go Thuto 7 ya Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo. *

16. Ke dikakantsho dife tse di molemo tse re di newang tse di ka re thusang go ithuta ka tsela e e boteng?

16 Fa modiri a simolola ka tiro ya gagwe, o ntsha didirisiwa tse a tla di tlhokang. Le rona fa re simolola go ithuta, re tshwanetse ra tlhopha didirisiwa tsa go ithuta tse re tla di tlhokang mo laeboraring ya rona. Go molemo go dula ka tsela e e tshwanetseng re sa lebale gore go ithuta ke tiro mme go re tlhoka go tsepamisa mogopolo. Fa e le gore re batla gore mogopolo wa rona o nne o phaphame, go ka nna molemo go dula mo setulong mo tafoleng kana mo desekeng go na le go bala o rapame mo bolaong kana o ntse mo sekanamelong. Fa o sena go fetsa nako e e rileng o tsepamisitse mogopolo, go ka nna molemo fa o ka iphutholola maoto go sekae kana go tswela kwantle go iphokisa phefo.

17, 18. Neela dikai tsa kafa o ka dirisang didirisiwa tse di molemo tsa go ithuta tse o nang le tsone ka teng.

17 Gape re na le didirisiwa tsa go ithuta tse di molemo tota. Se se di gogang kwa pele ke Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e gone jaanong e leng gone e feletse kana bontlhanngwe jwa yone ka dipuo di le 37. Kgatiso e kgolo ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e na le thulaganyo ya ditemana tse di tsamaisanang gape e na le “Lenaane la Dibuka Tsa Baebele” le le bontshang leina la mokwadi wa buka, kwa e kwaletsweng teng le lobaka lwa nako lo e buang ka lone. Gape e na le tatelano ya mafoko a Baebele, le mametlelelo ya mafoko le dimmapa. Mo dipuong dingwe Baebele eno e gatisitswe ka mokwalo o mogolo, mme e bidiwa Reference Bible. E na le dilo tseno tsotlhe le tse dingwe tse dintsi go akaretsa le dintlhanyana tse di kwa tlase di le dintsi tse le tsone di beilweng ka tatelano ya ditemana. A o dirisa dilo tsotlhe tse di leng gone ka puo ya gaeno ka botlalo e le gore di go thuse go hukutsa kwa teng mo Lefokong la Modimo?

18 Sedirisiwa se sengwe se se botlhokwa thata sa go ithuta ke saetlopedia ya Baebele ya dibolumo tse pedi e leng Insight on the Scriptures. Fa o na le yone ka puo e o e tlhaloganyang, ka metlha e tshwanetse ya nna e le fa thoko ga gago fa o ithuta. E tla go naya tshedimosetso e e amanang le bontsi jwa ditlhogo tsa Baebele. Sedirisiwa se sengwe se se molemo ke “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola.” Fa o simolola go bala buka nngwe ya Baebele, go molemo gore o sekaseke thuto e e tsamaisanang le yone mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe” gore o itse mafelo a e amanang le yone le hisitori ya teng le tshobokanyo ya diteng tsa buka eo ya Baebele le kafa di re solegelang molemo ka teng. Sedirisiwa se se sa tswang go nna teng bosheng jaana go oketsa dikgatiso tse dintsi tsa go ithuta tse re nang le tsone ke Watchtower Library ya khomputara, e gone jaanong e leng gone ka dipuo di le robonngwe.

19. (a) Ke eng fa Jehofa a re abetse didirisiwa tse di molemo tsa go ithuta Baebele? (b) Go tlhokega eng gore motho a bale le go ithuta Baebele sentle?

19 Jehofa o dirisitse “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” go re tlamela ka didirisiwa tseno tsotlhe go thusa batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng go ‘hukutsa le go bona kitso ya Modimo.’ (Diane 2:4, 5) Mekgwa e e molemo ya go ithuta e re thusa go itse Jehofa botoka le go itumelela go nna le botsala jo bogolo le ene. (Pesalema 63:1-8) Ee go ithuta ke tiro, le fa go ntse jalo, ke tiro e e itumedisang le e e mosola. Le fa go ntse jalo, e tsaya nako mme e bile o ka tswa o ipotsa gore, ‘Nka bona kae nako e e lekaneng go e dirisetsa mmalo wa me wa Baebele le thuto ya motho ka namana?’ Re tla sekaseka kgang eno mo setlhogong sa bofelo sa motseletsele ono.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 New International Dictionary of Old Testament Theology & Exegesis, Bolumo 4, ditsebe 205-207.

^ ser. 12 Bona Tora ya Tebelo ya August 1, 1998, tsebe 13, serapa 7. O ka nna wa rata go boeletsa ditlhogo tse pedi tse di neng di ithutiwa tsa makasine ono mo thutong ya gago ya Baebele le ditlhogo tse di reng “Justice,” “Mercy,” le “Righteousness” mo saetlopedieng ya Baebele e leng Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

^ ser. 15 E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. Fa e le gore ga lo na buka eno ka puo ya lona, o ka bona kgakololo e e molemo kaga mekgwa ya go ithuta mo dimakasineng tse di latelang tsa Tora ya Tebelo: August 15, 1993, ditsebe 13-17; May 15, 1986, ditsebe 19-20.

Dipotso Tsa Poeletso

• Re ka dira jang gore thuto ya rona e nne monate le go solegela molemo?

• Re ka bontsha jang gore re “rata” Lefoko la ga Jehofa e bile re “tlhatlhanya” ka lone, jaaka mopesalema?

Diane 2:1-6 e bontsha jang botlhokwa jwa go dira ka natla fa re ithuta Lefoko la Modimo?

• Ke didirisiwa dife tse di molemo tse Jehofa a re abetseng tsone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Go akanya ka tidimalo le go rapela go ka re thusa go godisa tsela e re ratang Lefoko la Modimo ka yone

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

A o dirisa didirisiwa tsa go ithuta tse di leng gone ka botlalo go hukutsa kwa teng mo Lefokong la Modimo?