Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe—A ke Lefelo Fela le re Lekelwang mo go Lone?

Lefatshe—A ke Lefelo Fela le re Lekelwang mo go Lone?

Lefatshe—A ke Lefelo Fela le re Lekelwang mo go Lone?

A TLA a re hu! O falotse. Kgabagare moithuti yo o feditseng dibeke di le pedi tsa tlhatlhobo a goga bokete o amogela pego ya maduo e e itumedisang tota. Jaanong a ka tswelela ka tiro e a sa bolong go e eletsa.

Batho ba le bantsi ba leba botshelo mo lefatsheng ka tsela e e tshwanang. Ba bo tsaya e le teko ya ntlha, e botlhe ba tshwanetseng go feta ka yone. Ba ba “falolang” ba fetela kwa go sengwe se se botoka se ba reng ke Botshelo Morago ga Loso. Eleruri go ne go ka utlwisa botlhoko gore botshelo jwa gone jaanong—jo bo seng monate mo bathong ba le bantsi—e nne jone fela botshelo jo bo botoka jo bo gone. Le fa gone Jobe, yo go buiwang ka ene mo Baebeleng a ne a na le botsogo jo bo siameng e bile a ne a atlegile mo nakong e ntsi ya botshelo jwa gagwe, o ne a akgela jaana: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduego.”—Jobe 14:1.

New Catholic Encyclopedia e tlhalosa jaana fa e bontsha ka fa batho ba le bantsi ba akanyang ka teng: “Kgalalelo ya selegodimo ke lefelo le Modimo a laolelang motho go ya kwa go lone. . . . Go bonala fa boitumelo jwa motho bo ikaegile ka go nna ga gagwe le boitumelo jwa selegodimo.” Patlisiso ya bosheng jaana ya Church of Christ kwa United States e boletse fa diperesente di le 87 tsa batho ba ba neng ba arabela ba dumela gore ba solofetse go ya legodimong fa ba sena go swa.

Batho ba le bantsi ba e seng Bakeresete le bone ba dumela gore ba tla tlogela lefatshe ba ya kwa lefelong le le botoka morago ga loso. Ka sekai, Bamoseleme ba solofetse go ya paradaiseng ya legodimo. Balatedi ba lekoko la Naga e e Itshekileng la Bobuda kwa China le kwa Japane, ba dumela gore fa ba boaboeletsa “Amitabha” gantsintsi, e leng leina la Buddha wa Lesedi Le le Sa Feleng, ba tla tsalwa sesha mo Nageng e e Itshekileng, kana kwa Paradaiseng ya Bophirima, koo ba tla nnang teng ka boitumelo jo bogolo thata.

Se se itumedisang ke gore, Baebele, buka e e boitshepo e e ranotsweng ka dipuo di le dintsi le e e anamisitsweng ka bontsi go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, ga e supe fa lefatshe e le lefelo le batho ba tshabang ba tswa mo go lone, lefelo le ba fetang ba tswa mo go lone ba fetela go sele. Ka sekai, e bolela jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Mo Baebeleng go fitlhelwa gape polelo eno ya ga Jesu e e tumileng: “Go sego ba ba pelonolo: gonne ba tla rua lefatshe.”—Mathaio 5:5, King James Version.

Kgopolo e e dumelwang ke ba le bantsi ya gore lefatshe la rona ke lefelo la nakwana e naya kgopolo ya gore loso ke kgoro e e dirisediwang go tsena mo botshelong jo bo itumedisang morago ga loso. Fa go ntse jalo, seo se raya gore loso ke selo se re segofaditsweng ka sone. Mme gone, a batho ka kakaretso ba leba loso ka tsela e e ntseng jalo, kana ba leka go lelefatsa botshelo jono? Go setse go lemogilwe gore fa batho ba na le boitekanelo jo bo siameng le pabalesego, ga ba eletse go swa.

Le fa go ntse jalo, e re ka lefatshe le tletse ka bosula le pogo, ba le bantsi ba sa ntse ba tsaya legodimo e le lone fela lefelo le ba ka bonang kagiso ya boammaaruri le boitumelo kwa go lone. A legodimo ke lefelo fela la kagiso le boitumelo, le le se nang bosula bope le go tlhoka kutlwano? Mme a Botshelo Morago ga Loso bo gone fela kwa lefelong lengwe la legodimo? O ka nna wa gakgamadiwa ke go utlwa tsela e Baebele e arabang ka gone. Tsweetswee bala go ya pele.