Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Atamelanang le Modimo ka Teng

Kafa o ka Atamelanang le Modimo ka Teng

Kafa o ka Atamelanang le Modimo ka Teng

“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela,” ga rialo Jakobe 4:8. Go bontsha ka fa Jehofa Modimo a batlang ka teng gore batho ba nne le botsalano jo bogolo le ene, o ne a re ntshetsa Morwawe.

FA Moaposetoloi Johane a akgela ka kgato eo ya lorato, o ne a kwala jaana: “Re . . . rata [Modimo], ka gonne o ne wa re rata pele.” (1 Johane 4:19) Mme le fa go ntse jalo, gore rona ka namana re atamalane le Modimo, re tshwanetse ra tsaya dikgato dingwe. Di tshwana le ditsela tse nnè tse re atamelanang le batho ba bangwe ka tsone, jaaka di bontshitswe mo setlhogong se se fetileng. Jaanong a re di tlhatlhobeng.

Ela Tlhoko Dinonofo Tse di Molemo Tsa Modimo

Modimo o na le dinonofo tse dintsi tse di molemo, mme dingwe tsa tse di tlhomologileng thata ke lorato, botlhale, tshiamiso le maatla. Botlhale jwa gagwe le maatla di bontshiwa sentle mo lobopong lo lo kgakala le mo lefatsheng le le re dikologileng, go simolola ka masagaripa a magolo go fitlha ka diatomo tse dinnyennye. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.”—Pesalema 19:1; Baroma 1:20.

Gape popo e bontsha lorato lwa Modimo. Ka sekai, tsela e re dirilweng ka yone, e bontsha gore Modimo o batla gore re itumelele botshelo. O dirile gore re kgone go bona mebala, go latswa le go dupa menko, go itumelela mmino, go tshega, go itumelela bontle, a ba a re naya le dikgono tse dingwe tse dintsintsi tse di sa tlhokegeng go le kalo gore motho a tshele. Ee, Modimo ruri o pelotshweu, o pelonomi, e bile o lorato—dinonofo tse go seng pelaelo gore di dira gore e nne “Modimo o o itumetseng.”—1 Timotheo 1:11; Ditiro 20:35.

Jehofa o itumelela gore bolaodi jwa gagwe le go engwa nokeng ga jone ke dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale go ikaegile segolobogolo ka lorato. (1 Johane 4:8) Ke boammaaruri gore, Jehofa ke Molaodimogolo wa Lobopo, mme gone o tshwara batho, segolobogolo batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, fela jaaka rre yo o lorato a tshwara bana ba gagwe. (Mathaio 5:45) O ba naya sengwe le sengwe se se ka ba solegelang molemo. (Baroma 8:38, 39) Jaaka go bontshitswe, o ile a ba a re ntshetsa botshelo jwa Morwawe yo o tsetsweng a le esi. Ee, re tshela jaana e bile re na le tsholofelo ya go tshelela ruri ka ntlha ya lorato lwa Modimo.—Johane 3:16.

Jesu o ne a re senolela go le gontsi ka botho jwa Modimo ka gonne o ne a etsa Rraagwe ka sengwe le sengwe. (Johane 14:9-11) O ne a le pelotshweu tota e bile a akanyetsa ba bangwe. Nako nngwe Jesu o ne a tlisediwa monna yo o neng a le susu e bile a sa kgone go bua sentle. O ka akanya fela gore monna yono o tshwanetse a bo a ne a sa rate go nna mo gare ga batho. Se se itumedisang ke gore, Jesu o ne a tseela monna yono kwa thoko mme a mo fodisetsa koo. (Mareko 7:32-35) A o rata batho ba ba akanyetsang maikutlo a gago le ba ba tlotlang seriti sa gago? Fa go ntse jalo, he ruri o tla rata Jehofa le Jesu fa o ntse o ithuta go le gontsi kaga bone.

Akanya ka Dinonofo Tsa Modimo

Mongwe a ka nna le dinonofo tse di molemo, mme re tshwanetse ra akanya ka ene gore re kgone go atamelana le ene. Go ntse jalo le ka Jehofa. Go tlhatlhanya ka dinonofo tsa gagwe ke kgato e nngwe ya botlhokwa gore o atamelane le ene. Kgosi Dafide, monna yo ruri a neng a rata Jehofa e bile a ‘dumelesega mo pelong ya ga Jehofa,’ o ne a re: “Ke gakologelwa metlha ya bogologolo; ke akanya go dira ga gago; ke tlhatlhanya ditiro tsa diatla tsa gago.”—Ditiro 13:22; Pesalema 143:5.

Fa o leba dilo tse di gakgamatsang tsa popo kgotsa o bala Lefoko la Modimo, Baebele, a le wena, fela jaaka Dafide, o tlhatlhanya ka se o se bonang le se o se balang? Akanya ka morwa yo o sa tswang go amogela lekwalo le le tswang kwa go rraagwe yo a mo ratang thata. O ne a tla tsaya lekwalo leo jang? Ruri o ne a ka se ka a fetisa matlho fela mo go lone a bo a le latlhela mo llaeng. Go na le moo, o ne a tla le bala ka kelotlhoko, gore a utlwe sengwe le sengwe se se mo go lone. Lefoko la Modimo le tshwanetse la nna tlhwatlhwakgolo jalo mo go rona, fela jaaka le ne le ntse mo go mopesalema, yo o neng a opela jaana: “Ana ke rata molao wa gago jang! Ke one go tlhatlhanya ga me ka letsatsi lotlhe.”—Pesalema 119:97.

Nnang le Puisano e e Molemo ka Metlha

Puisano e e molemo e botlhokwa thata mo botsalanong bope fela. E akaretsa go bua le go reetsa—e seng ka mogopolo fela mme le ka pelo tota. Re bua le Mmopi ka thapelo, e e leng go bua le Modimo ka tsela ya tlotlo. Jehofa o itumelela dithapelo tsa batho ba ba mo ratang e bile ba mo direla le go dumela gore Jesu Keresete ke moemedi wa Gagwe yo mogolo.—Pesalema 65:2; Johane 14:6, 14.

Mo nakong e e fetileng, Modimo o ne a bua le batho ka ditsela tse di farologaneng, go akaretsa ka diponatshegelo, ka ditoro le ka baengele. Le fa go ntse jalo, mo metlheng eno o dirisa Lefoko la gagwe le le kwadilweng, Baebele e e Boitshepo. (2 Timotheo 3:16) Lefoko le le kwadilweng le na le melemo e le mentsi. Le ka balwa nako nngwe le nngwe fela. Fela jaaka lekwalo, le ka boaboelediwa gangwe le gape. Mme le ka se ka la fetofetolwa jaaka dipolelo tse di fetisiwang ka molomo di dirwa. Ka jalo tsaya Baebele e le motlobo wa makwalo a a tswang kwa go Rraago wa selegodimo yo o mo ratang, mme o mo letle a bue le wena letsatsi le letsatsi a dirisa makwalo ano.—Mathaio 4:4.

Ka sekai, Baebele e tlhalosa se Jehofa a se tsayang e le molemo kana bosula. E tlhalosa boikaelelo jwa gagwe ka batho le ka lefatshe. Gape e senola tsela e a ileng a dirisana le batho le ditšhaba tsa mefuta e e farologaneng ka yone, go akaretsa baobamedi ba ba ikanyegang le baba ba ba setlhogo. Ka go dira gore ditirisano tsa gagwe le batho di kwalwe jaana, Jehofa o re neetse tlhaloso e e utlwalang sentle ka botho jwa gagwe. O senola lorato, boipelo, kutlobotlhoko, go kgobega marapo, go galefa, bopelotlhomogi, le go amega ga gagwe—ee, dikakanyo tsa gagwe le maikutlo a gagwe a a farologaneng le mabaka a go bo a ile a ikutlwa jalo—tsotlhe a di tlhalosa ka tsela e batho ba ka e tlhaloganyang motlhofo.—Pesalema 78:3-7.

Fa o sena go bala karolo nngwe ya Lefoko la Modimo, o ka solegelwa molemo jang ke se o se badileng? Mme, sa botlhokwa le go feta, o ka atamelana jang le Modimo? Sa ntlha, akanya ka se o se badileng le se o se ithutileng ka Modimo ka boene, o letla gore dintlha tseno di tsene mo pelong ya gago. Go tswa foo o bolelele Jehofa ka thapelo dilo tse o di akanyang le maikutlo a gago a a boteng malebana le se o se badileng le kafa o tla lekang ka teng gore se go solegele molemo. Seo ke puisano. Ee, fa go na le dilo tse dingwe gape tse o di akantseng, le tsone o ka di umaka mo thapelong ya gago.

Dira Dilo Mmogo le Modimo

Baebele e bolela gore banna bangwe ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba tsamaya le Modimo wa boammaaruri kgotsa ba tsamaya fa pele ga gagwe. (Genesise 6:9; 1 Dikgosi 8:25) Seo se kaya eng? Tota se kaya gore letsatsi le letsatsi ba ne ba tshela jaaka e kete Modimo o ne a na le bone gone foo. Gone e ne e le baleofi. Mme ba ne ba rata melao le melaometheo ya Modimo, e bile ba ne ba tshela go dumalana le boikaelelo jwa Modimo. Jehofa o rata batho ba ba ntseng jalo, e bile o a ba tlhokomela, jaaka go bontshitswe mo go Pesalema 32:8: “Ke tlaa go laya ke go ruta tsela e o tlaa tsamayang ka yone; ke tlaa go gakolola, leitlho la me le ntse le le mo go wena.”

Le wena o ka dira gore Jehofa a nne tsala ya gago e kgolo—e e tsamayang le wena, e go tlhokomela, le go go naya kgakololo e e tshwanang le ya rre. Moporofeti Isaia o ne a tlhalosa Jehofa e le “yo [o] go rutang go itsholegela molemo, yo [o] go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.” (Isaia 48:17) Fa re ntse re bona melemo eno, fela jaaka Dafide re bona Jehofa a na le rona “ka fa tsogong la [rona] le legolo,” jaaka go ka tualo.—Pesalema 16:8.

Leina la Modimo—Tlhaloso ya Dinonofo Tsa Gagwe

Ditumelo di le dintsi le dithanolo tsa Baebele tse di ntseng di oketsega ga di dirise leina la Modimo le go le itsise. (Pesalema 83:18) Le fa go ntse jalo, mo mekwalong ya bogologolo ya Sehebera, leina leo—Jehofa—le tlhaga makgetlho a ka nna 7 000! (Se se gakgamatsang ke gore, le fa baranodi ba le bantsi ba Baebele ba tlosa leina la Modimo, ga ba tlose maina a medimo e mentsi ya maaka e e umakwang mo mekwalong ya ntlhantlha, medimo e e jaaka Baale, Bele, Merodake, tota le Satane!)

Bangwe ba akanya gore go tlogelwa ga leina la Modimo ke kgang e potlana. Mme a ko o akanye fela: A go thata kana go motlhofo go nna le botsalano jo bogolo le motho yo o se nang leina? Direto tse di jaaka Modimo le Morena (tse gape di dirisediwang medimo ya maaka) di ka tswa di bontsha maatla, taolo, kana maemo a ga Jehofa, mme leina la gagwe ka namana ke lone fela le mo tlhaolang go utlwala. (Ekesodo 3:15; 1 Bakorintha 8:5, 6) Leina la Modimo wa boammaaruri le bontsha dinonofo tsa gagwe le botho jwa gagwe. Moithutabodumedi e bong Walter Lowrie o ne a opa kgomo lonaka jaana: “Motho yo o sa itseng Modimo ka leina tota ga a mo itse sentle.”

Akanya ka sekai sa ga Maria, Mokatoliki yo o peloephepa yo o nnang kwa Australia. Fa a ne a simolola go kopana le Basupi ba ga Jehofa, Maria o ne a dumela gore Basupi ba mmontshe leina la Modimo mo Baebeleng. O ne a ikutlwa jang? “Fa ke ne ke simolola go bona leina la Modimo mo Baebeleng, ke ne ka lela. Ke ne ka amiwa thata ke go itse gore nka kgona go itse leina la Modimo le go le dirisa.” Maria o ne a tswelela pele a ithuta Baebele, mme a simolola go itse Jehofa sentle e le la ntlha mo botshelong jwa gagwe a ba a kgona go nna le botsalano jo bo nnelang ruri le ene.

Ee, re ka ‘atamelana le Modimo,’ le fa gone re sa kgone go mmona ka matlho a rona a mmatota. Re ka “bona” botho jwa gagwe jo bontle thata mo megopolong le mo dipelong tsa rona mme ka jalo ra mo rata thata. Lorato lo lo ntseng jalo “ke sebofo se se itekanetseng sa boseoposengwe.”—Bakolosa 3:14.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Jehofa o Tsibogela Lorato Lo o Mo Ratang ka Lone

BOTSALANO ke jwa batho ba babedi. Fa re atamelana le Modimo, le ene o atamelana le rona. Akanya kafa a neng a rata Simeone le Ana ba ba godileng ka teng, ba ka bobedi ba neng ba umakiwa ka tsela e e kgethegileng mo Baebeleng. Mokwadi wa Efangele e bong Luke o re bolelela gore Simeone o ne a “siame e bile a na le poifo ya bomodimo,” a emetse Mesia. Jehofa o ne a lemoga dinonofo tse di molemo tseno tsa ga Simeone mme a bontsha monnamogolo yono wa batho lorato ka go mo senolela gore “o ne a se kitla a bona loso pele ga a bona Keresete.” Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe mme a kaela Simeone kwa go losea Jesu, yo batsadi ba Gagwe ba neng ba mo isitse kwa tempeleng kwa Jerusalema. Simeone o ne a tlamparela losea a itumetse e bile a anaanela thata mme a rapela jaana: “Jaanong, Morena yo Mogolo, o lesa motlhanka wa gago a tsamaya ka kgololesego ka kagiso go ya ka polelo ya gago; ka gonne matlho a me a bone tsela ya gago ya go boloka.”​—⁠Luke 2:​25-⁠35.

“Mo go yone ura eo,” Jehofa gape o ne a bontsha Ana wa dingwaga tse 84 lorato ka go mo kaela kwa go Jesu le ene. Baebele e bolela gore motlholagadi yono yo o rategang, o ne “a dira tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare” a direla Jehofa. E re ka a ne a anaanela thata, o ne a dira jaaka Simeone, a leboga Jehofa ka ntlha bopelonomi jwa gagwe jo bogolo, mme morago ga moo a bua kaga ngwana yono le “botlhe ba ba letetseng kgololo ya Jerusalema.”​—⁠Luke 2:​36-⁠38.

Ee, Jehofa o ne a ela tlhoko kafa Simeone le Ana ba neng ba mo rata thata le go mmoifa ka teng le kafa ba neng ba amegile ka teng ka go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe. A dipego tse di ntseng jalo tsa Baebele ga di dire gore o rate Jehofa?

Fela jaaka Rraagwe, Jesu le ene o ne a kgona go bona motho wa mmatota wa kafa teng. Fa a ntse a ruta kwa tempeleng, o ne a bona “motlholagadi . . . wa motlhoki” a ntsha moneelo wa “madinyana a tshipi a mabedi a tlhotlhwa e nnye fela thata.” Batho ba bangwe ba ba lebeletseng ba ne ba ka tsaya mpho ya gagwe e se ya sepe mme Jesu ene ga a ka a e tsaya jalo. O ne a akgola mosadi yono ka gonne o ne a ntshitse gotlhe mo a nang le gone. (Luke 21:​1-⁠4) Ka gone re ka tlhomamisa gore Jehofa le Jesu ba a re itumelela fa re ba naya gotlhe mo re nang le gone, e ka tswa mpho ya rona e le kgolo kgotsa e le nnye.

E re ntswa Modimo a itumelela batho ba ba mo ratang, o utlwa botlhoko fa batho ba mo tlogela mme ba dira bosula. Genesise 6:⁠6 e re bolelela gore Jehofa o ne “a ikwatlhaya” ka ntlha ya bosula jwa batho pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa. Moragonyana, Baiseraele ba ba sa utlweng ba ne ba “leka Modimo, ba rumola Moitshepi wa Iseraele” gangwe le gape, jaaka go kwadilwe mo go Pesalema 78:​41. Ee, Modimo ga se “Motlhodi” yo o ikgaphetseng kgakala le rona yo o se nang maikutlo. Ke motho tota, yo maikutlo a gagwe a sa fokodiweng kana go tlhofofadiwa ke bosaitekanelang, jaaka a rona.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Tsela e nngwe ya go atamelana le Jehofa ke go akanya ka popo ya gagwe