Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Segofaditswe ka Boswa jo bo Kgethegileng

Ke Segofaditswe ka Boswa jo bo Kgethegileng

Kgang ya Botshelo

Ke Segofaditswe ka Boswa jo bo Kgethegileng

JAAKA GO BOLETSE CAROL ALLEN

Ke ne ke le nosi, ke ngaparetse buka ya me e ntle. Ke ne ka tsenwa ke letshogo mme dikeledi tsa tshologa. Gone mme, ke ne ke le mosetsanyana wa dingwaga di le supa fela yo o latlhegileng mo toropokgolong e ke sa e itseng, ke potapotilwe ke diketekete tsa batho!

BOSHENG jaana, mo e ka nnang dingwaga di le 60 moragonyana, ke ne ka gakologelwa sentle tiragalo eno e e diragetseng fa ke sa le ngwana, ke e gakololwa ke fa ke ne ke etile le monna wa me e bong Paul kwa Lefelong le lentle la Thuto la Watchtower kwa Patterson, kwa New York. Monna wa me o ne a laleditswe go nna teng kwa tlelaseng ya bobedi ya sekolo sa balebedi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa.

Fa re ntse re lebaleba mo lefelong la boamogelo le le neng le bonesitswe ke letsatsi, ke ne ka bona setshwantsho se segolo se se nang le mokwalo o o reng “DIKOPANO TSE DIKGOLO.” Go ela kwa bogareng jwa sone go ne go na le setshwantsho sa bogologolo sa mmala o mosweu le o montsho sa bana ba tsholeditse ka boitumelo dikhopi tsa bone tsa buka e e tshwanang le e ke neng ke na le yone fa ke ne ke le ngwana! Ke ne ka bala ka bonako mokwalo o o mo setshwantshong seno o o reng: “1941—Kwa St. Louis, Missouri, fa thulaganyo ya mo mosong e simologa, bana ba le 15 000—ba ba fa gare ga dingwaga di le 5 le 18—ba ne ba phuthegetse mo patlelong e kgolo e e lebaganeng le serala. . . . Mokaulengwe Rutherford o ne a itsise ka go gololwa ga buka e ntšha ya Children.”

Ngwana mongwe le mongwe o ne a newa khopi ya gagwe. Morago ga foo bana botlhe ba ne ba boela ba ya go nna le batsadi ba bone—ga sala nna fela. Ke ne ke timetse! Molebedi mongwe yo o botsalano o ne a ntsholetsa mme a nkemisa mo godimo ga lebokoso le letelele la meneelo mme a nthaya a re ke batle mongwe yo ke mo itseng. Ke ne ka keleka boidiidi jo bo neng bo fologa ka bontsi mo ditepising ke tshogile. Ke sa lebelela, ka bona sefatlhego se ke se itseng! Malome! Malome Bob!” Ba ne ba mpone! Bob Rainer o ne a nkisa kwa batsading ba me ba ba neng ba letile ka tlhobaelo.

Ditiragalo Tsa Bogologolo Tse di Neng Tsa Bopa Botshelo Jwa Me

Go lebelela setshwantsho seo go ne ga nkgopotsa dilo tse dintsi—ditiragalo tse di neng tsa bopa botshelo jwa me le tse di ileng tsa dira gore re bo re le mo lefelong le lentle leno la Patterson. Ke ne ka akanya ka dilo tse di diragetseng dingwaga tse di fetang lekgolo tse di fetileng, dilo tse ke neng ka utlwa ka tsone mo go mmèmogolo le rremogolo le mo batsading ba me.

Ka December 1894 modiredi mongwe wa nako e e tletseng wa Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo, o ne a etela rremogolo e bong Clayton J. Woodworth, kwa ntlong ya gagwe kwa Scranton, Pennsylvania, kwa U.S.A. Clayton o ne a sa tswa go nyala. O ne a kwalela poresidente ya Watch Tower Bible and Tract Society, e bong Charles Taze Russell lekwalo, mme le ne la gatisiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 15, 1895 (ka Seesemane). O ne a tlhalosa jaana:

“Nna le mosadi wa me re banyalani ba basha mme re ne re le maloko a kereke dingwaga tse di ka nnang lesome; mme gone jaanong, re dumela gore re tswa mo lefifing la yone mme re tsena mo leseding la letsatsi le lesha le le tlhabelang bana ba ba tlhaotsweng jaaka ba ba boitshepo ba Mogodimodimo. . . . Nako e telele pele ga nna le mosadi wa me re kopana, re ne re ntse re eletsa ka tlhoafalo go direla Morena re le barongwa kwa nageng e sele, fa e le gore seo e ne e le thato ya gagwe.”

Moragonyana, ka 1903, rremogologolwane le mmèmogologolwane ba me e bong Sebastian le Catherine Kresge, ba ne ba reetsa ka boitumelo molaetsa wa Baebele o o neng o tlisitswe ke baemedi ba babedi ba Watch Tower kwa polaseng e kgolo e ba neng ba nna mo go yone, kwa Dithabeng tse dintle tsa Pocono kwa Pennsylvania. Barwadiabone e bong Cora le Mary, le bone ba ne ba nna gone le banna ba bone e bong Washington le Edmund Howell. Baemedi bano ba Watch Tower e bong Carl Hammerle le Ray Ratcliffe, ba ne ba nna le bone beke yotlhe, ba ba ruta dilo tse dintsi. Maloko ano otlhe a marataro a lelapa a ne a reetsa, a ithuta mme go ise go ye kae a nna Baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele.

Ka one ngwaga oo, ka 1903, Cora le Washington Howell ba ne ba nna le ngwana wa mosetsana yo o bidiwang Catherine. Tsela e go diragetseng ka yone gore kgabagare a nyalane le rre, e bong Clayton J. Woodworth yo mmotlana, e a kgatlha e bile ke dumela gore ke kgang e e ka tswelang ba bangwe molemo. E supa kafa rremogolo Clayton J. Woodworth yo mogolo a neng a dirisa temogo e e lorato ka gone e bile a amega jaaka motsadi.

Rre o Amogela Thuso e e Lorato

Rre e bong Clayton yo mmotlana, o ne a tsholelwa kwa Scranton ka 1906, dikilometara tse di ka nnang 80 go tloga mo polaseng ya booraHowell. Mo dingwageng tseo tsa bogologolo, Rremogolo Woodworth o ne a tlwaelana thata le lelapa le legolo la booraHowell, leo gantsi a neng a itumelela moya wa lone wa go amogela baeng o le neng le tumile ka one. O ne a thusa phuthego ya Baithuti ba Baebele fela thata mo lefelong leo. Fa nako e ntse e ya, Rremogolo o ne a kopiwa gore a nyadise barwa ba bararo ba booraHowell, mme e re ka a ne a batla gore dilo di tsamaele morwawe sentle, o ne a tlhomamisa gore o tsamaya le ene nako le nako fa a ya kwa manyalong ano.

Ka nako eo, rre o ne a sa tlhagafala mo bodireding jwa Baithuti ba Baebele. Gone ke boammaaruri gore o ne a tsamaisa Rremogolo ka koloi gore a ye go dira maeto a gagwe a bodiredi, mme le fa Rremogolo a ne a mo kgothatsa, Rre ga a ka a nna le seabe ka tlhagafalo. Ka nako eo, go rata mmino ga ga rre go ne go tla kwa pele ga sengwe le sengwe mme o ne a kgaratlhela go nna le mokgele wa porofeshene mo go one.

Catherine, morwadia Cora le Washington Howell le ene o ne a atlega mo mminong, a tshameka le go ruta batho piano. Mme fa tshono ya go fitlhelela mokgele wa porofeshenale mo mminong o mmulegela, o ne a o tlogela mme a simolola go nna le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng. Rremogolo o ne a batla gore morwawe a nne le molekane yo o molemo tota—go ya ka pono ya me! Rre o ne a kolobediwa mme a nyala Mmè dikgwedi tse thataro morago, ka June 1931.

Rremogolo o ne a ipela ka metlha ka bokgoni jwa mmino jo morwawe a neng a na najo. O ne a itumela thata fa Rre a ne a kopiwa gore a thapise setlhopha se segolo sa okhesetara ya kopano mo kopanong ya ditšhabatšhaba ya 1946 kwa Cleveland, Ohio. Dingwaga tse di latelang, Rre o ne a opedisa okhesetara kwa dikopanong tse dikgolo tse dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa.

Go Sekisiwa ga ga Rremogolo le Botshelo Jwa Gagwe Kwa Kgolegelong

Mo boamogelong jwa kwa Patterson, nna le Paul re ile ra bona gape setshwantsho se se neng se le mo pontsheng se se mo tsebeng e e latelang. Ke ne ka lemoga setshwantsho seo ka bonako ka gonne Rremogolo o ne a nthomelela khopi ya sone dingwaga tse 50 tse di fetileng. Ke ene yo o emeng ka kwa ntlheng ele ya moja.

Ka nako ya dipheretlhego tsa go lwela naga ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, Baithuti bano ba Baebele ba le robedi—go akaretsa le Joseph F. Rutherford (yo o ntseng fa gare), poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower—ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka phoso mme ba tswalelwa kwantle ga beile. Ditatofatso tsa bone di ne di le malebana le dipolelo dingwe tse di neng di kwadilwe mo bolumong ya bosupa ya Studies in the Scriptures e e neng e na le setlhogo se se reng The Finished Mystery. Dipolelo tseno di ne di tlhaloganngwa ka tsela e e phoso ya gore di kgatlhanong le gore United States e nne le seabe mo Ntweng ya Lefatshe I.

Charles Taze Russell o ne a kwala dibolumo di le thataro tsa Studies in the Scriptures mo nakong ya dingwaga di le dintsi mme o ne a swa pele ga a kwala ya bosupa. Ka gone dintlha tse a neng a di kwadile di ile tsa newa Rremogolo le Moithuti yo mongwe wa Baebele mme ba ne ba kwala bolumo ya bosupa. E ne ya gololwa ka 1917 pele ga ntwa e fela. Kwa tshekong, Rremogolo le ba bangwe ba bantsi, ba ne ba atlholelwa dingwaga di le 20 mo kgolegelong makgetlho a le manè.

Mafoko a a tlhalosang setshwantsho se se mo boamogelong jwa kwa Patterson a bolela jaana: “Dikgwedi di le robongwe fa Rutherford le ditsala tsa gagwe ba sena go atlholwa—le ntwa e fetile—ka March 21, 1919, kgotlatshekelo ya boikuelo e ne ya laela gore balatofadiwa bano botlhe ba le robedi ba fiwe beile mme ka March 26, ba ne ba gololwa kwa Brooklyn mongwe le mongwe wa bone ka beile ya $10,000. Ka May 5, 1920, J. F. Rutherford le ba bangwe ba ne ba gololwa ba sa bonwe molato.”

Fa banna ba ba robedi bano ba sena go atlholwa, mme e le pele ga ba isiwa kwa kgolegelong ya puso kwa Atlanta, Georgia, ba ne ba nna malatsi a sekae mo kgolegelong ya Raymond Street kwa Brooklyn, New York. Fa Rremogolo a le koo o ne a kwala lekwalo a tlhalosa kafa go ntseng ka teng go nna mo teng ga sele ya dimetara di le 1,8 le bophara jwa 2,4 “mo teng ga leswe le tlhakatlhakano e e ferosang sebete.” O ne a bolela jaana: “O na le mokoa wa dikuranta, mme fa o itlhokomolosa dikuranta tseno, o tla lemoga ka bonako gore dipampiri tseno, sesepa le letsela la go tlhapa ke tsone tse di tla go thusang gore o nne o le phepa le gore o nne o ntse o itlotla.”

Le fa go ntse jalo, Rremogolo o ne a nna e ntse e le motho yo o ratang go tshegisa, a bitsa kgolegelo a re ke “Hôtel de Raymondie” a bolela gore “ke tla tswa mono fa nako ya me e fedile.” O ne gape a tlhalosa kafa a neng a iphokisa phefo ka teng mo jarateng. Nako nngwe fa a ne a ema ka nakwana gore moriri wa gagwe o kamiwe, mokgothosi mongwe o ne a phamola watšhe ya gagwe ya pata, mme jaaka a ne a kwala, “Ketane ya yone e ne ya kgaoga mme ka e boloka.” Fa ke ne ke etetse Bethele ya kwa Brooklyn ka 1958, Grant Suiter, yo ka nako eo e neng e le mokwaledi wa tsa madi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a mpiletsa kwa ofising ya gagwe mme a nnaya watšhe eo. Ke sa ntse ke e rata thata.

Kafa go Ileng ga Ama Rre ka Teng

Fa Rremogolo a ne a tsenngwa mo kgolegelong go sa tshwanela ka 1918, rre o ne a le dingwaga di le 12 fela. Mmèmogolo o ne a tswala ntlo ya bone mme a mo tsaya gore ba ye go nna le mmaagwe le bonnakaagwe ba bararo. Sefane sa lelapa la gaabo Mmèmogolo e ne e le Arthur, mme lelapa leo le ne le bolela ka boipelo gore mongwe wa ba losika lwa bone e bong Chester Alan Arthur, e ne e le poresidente ya bo21 ya United States.

Fa Rremogolo Woodworth a ne a atlholelwa sebaka se seleele ka ntlha ya melato e go tweng o ne a e dirile kgatlhanong le United States, ba booraArthur ba ne ba akanya gore o sentse lelapa la bone leina. E ne e le nako e e neng ya utlwisa rre botlhoko thata. Gongwe tsela e a neng a tshwerwe ka yone ke yone e ileng ya dira gore a okaoke go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa.

Fa Rremogolo a gololwa kwa kgolegelong, o ne a fudusetsa lelapa la gagwe mo ntlong e kgolo ya polasetere mo Quincy Street kwa Scranton. Fa ke ne ke sa le ngwana, ke ne ke itse ntlo eno sentle—le dijana tsa poseleine tse dintle tsa ga Mmèmogolo. Re ne re di bitsa dijana tsa gagwe tse di boitshepo ka gonne e ne e le Mmèmogolo fela yo o neng a di tlhatswa. Fa Mmèmogolo a sena go swa ka 1943, gantsi Mmè o ne a rata go dirisa dijana tse dintle tseo go tsholela baeng ka tsone.

Go Tshwarega mo Tirelong ya Bogosi

Ka letsatsi le lengwe kwa kagong ya Patterson, ke ne ka bona setshwantsho sa ga Mokaulengwe Rutherford sa fa a ne a bua kwa kopanong ya 1919 ya Cedar Point, Ohio. Mo kopanong eo, o ne a kgothaletsa botlhe gore ba itsise Bogosi jwa Modimo ka tlhoafalo le go dirisa makasine o mosha o o neng wa gololwa kwa kopanong eo e leng The Golden Age. Rremogolo o ne a tlhomiwa go nna morulaganyi wa one mme o ne a kwala ditlhogo tsa one go fitlha ka bo1940, pelenyana fela ga fa a tloga a swa. Ka 1937, leina la makasine oo le ne la fetolwa go nna Consolation mme ka 1946 ya nna Tsogang!

Rremogolo o ne a di kwala a le kwa gae kwa Scranton le kwa ntlokgolong e e bokgakala jwa dikilometara di le 240 kwa Brooklyn, a nna dibeke tse pedi kwa lefelong lengwe le lengwe. Rre a re o gakologelwa gore motšhini wa gagwe wa go tlanya o ne o utlwala ka ura ya botlhano meso e le mentsi. Le fa go ntse jalo, Rremogolo gape o ne a tsaya maikarabelo a gagwe a go nna le seabe mo tirong ya go rera phatlalatsa masisi. Tota e bile, o ne a roka besete ya banna e e neng e na le dipotla tse dikgolo kafa teng tse a neng a tsenya dikgatiso tsa Baebele mo go tsone. Mmamalome wa dingwaga di le 94 e bong Naomi Howell, o sa ntse a na le nngwe ya tsone. O ile a roka gape le kgetsi ya dibuka ya basadi.

Nako nngwe morago ga go nna le puisano e e matlhagatlhaga ya Baebele, mopati wa ga Rremogolo wa tirelo o ne a re: “C. J., o dirile phoso e le nngwe.”

Rremogolo a botsa a re, “phoso ya eng?” A sekaseka besete ya gagwe. Dipotla tsa yone tsoopedi di ne di se na sepe.

“O lebetse go mo tsamaisetsa peeletso ya The Golden Age.” Ba ne ba ipolaya ka ditshego ka go bo morulaganyi wa makasine a lebetse go tsamaisa makasine wa gagwe.

Dilo Tse ke di Gakologelwang Tsa Nako Ya fa Ke Gola

Ke gakologelwa ke sa ntse ke le ngwana ke ntse mo seropeng sa ga Rremogolo, a tsentse seatla sa me se senye mo go sa gagwe mme a mpolelela “Kgang ya Menwana.” O ne a simolola ka wa “Kgonojwe” a bo a fetela mo “Monwaneng o o Supang,” a mpolelela sengwe se se kgethegileng ka monwana mongwe le mongwe. Morago ga foo o ne a kopanya menwana yotlhe ka kelotlhoko a bo a tlhalosa thuto ka yone: “E dira sentle thata fa e le mmogo, mongwe le mongwe o thusa e mengwe yotlhe.”

Fa batsadi ba me ba sena go nyalana, ba ne ba fudugela kwa Cleveland kwa Ohio mme ba nna ditsala tse dikgolo tsa ga Ed le Mary Hooper. Malapa a bone e ne e le Baithuti ba Baebele go tloga kwa tshimologong ya lekgolo leo la dingwaga. Batsadi ba me le Malome Ed le Rakgadi Mary jaaka ke ne ke ba bitsa, e ne e le ditsala tse dikgolo. BooraHooper ba ne ba latlhegelwa ke ngwana wa bone yo o nosi wa mosetsana, ka gone fa nna ke tsholwa ka 1934, ke ne ka nna “morwadiabone” yo o botlhokwa. E re ka ke ne ke godisitswe ke batho ba ba ratang dilo tsa semoya thata, ke ne ka ineela mo Modimong le go kolobediwa pele ga ke nna dingwaga di le robedi.

Ke simolotse go bala Baebele ke sa ntse ke le monnye. Tlhaloso ya kafa botshelo bo tla nnang ka teng mo lefatsheng le lesha la Modimo e e mo go Isaia 11:6-9 e ne e le nngwe ya ditemana tsa dikwalo tse ke di ratang thata. Ka 1944, ke ne ka dira maiteko a ntlha a go bala Baebele yotlhe, fa ke sena go amogela khopi ya me ya American Standard Version, e e neng ya gololwa kwa kopanong e kgolo kwa Buffalo, kwa New York. A bo ke ne ka itumela jang ne go bala thanolo eno e leina la Modimo e bong Jehofa le neng le buseditswe mo le tshwanetseng teng makgetlo a le 7 000 mo “Tesetamenteng e Kgologolo”!

Mafelobeke e ne e le dinako tse di monate. Batsadi ba me le booraHooper ba ne ba tsamaya le nna go ya go neela bosupi kwa metseselegaeng. Re ne re a tle re pake dijo tsa motshegare re bo re dira pikiniki gaufi le molapo. Go tswa foo re bo re ya kwa polaseng ya mongwe go ya go reetsa puo ya Baebele e e neng e neelwa re ntse ka fa ntle e re neng re laleditse baagelani botlhe gore ba tle go e reetsa. Botshelo bo ne bo le motlhofo. Re ne re itumela mmogo re le malapa. Bontsi jwa ditsala tseno tsa bogologolo moragonyana e ne ya nna balebedi ba ba etang, gare ga bone e ne e le Ed Hooper, Bob Rainer le barwa ba gagwe ba babedi. Richard Rainer o sa ntse a dira tiro eno a patilwe ke mosadi wa gagwe e bong Linda.

Dinako tsa selemo e ne e le dinako tse di itumedisang thata. Ke ne ke nna kwa polaseng ya booraHowell le bontsalake. Ka 1949, ntsalake Grace o ne a nyalwa ke Malcolm Allen. Ke ne ke sa itse gore dingwaga moragonyana ke ne ke tla nyalwa ke morwarraagwe yo mmotlana. Ntsalake yo mmotlana e bong Marion e ne e le morongwa kwa Uruguay. Ene o ne a nyalwa ke Howard Hilborn ka 1966. Bontsalake bano ka bobedi jwa bone ba ne ba direla kwa ntlokgolong ya Brooklyn le banna ba bone dingwaga di le dintsi.

Rremogolo le go Aloga ga Me

Ka nako ya fa ke le kwa sekolong se segolo, Rremogolo o ne a nkwalela ka metlha. Mo makwalong a gagwe o ne a tsenya ditshwantsho tsa bogologolo tsa lelapa tse di nang le ditlhaloso tse dintsinyana tse di kwadilweng kafa morago ka motšhini o o tlanyang, a mpolelela ka hisitori ya lelapa. Ke kafa ke ileng ka amogela khopi ya me ka teng ya setshwantsho sa gagwe le ba bangwe ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong go sa tshwanela.

Kwa bofelong jwa 1951, Rremogolo o ne a sa tlhole a kgona go bua ka ntlha ya kankere ya mometso. Mogopolo wa gagwe o o matlhagatlhaga o ne o sa ntse o dira sentle mme le fa go ntse jalo o ne a tshwanela gore a kwale se a batlang go se bua mo bukaneng e a neng a nna a e tshwere. Tlelase ya me ya sekolo se segolo e ne e tshwanetse go aloga mo kwatareng e e fa gare ka January 1952. Mo masimologong a December, ke ne ka posetsa Rremogolo aotlelaene ya puo e ke neng ke tla e neela ka letsatsi la kalogo. O ile a tsenya matshwao mangwe mme mo tsebeng ya bofelo a kwala mafoko ano a bofelo a a neng a nkama pelo: “Rremogolo o Itumetse.” O ne a wetsa tiro ya gagwe ya mo lefatsheng a le dingwaga di le 81, ka December 18, 1951. * Ke sa ntse ke bolokile aotlelaene eo e e sa tlholeng e bonala sentle ya puo ya me ya letsatsi la kalogo e e nang le mafoko ao mo tsebeng ya bofelo.

Fa ke sena fela go aloga, ke ne ka tsena mo tirong ya bobulatsela, e leng tsela e Basupi ba ga Jehofa ba bitsang tiro ya bone ya go rera ya nako e e tletseng. Ka 1958, ke ne ka nna teng kwa kopanong e kgolo kwa New York City, koo go neng go na le tlhora ya batho ba le 253 922 go tswa kwa dinageng di le 123 ba ba neng ba tladitse Yankee Stadium le Polo Grounds. Fa ke le koo ka letsatsi lengwe ka kopana le motlakopanong yo o tswang kwa Afrika yo o neng a tsentse betšhe e kwadilwe leina “Woodworth Mills.” Dingwaga di le 30 pelenyana go foo, o ne a reeletswe ka Rremogolo!

Ke Itumelela Boswa Jwa Me

Fa ke ne ke le dingwaga di le 14, mmè o ne a simolola go nna mmulatsela gape. O ne a swa dingwaga di le 40 moragonyana ka 1988, a sa ntse a le mmulatsela! Rre o ne a tle a nne le seabe mo tirong ya bobulatsela fa a kgona. O ne a tlhokafala dikgwedi di le robongwe pele ga Mmè. Batho ba re ileng ra ithuta le bone e ne ya nna ditsala tsa rona tse di rategang botshelo jwa rona jotlhe. Bangwe ba barwa ba bone ba ne ba ya go direla kwa ntlokgolong ya kwa Brooklyn mme ba bangwe ba ne ba tsena mo tirong ya bobulatsela.

Ngwaga wa 1959 e ne e le ngwaga o o kgethegileng thata mo go nna. Ke nako e ke neng ka kopana le Paul Allen ka yone. O ne a tlhomilwe go nna molebedi yo o etang ka 1946 fa a sena go aloga kwa tlelaseng ya bosupa ya Gileate, e leng sekolo se se thapisang barongwa ba Basupi ba ga Jehofa. Ka nako ya fa re kopana, go ne go se na ope wa rona yo o neng a itse gore kabelo e e latelang ya ga Paul e tla nna kwa Cleveland, Ohio, koo ke neng ke le mmulatsela gone. Rre le Mmè ba ne ba mo rata. Re ne ra nyalana ka July 1963 kwa polaseng ya booraHowell, re na le malapa a rona mme Ed Hooper e le ene a neelang puo ya lenyalo. Ke toro e e ileng ya direga.

Paul ga a ise a ko a nne le koloi ya gagwe. Fa re tloga kwa Cleveland go ya kwa kabelong ya gagwe e e latelang, dilo tsa rona di ile tsa tsena tsotlhe mo teng ga Volkswagen Bug ya me ya 1961. Gantsi ditsala di ne di tla go re bona ka boMantaga, ka letsatsi le re neng re fetela kwa phuthegong e nngwe ka lone, ba tla go re lebelela jaaka re ntse re paka dilo. Go ne go tshwana le disorokisi go bona kafa disutukheise, dibeke tsa dibuka, lebokoso la difaele, motšhini wa go tlanya, jalo le jalo di tsena tsotlhe mo teng ga kolotsana eo.

Nna le Paul re ile ra tsamaya dikilometara di le dintsi thata, re itumelela dinako tse di monate mme re itshoka fa go le thata—re dira sengwe le sengwe ka maatla a e leng Jehofa fela a kgonang go a naya motho. Dingwaga tseo e nnile tse di itumedisang, di tletse ka go rata Jehofa, go ratana ga rona e bile re rata le ditsala tsa bogologolo le tse disha. Dikgwedi tse pedi tse re nnileng kwa Patterson ka tsone fa Paul a ntse a thapisiwa e nnile tsone tse di monate go gaisa go fitlha jaanong. Go bona phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng ke le gaufi thata le yone go ile ga nonotsha tumelo e ke e filweng go nna boswa jwa me jo bo botlhokwa jwa semoya: Eno ke phuthego ya Modimo tota. A bo go itumedisa jang ne go nna karolwana fela ya yone!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 44 Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1952, tsebe 128 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le Ed Hooper pelenyana ga kopano ya St. Louis ka 1941, koo ke neng ka amogela khopi ya me ya buka ya “Children”

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Rremogolo ka 1948

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kwa polasing ya booraHowell fa batsadi ba me (ba ba fa gare) ba ne ba nyadisiwa

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Baithuti ba Baebele ba le robedi ba ba neng ba tsenngwa mo kgolegelong go sa tshwanela ka 1918 (Rremogolo a eme ka kwa ntlheng ya moja)

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Dilwana tsa rona tsotlhe tse di bonalang di ne di kgona go tsena mo teng ga Volkswagen ya rona

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le monna wa me Paul