Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Atamelana le Modimo O o Sa Bonweng?

A o Ka Atamelana le Modimo O o Sa Bonweng?

A o Ka Atamelana le Modimo O o Sa Bonweng?

O ka nna wa botsa jaana: ‘Nka nna le botsalano jo bogolo jang le motho yo ke sa kgoneng go mmona?’ Seo se ka lebega e le potso e e utlwalang. Mme gone akanyetsa seno:

GO BONA go botlhokwa go le kana kang gore o nne le botsalano jo bo lorato le jo bo nnelang ruri? A dilo tse di sa bonweng ga di botlhokwa fela jalo, kgotsa le e leng go feta? Ee ruri! Ke gone ka moo batho ba bangwe ba ileng ba nna ditsala tse di utlwanang thata ka go kwalelana ka metlha—makwalo a bone a bolela ka boikanyegi dilo tse ba di ratang, tse ba sa di rateng, mekgele, dilo tsa botlhokwa, dilo tse di ba tshegisang, le dilo tse dingwe tsa botho jwa bone kana tse ba di kgatlhegelang.

Batho ba ba foufetseng le bone ba bontsha gore go bona ga go botlhokwa gore motho a nne le botsalano jo bogolo le yo mongwe. Akanya ka sekai sa ga Edward le Gwen, banyalani ba ba difofu. * Edward o kopane le Gwen kwa sekolong sa difofu, se ba neng ba se tsena mmogo e le bagolo. Edward o ne a rata dinonofo tsa ga Gwen, bogolo jang go ikanyega ga gagwe mo puong le mo boitshwarong, le go rata tiro ga gagwe. Gwen le ene o ne a rata Edward ka gonne, fa a tlhalosa, “o ne a na le dinonofo tsotlhe tse ke godileng ke rutiwa gore di botlhokwa.” Ba ne ba simolola go ratana, mme ba nyalana morago ga dingwaga di le tharo.

Edward a re: “Fa lo le mmogo, tota bofofu ga bo kgoreletse go tsalana le motho yo mongwe. Lo ka tswa lo sa kgone go bonana, mme maikutlo one ga a foufala.” Jaanong, morago ga dingwaga di le 57, ba sa ntse ba ratana thata. Ba tlhalosa gore se se ba thusitseng go nna le botsalano jo bo molemo jaana ke dilo di ka nna nnè: (1) go lemoga dinonofo tsa yo mongwe, (2) go akanya ka dinonofo tseno le go di rata, (3) go nna lo buisana sentle, le (4) go dira dilo mmogo.

Dintlha tseno tse nnè di botlhokwa mo kamanong epe fela e e molemo, e ka tswa e le fa gare ga ditsala, banyalani kgotsa, ga botlhokwa le go feta, fa gare ga batho le Modimo. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona kafa go dirisa dintlha tseno go ka re thusang ka teng gore re nne le botsalano jo bogolo le Modimo, le fa re sa kgone go mmona. *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Maina a fetotswe.

^ ser. 6 Botsalano le Modimo ga bo tshwane le botsalano jwa batho ka gonne jone bo ka nna teng fela fa motho a dumela gore Modimo o teng. (Bahebera 11:6) Gore o bone tlhaloso ka botlalo malebana le go nna le tumelo e e nonofileng mo Modimong, tsweetswee bona Is There a Creator Who Cares About You?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.